LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 5/15 ts. 10-15
  • A Lenyalo Ke Lone Tsela Fela ya go Bona Boitumleo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lenyalo Ke Lone Tsela Fela ya go Bona Boitumleo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mabaka a go Itumela
  • “Me E Be E le mo Moreneñ Hèla”
  • Go Palelwa Ke go Nyala Kgotsa go Nyalwa “mo Moreneñ”
  • Tsela ya go Itumela ka Boammaaruri
  • “Go Gaisa . . . Bana ba Basimane le ba Basetsanyana”
  • Lenyalo Ga Se Lone Tsela Fela ya go Bona Boitumelo
  • Boitumelo jwa Boammaaruri Jo Bo Bonwang ka go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Kgakololo e e Molemo ka Lenyalo Le go Se Nne mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Baebele e a Reng Ka go Sa Nyale le go Nyala?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 5/15 ts. 10-15

A Lenyalo Ke Lone Tsela Fela ya go Bona Boitumleo?

“O golocwe, o ka nyalwa ke eo o mo ratañ: me e be e le mo Moreneñ hèla.”—1 BAKORINTHA 7:39, 40.

1. Dikwalo di tlhalosa Jehofa jang, mme o ile a direla dibopiwa tsa gagwe eng?

JEHOFA ke “Modimo o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Jaaka Moabi Yo O Abang ka Bogolo wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ,” o naya dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale—tsa batho le tsa moya—sone se ba se tlhokang gore ba itumele fa ba mo direla. (Yakobe 1:17) Mabapi le seo, nonyane e e opelang, ntšwanyana e e tshamekang ka boitumelo, kana dolofine e e ratang go tshameka, tsotlhe tseno di supa tota gore Jehofa o ne a bopa diphologolo gore di itumelele botshelo mo magaeng a e leng a tsone. Mopesalema o bolela le eleng jaana ka tsela ya go boka a re “ditlhare tsa ga Yehofa dia kgora, masedara a Lebanona a o a tlhomileñ.”—Pesalema 104:16.

2. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o itumelela go dira thato ya ga Rraagwe? (b) Barutwa ba ga Jesu ba na le mabaka afe a go itumela?

2 Jesu Keresete ke “èna marañ a kgalalèlō ea ōna, le sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna.” (Bahebera 1:3) Ga go gakgamatse he, go bo Jesu a tshwanetse go bidiwa “Mothata eo o bakwañ le eo o esi.” (1 Timotheo 6:15) O re neela sekao se se molemo thata sa kafa go dira go rata ga Jehofa go kgotsofatsang thata ka teng go gaisa dijo, go itumedisang tota ka teng. Jesu o re bontsha gape gore boitumelo bo ka bonwa gape fa re dira dilo ka go boifa Modimo, ke gore, re mo tlotla tota ebile re mmoifa ka tsela e e tshwanetseng gore re se ka ra dira sepe se se Mo kgopisang. (Pesalema 40:8; Isaia 11:3; Yohane 4:34) Fa barutwa ba ba 70 ba ne ba boa ka “boitumèlō” morago ga loeto lo ba neng ba lo tsere lwa go rera ka Bogosi, Jesu ka boene o ne a “itumèla ka Mōea o o Boitshèpō.” Fa a sena go bolelela Rraagwe mo thapelong gore o itumetse o ne a boela kwa barutweng ba gagwe a bo a re: “Go segō matlhō a a bōnañ dilō tse lo di bōnañ; Gonne kea lo raea, baperofeti ba le bantsi ba eleditse, le dikgosi, go bōna dilō tse lo di bōnañ, me ba se ka ba di bōna; le go utlwa dilō tse lo di utlwañ, me ba se ka ba di utlwa.”—Luke 10:17-24.

Mabaka a go Itumela

3. Ke mabaka afe a mangwe a a dirang gore go itumelwe?

3 A matlho a rona ga a tshwanela go itumelela go bona dilo tse di diragatsang Lefoko la ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe mo motlheng ono wa bokhutlo? A ga re a tshwanela go itumelela thata go tlhaloganya boperofeti joo baperofeti ba ba ikanyegang mmogo le dikgosi jaaka Isaia, Daniele, le Dafide ba neng ba sa kgone go di tlhaloganya? A ga re itumelele go direla Modimo o o itumetseng, Jehofa, re kaelwa ke Mothata yo o itumetseng, Kgosi ya rona Jesu Keresete? Ruri re a itumela!

4, 5. (a) Ke eng se re tshwanetseng go se tila gore re nne re ntse re itumetse fa re direla Jehofa? (b) Ke dilo dife tse dingwe tse di ka dirang gore re itumele, mme seno se tsosa dipotso dife?

4 Lefa go ntse jalo, fa re batla go nna re itumetse fa re ntse re direla Modimo, ga re a tshwanela go nna le dikgopolo tsa selefatshe tsa gore re ka itumela fa re na le eng. Tseno di ka nna tsa sira dikakanyo tsa rona gonne di akaretsa go huma dilo tse di bonalang, mokgwa wa botshelo wa mabela, le dilo tse di tshwanang le tseo. “Boitumelo” bope fela jo bo ikaegileng ka dilo tseo ga bo tseye lobaka, ka go bo lefatshe leno le a feta.—1 Yohane 2:15-17.

5 Bontsi jwa batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba lemoga gore lefa motho a ka fitlhelela mekgele ya go bona dilo tsa selefatshe ga a kitla a bona boitumelo jwa boammaaruri. Ke Rraarona wa selegodimo fela yo a re nayang dilo tsa semoya le dilo tse di bonalang tseo di ka itumedisang batlhanka ba gagwe ka mmatota. Abo re lebogela jang ne dijo tsa semoya tse a di re nayang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”! (Mathaio 24:45-47) Re lebogela gape le dijo tsa senama le dilo tse dingwe tse di bonalang tse re di amogelang go tswa mo seatleng se se lorato sa Modimo. Gape go na le mpho e e molemo thata ya lenyalo e e amanang thata le dilo tse dingwe tse motho a ka di itumelelang mo botshelong jwa lelapa. Ga go gakgamatse go bo keletso ya ga Naomi e e neng e tswa mo pelong kaga betsi ba gagwe ba ba neng ba swetswe ke banna e bolelwa ka mafoko ano: “A Yehofa a lo neè gore lo bōnè boikhucō, moñwe le moñwe oa lona mo tluñ ea monna oa gagwè.” (Ruthe 1:9) Ka jalo lenyalo ke sekopololo se se ka lotlololang mojako o o isang kwa boitumelong jo bogolo. Mme a gone lenyalo ke sone sekopololo fela se se go bulelang kgoro ya go bona botshelo jo bo itumedisang? Batho ba babotlana ke bone bao segolobogolo ba tlhokang go sekaseka ka bomasisi gore a ruri seno se ntse jalo.

6. Go ya ka Genesise, boikaelelo jo bogolo jwa thulaganyo ya lenyalo e ne e le eng?

6 Bibela e bolela jaana fa e anela ka botlalo kwa lenyalo le simologileng teng: “Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi. Me Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè.” (Genesise 1:27, 28) Jehofa o ne a dirisa Adame ka go tlhoma lenyalo ka tsela eno go dira gore dibopiwa tse di oketsegileng di nne teng, ka gone a ntsifatsa losika lwa motho. Mme lenyalo le kaya se se fetang seno.

“Me E Be E le mo Moreneñ Hèla”

7. Ke eng se se tlhokegang mo lenyalong seo tlhogo nngwe ya lotso e neng ya dira maiteko a magolo thata go se dira?

7 Ereka Jehofa Modimo e le ene Mosimolodi wa lenyalo, re ne re tla lebelela gore a tlhome melao ya lenyalo e e tla dirang gore batlhanka ba gagwe ba itumele. Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso, go nyalana le motho yo a sa obameleng Jehofa go ne go kgalwa tota. Aberahame o ne a ikanisa motlhanka wa gagwe Eliesere ka Jehofa gore a se ka a bo a tseela morwa wa tlhogo eo ya lotso ebong Isake mosadi mo go Bakanana. Eliesere o ne a tsaya loeto lo loleele mme a latela ditaolo tsa ga Aberahame sentle ka kelotlhoko gore a kgone go bona ‘mosadi yo Jehofa o mo laoletseng morwa mong wa gagwe.’ (Genesise 24:3, 44) Ka jalo Isake o ne a nyala Rebeka. Fa morwaabone ebong Esau a ne a tsaya basadi ba Bahita ba baheitane, basadi bano ba ne ba le “kutlwishō botlhoko mo peduñ ea ga Isake le ea ga Rebeka.”—Genesise 26:34, 35; 27:46; 28:1, 8.

8. Kgolagano ya Molao e ne e thibela eng mabapi le lenyalo, mme ka ntlha yang?

8 Mo kgolaganong ya Molao go ne go thibelwa gore ope a se ka a nyala banna kana basadi ba merafe mengwe e e neng e boletswe ka maina ya Bakanana. Jehofa o ne a laetse batho ba gagwe jaana: “U se ka oa nyalana nabō: ñwana oa gago oa mosetsana u se ka ua mo naea ñwana oa bōnè oa mosimane, le gōna u se ka ua tseisa ñwana oa gago oa mosimane ñwana oa bōnè oa mosetsana. Gonne o tla haposa morwao mo go ntshaleñ morago, gore ba dihèlè medimo e sele: yalo bogale yoa ga Yehofa bo lo tukèle, me a gu senye ka bonakō.”—Duteronome 7:3, 4.

9. Bibela e gakolola Bakeresete jang mabapi le lenyalo?

9 Ga go gakgamatse go bo thibelo e e tshwanang ya go se nyale batho ba ba sa obameleng Jehofa e tshwanetse ya dira le mo phuthegong ya Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa badumedi ka ene jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi?” (2 Bakorintha 6:14, 15) Kgakololo eo e ka dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng, mme eleruri e ka dirisiwa le mo lenyalong. Paulo o gakolola batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba ineetseng a tlhamaletse fela gore ba tshwanetse ba nyalana le motho fela fa a “na le kutlwano le Morena.”—1 Bakorintha 7:39, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.

Go Palelwa Ke go Nyala Kgotsa go Nyalwa “mo Moreneñ”

10. Bakeresete ba bantsi ba ba seng mo lenyalong ba dira eng, mme seno se tsosa dipotso dife?

10 Bakeresete ba bantsi ba ba seng mo lenyalong ba ile ba itlhophela go latela sekao sa ga Jesu Keresete ka go tlhagolela mpho ya go nna fela ba se mo lenyalong. Gape, Bakeresete ba bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba ikanya fela mo go Jehofa mme ba ile ba nna ba se mo lenyalong go na le gore ba nyalane le motho yo o sa dumeleng lebaka e le go bo mo lobakeng lwa jaanong ba sa kgone go bona molekane yo o boifang Modimo gore ba nyalane le mongwe “mo Moreneñ.” Moya wa Modimo o dira gore ba nne le maungo a a tshwanang le boitumelo, kagiso, tumelo, le boikgapo tseo di ba kgonisang gore ba nne ba itshekile ba se mo lenyalong. (Bagalatia 5:22, 23) Bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete bao re ipelang ka bone thata ba dira palo e kgolo ya bao ba kgonang go fenya teko eno ya go ineela mo Modimong. Mo dinageng tse di farologaneng, palo ya bone e feta ya bakaulengwe mme ka gone ba dira seabe se segolo mo tirong ya go rera. Eleruri, ‘Jehofa o tla a ntshe lefoko: basadi ba ba itsiseng batho mafoko ba bontsi jo bogolo.’ (Pesalema 68:11) Totatota, batlhanka ba bantsi ba Modimo ba ba seng mo lenyalong ba banna le basadi ba boloka bothokgami gonne ba ‘ikanya Jehofa ka dipelo tsa bone tsotlhe, mme o siamisa ditsela tsa bone.’ (Diane 3:5, 6) Mme lefa go ntse jalo a bao ba sa kgoneng go nyala kgotsa go nyalwa “mo Moreneñ” jaanong ga ba kitla ba itumela?

11. Ke eng seo Bakeresete bao ba nnang ba se mo lenyalong ka ntlha ya go reetsa melaometheo ya Bibela ba ka tlhomamisegang ka sone?

11 A re gakologelweng gore re Basupi ba Modimo o o itumetseng, Jehofa, ebile re dira kafa tlase ga Mothata yo o itumetseng, Jesu Keresete. Ka jalo fa e le gore tsela e re tlotlang dithibelo tse di kwadilweng ka phepafalo mo Bibeleng ka yone e re tlhotlheletsa gore re nne re sa tsena mo lenyalong gonne re sa kgone go bona molekane yo o tshwanetseng “mo Moreneñ,” a go a utlwala go akanya gore Modimo le Keresete ba tla re tlogela fela re sa itumela? Eleruri ga go a nna jalo. Ka gone, re tshwanetse go konela ka gore jaaka Bakeresete re ka kgona go nna re itumetse le mororo re se mo lenyalong. Jehofa a ka re dira gore re itumele tota re le mo lenyalong kana re se mo go lone.

Tsela ya go Itumela ka Boammaaruri

12. Kgang ya baengele ba ba neng ba se ka ba reetsa e supa eng kaga lenyalo?

12 Lenyalo ga se yone tsela fela e batlhanka botlhe ba Modimo ba ka itumelang ka yone. Ka sekai, akanya ka baengele. Pele ga Morwalela, baengele bangwe ba ne ba itetla go nna le keletso e e neng e se ya tlholego mo dibopiweng tsa moya, mme ba ne ba ngongoregela gore ba ne ba sa kgone go nyala, morago ba ne ba ikapesa mebele ya batho gore ba kgone go nna le basadi. Lebaka la go bo baengele bano ba ne ba “tlogèla yo e leñ bonnō yoa bōnè,” le dirile gore Modimo ‘o ba letise letsatsi le legolo la tsheko, ba le mo dikgolegong tse di sa hunololweng ka bosakhutleng, kwa tlase ga lefifi.’ (Yude 6; Genesise 6:1, 2) Go phepafetse he gore Modimo ga o ise le ka motlha o bo o rulaganyetse baengele gore ba nyale. Ka jalo, ba ne ba ka se ka ba bona boitumelo ka lenyalo.

13. Ke ka ntlha yang fa baengele ba ba boitshepo ba itumetse, mme seno se bontsha batlhanka botlhe ba Modimo eng?

13 Lefa go ntse jalo, baengele ba ba ikanyegang bone ba itumetse. Jehofa o ne a thaya lefatshe “yale ka dinaledi tsa moshō di opèla mmōgō, le bomorwa Modimo botlhe [ba baengele] ba thèla loshalaba loa boitumèlō.” (Yobe 38:7) Ke ka ntlha yang fa baengele ba ba boitshepo ba itumetse? Gonne ba nna ba letetse go direla Jehofa Modimo ka metlha, ba “reeditse lencwe ya lehoko ya gagwè” e le gore ba dire se le se laolang. Ba itumelela go dira ‘go natefelwa ga gagwe.’ (Pesalema 103:20, 21) Ee, baengele ba ba boitshepo ba bona boitumelo ka go direla Jehofa ka boikanyegi. Eo ke yone tsela ya boammaaruri e batho le bone ba ka itumelang ka yone. Mabapi le seo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nyetseng bao ba direlang Jehofa jaanong ga ba kitla ba nyala fa ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong, mme ba tla itumela jaaka dibopiwa tsa moya tse di dirang go rata ga Modimo. Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ka itumela ba nyetse kana ba sa nyalwa gonne selo sa konokono se se lereng boitumelo ke go direla Mmopi ka boikanyegi.

“Go Gaisa . . . Bana ba Basimane le ba Basetsanyana”

14. Ke tsholofetso efe ya seperofeti e e neng ya newa baopahadiwa ba ba boifang Modimo kwa Iseraeleng wa bogologolo, mme ke ka ntlha yang fa seno se lebega se sa tlwaelega?

14 Le eleng lefa Mokeresete yo o ikanyegang a ka se ka a tsena mo lenyalong le ka motlha, Modimo o tla tlhomamisa gore o a itumela. Mafoko ano a seperofeti a a neng a kwaletswe baopahadiwa kwa Iseraeleng wa bogologolo a ka kgothatsa thata: “Gonne go bua yana Yehofa, a re, Kaga baopahadiwi ba ba ilèlañ bosabata ba me, ba itshenkèla dilō tse di nkgatlhañ, me ba chwara kgōlaganō ea me ka thata: Bōnè bauo, ke tla ba naea segopodishō le leina, mo teñ ga ntlo ea me le mo teñ ga dithakō tsa me, go gaisa yaka ya bana ba basimane le ba basetsanyana; ke tla ba naea leina ye le sa khutleñ, ye le se ketlañ le kgaolwa.” (Isaia 56:4, 5) Motho a ka nna a lebelela gore batho bano ba ne ba tla solofediwa go newa mosadi le bana gore ba tsweledise leina la bone. Mme ba ne ba solofediwa ‘se se gaisang bana ba basimane le ba basetsanyana’—leina le le tla nnelang ruri mo ntlong ya ga Jehofa.

15. Ke eng se se ka bolelwang kaga go diragadiwa ga Isaia 56:4, 5?

15 Fa e le gore baopahadiwa bano ba tsewa gore e ne e le setshwantsho se se amang “Iseraela oa Modimo,” ba emela batlodiwa ba ba tlileng go itumelela go nna ka bosakhutleng mo ntlong ya ga Jehofa ya semoya, kana mo tempeleng ya gagwe. (Bagalatia 6:16) Ga go na pelaelo gore boperofeti jono bo tlile go dira ka mmatota mo baopahadiweng ba bomodimo ba Iseraele wa bogologolo ba ba tlileng go tsosiwa. Fa ba amogela setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo mme ba tswelela ba tlhopha go dira se Jehofa a se itumelelang ba tla newa “leina ye le sa khutleñ” mo lefatsheng le lesha la Modimo. Seno se ka dira le mo go ba “dinku di sele” bao ba sa tseneng mo lenyalong ebile ba sa nne le bana mo nakong eno ya bokhutlo e le gore ba direle Jehofa ka botlalo. (Yohane 10:16) Bangwe ba bone ba ka nna ba swa ba sa tsena mo lenyalong ebile ba sena bana. Mme fa ba ikanyega, ba tla tsosiwa mo baswing ba bo ba amogela ‘sengwe se se gaisang bana ba basimane le ba basetsanyana’—leina “ye le se ketlañ le kgaolwa” mo tsamaisong e ntšha ya dilo.

Lenyalo Ga Se Lone Tsela Fela ya go Bona Boitumelo

16. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore ga se ka metlha lenyalo le lereng boitumelo?

16 Batho ba bangwe ba akanya gore lenyalo le boitumelo ke monwana le lenala. Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga dumelwa gore le eleng mo batlhankeng ba ga Jehofa gompieno ga se gantsi lenyalo le ba leretseng boitumelo. Le rarabolola mathata a mangwe mme lefa go ntse jalo gantsi le baka a mangwe ao a ka nnang bokete go gaisa a batho ba ba seng mo lenyalong. Paulo o ne a bolela gore lenyalo le tlisa “pitlaganō mo nameñ.” (1 Bakorintha 7:28) Go na le dinako tse motho yo o mo lenyalong a “tshwenyegang” ebile “a akgaakgegang.” Gantsi o fitlhela go le bokete go “direla Morena ka go sa akgaakgege.”—1 Bakorintha 7:33-35, NW.

17, 18. (a) Balebedi bangwe ba ba etang ba ile ba bega eng? (b) Paulo o ne a naya kgakololo efe, mme ke ka ntlha yang fa go le molemo go e dirisa?

17 Go tsena mo lenyalong le go se tsene mo lenyalong tsotlhe ke dimpho tse di tswang mo Modimong. (Ruthe 1:9; Mathaio 19:10-12) Lefa go ntse jalo, o tshwanetse wa akanyetsa seno ka thapelo gore o kgone go atlega o le mo boemong bope fela jwa ano. Balebedi ba ba etang ba bega gore Basupi ba bantsi ba nyalana ba santse ba le bannye thata, gantsi ebile ba nna le bana ba ise ba siamele go ka sikara boikarabelo jo bo leriwang ke seo. Mangwe a manyalo ano a a thubega. Banyalani ba bangwe ba kgona go itshokela mathata a bone, mme lefa go ntse jalo lenyalo la bone ga le a ba tlisetsa boitumelo. Go ntse fela jaaka mokwadi mongwe wa diterama wa Moesemane William Congreve a ne a kwala gore bao ba sianelang go nyala “ba tlile go ikwatlhaya ka lobaka lo loleele.”

18 Balebedi ba ba etang ba bega gape gore bangwe ba bakaulengwe ba basha ba ikgogona go dira dikopo tsa go ya go dira kwa Bethele kana go ithaopela go ya kwa Sekolong sa Katiso sa Bodihedi ka go bo ba tlile go tlhoka go nna ba sa nyala ka lobakanyana. Mme lefa go ntse jalo Paulo o gakolola gore motho a se ka a nyala pele “a feta lobaka lwa bosha,” ke gore a eme pele go fitlha kgotelo ya kwa tshimologong ya go eletsa go tlhakanela dikobo e fokotsega. (1 Bakorintha 7:36-38) Dingwaga tse motho a di tshelang e le mogodi yo a seng mo lenyalong di dira gore a nne le boitemogelo jo bo tlhwatlhwakgolo tota le temogo, bo mmaya mo boemong jo bo botoka jwa go kgona go tlhopha molekane kana go dira tshwetso e e akanyeditsweng ka kelotlhoko ya gore o tla nna a se mo lenyalong.

19. Re ka leba dilo jang fa e le gore tota ga go tlhokege gore re tsene mo lenyalong?

19 Bangwe ba rona re setse re fetile lobaka lwa bosha, le lobaka lo ka lone keletso ya go batla go tlhakanela dikobo e nonofileng thata ka lone. Re ka nna ra bo re a tle re akanye ka masego a lenyalo mme lefa go ntse jalo re na le neo ya go nna re se mo lenyalong. Jehofa a ka nna a bona gore re mo direla sentle fela thata fa re se mo lenyalong mme tota re sa tlhoke go tsena mo lenyalong, leo le ka nnang la batla gore re tlogele ditshiamelo dingwe mo tirelong ya gagwe. Fa e le gore go tsena mo lenyalong ga se selo se wena ka namana o se tlhokang thata mme ebile o sa segofadiwe ka go newa molekane, Modimo a ka tswa a na le sengwe se a se go beetseng. Ka gone a re dumeleng mo go ene gore o tla re naya se re se tlhokang. Boitumelo jo bogolo bo bonwa ka go amogela ka boikokobetso seo se lebegang e le se Modimo o batlang re se dira, fela jaaka bakaulengwe ba Bajuda ba ne ba “didimala hèla, me ba baka Modimo” fa ba lemoga gore o letlile Baditšhaba go ikwatlhaya gore ba kgone go bona botshelo.—Ditihō 11:1-18.

20. (a) Ke kgakololo efe e Bakeresete ba babotlana ba e newang kaga go nna ba se mo lenyalong? (b) Ke ntlha efe ya motheo kaga boitumelo e e salang e le boammaaruri?

20 Ka jalo he, lenyalo le ka lere boitumelo, le mororo gape le ka go bulela kgoro ya go tsena mo mathateng. Re tlhomamisegile ka selo se le sengwe seno: Lenyalo ga se lone tsela fela ya go bona boitumelo. Ereka go sekasekilwe dilo tsotlhe, go tla bo go le botlhale he, segolobogolo mo Bakereseteng ba babotlana, gore ba leke go nna dingwaga di sekae ba ise ba tsene mo lenyalong. Dingwaga tse di ntseng jalo di ka dirisiwa sentle go direla Jehofa le go gatela pele semoyeng. Lefa go ntse jalo, le mororo o ka tswa o na le dingwaga di le kae kana o gatetse pele semoyeng go le kana kang, ntlha eno ya motheo e nna e le boammaaruri mo go bao ba ineelang mo Modimong ba sa itshiele sepe: Boitumelo jwa boammaaruri bo bonwa ka go direla Jehofa ka boikanyegi.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa ba itumetse?

◻ Ke ka ntlha yang fa lenyalo e se tsela ya go bona boitumelo jo bogolo go gaisa?

◻ Ke eng se se tlhokegang fa go tla mo go tlhopheng molekane wa lenyalo mo bathong ba ga Jehofa ka dinako tsotlhe?

◻ Ke ka ntlha yang fa go utlwala go dumela gore Bakeresete ba ba nnang ba se mo lenyalong ba ka itumela?

◻ Ke eng se se tshwanetseng go dumelwa kaga lenyalo le boitumelo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela