LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 7/15 ts. 3-7
  • A Bibela E A Ikganetsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bibela E A Ikganetsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A mme Gone Ano Ke Mathata Tota?
  • Go Bontsha Kafa Ditemana Tse Di Buang Kaga Jesu Di Dumalanang ka Teng
  • O Tlile go Leba Dilo Jang?
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 7/15 ts. 3-7

A Bibela E A Ikganetsa?

MOKWADI Henry Van Dyke o kile a kwala jaana: “Bibela e tsholetswe kwa Botlhaba ebile e apere le go bua e dirisa mokgwa wa go tshwantsha wa Botlhaba, e tsamaya mo ditseleng tsa mafatshe otlhe ka mokgwa o o tshwanang mme e tsena mo nageng nngwe le nngwe e batla ba e leng ba yone gongwe le gongwe. E ithutile go bua le pelo ya motho ka dipuo tse di makgolokgolo. Bana ba reetsa dipolelo tsa yone ka go gakgamala le ka boitumelo jo bogolo mme banna ba ba botlhale ba tlhatlhanya ka tsone jaaka tse di ba rutang mokgwa o o siameng wa go tshela. Ba ba bosula le ba ba ikgogomosang ba a roroma fa ba utlwa ditlhagiso tsa yone, mme ba ba utlwileng botlhoko le ba ba ikwatlhayang mo go bone di tshwana le lentswe la ga mmè. . . . Ga go na motho ope yo o ka fitlhelang a humanegile kana a nna a ntse a utlwile botlhoko fa a na le khumo eno.”

Ke boammaaruri gore Bibela “e ithutile go bua ka dipuo tse di makgolokgolo.” Go ile ga ranolelwa bobotlana e le nngwe ya dibuka tsa yone tse 66 ka dipuo di le 1 970. Dimilione di tsaya Bibela jaaka mpho e e tswang go Modimo mme di e bala ka boitumelo jaaka e e nang le mosola. Lefa go ntse jalo, bangwe ba re e a ikganetsa mme ka tsela e e ntseng jalo ga e kake ya ikanngwa. Ke eng se se senogang fa go batlisisiwa ka ketlotlhoko?

Jaaka go bontshitswe ke setshwantsho sa rona se se kafa ntle, Modimo o ne wa dirisa banna ba ba ikanyegang go kwala Bibela. Ke boammaaruri, fa go sekasekiwa Bibela ka kelotlhoko go bonala gore e ne ya kwalwa ke banna ba le 40 ka makgolo a le 16 a dingwaga. A bakwadi bao e ne e le barutegi? Nnyaa. Mo gare ga bone o tla fitlhela go na le modisa, motshwari wa ditlhapi, mokgethisi, ngaka, modiri wa ditente, moperesiti, moperofeti, le kgosi. Mekwalo ya bone gantsi e umaka batho le dingwao tse gantsi rona mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga re sa di tlwaelang. Tota ebile, bakwadi ba Bibela ka bobone gantsi ba ne ba sa tlhaloganye gore seo ba neng ba se kwala se kaya eng. (Daniele 12:8-10) Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa re kopana le sengwe se re sa se tlhaloganyeng fa re ntse re bala Bibela.

A mathata a a ntseng jalo a ka rarabololwa? A Bibela e a ikganetsa? Gore re kgone go bona seno, a re sekasekeng dingwe tsa dikai.

A mme Gone Ano Ke Mathata Tota?

▪ Kaine o tsere mosadi kae? (Genesise 4:17)

Mongwe le mongwe a ka nna a gopola gore fa Abele a sena go bolawa, go ne ga sala morwarraagwe yo o molato Kaine le batsadi ba gagwe, Adame le Efe fela mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, Adame le Efe ba ne ba na le lelapa le legolo, Go ya ka Genesise 5:3, 4, Adame o ne a na le morwa a bidiwa Sethe. Pego e tswelela jaana: “Adame a re a sena go tsala Sethe, malatsi a gagwè a nna dinyaga di le makgolo a a hèrañ mebedi: me a tsala tshimane le tshetsana.” Ka tsela e e ntseng jalo Kaine o ne a nyala kgaitsadie kana gongwe mongwe wa bana ba ga kgaitsadie. Ereka jaaka ka nako eo batho ba ne ba santse ba itekanetse thata, go bonala gore lenyalo le le ntseng jalo le ne le ka se ka la tlhagisa kotsi epe mo boitekanelong jwa bone jaaka fa bana ba ba tshotsweng mo lenyalong le le ntseng jalo gompieno ba ne ba ka tlhagelwa ke dikotsi dingwe.

▪ Ke mang yo o rekisitseng Josefa kwa Egepeto?

Genesise 37:27 e bontsha gore bomorwarraagwe Josefa ba ne ba fetsa ka gore ba mo rekisetse Baishemaele bangwe. Mme lefa go ntse jalo temana e e latelang e bolela jaana: “Me ga heta Bamidiana, e le babapatsi, me ba [bomorwarraagwe Josefa] gōga Yosefe ba mo ntsha mo mokoleñ, me ba rekisa Yosefe mo go Baishemaela ka dipapetla tsa selefera di le mashomè mabedi. Me ba isa Yosefe kwa Egepeto.” A Josefa o ne a rekisediwa Baishemaela kana Bamidiana? Gone mme, Bamidiana le bone ba ka tswa ba ne ba bidiwa Baishemaela, ka ntlha ya gore ba ne ba amana ka losika ka rraabonemogologolwane, Aberahame. Kana bagwebi ba Bamidiana ba ka tswa ba ne ba tsamaya le setlhopha sa dikoloi tsa Baishemaela. Lefa go ka tswa go ne go ntse jang, bomorwarraagwe Josefa ke bone ba mo rekisitseng, ka ntlha ya gore o ne a ba bolelela jaana moragonyana: “Ke Yosefa, monna lona, eo lo mo rekisitseñ a tlisiwa mo Egepeto.”—Genesise 45:4.

▪ Ke Baiseraele ba bakae ba ba suleng ka ntlha ya go tlhakanela dikobo ba sa tshwanela le basadi ba Moaba le go obamela Baale wa Peore le bone?

Dipalō 25:9 e bolela jaana: “Ba ba shuleñ ka sebecō [se se tswang kwa Modimong ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe] e ne e le bothousanda ba mashomè mabedi le mecō menè.” Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Le gōna a re se diheñ boaka, yaka bañwe ba bōnè [Baiseraele kwa nageng] ba kile ba diha, me ba shwa ka letsatsi le le leñwe hèla ba le bothousanda ba ba mashomè mabedi le boraro.” (1 Bakorintha 10:8) Gongwe palo ya ba ba bolailweng e ne e le fa gare ga 23 000 le 24 000, ka jalo nngwe ya dipalo tseo e ne e tla bo e kgotsofatsa. Lefa go ntse jalo, buka ya Dipalō e tlhalosa ka tsela e e kgethegileng gore “bagolwane botlhe ba batho” ba le bone ba neng ba dirile boleo jono ba ne ba bolaiwa ke baatlhodi. (Dipalō 25:4, 5) Mo go ba ba molato bano go ka tswa go na le “bagolwane” ba le 1 000 ba e reng fa ba tlhakanngwa le ba le 23 000 bao ba umakilweng ke Paulo ba bo ba dira palogotlhe ya 24 000. Fa ba ba ka nnang 23 000 ba ne ba betswa ka sebetso sa ga Jehofa ka gonne mongwe le mongwe wa bone o ne a swa ka go bo e ne e le ene yo a neng a ntshitse taolo ya gore ba atlholwe botlhoko jalo.—Duteronome 4:3.

▪ Ereka Agage e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba tshela ka nako ya kgosi ya Baiseraele Saule, a go umaka ga ga Baalame kgosi nngwe ya Baamaleka e e neng e bidiwa ka leina lone leo pele ga foo e ne e le go ikganetsa?

Mo e ka nnang ka 1473 B.C.E., Balaame o ne a bolelela pele gore kgosi nngwe ya Iseraele e ne e tla “goletsèga go heta Agage.” (Dipalō 24:7) Ga go umakiwe sepe gape ka Agage go fitlha ka nako ya fa go busa Kgosi Saule (1117-1078 B.C.E.). (1 Samuele 15:8) Lefa go ntse jalo, seno e ne e se go ikganetsa, ka gonne “Agage” e ka tswa e ne e le sereto sa segosi se se tshwanang le fela jaaka kwa Egepeto go ne go dirisiwa Farwe. Agage e ka tswa gape e ne e le leina le le neng le dirisiwa gangwe le gape ke babusi ba Baamaleka.

▪ Ke mang yo o dirileng gore Dafide a bale Baiseraele?

Samuele wa bobedi 24:1 e tlhalosa jaana: “Me gapè, bogale yoa ga Yehofa yoa tukèla ba Iseraela me a ba a tlhōtlheletsa Dafide, [kana, “fa Dafide a ne a tlhotlhelediwa,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW] a re, Ea u balè ba Iseraele le ba Yuda.” E ne e se Jehofa yo o dirileng gore Kgosi Dafide a leofe, ka go bo 1 Ditihalō 21:1 e bolela jaana: “Satane [kana, “mmaba,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW] a cogèla ba Iseraele, me a tlhōtlheletsa Dafide, gore a balè ba Iseraele.” Modimo o ne a galefisitswe ke seo Baiseraele ba neng ba se dirile mme ka jalo a letla Satane Diabolo gore a ba dire gore ba leofe. Ka lone lebaka leno, 2 Samuele 24:1 e bua jaaka ekete ke Modimo o tlhotlheleditseng Baiseraele gore ba leofe. Ka mo go kgatlhang, thanolo ya ga Joseph B. Rotherham e balega jaana: “Bogale jwa ga Yahweh bo ne jwa tukela Iseraele, mme a letla Dafide gore a dire kgatlhanong le bone a re, Tsamaya o ye go bala Iseraele le Juda.”

▪ O ka lemoga jang gore dipalo tse di farologaneng tse Dafide a neng a di bega fa a ne a bala Iseraela le Juda di a dumalana?

Mo go 2 Samuele 24:9 palo ya Baiseraele e ne e le 800 000 ba kwa Juda ba le 500 000, fa 1 Ditihalō 21:5 e bolela gore palo ya banna ba Baiseraela ba ba itseng go lwa ke ba le 1 100 000 mme ya ba ba kwa Juda ke 470 000. Masole a a neng a nna ka metlha a ikwadiseditse tirelo ya bosole ya kgosi a ne a le 288 000, a kgaogantswe ka ditlhopha di le 12 tsa banna ba le 24 000, mme setlhopha sengwe le sengwe se ne se direla kgwedi e le nngwe mo ngwageng. Mo godimo ga moo, go ne go na le batlhanka ba le 12 000 ba ba neng ba direla dikgosana tse 12 tsa ditso, ba dira palogotlhe ya ba le 300 000. Go bonala sentle gore palo ya 1 100 000 ya 1 Ditihalō 21:5 e akaretsa 300 000 ya ba ba neng ba setse ba ikwadisitse jaaka masole, fa e e mo go 2 Samuele 24:9 e sa e akaretse. (Dipalō 1:16; Duteronome 1:15; 1 Ditihalō 27:1-22) Mabapi le Juda, go bonala sentle gore 2 Samuele 24:9 e akareditse banna ba le 30 000 ba ba neng ba le gareng ga masole a a neng a lebeletse a a neng a eme fa melelwaneng ya Filisitia mme ba ne ba sa akarediwa mo palong e e umakilweng mo go 1 Ditihalō 21:5. (2 Samuele 6:1) Fa re ka gakologelwa gore 2 Samuele le 1 Ditihalō di kwadilwe ke banna ba babedi ba ba farologaneng le ba megopolo e e sa tshwaneng, re ka kgona go nyalanya dipalo tseno bonolo.

▪ Rraagwe Shealetiele e ne e le mang?

Ditemana tse dingwe di tlhalosa gore Jekonia (Kgosi Jehoiakine) e ne e le rraagwe Shealetiele tota. (1 Ditihalō 3:16-18; Mathaio 1:12) Mme lefa go ntse jalo, mokwadi wa lokwalo lwa Efangele ebong Luke o bitsa Shealetiele a re ke “morwa Neri.” (Luke 3:27) Go lebega Neri a ne a naya Shelatiele morwadie gore e nne mosadi wa gagwe. Ereka go ne go tlwaelegile gore Bahebera ba bitse mogwe wa bone ba re ke morwaabone, segolo jang mo dibukeng tsa manaane a masika, ka gone go ne go tshwanela gore Luke a bitse Shealetiele gore ke morwa Neri. Ka mo go tshwanang Luke o kile a bolela gore Josefa ke morwa Heli, yo tota e neng e le rraagwe mosadi wa ga Josefa, Marie.—Luke 3:23.

Go Bontsha Kafa Ditemana Tse Di Buang Kaga Jesu Di Dumalanang ka Teng

▪ Jesu Keresete o ne a ntsha badimona ba ba neng ba tsena mo serapeng se segolo sa dikolobe mo banneng ba bakae?

Mokwadi wa Efangele Mathaio o umaka banna ba babedi, mme Luke le Mareko ba bua ka monna a le mongwe fela. (Mathaio 8:28; Mareko 5:2; Luke 8:27) Go bonala sentle gore, Mareko le Luke ba ne ba re dira gore re ele tlhoko monna a le mongwe yo o neng a tsenwe ke badimona ka gonne Jesu o ne a bua le ene mme le kgang ya gagwe e ne e tlhomologile thata. Gongwe monna yoo o ne a le bogale thata kana o ne a bogisiwa le go laolwa ke badimona ka lobaka lo loleele go feta ba bangwe. Gongwe monna yono ke ene fela e rileng kwa morago a neng a batla go tsamaya le Jesu. (Mareko 5:18-20) Mo boemong jo bongwe gape jo bo batlileng bo tshwana le jono, Mathaio o ne a bua ka banna ba babedi ba difofu ba ba neng ba fodisiwa ke Jesu, fa Mareko le Luke ba ne ba umaka a le mongwe fela. (Mathaio 20:29-34; Mareko 10:46; Luke 18:35) Kgang eno e ne e sa ikganetse ka go bo bobotlana go ne go na le monna a le mongwe yo o neng a ntse jalo.

▪ Mmala wa seaparo se Jesu a neng a se apere ka letsatsi la fa a ne a bolawa o ne o ntse jang?

Go ya ka Mareko (15:17) le Johane (19:2), masole a ne a apesa Jesu seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. Mathaio (27:28) o se bitsa “kobo e khibidu,” a gatelela thata bohibidu jwa sone. Ereka bohibidu jo bo mokgona e le mmala mongwe le mongwe o o nang le bohibidu le botala jwa legodimo, Mareko le Johane ba a dumela gore seaparo se ne se na le mmala o mohibidu. Go tsabakela ga sone mo letsatsing le go ya ka gore se fa kae, go ne go ka dira gore seaparo seno se nne le mebala e e farologaneng, mme bakwadi ba dikwalo tsa Efangele ba ne ba umaka mmala o o neng o bonala thata mo go bone kana o o neng o bonala thata mo go ba ba neng ba ba bolelela kaga seno. Pharologano e nnye eno e bontsha gore mokwadi mongwe le mongwe o ne a kwala koo a le esi ebile seno se tlhomamisa tota gore go ne go sena gore ba ka rera mo sephiring go tsietsa ka tsela nngwe.

▪ Ke mang yo o neng a sikere mokgoro wa ga Jesu?

Johane (19:17) o bolela jaana: “Hoñ ba tsaea Yesu: me a cwèla kwa ntlè, a itshikaretse mokgōrō, a ea heloñ ha go bidiwañ, Helō ga logata, me ka Sehebera, go twe, Golegotha.” Mathaio (27:32) Mareko (15:21), le Luke (23:26) bone ba re ‘e ne ya re ba tswela kwa ntle, Simone wa Kurene o ne a patelediwa go sikara mokgoro.’ Johane o ne a tlhalosa gore Jesu o ne a itshikarela mokgoro. Ereka Johane a khutshwafaditse pego ya gagwe, ga a ka a tsenya ntlha ya gore e ne ya re morago Simone a patelediwa go sikara mokgoro. Ka jalo, dipego tsa dikwalo tsa Efangele di a utlwana mo go seno.

▪ Judase Isekariota O Ne A Swa Jang?

Mathaio 27:5 e tlhalosa gore Judase o ne a ikaletsa, fa Ditihō 1:18 e tlhalosa gore “o ile a thubaganyetsèga, a phanyèga ka bogare, mala a gagwè a ba a goromètsèga aotlhe.” Fa Mathaio ene go bonala gore o bua ka mokgwa o a ipolaileng ka one, Ditihō yone e tlhalosa kafa seno se feletseng ka teng. Go bonala gore Judase o ne a bofelela mogala mo kaleng ya setlhare, a tsenya segole sa one mo molaleng wa gagwe, a bo a leka go ikaletsa ka go tlolela kwa tlase go tswa mo lekgotlhong. Go lebega ekete mogala kana kala ya setlhare e ne ya kgaoga ka jalo o ne a wela kwa tlase mme a phatlogela kwa tlase mo majeng. Tsela e Jerusalema e ntseng ka yone e dira gore go utlwale gore re ka swetsa jalo.

O Tlile go Leba Dilo Jang?

Fa re kopana le dilo dingwe tse go lebegang ekete ga di dumalane mo Bibeleng, go molemo gore re lemoge gore gantsi batho ba bua dilo dingwe tse go bonalang ekete di a ikganetsa mme tota tsone di ka kgona go tlhalosiwa bonolo fela kana di ka kgona go tlhaloganngwa bonolo. Ka sekai, rakgwebo a ka nna a buisana le mongwe ka go bolelela mokwaledi wa gagwe seo a tla se kwalang mo lekwalong. Fa a bodiwa ka lone o tla re o le rometse. Ereka mokwaledi wa gagwe e le ene yo o kwadileng lekwalo a ba a le romela le ene a ka nna a re o le rometse. Ka mo go tshwanang Mathaio (8:5) e ne e sa ikganetse fa e ne e re molaodi wa mophato o ne a tla go kopa Jesu gore a mo thuse, fa Luke (7:2, 3) ene a ne a bolela gore monna yoo o ne a romela moemedi.

Dikai tse di fetsang go umakiwa tseno di bontsha gore mathata a a fitlhelwang mo Bibeleng a ka rarabololwa. Ka gone, go na le lebaka le le utlwalang la go leba Dikwalo ka tsela e e siameng. Botlhokwa jwa go nna le mowa o o ntseng jalo bo ne jwa gatelelwa mo mafokong ano a a mo Bibeleng e go kwalwang matlha a matsalo, manyalo le dintsho, e e gatisitsweng ka 1876:

“Tsela e e siameng ya go rarabolola mathata ao ke go a tlosa gotlhelele ka mo go ka kgonegang ka teng le go ngaparela boammaaruri le go ineela mo go jone, lefa gone go ka se ka ga tlosiwa dipelaelo tsotlhe. Re tshwanetse go etsa sekao sa baaposetoloi, bao fa bangwe ba barutwa ba ne ba kgopisitswe ke se ba neng ba re ke ‘puo e e thata,’ fela gore ba kgaogane le Keresete, ba ne ba fenya kganetso epe fela jaana: ‘Morena ana re ka ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng, mme re a tlhomamisa gore ke wena Keresete Morwa Modimo o o tshelang.’ . . . Fa re bona ekete boammaaruri bongwe bo thulana le jo bongwe, a re lekeng go bona mabaka a go bo bo farologana mme re bo bolelele mongwe le mongwe bo dumalana.”—Yohane 6:60-69.

A o tla dira jalo? Morago ga fa o sena go tlhatlhoba dikai di sekae tse di bontshang kafa Dikwalo di dumalanang ka gone, go solofelwa gore o dumalana le mopesalama yo o neng a raya Modimo a re: “Chobokanō ea lehoko ya gago ke boamarure.” (Pesalema 119:160) Basupi ba ga Jehofa ba leba Bibela yotlhe ka one mokgwa oo mme ba itumelela go ntsha mabaka a go bo ba e dumela. Ke ka ntlha yang o sa tlotle le bone ka buka eno e e ka se kang ya lekanngwa le epe? Molaetsa wa yone o o kgothatsang o ka go dira gore o nne le tsholofelo ya boammaaruri le boitumelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 7

A o kile wa botsa Basupi ba ga Jehofa gore ke ka ntlha yang fa ba dumela Bibela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela