LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 7/1 ts. 4-7
  • Tsholofelo E Fenya go Itlhoboga!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsholofelo E Fenya go Itlhoboga!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motheo wa Tsholofelo
  • Tsholofelo—“E E Tlhomameñ, E E Sa Tshikinyegeñ”
  • Tsholofelo—“Seitsetsepeco sa Mōea”
  • ‘Lo Tshware Thata’!
  • Dira Gore Tsholofelo e o Nang le Yone e Nne e Nonofile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Dilo Tse o di Solofetseng di Tla Direga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • O ka Bona Kae Tsholofelo ya Mmatota?
    Tsogang!—2004
  • Solofela mo go Jehofa Mme o Nne Pelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 7/1 ts. 4-7

Tsholofelo E Fenya go Itlhoboga!

WEBSTER’S Ninth New Collegiate Dictionary, e tlhalosa lefoko go itlhoboga jaaka “go felelwa ke tsholofelo gotlhelele.” Go phepafetse, he, gore re tshwanetse go nna le tsholofelo gore re kgone go fenya go itlhoboga!

Motho yo o tlhokileng lesego mme a patelediwa ke maemo go robala fa thoko ga tsela, ga a ne a itlhoboga gotlhelele fa a na le sengwe se a se solofetseng. Tsholofelo e ka naya le ba ba sotliwang ke go tshwenyega thata mo maikutlong bopelokgale le nonofo ya go itshoka. Mme lefa go ntse jalo selo se se ntseng jalo se se solofetsweng se tshwanetse go nna se se tlhomameng! Seno se kaya eng?

Motheo wa Tsholofelo

Tlhokomela se se neng sa diragalela Sara, mosadi wa ga Aberahame yo e neng e le tlhogo ya lotso. Fa a atamela dingwaga di le 90, e ne e santse e le moopa mme o ne a sa bolo go itlhoboga gore a ka se tlhole a bona ngwana. Lefa go ntse jalo, fa monna wa gagwe a ne a na le dingwaga di le 99, Jehofa o ne a boeletsa tsholofetso e a saleng a e dira dingwaga pele ga foo—ka boammaaruri Aberahame o ne a tla nna le “losika,” kana mojaboswa. Aberahame o ne a itse gore seno e ne e le tsholofetso e e tlhomameng. Akanya fela gore Sara o ne a itumetse jang ne fa, ka kgakgamatso, tiragalo e e itumedisang eno e ne e diragala, mme o ne a bona Isake! (Genesise 12:2, 3; 17:1-4, 19; 21:2) Go ikanya ga ga Aberahame Modimo e ne e se ga lefela fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa jaana: “Ea re ka a lebile polèlō ea choloheco ea Modimo, [Aberahame] a se ka a thèèkèla ka go tlhōka go dumèla, me a thatahala mo tumeloñ, a galaletsa Modimo.”—Baroma 4:20.

Fa a ne a kwalela Bajuda ba e neng ya nna Bakeresete ka motlha wa gagwe, Paulo o ne a ntsha mabaka a mabedi a a utlwalang a gore ba ka ikaega ka tsholofetso ya Modimo ya poloko ka Jesu. Fa a ne a umaka tsholofetso ya Modimo le maikano a Gagwe a bomodimo a a bolelela Aberahame ka nako eo, moaposetoloi o ne a ntsha mabaka jaana: “Batho ba tle ba ikane ka eo o leñ mogolo: me mo kgañeñ eotlhe ea bōnè, go ikana ke bowèlō yoa tlhōmamishō. Ke gōna kaha e rileñ ka Modimo o laotse go kaèla barui ba polèlō ea choloheco bosahetogeñ yoa kgakologèlō ea ōna ka botlalō, oa tsèna ka ikanō: Gore e tle e re ka dilō di le pedi tse di sa kakeñ tsa hetoga, tse go retetseñ mo Modimoñ go aka mo go cōna, re bo re nnè le nametsègō e kgolo, eboñ rona ba re tshabetseñ kwa botshabeloñ, ra ea go ichwarèlèla ka cholohèlō e re e beecweñ pele.” (Bahebera 6:16-18) Ee, ditsholofetso tsa Modimo di boammaaruri ebile di tlhomame. Jehofa ke mothatayotlhe ebile o kgona go itlhomamisa gore lefoko la gagwe le tla diragala.

Tsholofelo—“E E Tlhomameñ, E E Sa Tshikinyegeñ”

Paulo o ne a kwala jalo gore tsholofelo ya Bakeresete ke “e e tlhomameñ, e e sa tshikinyegeñ.” (Bahebera 6:19) Paulo o ne a itse kwa tsholofelo ya gagwe e neng e simologile teng. O tlhalosa jaana: ‘[Tsholofelo] e tsenelela kwa teng ga sesiro.’ Seno se kaya eng? Go ne go bonala sentle gore Paulo o ne a bolela ka tempele ya bogologolo e e kwa Jerusalema. Mo teng ga yone go ne go na le kamorenyana ya lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo, e e neng e kgaogantswe le kago yotlhe ka lesire. (Ekesodo 26:31, 33; Mathaio 27:51) Gone ke boammaaruri gore tempele ya mmatota ya Jerusalema e ne e sa bolo go senngwa. Mme gompieno lefelo leno la Boitshepo jwa Maitshepo le tshwantshetsa eng?

Le tshwantshetsa legodimo ka bolone, kwa Modimo ka boene a dutseng mo setulong sa gagwe sa bogosi gone! Paulo o ne a tlhalosa seno fa a ne a re fa Jesu a sena go tlhatloga “ga a ka a tsèna mo heloñ goñwe ga boitshèpō ha go dihilweñ ka diatla [mo tempeleng kwa Jerusalema], ha go leñ sechwanō sa helō ga amarure; me o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bonalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo.” (Bahebera 9:24) Ka jalo tsholofelo ya Bokeresete, e e re thusang gore re lwe kgatlhanong le go itlhoboga, ga e a ikaega ka batho ba dipolotiki mme e ikaegile ka thulaganyo ya selegodimo. E ikaegile ka Ene yo Modimo o mo tlhophileng ebong Jesu Keresete, yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya maleo a rona le yo jaanong a tlang fa pele ga Modimo mo boemong jwa rona. (1 Yohane 2:1, 2) Mo godimo ga moo, jaaka go bontshiwa gangwe le gape mo makasineng ono ene Jesu yono e ntse e le ene yo o tlhophilweng ke Modimo gore a buse jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo mme o ntse a dira jalo go tloga ka 1914. Bogosi jono jwa selegodimo bo tla tloga bo tlosa dilo tse di dirang gore batho ba bantsi ba latlhegelwe ke tsholofelo.

Tsholofelo—“Seitsetsepeco sa Mōea”

Paulo o ne a dirisa setshwantsho go tlhatswa batho ba ba neng ba bala se a se kwadileng pelo gore go solofela ga bone go bolokiwa ka Jesu go ne go tlhomame tota. “Cholohèlō,” o ne a tlhalosa, ‘re na le yone e le seitsetsepetso sa moya.’—Bahebera 6:19.

Batsamai ba ba neng ba tshwana le Paulo ba ne ba itse ditsetsepetso sentle. Ditsetsepetso tsa bogologolo di ne di tshwana fela le tsa segompieno, gantsi di ne di dirilwe ka tshipi di na le dintlha tse pedi tse di tshwanang le meno go kakatlela kwa tlase ga lewatle. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 58 C.E., fa Paulo a ne a le mo tseleng ya go ya kwa Roma, sekepe se a neng a le mo go sone se ne se batla se nwela. Mme erile sekepe se tsamaya fa metsi a seng boteng gone batsamaisi ba sekepe ba ne ba “digèla ditsetsepeco di le nnè ka kwa maragoñ ga shepa.” Ditsetsepetso di ne tsa thusa gonne sekepe se ne sa falola setsuatsue.—Ditihō 27:29, 39, 40, 44.

Ke eng, he, seo o tshwanetseng go se dira gore tsholofelo ya gago e itsetsepele fela jaaka seitsetsepetso gore o tle o fenye mathata a tsa itsholelo, bolwetsi jwa mmele kana jwa maikutlo, kana lefa e ka nna “ditsuatsue” dipe fela tse di ka go tsubutlang? Sa ntlha, tlhomamisega gore ditsholofetso tsa Bibela di tlhomame. “Lekañ dilō cotlhe.” (1 Bathesalonia 5:21) Ka sekai, fa Basupi ba ga Jehofa ba bua le wena mo nakong e e tlang, reetsa se ba se buang. Fa ba tla ka sewelo kwa o nnang teng, ba batle kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le wena. O ka se patelediwe gore o kopanele le bone, go na le moo o tla bodiwa gore a o batla thuto ya mahala ya Bibela e go tla rulaganngwang gore e tshwarelwe gongwe le gongwe le ka nako epe fela e e tla bong e go siametse.

Thuto e e ntseng jalo e tla go tlhomamisetsa gore Modimo ke “moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) O tla ithuta gore go ise go e kae, Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga puso ya Kgosi, Keresete Jesu bo tla tlosa thubakanyo le go sa tshwarweng ka go lekana go go dirang gore batho gompieno ba ikutlwe ba itlhobogile. Lefatshe le tla nna paradaise mo Bogosing joo, mme Modimo o tla naya bao ba mo ratang botshelo jo bo sa khutleng. (Pesalema 37:29; Tshenolō 21:4) A tsholofelo e e molemolemo ruri!

Bala Bibela ka kelotlhoko gore o tle o bone gore tsholofelo eno ke ya boammaaruri. Go tswa foo, dira gore o nne le kamano e e atamalaneng le Modimo ka namana, o nne tsala ya gagwe fela jaaka Aberahame. (Yakobe 2:23) Ereka Jehofa e le “eo o utlwañ thapèlō,” mo itsise dilo tse di go tshwenyang. Fa o kopa go tswa mo pelong, thapelo ya gago e tla go thusa go imologa morwalo le go fenya go itlhoboga. Moya wa Modimo o ka go thusa le gore o fetole maemo a a go utlwisang botlhoko.—Pesalema 55:22; 65:2; 1 Yohane 5:14, 15.

‘Lo Tshware Thata’!

Morago ga fa Paulo a sena go gakolola barutwa ka ene gore ba ‘leke dilo tsotlhe,’ o ne a tswelela jaana: “Shōna se se molemō lo se chwarè thata.” (1 Bathesalonia 5:21) Tsela e nngwe ya go dira seno ke go itsalanya le batho ba le bone ba ngaparetseng tsholofelo ya Bokeresete. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhagisa jaana. “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” (Diane 13:20) O se ka wa letla go atlholela dilo kwa pele kana go nna o sa phuthologa go go kgoreletsa gore o batle ditsala tse di molemo. Ka sekai, mo gare ga Basupi ba ga Jehofa go na le batho ba mo nakong e e fetileng ba neng ba sena tsholofelo. Mme go ithuta ga bone Bibela, mmogo le go kopana ka boitumelo le badumedi ka bone, go nonotsha kamano ya bone le Jehofa ebile go ba naya tsholofelo e e tlhomameng, e e tshwanang le seitsetsepetso. A tota seno se fenya go itlhoboga? Tota se a dira.

Tsaya kgang ya ga Annmarie, yo a neng a itlhobogile ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa ke monna wa gagwe. “Ke ne ka swetsa go ipolaya,” o a tlhalosa, “mme ka mabaka mangwe ke ne ka swetsa gore ke rapele Modimo pele. Ke gakologelwa ke bolela jaana, ‘Ke ka ntlha yang tota o sa nthuse? Ke lobaka ke ntse ke beile tsholofelo mo go wena, mme ga ke bone thuso epe.’ Ke ne ka digela thapelo ya me ke akanya gore botshelo bo ne bo sena boikaelelo bope, mme go tshwana fela lefa nkabo ke sule. Ka one motsotso oo ke ne ka utlwa mongwe a kokota fa mojako. Ke ne ka swetsa ka gore ke tla mo itlhokomolosa, ke solofetse gore kgabagare motho yo o kokotang yono o tla tsamaya.

“Motho yoo o ne a nna a tswelela a kokota, mme ke ne ka ikutlwa ke tlalelwa. Ke ne ka iphimola dikeledi mme ka ya go bona gore ke mang, ke solofetse gore ke tla ikgolola ka bonako gore ke tle ke tswelele ka seo ke neng ke ikaeletse go se dira. Mme lefa go ntse jalo,” Annmarie o a bolela, “ke leboga Jehofa gonne ga go a diragala jalo, ka go bo erile ke bula mojako, ka fitlhela basadi bangwe ba babedi ba eme fa go one. Ke boammaaruri, ke ne ke tlaletswe tota, mme ke ne ke sa tlhaloganye seo ba neng ba se bua. Mme ba ne ba ntlogelela buka e e neng e tla tlhalosa gore botshelo bo na le boikaelelo. Ke sone se tota ke neng ke se tlhoka gore se ntire gore ke kgatlhegele go tshela gape.” Baeng ba gagwe ba ne ba rulaganya gore ba tla ithuta Bibela ka metlha le ene. Annmarie o ne a ithuta go nna tsala ya Modimo. Seno le sone se ne sa dira gore a kgone go lemoga gore botshelo bo na le boikaelelo. Gone jaanong o thusa ba bangwe gore le bone ba ikanye Modimo.

Gongwe o ntse o na le tsholofelo ya gore go itlhoboga go tla fela mme o sa itse dilo tsotlhe tse di amegang. Mme lefa go ntse jalo, fa e le gore o kile wa rapela jaana: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ,” ka tsela e e ntseng jalo o ile wa rapelela gore Bogosi jwa Modimo jo go busang Jesu Keresete mo go jone bo tle go fedisa dilo tsotlhe tse di dirang batho ba ba pelo di siameng gore ba itlhoboge. (Mathaio 6:10) Go ithuta Bibela ka namana le go ikopanya ka metlha le bao ba nang le tsholofelo e e tshwanang go tla go nonotsha gore o solofele thata Bogosi jwa ga Jehofa jo bo tla tlisang Paradaise mo lefatsheng leno la rona. (1 Timotheo 6:12, 19) Eno ke tsholofelo e e molemolemo e makasine ono o bolelang ka yone mo tokololong nngwe le nngwe ya one. Ngaparela tsholofelo ka pelo yotlhe ya gago gore o tle o kgone go lwa le go itlhoboga. Ke boammaaruri gore tsholofelo “ga e tlhabise ditlhoñ.”—Baroma 5:5.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go ithuta Bibela go re naya tsholofelo e e dirang jaaka “seitsetsepeco sa mōea”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela