A go Na le Tsela E Motho A ka Gololesegang mo Boleong ka Yone?
CHISAKO mmogo le bana ba gagwe ba banè ba ba mo dingwageng tsa bolesome, ba ne ba tle ba phepafatse matlwana a botlhe kwa toropong e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di le 600 go tswa kwa legaeng la gagwe. Fa a ntse a tsweletse ka tiro ya gagwe, o ne bua kgang nngwe ya Mabuda ka tlhogo a e boaboeletsa thata lefa a ne a sa tlhaloganye gore e kaya eng. Eo e ne e le nngwe ya ditlwaelo tsa setlhopha sengwe sa bodumedi seo se neng se batla go tlhatlhoba gore boikaelelo jwa konokono jwa ditumelo tsotlhe e ne e le bofe.
Chisako o a gopola, “Le mororo ke ne ke gagamaletse thata go latelela go dira ditiro tsa bodumedi, ke ne ke sa kgone go fetola botho jwa me. Mo botennye jwa pelo ya me ke ne ke sa kgone go itshwarela ba bangwe ebile ke sa kgone go ba bontsha lorato ka pelo ya me yotlhe.”
Le eleng kwa dinageng tsa Botlhaba, koo batho ba bantsi ba sa tseyeng boleo jaaka bo tlhalosiwa mo Bibeleng, ba bantsi digakolodi tsa bone di a ba tshwenya ka ntlha ya ditiro tsa boleo tse ba ratang thata go di dira, fela jaaka Chisako le ene a ne a tshwenyega. (Baroma 2:14, 15) Ke mang yo o iseng a ke a ikutlwe a tshwenyega ka bo go a tlhokile go tlhomogela pelo mongwe yo o mo maemong a a utlwisang botlhoko kana a ikutlwa a tshwenyegile go bo a buile mafoko a a sa tshwanelang go buiwa kana go dirisiwa? (Yakobe 4:17) A mme batho ba basha le ba ba godileng ga ba lefufa ka go tshwana?
Ke ka ntlha yang fa batho ba na le maikutlo a a tshwenyegileng thata jaana? Lebaka ke gore ba lemoga kana ba sa lemoge, ba na le maikutlo a a kwa teng a a ba bolelelang fa ba dira phoso le fa ba leofa. Ke boammaaruri gore lefa batho ba itse se Bibela e se rutang ka boleo kana ba sa se itse, botlhe ba amiwa ke go rata thata go dira boleo. Motho mongwe yo o ithutileng thata ka kgang eno o kile a konela jaana: “Botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.”—Baroma 3:23.
A O ka Kgona go Dira Gore O Se ka wa Ikutlwa Fa O Leofa?
Batho ka bontsi gompieno, segolobogolo ba ba mo go Labokeresete, ba tsweletse pele ka go leka go dira gore digakolodi tsa bone di se ka tsa ba bolelela fa ba leofa le fa ba le molato. “Tota lefoko ‘boleo’ . . . le batla le nyeletse,” go ne ga bolela jalo Dr. Karl Menninger mo bukeng ya gagwe Whatever Became of Sin? Lefa go ntse jalo, go tila go dirisa lefoko “boleo” ga go thuse sepe fela jaaka fa motho a batla go itlhokomolosa lefoko “botsofe,” go sa reye gore a ka se tsofale. Re tshwanetse go tlhaloganya gore re sekametse thata mo go rateng go leofa mme re tlhoka go gololwa mo maemong a a utlwisang botlhoko ano. Mme re ka gololwa ke mang?
Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a botsa potso eo fa a sena go dumela jaana gore o sekametse thata mo go rateng go dira boleo lefa tota a sa batle go bo dira: “A motho oa mogolo nna! e mañ eo o tla nkgololañ mo mmediñ oa losho lo?” Paulo o ne a tswelela ka go araba jaana: “Ke leboga Modimo ka Yesu Keresete Morèna oa rona.” Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo o rulagantse gore re itshwarelwe maleo a rona ka setlhabelo se se rekololang sa ga Jesu.—Baroma 7:14-25.
Lefa go ntse jalo, bontsi jwa ba ba ka nnang 3 500 000 000 mo lefatsheng bao e seng Bakeresete (e leng palo ya bao ba ipitsang Bakeresete e imenne gabedi) ba fitlhela go le thata go tlhaloganya kgang ya thekololo. Ka sekai, thuto ya thekololo e ne ya kgoreletsa thata Momoselema mongwe yo o neng a nna kwa Japane yo a neng a ithuta Bibela ka lobakanyana gore a dumele. Kgang ya gore motho a le mongwe a ka swela botlhe ga e a tlwaelega mo bontsing jwa batho ba ba nnang kwa dinageng tsa Botlhaba.
Seno se a utlwala, fela jaaka bangwe ba ba mo go Labokeresete ba fitlhela thuto eno ya motheo e le thata gore ba e tlhaloganye. “Thutabodumedi e e kaga Thekololo, ga e a atlega go fitlhelela boikaelelo jwa yone ka botlalo ebile e tsweletse e ntse e le bothata mo thutabodumeding,” go ne ga dumela jalo New Catholic Encyclopedia.
Mafoko ano a mokwadi wa bodumedi eleng N. H. Barbour a supa selekanyo se thuto eno e tlhakanyang tlhogo ka sone fa a ne a re: “Loso lwa ga Keresete lo no lo sa duelele kotlhao ya maleo a batho fela jaaka fa motsadi wa motho a ka tlhaba ntshi ka nnalete a e bogisa le go e bolaya go ka se ka ga duelela phoso e ngwana wa gagwe a e dirileng.” Charles T. Russell, o ne a bona go le botlhokwa thata gore a sireletse thuto ya thekololo ka bonako. O ne a ikgaoganya le Barbour mme ka 1879 o ne a simolola go gatisa makasine o mosha o kwa morago e neng ya nna lokwalopaka lo o lo buisang lono. Go tswa fela kwa tshimologong ya lone, Tora ya Tebelo e ile ya buelela thata setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo.
Mme lefa go ntse jalo a thuto eno e ka kgona go dumelwa ke batho ba ba sa itseng sepe ka “Bokeresete”? Gore re bone karabo ya seno, a re sekasekeng ka kelotlhoko thuto eno ya gore motho a le mongwe a ka swela botlhe.