LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 8/1 ts. 4-7
  • Go Anaanela Mpho E E Tlhwatlhwakgolo ya Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Anaanela Mpho E E Tlhwatlhwakgolo ya Botshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Ka Kgona Go Fetoga!
  • Mpho ya Modimo ya Botshelo Jo Bo Sa Khutleng
  • Tlotlo ya Neo ya Botshelo
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Mpho ya Modimo e e Kgolo—Goreng e le Botlhokwa Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Lebogela Mpho ya Botshelo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Lebogela Mpho ya Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 8/1 ts. 4-7

Go Anaanela Mpho E E Tlhwatlhwakgolo ya Botshelo

BOTSHELO—a sengwe se se tlhwatlhwakgolo go nna naso! Re ka se ka ra kgona go dira sepe kwantle ga jone. Fa bo fela, bo ka se ka jwa busediwa ka maatla ape a motho. Fa botshelo jwa rona bo le mo kotsing, re dira sengwe le sengwe fela se re ka se kgonang go bo boloka. Ebu, bangwe ebile ba kopa thuso mo maatleng a a fetang a batho fa ba le mo matshwenyegong!

Re gakologelwa pego ya Bibela ka sekepe seo se neng sa rakana le matsubutsubu mo lewatleng. Fa se ne se setse se tla tloga se thubega, “banna ba ba tsamaisañ shepa ba [ne ba] boiha, me moñwe le moñwe a goèla kwa go modimo oa gagwè.” Moragonyana, mongwe le mongwe wa bone o ne a bitsa Modimo wa boammaaruri: “Rea gu rapèla, Yehofa, rea gu rapèla a re se shwe.” Pego ya Bibela gape ya re: “Thoto e e mo shepeñ ba e latlhèla mo lewatleñ, gore se tlè se ba hehohalèlè.”—Yona 1:4-6, 14; bapisa Ditihō 27:18, 19.

Banna bao ba ba neng ba tsamaisa sekepe ba ne ba bile ba iketleeditse go latlha dilwana tsa bone tse ba di ratang gore ba boloke matshelo a bone. Re ka kgona go bona dilwana tse dingwe—mme eseng botshelo. Mme ka gonne ka tlholego fela re rata matshelo a rona, re tila kotsi. Re fepa mebele ya rona, re a e apesa, le go e tlamela. Fa re lwala re batla kalafi ya bongaka.

Lefa go ntse jalo, Monei wa botshelo o tlhoka go le gontsi mo go rona go na le go latela fela dilo tseo re ikutlwang re tlhoka go di dira ka tlholego fela tseo di re sireletsang. Kana gone, botshelo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo, mme e tswa kwa Mothong wa botlhokwa go gaisa mo lobopong lotlhe. A ga re a tshwanela go supa gore re rata botshelo ka go anaanela mpho eno le Monei wa yone ka pelo yotlhe? Mme a seo se ne se se kitla se akaretsa go amega ka matshelo a ba bangwe?

Ka jalo, ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo Molao o Jehofa Modimo a neng a o neela Baiseraele o ne o na le melao eo e neng e diretswe go sireletsa matshelo le pholo ya ba bangwe. (Ekesodo 21:29; Duteronome 22:8) Gompieno Bakeresete le bone ba tshwanetse go nna ka metlha ba tlhokometse gore a ba sireletsegile. Ka sekai, fa e le gore go na le bana mo legaeng la gago, a ka bofafalele o tlogela dibaga, dikgokelo kana dilo tse di bogale tse di ka gobatsang ngwana fa a tshameka ka tsone kana a di metsa ka go sa itse, o di tlogela gongwe le gongwe fa a ka di tshwarang teng? A dikhemikale tse di kotsi le melemo di bewa kgakala le fa bana ba ka di tsayang teng? Fa metsi a tshologetse fa fatshe, a o itlhaganelela go a sutlha gore o thibele kotsi? A o dira gore didirisiwa tsa motlakase tse di senyegileng di baakanngwe ka bofefo? A sepalangwa sa gago se baakanngwa ka metlha? A o kgweetsa ka kelotlhoko? Fa e le gore ruri o lemoga kafa botshelo bo leng tlhwatlhwakgolo ka gone, o tla tlhotlheletsega gore o nne kelotlhoko kafa go ka kgonegang ka gone mo dintlheng tseno le tse dingwe tse di tshwanang le tsone.

Lefa go ntse jalo, ka maswabi, bangwe ba tsaya le one matshelo a bone tota motlhofo. Ka sekai, ke mang yo gompieno a sa itseng gore go goga motsoko go kotsi mo mmeleng? Lefa go ntse jalo, dimilione tsa batho di dule makgoba a mokgwa ono, fa pholo ya bone e ntse e koafala nako le nako fa ba goga mosi ono o o bolayang. Ba bangwe ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, mme ba bangwe bone ba dirisa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang, gotlhe e le mo go ba gobatsang. AIDS ke bolwetse jo bo bolayang jo go sa itsiweng gore bo ka alafiwa ka eng. Mme lefa go ntse jalo ba le bantsi ba ka bo ba ile ba tila go tsenwa ke bolwetsi jono fa ba ka bo ba ile ba tila boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, mefuta mengwe ya go sa dirise diokobatsi sentle, le go tshelwa madi. Abo seno e le go sa anaanele botshelo mo go utlwisang botlhoko jang ne!—Baroma 1:26, 27; 2 Bakorintha 7:1.

O Ka Kgona Go Fetoga!

Bao ba anaanelang Mmopi wa bone yo o Molemo, Jehofa, ba na le lebaka le le nonofileng la go leba botshelo bo le tlhwatlhwakgolo. Botshelo ke mpho ya gagwe e e boitshepo. Ka jalo ba iketleeditse go dira diphetogo dipe fela tse di tlhokegang gore ba bo tshware jaaka mpho e e tswang kwa Modimong. Ela tlhoko boitemogelo jwa ga Kwaku, morutabana kwa Ghana. O ne a tshwakgotswe ke bojalwa ebile a latlhelela dilo, a itshenyetsa botshelo.

Kwaku o gakologelwa jaana: “Ke ne ka leka go pateletsa mosadi wa me gore a ntlotle, seo gantsi se neng se felela ka gore re omane thata re bo re lwe, bogolo jang fa ke ne ke tagilwe. Ka gonne ke ne ke nwa bojalwa mo go feteletseng, gantsi ke ne ke nna ke sena madi, mme gantsi ke ne ke sa tlise madi a go tlamela lelapa. Ga go gakgamatse go bo seno se ne se kgopisa mosadi wa me fela thata. Nako le nako fa ke ne ke felelwa ke madi (ebile seno se ne se direga gantsi tota), ke ne ke dira sengwe le sengwe se nka se kgonang go tsweledisa mokgwa wa me wa go nwa bojalwa. Nako nngwe ke ne ka bo ka itirisetsa madi ao ke neng ke a neilwe ke barutwana ba me ba sekolo gore ke ba kwadisetse ditlhatlhobo tsa botlhe. Ke ne ka ya go nwa mo go feteletseng ka bo ka rekela ditsala tse ke neng ke nwa le tsone dino. Go ise go ye kae nako e ne ya tla ya gore ke duelele ditiro tsa me tse di fetileng. Fa e ne e se ka go bo mogokgo wa me a ne a tsenelela ka nako, ke ka bo ke latlhegetswe ke tiro.

“Botshelo jwa me e ne e le nthagaraga. Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong, mme lefa go ntse jalo e ne ya re go ise go ye kae ditlhong tseo tsa fela. Go tswa foo ke ne ka simolola go nna le megopolo ya go batla go ipolaya ka gonne ke ne ke ikutlwa ke paletswe mo botshelong. Ke ne ke santse ke sa kgone go ikgolola mo go tshwakgolweng ke bojalwa. Mme lefa go ntse jalo fa ka letsatsi lengwe mo bareng ke ne ke tagilwe ke bo ke omana le mongwe ke bo ke tlhabiwa, ke ne ka lemoga kgang e e botlhoko ya gore letsatsi lengwe ke ne ke tla swa ka ntlha ya go rata bojalwa mo ga me.

“Nako e yotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhola ba etela ntlo ya rona gangwe le gape, ba leka go dira gore re kgatlhegele Bibela. Nna le mosadi wa me re ne re tlhola re ba tila ka gonne re ne re akanya gore ba letshwenyo. Lefa go ntse jalo, nako nngwe ke ne ka swetsa ka gore ke tla ba reetsa ka go ba tlhomogela pelo fela. E ne ya re go ise go ye kae go ithuta Bibela go ne ga dira gore ke itse kaga tebelelo e e molemo ya go tshelela ruri mo tsamaisong e ntšha ya Modimo. Fa ke ntse ke ithuta Bibela ka mo go oketsegileng ke thusiwa ke Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka anaanela Jehofa jaaka Moneibotshelo ka mo go oketsegileng ka bo ka anaanela mpho ya gagwe ya botshelo, mme ke ne ka kgatlhega ka mo go oketsegileng ke kgatlhiwa ke kafa kgakololo ya Bibela e dirang ka gone. Seno se ile sa nkgothatsa le go feta gore ke baakanye botshelo jwa me. Go ne go se motlhofo, ereka ke ne ke tshwanelwa ke gore ka dinako tsotlhe ke ithibe mo phafaneng [bojalwa] mmogo le mo ditsaleng tsa me tsa bogologolo. Jehofa, Moutlwi wa thapelo, o ne a bona kafa ke neng ke ititeile sehuba ka gone mme o ne a nkutlwa.a

“Mosadi wa me, le mororo e se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, jaanong o ntseela kwa godimo ebile o tseela le bodumedi jwa me kwa godimo ka ntlha ya phetogo e kgolo eo a e bonang mo botshelong jwa me le mo lenyalong la rona. Baagelani ba rona ga ba tlhole ba tshwanelwa ke go tsereganya dintwa fa gare ga me le mosadi wa me. Ke itumelela kagiso ya mogopolo eo jaanong ke nang nayo. Eleruri, go anaanela Jehofa Modimo jaaka Moneibotshelo wa rona, go leba botshelo bo le tlhwatlhwakgolo jaaka ene, le go reetsa ditao tsa gagwe kaga gore re tshwanetse go tshela jang ke yone fela tsela e e botlhokwa ya go tshela.”

Mpho ya Modimo ya Botshelo Jo Bo Sa Khutleng

Batho ba le diketekete, fela jaaka Kwaku, ba ile ba thusiwa ke Basupi ba ga Jehofa gore ba “aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.” (Baefesia 4:24) Ba simolotse go anaanela eseng botshelo jwa bone jwa gone jaanong fela mme gape le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Bibela e solofetsa gore mo Paradaiseng eo e e dirilweng ke Modimo, ga go na monni ope wa lefatshe yo o tla tlholang a bolawa ke tlala e e sa feleng, ka gonne “Yehofa oa mashomōshomō o tla baakanyetsa dichaba cotlhe modihō oa dilō tse di nonneñ.”—Isaia 25:6.

Gone jaanong, botshelo ke jwa nakwana fela, le fa gone e le mpho e e molemolemo. Mongwe le mongwe o lebana le loso, mme abo loso e le petso e e botlhoko jang ne! Go lebelela mongwe yo o mo ratang a tswa mo gare ga batshedi mme a ya kwa tidimalong ya lebitla go a hutsafatsa, fa re bua re sa feteletse dilo. Mme lefa go ntse jalo kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo, go busa Keresete, tsholofetso eno ya ga Jehofa e tla diragadiwa: “Ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:4.

Ka nako eo mpho ya botshelo e tla okediwa ka tsela e e gakgamatsang. Batho ba ba tla falolang sepitla sa bofelo ba tla nna le tshono ya go bona botshelo jo bo tletseng. Morago ga foo, Jehofa Modimo o tla busetsa mpho ya gagwe e e tlhwatlhwakgolo mo go bao ba robetseng mo losong ka tsogo, go busediwa mo botshelong. (Yohane 5:24, 28, 29) Seno se tla raya gore baratiwa ba rona ba ba suleng le batho ba bogologolo ba ba ratang Modimo ba tla busediwa mo botshelong!

A dilo tseno tsotlhe di molemo thata mo di ka se kang tsa bo di le boammaaruri? Nnyaa, ka gonne “ga go na lehoko lepè ye le cwañ Modimoñ ye le ka tlhōkañ nonohō.”—Luke 1:37; bapisa Yobe 42:2.

Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo ka boene o tlhomamiseditse setho gore dilo tseno tsotlhe di tla direga. Jang? Ka go ntsha setlhabelo ka mongwe yo a mo ratang thata, Morwawe ebong Jesu Keresete, gore a re rekolole mo sebeng le mo losong. Baroma 8:32 e re tlhomamisetsa jaana: “Ōna [Jehofa Modimo] o o se kañ oa rèkègèla eo e leñ Morwa ōna, me oa mo neèlèla rona rotlhe loshuñ, ana o tla tlhōka yañ go re naea hèla dilo cotlhe naè?” Bibela e re bolelela gore seno se tla akaretsa go tlosa boitsholo jo bo maswe mo sethong le go tlosa mefuta yotlhe ya tshiamololo, bokebekwa, le bothubaki. (Isaia 11:9) Botshelo ga bo kitla bo tlhola bo lejwa gape bo sena boleng.

Le eleng gone jaanong, re ntse re sa itekanela, botshelo bo ka itumedisa thata. Ke mang yo o sa itumeleleng go utlwa monko o o rokotsang mathe wa dijo, go utlwa phefo e e tsiditsana fa go le mogote, go bona thaba e kgolo, go bona letsatsi le phirima bontle, go bona molatswana o elela ka iketlo, go bona dithunya tse di mebalabala e mentle, go utlwa molotsana o o monate wa mmino, kana go utlwa dinonyane di lela? A o ko o eme go sekae. Akanya, go ne go ka nna jang go ipelela dilo tse di ntseng jalo ka bosakhutleng?

Jalo he, a go botlhale go latlha mpho e e tlhwatlhwakgolo ya go tshelela ruri fela gore o tle o itumelele monate wa nakwana, o o ka tlisiwang ke go tshela ka boeleele ka go kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe ya gago? (Bapisa Bahebera 11:25.) Bibela e re kgothatsa ka botlhale gore ‘mo lobakeng lo lo setseng lwa botshelo, re se ka ra tlhola re tshelela dithato tsa batho, fa e se go rata ga Modimo fela.’ (1 Petere 4:2) Re go kgothatsa ka pelo yotlhe gore o dire jalo ka go ithuta Lefoko la Modimo, Bibela, le ka go dirisa dilo tseo o di ithutang. (Yohane 13:17) Ka go dira jalo o tla nna le kamano e e molemo le Jehofa, Modimo o o tletseng bomolemo le kutlwelobotlhoko, yo o ka go duelang ka botshelo jo bo sa khutleng!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go latlha botagwa ke kgato e e boima, e gantsi motho a e tlhokelang thuso ya dingaka. Bona makasine o o tsamayang mmogo le ono, wa Tsogang! ya June 8, 1992, go bona tshedimosetso e e ka thusang mo ntlheng eno.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A tsela eo o tshelang ka yone e supa gore o anaanela botshelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Lefatshe la Modimo le lesha le tla re letla gore re ipelele menate ya botshelo ka bosakhutleng!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela