LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 9/1 ts. 26-30
  • Jehofa O Ne A Mpepetletsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Ne A Mpepetletsa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Jwa Fa Ke Sa Le Mmotlana
  • Go Neela Bosupi mo go Balosika
  • Masego go sa Kgathalesege Kganetso
  • Bosupi Jo Bongwe Jo Bo Oketsegileng jwa Tlhokomelo ya ga Jehofa
  • Kabelo kwa Dinageng Di Sele
  • Ditshiamelo tse Di Oketsegileng tsa Tirelo—Le Teko
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Kafa ke Ileng ka Fenya Keletso e e Nonofileng ya go Tuma
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 9/1 ts. 26-30

Jehofa O Ne A Mpepetletsa

NKA bua fela jaana ka re, ke ne ka simolola go direla Jehofa ka tsela e e sa tlwaelegang. Ke goletse kwa karolong e ntle ya motseselegae e e kwa bokone jo bo kgakala jwa New Zealand, motse o go nnang segolobogolo batho ba Bamaori jaaka nna. Letsatsi lengwe fa ke ntse ke tsamaya ke pagame pitse, ke ne ka kgatlhantshiwa mo tseleng ke ntsalake Ben. E ne e le ka letlhabula, la 1942 (e le letlhabula mo Hemisefereng ya Borwa, mme e le dikgakologo mo Hemisefereng ya Bokone). Ka nako eo ke ne ke le dingwaga tse 27 ebile ke le leloko le le matlhagatlhaga la Church of England.

Ben o ne a na le dingwaga di le dintsi a ntse a bala dibuka tsa ga Moatlhodi Rutherford, yo ka nako eo e neng ele mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society, mme jaanong Ben o ne a tshotse mo seatleng sa gagwe lekwalo leo le neng le tswa kwa ofising kgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower ya New Zealand leo le neng le mo kopa gore a laletse batho ba selegae go nna gone kwa lefelong leo ba neng ba tla ketekela Sejo sa Morena sa Maitsiboa mmogo gona. Mo godimo ga moo, Ben o ne a tshwanetse go tlhopha motho yo a neng a tla tshwara tirelo eo. Fa a ne a nkgasa ka matlho, Ben o ne a re: “Ke wena motho yo o tla e tshwarang.” Ka go ikutlwa ke le motlotlo go bo a ne a tsaya e le nna yo ke tshwanelegang—ebile ka ke ne ke tle ke je selalelo le go nwa beine kwa kerekeng—ke ne ka dumela.

Mo maitsiboeng one ao, batho ba ka nna 40 ba ne ba kgobokanela kwa ntlong ya ga Ben go tla go keteka loso lwa Morena wa rona mme go ne go sena lefa e le a le mongwe wa bone yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. Fa ke ne ke fitlha ntsalake o ne a nneela thulaganyo ya puo. Ke ne ka itlhokomolosa pina eo go neng go akantshitswe gore e opelwe mme ka kopa mogatsa kgaitsadie Ben gore a bule ka thapelo. Morago ga mooo ke ne ka simolola go neela dintlha tsa puo eo, tseo di neng di na le metseletsele ya dipotso mmogo le dikarabo tseo di tshegediwang ke Dikwalo. Moruti wa selegae yo o neng a le gone foo o ne a batla a kgoreletsa puo eo ka go ganetsa dintlha tseo, lefa go ntse jalo kganetso eo e ne ya rarabololwa ke gore ke bale Dikwalo tseo di neng di tsopotswe mo thulaganyong eo ya puo.

Ke santse ke gakologelwa sentle gore nngwe ya dipotso tseo di neng di tlhagelela mo thulaganyong ya puo e ne e le malebana le letlha la ngwaga leo tiragalo eno e neng e tshwanetse go ketekiwa ka lone. Abo go ne go kgotsofatsa bao ba neng ba le gone jang ne fa ba ne ba leba kwa ntle mme ba fitlhela ngwedi e le kgolokwe. Go ne go phepafetse sentle gore, letlha e ne e le Nisane 14.

Abo e ne e le maitsiboa a a itumedisang jang ne! Mokete ono wa rona o ne wa tsaya lobaka lwa diura di le nne! Go ne ga bodiwa dipotso di le dintsi mme tsa arabiwa ka Dikwalo go tswa mo thulaganyong ya puo ya Mokgatlho. Fa ke gadima kwa morago, ke itse sentle gore ke ne ke se kitla ke kgona go atlega mo tiragalong eno fa e ne e se ka tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa—lefa gone ka nako eo ke ne ke ise ke nne mongwe wa Basupi ba gagwe ba ba inneetseng. Go sa kgathalesege seo, mo bosigong joo jwa Segopotso ka 1942, ke ne ka simolola go lemoga bokao jwa botshelo.

Botshelo Jwa Fa Ke Sa Le Mmotlana

Ke ne ka tsholwa ka 1914. Rre o ne a tlhokafala dikgwedi di le nne pele ga ke tsholwa, mme ke gakologelwa gore jaaka ngwana yo mmotlana ke ne ke fufegela bana bangwe bao ba neng ba na le borre ba bona bao ba neng ba ba rata. Ke ne ke ba galela mo go maswe. Mo go mmè go tshela ntle le monna e ne e le selo se se boima thata, mme seo se neng se dira dilo boima le go feta e ne e le ditiragalo tseo di neng di aparetse mafelo otlhe tsa Ntwa ya Lefatshe ya I.

Mo bosheng jwa me, ke ne ka nyala lekgarebe lengwe le le bidiwang Agnes Cope, mme o ne a nna molekane wa me mo botshelong lobaka lwa dingwaga tse di fetang 58. Kwa tshimologong re ne ra kgaratlha le botshelo mmogo le ene gore re ke re bone katlego. Jaaka molemi ke ne ka retelelwa ka ntlha ya leshekere. Ke ne ka iteka lesego mo metshamekong, lefa go le jalo go fitlha ka boitemogelo jwa me jwa 1942 ka nako ya Segopotso, botshelo bo ne bo sena bokao mo go nna.

Go Neela Bosupi mo go Balosika

Morago ga Segopotso seo, ke ne ka ithuta Bibela ka tlhoafalo, ke tla ke tlotla ka dibuka tsa Bibela tseo di neng di gatisitswe ke Mokgatlho wa Watch Tower le bangwe ba bontsalake. Ka September 1943 Basupi bangwe ba ga Jehofa go tswa kwa lefelong lengwe ba ne ba etela lefelo leno la rona le le kwa thoko. Re ne ra nna le motlotlo o o tseneletseng, o o tshotseng diura di le nne le bone. Morago ga moo, fa ke sena go itse gore ba tla bothologa mo mosong o o latelang, ke ne ka botsa ka re: “Ke eng se se nkganelang gore ke se kolobediwe gone jaanong?” Re ne ra kolobediwa mo metsing nna le bontsalake ba babedi ka some a mararo morago ga ura ya bongwe mo mosong.

Morago ga moo, ke ne ke tlhola ke tsaya maeto a maleele go ya go neela balosika lwa me bosupi. Bangwe ba ne ba nkamogela, mme mo go ba ba neng ba ntse jalo ke ne ke dira gore motlotlo wa me o sekamele mo go Mathaio kgaolo 24. Ba bangwe bone ba ne ba sa nkamogele, mme mo go ba ba ntseng jalo ke ne ke dirisa mafoko a ga Jesu go Bafarasai ao a begilweng mo go Mathaio kgaolo 23. Lefa go le jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go nna matsetseleko fa ke buisana le batho, gore ke tle ke etse Rara wa rona yo o pelomonomi le yo o lorato wa selegodimo.—Mathaio 5:43-45.

Kwa tshimologong mosadi wa me o ne a sa dumalane le keletso eno ya me ya go direla Jehofa. Lefa go le jalo, e ne ya re moragonyana a mpata, mme ka December 1943 o ne a fetoga mothusi wa me yo o ineetseng, le yo o kolobeditsweng. Bao ba neng ba kolobediwa nae mo letsatsing leo le le sa lebalesegeng e ne e le batho bangwe ba batlhano go tswa motsaneng wa rona wa Waima, mme seno se dira gore palogotlhe ya baboledi ba Bogosi mo lefelong leo e nne robongwe.

Masego go sa Kgathalesege Kganetso

Ka 1944 gape re ne ra etelwa ke bakaulengwe go tswa mafelong a mangwe, mme mo lekgetlong leno ba ne ba re fa thapiso e e molemo mo bodiheding jo bo tlwaelegileng jwa ntlo le ntlo. Jaaka fa go nna gone ga rona mo motseng go ntse go lemosega, dikganetso go tswa mo go Labokeresete di ne tsa oketsega. (Yohane 15:20) Re ne re a tle re kgatlhane le ditlhaselo nako le nako ga tswa mo baruting, tseo di neng di felela ka motlotlo o moleele re sekaseka dithuto tsa motheo. Lefa go le jalo Jehofa o ne a re naya phenyo, mme maloko a mangwe a baagi ba motse wa rona, go kopanyeletsa le kgaitsadiake, a ne a itere kafa tlase ga tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa.

Go ne ga tlhongwa phuthego mo Waima ka June 1944. Dipogiso le letlhoo go tswa mo bathong ba bodumedi di ne tsa gola. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kganelwa gore ba se dirisi mabitla a selegae go fitlha batho ba bone. Ka dinako tse dingwe kganetso eno e ne e nna makgwakgwa. Go ne go a tle go nne le ditlhaselo tsa sebele. Koloi ya me le karatšhe ya yona e ne ya jewa ka molelo. Go sa kgathalesege seo, ka ntlha ya masego a ga Jehofa, mo lobakeng lo lo kwa tlase ga dikgwedi tse tharo, re ne ra kgona go reka llori. Mme ke ne ka dirisa koloi e e gogwang ke dipitse go isa lelapa la me le le neng le ntse le gola kwa dipokanong.

Koketsego ya bao ba neng ba kopanela le rona e ne ya supa gore re ne re tlhoka ka bonako lefelo le le golwane go tshwarela dipokano kwa go lone, ka jalo re ne ra tla mo tshwetsong ya go aga Holo ya Bogosi mo Waima. Eno e ne e le Holo ya Bogosi ya ntlha go agiwa mo New Zealand. Dikgwedi di le nne morago fela ga gore go rengwe ditlhare tsa ntlha ka December 1, 1949, go ne ga tshwarwa kopano ga bo ga kgakolwa holo nako e le nngwe fela mo holong eno e ntšha eo e tsayang batho ba le 260. Mo malatsing ao seo e ne e le phitlhelelo e e seng kana ka sepe, eo e bonweng ka thuso ya ga Jehofa.

Bosupi Jo Bongwe Jo Bo Oketsegileng jwa Tlhokomelo ya ga Jehofa

Ka jaana palo ya baboledi ba Bogosi e ne e tswelela pele go gola kwa bokone jo bo kgakala jwa New Zealand, balebedi ba ba etang bao ba neng ba re etela ba ne ba re rotloeletsa go ya go direla koo tlhokafalo e leng kgolwane gone. Fa ke ne ke arabela go seno, ka 1956, ke ne ka fodusetsa lelapa la me kwa Pukekohe, eo e leng kwa borwa fela jwa Auckland. Re ne ra direla koo dingwaga di le 13.—Bapisa Ditihō 16:9.

Ke gopola dikai di le pedi tse di bontshang tlhokomelo eo Jehofa a neng a e re neela mo nakong eo. Ka nako ya fa ke ne ke dira jaaka mokgweetsi wa dilori le jaaka modirisi wa motšhini mo tirong ya tsamaiso selegae, ke ne ka lalediwa go ya go tsenelela katiso ya dibeke di le nne ya Sekolo sa Bogosi sa Bodihedi kwa lekaleng la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Auckland. Ka ntlha ya lone lebaka leno ke ne ka kopa malatsi a boikhutso a dibeke di le nne, mme moenjinire mogolo o ne a re: “O ka nna wa tsamaya. Ke eletsa gore ekete batho ba bantsi ba ka bo tshwana le wena. Fa o boa koo o tle go mpona mo ofising ya me.” Moragonyana fa ke ya kwa ofising ya gagwe, ke ne ka amogela tuelo ya dibeke tse nne tseo ke neng ke seo ka tsone mo tirong. Ka gone, ditlhokafalo tsa nama tsa lelapa la me di ne tsa tlhokomelwa.—Mathaio 6:33.

Seo e ne e le sekai sa ntlha. Sa bobedi se ne sa diragala morago ga gore nna le mosadi wa me re tsenele tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ka 1968. Gape, re ne ra ikaega ka Jehofa go bona tshegetso, mme o ne a re duela. Moso mongwe morago ga go fitlhola, mosadi wa me o ne a bula setswalo sa setsidifatsi mme o ne a fitlhela go sena sepe mo go sona fa e se digerama di le 250 tsa botoro fela. “Sarn,” o ne a rialo, “ga go na sepe seo se setseng seo re ka se jang. A re santse re tla ya tshimong gompieno?” Ke ne ka araba jang? “Ee!”

Mo ntlong ya ntlha gore re e etele, mongantlo o ne a amogela buka eo re neng ra e mo aneela mme ka bopelomomi a re fa palonyana ya mae e le moneelo. Motho wa bobedi yo re neng ra mo etela o ne a re fa mpho ya merogo—di-kumara (dipotata), kholifolawa, le digwete. Dilo tse dingwe tseo re neng ra ya gae re di tshwere mo letsatsing leo e ne e le nama le botoro. Abo mafoko ano a ga Jesu a ne a le boammaaruri mo go rona jang ne: “Lebañ dinōnyane tsa loapi, yaka di sa yale, le gona di sa robe, leha e le go rorèla mo mabolokeloñ: me Rra eno oa legodimo oa di otla. Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go cōna?”—Mathaio 6:26.

Kabelo kwa Dinageng Di Sele

Rarotonga kwa Cook Islands! Eno e ne e le kabelo ya rona ya bobulatsela jo bo kgethegileng ka 1970. E ne e tla nna legae la rona mo dingwageng tse nne tseo di neng di tla latela. Bothata joo bo neng bo re letetse ka matlho a mahibidu koo e ne e le go ithuta leleme le lesha. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go batla go tshwana ga Semaori sa kwa New Zealand le Semaori sa Cook Island, ke ne ka kgona go neela polelo ya me ya ntlha ya phatlhalatsa dibeke di le tlhano morago ga go goroga koo.

Mo Cook Islands, baboledi ba Bogosi ba ne ba se bantsi, mme go ne go sena koo re ka kopanelang dipokano gona. Gape, fa a ne a arabela dithapelo, Jehofa o ne a rarabolola bothata jono jwa rona. Motlotlo o e seng wa ka tlwaelo le rralebenkele o ne wa felela ka gore re kgone go hira lefatshe le le ntle, mme mo lobakeng lwa ngwaga re ne ra nna le ntlwana e nnye le Holo ya Bogosi eo e neng e ka tsaya batho ba le 140. Fa e sa le go tloga ka nako eo re ne ra amogela masegosego a mantsi, kgalaletsong ya ga Jehofa.

Selo seo segolobogolo re neng ra se anaanela thata e ne e le moya wa go amogela baeng o o re neng re o bontshiwa. Ka gale, fa re le mo bodiheding, re ne re a tle re fiwe dinotsididi—tseo re neng re a tle re di itumelele thata, mo maemong a a mogote le a a bongola a bosa. Gangwe le gape e ne e tle e re fa re boela gae re ne re tle re fitlhele dipanana, dipopo, dimango, le dimamone di tlogetswe fa kgorong re sa itse gore di tswa kwa go mang.

Ka 1971 nna le mosadi wa me, re patilwe ke baboledi ba bangwe ba bararo ba Rarotonga, re ne ra tsaya loeto go ya kwa Setlhaketlhakeng sa Aitutaki, seo se itsegeng thata ka letsha le lentle la sone. Re ne ra fitlhela barati ba Lefoko la Modimo gareng ga baagi ba gone ba ba nang le moya wa go amogela baeng mme ra simolola dithuto tse nne tsa Bibela, tseo re neng ra di tsweledisa pele ka go kwalelana le tsone morago ga go boela morago kwa Rarotonga. Fa nako e ntse e feta diithuti tseo tsa kwa Aitutaki di ne tsa kolobediwa, mme go ne ga tlhongwa phuthego gone. Ka 1978 Holo ya Bogosi ya bobedi mo Cook Islands e ne ya agiwa gone. Jehofa o ne a tswelela pele a ntse a ungwisa dilo fa a tsibogela tiro ya rona ya go jala le go nosetsa.—1 Bakorintha 3:6, 7.

Ke ile ka nna le tshiamelo ya go etela ditlhaketlhake tse some gareng ga sethopha sa tse di mo Cook Islands, go le gantsi e le kafa tlase ga maemo a a boima. Loeto longwe ka mokoro go ya Atiu, eo e leng bokgakala jwa dikilometara tse 180, le ne la re tsaya go feta malatsi a le marataro ka ntlha ya diphefo tse di tshubutlang le lewatle leo le neng le sa iketla. (Bapisa 2 Bakorintha 11:26.) Lefa gone dijo di ne di tlhaela ebile ba le bantsi mo mokorong ba ne ba lwala ka ntlha ya go sa utlwaneng le metsi a lewatle, gone ke ne ka lebogela tlhokomelo ya ga Jehofa, eo e neng ya nkgontsha go fitlha ka pabalesego koo ke neng ke ya gone.

Ka 1974 re ne ra seka ra newa tetla ya go nna mo Cook Islands mme ka jalo ra tshwanelwa ke gore re boele kwa New Zealand. Ka nako eo go ne go setse go nale diphuthego tse tharo kwa ditlhaketlhakeng tseo.

Ditshiamelo tse Di Oketsegileng tsa Tirelo—Le Teko

Fa re sena go boela morago kwa New Zealand, go ne ga bulega diphatlha tse disha tsa ditshiamelo. (1 Bakorintha 16:9) Mokgatlho o ne o tlhoka mongwe yo a neng a ka ranolela Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Bibela mo Semaoring sa kwa Cook Islands. Ke ne ka newa tshiamelo eo, mme e ile ya nna tiro ya me go fitlha le gone jaanong jaana. Morago ga moo ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna ke etela bakaulengwe ba me ka metlha kwa Cook Islands, sa ntlha jaaka molebedi wa potologo, mme morago jaaka moemedi wa molebedi wa kgaolo.

Mo go lengwe la maeto ao, Mokaulengwe Alex Napa, yo e neng e le mmulatsela yo o kgethegileng go tswa kwa Rarotonga, o ne a tsaya le nna loeto lo lololeele lwa malatsi a le 23 ka selepe loo lo neng lwa re rwalela kwa Manahiki, Rakahanga, le Penrhyn—dithaketlhake tseo di leng kwa bokone jwa tsa Cook. Mo setlhaketlhakeng sengwe le sengwe, Jehofa o ne a tlhotlheletsa batho ba gone bao ba nang le moya wa go amogela baeng go re naya marobalo le go amogela dikgatiso di le dintsi tsa Bibela. (Bapisa Ditihō 16:15.) Kwa ditlhaketlhakeng tseno, go na le dikgopa tsa diperela di le dintsi, mme mo makgetlhong a mantsi batho ba ne ba re naya diperela e le moneelo wa ditshenyegelo tsa tiro ya lefatshe ka bophara ya go rera. Ka jalo, jaaka fa re ne re naya batho diperela tsa semoya, bone ba ne ba re naya tsa sebele.—Bapisa Mathaio 13:45, 46.

Abo karolo eo e e kwa thoko ya lefatshe e le ntle jang ne! Akanya fela ka dishaka tse di boitshegang di thuma mmogo le bana ka kagiso mo letsheng! Abo loapi lo ne lo tlhagisa ponalo e e kgatlhang jang ne fa go le bosigo! Abo mafoko a ga mopesalema a le boammaaruri jang ne: “Letsatsi le tlhōmaganya puō le letsatsi ye leñwe, bosigo bo tlhōmaganya chupō ea kicō le bosigo yo boñwe.”—Dipesalema 19:2.

Morago ga moo, dingwaga di le robongwe tse di fitileng, bothokgami jwa me bo ne jwa lekiwa totatota. Mosadi wa me o ne a robala ko bookelong ka ntlha ya go elela ga madi mo bobokong jwa gagwe. Go ne go tlhokega gore a ariwe, lefa ga le jalo ngaka ene ya gana go mo ara ntle le go dirisa madi. Segakolodi sa me le sa mosadi wa me di ne di sa dumalane le tiro eo e neng e tla gataka molao wa Modimo. Lefa go le jalo segakolodi sa ngaka se ne se mo raya se re o tshwanetse go dirisa mekgwa yotlhe, go akaretsa le madi go leka go namola botshelo.

Boitekanelo jwa mosadi wa me bo ne bo nnela maswe go ya pele, mme o ne a isiwa kwa phaphoseng ya balwetsi ba ba lwalang la go swa, go sa letlelelwa gore a ka etelwa nako nngwe le nngwe. O ne a simolola go latlhegelwa ke kutlo ka ntlha ya kgatelelo mo moropeng wa gagwe wa tsebe. E ne ya nna nako e e gamolang pelo. Ka nako nngwe morago ga go mo lekola, ngaka e ne ya ntshala morago fa ke ya kwa koloing ya me, e ntlhaloseta gore tsela e le nngwe fela eo mosadi wa me a lebaganang le yone ke go ariwa go dirisiwa madi mme a nthapela gore ke dumele gore a e dire. Go sa kgathalesege seo, nna le mosadi wa me re ne ra ikanya Jehofa—le eleng lefa go ikobela molao wa gagwe go ne go ka felela ka gore re latlhegelwe ke dingwaganyana di se di kae mo botshelong jono jwa gone jaanong.

Ka bonakonyana fela, maemo a mosadi wa me a ne a tokafala. Letsatsi lengwe fa ke tla go mo tlhola ke ne ka fitlhela a dutse fa godimo ga bolao a bala. Mo malatsing ao a neng a latela o ne a simolola go neela bosupi mo balwetsing ba bangwe le mo baoking. Morago ga moo ke ne ka bilediwa kwa ofising ya ngaka eno e e arang. “Rre Wharerau,” o ne a rialo, “eleruri o monna yo o sego! Re dumela gore bokoa jwa mosadi wa gago bo fodile.” Ka tsela eo e neng e sa solofelwa, kgatelelo ya gagwe ya madi e ne ya boela mo maemong a a siameng. Nna mmogo le mosadi wa me, re ne ra leboga Jehofa mme ra tsosolosa maikaelelo a rona sesha a gore re tla mo direla ka bogolo joo re ka kgonang ka jone mo tirelong ya gagwe.

Jaanong ke boetse gape ke abetswe go dira mo Cook Islands mme ebile gape ke direla mo Rarotonga. Abo e le tshiamelo e e segofaditsweng jang ne! Fa re gadima kwa morago nna le mosadi wa me re lebogela tlhokomelo eo Jehofa a ileng a e re neela mo e ka nnang mo lobakeng lwa dingwagasome tse tlhano mo tirelong ya gagwe. Fa re bua ka dilo tsa nama, ga re ise le ka motlha ope re dule re tlhoka ditlhokafalo tsa letsatsi le letsatsi. Ka tsela ya semoya, masego e ile ya nna a mantsi jaana mo re ka se kgoneng go a bala. A a tlhomologileng ke palo ya balosika la me bao ba ileng ba tlamparela boammaaruri. Ke kgona go bala go fitlha go ba le 200 ba bone bao gone jaanong jaana e leng Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa, go akaretsa le ditlogolwana di le 65. Setlogolwana sengwe sa monna ke leloko la lelapa la Bethele e e kwa New Zealand, fa morwadiake yo mongwe le monna wa gagwe le bomorwawe ba le babedi bone ba dira tiro ya go aga kwa makaleng.—3 Yohane 4.

Fa ke leba kwa pele, ke nna ke gopotse ka ditebelelo tsa go tshela mo paradaising koo, lefatshe ka bophara, bontle jwa tlhago bo tla nnang bontle go feta le e leng botala jo bontle jwa motsana o ke tsholetsweng mo go ona. Abo e tla nna tshiamelo e kgolo jang ne go amogela rre le mmè mo tsogong ya baswi mme ke ba tlhalosetsa ka ga thekololo, ka ga Bogosi, le ka ga bosupi jotlhe jwa tlhokomelo ya ga Jehofa.

Maikaelelo a me, ao a tiisiwang ke kitso ya gore Modimo o a ntlhokomela, a tshwana le a ga mopesalema ao a ileng a bua ka one mo go Pesalema 104:33: “Ke tla re ke sa nntse ke tshedile ke nne ke ōpèlèle Yehofa; ke tla re ke sa nntse ke leeō, ke nne ke bake Modimo oa me.”—Jaaka fa go boletse Sarn Wharerau.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Holo ya Bogosi ya ntlha go agiwa mo New Zealand, 1950

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela