Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
A Bibela e tshegetsa kgang ya gore go kile ga nna le diphologolo tse di nang le ditlhogo le mebele ya dipitse mme di na le maoto a ditholo le megatla ya ditau le lonaka lo le longwe fela, tseo di umakiwang mo dithanolong dingwe?
Thanolo ya King James, Douay, le tse dingwe, di umaka diphologolo tse di lonaka longwe fela. Mme lefa go ntse jalo dithanolo tsa bosheng tse di ranolang Sehebera ka tlhomamo tsone ga di dire jalo.—Pesalema 22:21; 29:6; 92:10 (21:22; 28:6; 91:11, Douay).
Mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga go ne ga simologa ditlhamane di le dintsi kaga phologolo e e nang le mmele le tlhogo ya pitse mme e na le maoto a tholo le mogatla wa tau. Gongwe karolo e e tlhomologileng thata ya setshedi seno sa mainane ke lonaka lo longwe fela lo lo tshophegileng mme lo tlhamaletse lo lo mo phatleng ya sone.a
“Batho ba kile ba ne ba dumela gore dinaka tsa phologolo eno e e lonaka longwe fela di ne di na le molemo o o fodisang fa motho a jele tšhefu, mme mo Metlheng ya Bogare, boupi jo go neng go twe bo dirilwe ka dinaka tseo bo ne bo rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mo go feteletseng. Baithuti ba le bantsi ba dumela gore kgopolo ya phologolo e e lonaka longwe fela e tswa mo dipegong tsa magatwe go tswa Yuropa tse di bolelang kaga tshukudu.” (The World Book Encyclopedia) Dihikantswe dingwe tsa Baasiria le Bababelona di ne di na le ditshwantsho tsa diphologolo tse di nang le lonaka lo le longwe fela. Jaanong di itsewe e le diphala, dipodi tsa naga, dikgomo, le dipoo di tshwantshitswe letlhakore le le lengwe fela, seo se dirang gore dinaka di se ka tsa bonala ka bobedi jwa tsone.
Selo seno se kgatlha baithuti ba Bibela ka gonne Dikwalo di umaka phologolo nngwe di dirisa lefoko la Sehebera reʼemʹ ka makgetlo a le robong. (Dipalō 23:22; 24:8; Duteronome 33:17; Yobe 39:9, 10; Pesalema 22:21; 29:6; 92:10; Isaia 34:7) Baranodi ba ne ba tsaya lobaka lo loleele ba sa tlhomamise gore go ne go tewa phologolo efe. Septuagint ya Segerika e ne e ranola reʼemʹ ka mogopolo wa ‘lonaka lo le longwe fela.’ Thanolo ya Vulgate ya Selatine gantsi e le ranola jaaka “tshukudu.” Dithanolo tse dingwe di dirisa ‘kgomo ya naga,’ ‘dibata tsa naga,’ kana ‘nare.’ Robert Young o le ranola ka tlhamalalo fela go tswa mo Sehebereng go ya mo Seesemaneng jaaka “Reem,” ka go rialo a tlogela mmadi a le mo lefifing.
Lefa go ntse jalo, baithuti ba sesheng ba tlositse tlhakatlhakano e kgolo kaga reʼemʹ. Ludwig Koehler le Walter Baumgartner bao eleng bakwadi ba dibuka tse di tlhalosang mafoko ba bolela gore le kaya “dipholo tsa naga,” tse di neetsweng leina la saense la Bos primigenius. Eno ke “karolwana ya lelapa la diphologolo tse dikgolo tse di dinaka tse di nang le tlhako.” The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana:
“Ditemana dingwe tsa poko tsa Tesetamente E Kgologolo di bua ka phologolo nngwe e ntle e e nonofileng e e dinaka e e bidiwang reʼemʹ. Mo dithanolong di le dintsi lefoko leno le ranolwa jaaka ‘phologolo e e lonaka longwe fela’ kana ‘tshukudu,’ mme lefa go ntse jalo dithanolo di le dintsi tsa bosheng di dirisa ‘pholo ya naga’ (aurochs), eo e leng bokao jwa boammaaruri jwa lefoko la Sehebera reʼemʹ.”
Ereka mo Seesemaneng se se dirisiwang gone jaanong lefoko “ox” (pholo) le kaya kgomo e tonanyana e e fagotsweng, New World Translation of the Holy Scriptures kgapetsakgapetsa ka tshwanelo e ranola reʼemʹ go kaya “poo ya naga.” Go lebega aurochs (pholo kgotsa poo ya naga) e ile ya fela mo lekgolong la bo 17 la dingwaga, mme lefa go ntse jalo borasaense ba lemogile gore e ne e farologane thata le phologolo e e lonaka longwe fela e go bolelwang ka yone mo ditlhamaneng. Pholo ya naga ya bogologolo e ne e na le mmele o o bogolo jwa dimetara di le 1,8, mme e le boleele bo ka nna dimetara tse tharo. E ka nna ya bo e le bokete jwa dikilogeramo di le 900, mme lonaka longwe le longwe lwa dinaka tsa yone tse pedi lo ka nna lwa bo lo feta disentimetara di le 75 ka boleele.
Kwantle ga pelaelo seno se dumalana le se se umakiwang mo Bibeleng kaga reʼemʹ, kana poo ya naga. E ne e itsege ka maatla a yone le ka bogale jwa yone jo bo sa laolegeng (Yobe 39:10, 11) mmogo le ka bofefo jwa yone. (Dipalō 23:22; 24:8) Go bonala gore e ne e na le dinaka di le pedi, eseng lonaka lo le longwe fela jaaka phologolo e e lonaka longwe fela e go buiwang ka yone mo ditlhamaneng. Moshe o ne a bua ka dinaka tsa yone fa a ne a tshwantsha merafe e mebedi e e nonofileng eo e neng e tla tswa mo barweng ba ga Josefa ba babedi.—Duteronome 33:17.
Ka jalo Bibela ga e tshegetse mogopolo wa gore go kile ga nna le diphologolo tse di nang le ditlhogo le mebele ya dipitse mme di na le maoto a ditholo le megatla ya ditau le lonaka lo le longwe fela tse di itsegeng thata mo ditlhamaneng. Gone e tlhalosa ka tlhomamo, lefa e se ka botlalo, kaga pholo ya naga, kana poo ya naga, e kgolo ebile e boifisa, eo e neng e le gone mo metlheng ya Bibela go fitlha mo nakong e e fetileng mme e se bogologolo thata.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Porofesa Paul Haupt o tlhalosa jaana: ‘Mo dilong tse di kgobokantsweng go tswa kwa dingwageng tsa bogare dinaka tsa tshukudu kana tsa narwhal (e gape e bidiwang tlhapi e e lonaka longwe fela kana leruarua le le lonaka longwe fela) di ne di lejwa e le dinaka tsa phologolo eno e e lonaka longwe fela.’
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Treasury of Fantastic and Mythological Creatures: 1,087 Renderings from Historic Sources, by Richard Huber/Dover Publications, Inc.