Moshe Yo O Dinaka—Sengwe sa Botaki Se Se sa Tlwaelegang
FA O kile wa etela kwa Italy, o ka tswa o bone setshwantsho se se tlhomilweng se se tumileng thata sa ga Michelangelo sa Moshe yo o dutseng fa fatshe, se jaanong se beilweng kwa Kerekeng ya St. Peter kwa Chains, kwa Roma. Abo setshwantsho seno sa lekgolo la bo-16 la dingwaga se lebega se sa tlwaelega jang ne, jaaka se supa Moshe a na le dinaka tse di tswang mo tlhogong! Ebile tota, bataki bangwe ba le mmalwa ba ile ba tshwantsha Moshe a na le dinaka. Ka ntlhayang? A Bibela e re naya motheo wa go nna le kgopolo eo?
Thanolelo ya Bibela ya Latin Vulgate e re bolelela gore morago ga puisano ya gagwe le Modimo kwa Thabeng ya Sinai, sefatlhego sa ga Moshe se ne sa tswa “dinaka.” (Ekesodo 34:29, 30, 35; bapisa Douay Version.) Vulgate e ne e itsiwe thata mo go La-Bodumedi mme ka gone e ne ya tlhotlheletsa tsela eo Dikwalo di neng di tlhaloganngwa ka yone.
Lefa go ntse jalo, lefoko la Sehebera le le ranotsweng jaaka “go tswa dinaka” gape le kaya ‘go romela marang’ kana ‘go phatsima.’ (Bona mokwalo o o kwa tlase wa Douay Version mo go Ekesodo 34:29.) Go ya ka Theological Wordbook of the Old Testament, lefoko leno “le kaya sengwe se se tshwanang le dinaka go na le go raya dinaka ka botsone.” Mme fa a lejwa ka tswantshetso, marang a letsatsi eleruri a tshwana le dinaka.
Ntlha ya go bo sefatlhego sa ga Moshe se ne se ntsha marang e a utlwala, jaaka kgalalelo ya ga Jehofa e ne e sa tswa go feta foo. (Ekesodo 33:22; 34:6, 7) Paulo o tlhomamisa gore seno se ka tlhaloganngwa jalo fa a kwala ka “kgalalèlō” ya sefatlhego sa ga Moshe, eseng ka “dinaka” tsa gagwe.—2 Bakorintha 3:7.
Ka gone, go tlhaloganya mareo a Bibela sentle go re dira gore re itse pego ya Bibela tota. Ka tshwanelo he, dinaka tse di mo setshwantshong se se itsegeng thata sa ga Michelangelo sa Moshe ke sengwe fela sa botaki se se sa tlwaelegang seo se ileng sa nna gone ka ntlha ya phoso ya thanolo e e sa bolong go baakanngwa.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
Based on Short History of Art