Lebaka la Go Bo Bibela E le Mpho E E Tlhotlheleditsweng ya Modimo
BIBELA e bolela gore “Modimo o loratō” ebile e bolela gore o botlhale ebile o na le maatla. (1 Yohane 4:8; Yobe 12:13; Isaia 40:26) E re bolelela gore “ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō.” (Duteronome 32:4) Go ya ka Bibela, Modimo gape o supa dinonofo tse di tshwanang le kutlwelobotlhoko le lorato.—Ekesodo 34:6; Baroma 9:15.
Bibela e gogela batho ba ba batlang Jehofa Modimo kwa go ene gonne e bolela gore o na le dinonofo tse di ntseng jalo. Buka eno e bolela ka popo, gore boleo le loso di simologile jang, le gore go ka letlanwa le Modimo jang. E re naya tsholofelo e e itumedisang thata ya gore lefatshe le tla dirwa Paradaise gape. Mme tsotlhe tseno di ka lejwa di le molemo fela fa go ka tlhomamisiwa gore Bibela ke mpho e e tlhotlheleditsweng e e tswang mo Modimong.
Bibela le Saense
Ka metlha Bibela e ile ya fenya go tshwaiwa diphoso. Ka sekai, fa o e bala ka mogopolo o o lekalekaneng, o tla e fitlhela e dumalana le saense ya mmatota. Gone mme, Bibela ke buka e e kwaletsweng go kaela batho semoyeng mme ga e a kwalelwa go nna buka ya saense. Mme lefa go ntse jalo a re boneng gore a Bibela e dumalana le dintlha tsa saense.
Boithutamarope: Dikgosi, metsemegolo, le merafe e e umakiwang mo Bibeleng di ne tsa nna tsa mmatota fa go ne go bonwa dipapetla tsa letsopa, dinkgwana, mekwalo e e gabilweng, le dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo. Ka sekai, batho ba ba tshwanang le Bahita ba ba umakiwang mo Dikwalong ba ne ba le teng tota ba tshela. (Ekesodo 3:8) Sir Charles Marston o ne a bolela mo bukeng ya gagwe The Bible Comes Alive a re: “Bao ba ileng ba koafatsa tsela e batho ba dumelang Bibela ka yone, mme ba nyenyefatsa taolo ya yone, le bone ba ile ba nyenyefadiwa ke bosupi jwa yone jo bo senotsweng, mme seo ba neng ba itshwareletse ka sone ga se tlhole se le teng. Garawe e tlhagola go tshwayatshwaya diphoso e go ntsha mo tshimong ya dintlha tse di belaelwang e go isa mo tshimong e e bonwang ke mongwe le mongwe gore ke ya ditlhamane.”
Boithutamarope bo ile jwa tshegetsa Bibela ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, dilo tse di neng tsa ribololwa di ne tsa tlhomamisa mafelo le maina a a mo go Genesise kgaolo 10. Bafatolodi ba ile ba bona motsemogolo wa Bakaladea wa Ura, lefelo la kgwebo le la bodumedi leo Aberahame a neng a tsholetswe kwa go lone. (Genesise 11:27-31) Bafatolodi ba ne ba bona motse wa Bajebusa o o neng wa thopiwa ke Kgosi Dafide fa godimo ga motswedi wa Gihona mo karolong e e kafa borwabotlhaba jwa Jerusalema. (2 Samuele 5:4-10) Mokwalo wa Siloame o o gabilweng ntlheng e nngwe ya lekadiba la ga Kgosi Hesekia, o ne wa bonwa ka 1880. (2 Dikgosi 20:20) Go thopiwa ga Babelona ke Kurose yo Mogolo ka 539 B.C.E. go umakiwa mo Pegong ya Ditiragalo tsa ga Nabonidase, e e neng ya epololwa mo lekgolong la bo 19 la dingwaga C.E. Dintlha tse di mo bukeng ya Esethere di ile tsa tlhomamisiwa ke mokwalo o o gabilweng go tswa kwa Persepolis le fa go ne go bonwa ntlo ya segosi ya ga Kgosi Aretaserese (Ahasueruse) kwa Shushana, kana Susa, fa gare ga 1880 le 1890 C.E. Mokwalo mongwe o o gabilweng o o neng wa bonwa ka 1961 maropeng a lefelo la metshameko la Baroma le le neng le le kwa Kaesarea o ne wa supa tota gore mmusi wa Moroma Ponto Pilatwe yo a neng a rebola Jesu gore a kokotelwe mo koteng o kile a nna teng.—Mathaio 27:11-26.
Bolepadinaledi: Moperofeti Isaia o ne a kwala dingwaga tse di ka nnang 2 700 tse di fetileng—bogologolo pele batho ka kakaretso ba itse gore lefatshe le kgolokwe—a bolela jaana: “Yo o ntseng mo godimo ga kgolokwe ya lefatshe.” (Isaia 40:22, NW) Lefoko la Sehebera eleng chugh le fano le ranotsweng jaaka “kgolokwe,” le ka nna la ranolwa jaaka “bolo.” (A Concordance of the Hebrew and Chaldee Scriptures, e e kwadilweng ke B. Davidson) Gape, “kgolokwe” ya kgala ya lefatshe e bonala sentle fela fa o le kwa lefaufaung ka dinako tse dingwe gape le fa o pagame difofane tse di fofelang kwa godimodimo. Yobe 26:7 e bolela gore Modimo o ‘lepeleditse lefatshe kwa go seng sepe.’ Seno se boammaaruri, ka go bo balepadinaledi ba itse gore lefatshe ga le a tshegediwa ka sengwe se se kgonwang go bonwa ka matlho.
Botshelo jwa Dimela: Bangwe ba konela ka phoso gore Bibela e na le diphoso gonne Jesu Keresete o ne a bolela ka “tlhaka ea peo ea mosetara” a re e “pōtlana mo dipeuñ cotlhe tse di mo mbuñ.” (Mareko 4:30-32) Go lebega Jesu a ne a bua ka peo ya setlhare sa mosetara o montsho (Brassica nigra kana Sinapis nigra), eo bokima jwa yone bo ka nnang milimetara o le mongwe go ya go e le 1,6. Le mororo go na le dipeo tse dinnye mo go eno, jaaka tse di boupe tsa orchid (mofuta mongwe wa sethunya), Jesu o ne a sa bue le batho ba ba neng ba jala dithunya tsa mofuta oo. Bajuda bao ba kwa Galilea ba ne ba itse gore peo ya mosetara ke yone e nnye go gaisa mo mefuteng yotlhe e e farologaneng ya dipeo e e neng e jalwa ke balemi ba mo lefelong la bone. Jesu o ne a bua kaga Bogosi, o ne a sa rute ka botshelo jwa dimela.
Botshelo jwa Diphologolo: Go ya ka Bibela, “mmutla . . . oa ōtla.” (Lefitiko 11:6) François Bourlière (The Natural History of Mammals, 1964, tsebe 41) o bolela jaana: “Mokgwa wa go fetisa dijo gabedi mo maleng go na le gangwe fela, ke sengwe se se lemogilweng gore se diragala mo go botlholwe le bommutla. Botlholwe ba ba ruiwang mo gae gantsi ba ja le go metsa malokwana a bone a bosigo ba sa a tšhotlhe, mme seno e nna halofo ya dijo tse di mo dimpeng tsa bone mo mosong. Mo go botlholwe ba ba nnang kwa nageng mokgwa ono wa go fetisa dijo gabedi mo maleng o diragala ka makgetlo a mabedi mo letsatsing, mme go begwa gore mmutla wa Yuropa o na le mokgwa o o tshwanang.” Mabapi le seno, buka Mammals of the World (e e kwadilweng ke E. P. Walker, 1964, Bolumo II, tsebe 647) e bolela jaana: “Seno se ka tshwantshiwa le ‘go otla’ ga diphologolo tse di otlang tsa diamusi.
Jeoloji: Moithutajeoloji yo o itsegeng thata ebong Wallace Pratt o ne a bolela jaana mabapi le pego ya Bibela ya popo: “Fa nna jaaka moithutajeoloji ke ne nka bidiwa go tla go tlhalosetsa batho ba ba innelang kwa masimong ba ba tshwanang le merafe e e neng e kwaletswe Buka ya Genesise, kaga dikgopolo tsa rona tsa segompieno tsa kafa lefatshe le tlholegileng ka teng le gore botshelo bo ile jwa nna teng jang mo go lone, ke ne nka se ka ka kgona fa ke sa dirise bontsi jwa seo se bolelwang mo kgaolong ya ntlha ya Genesise.” Pratt o ne a lemoga gore tsela e ditiragalo tsa Genesise di neng di latelana ka yone—go nna teng ga mawatle, go nna teng ga naga, le go nna teng ga diphologolo tsa lewatle, dinonyane, le tse di amusang—ke one tota mogolagang o dipaka tsa go bopiwa ga lefatshe di ka kgaoganngwang ka one.
Kalafi: Mo bukeng ya gagwe The Physician Examines the Bible, C. Raimer Smith o ne a kwala jaana: “Go nkgakgamatsa tota go bo Bibela e tlhomame jaana fa e bolela kaga kalafi. . . . Fa e umaka kalafi e e jaaka ya ditlhagala, dintho, jalo le jalo, e tlhomame tota lefa e tshwantshiwa le mekgwa ya segompieno. . . . Tumelabotlhodi e santse e dumelwa thata ke palo e ntsi ya batho jaaka e e tshwanang le ya gore o ka kgona go thibela bonyelele ka go tsenya peonyana ya buckeye mo kgetsing; gore motho a ka tswa dikakana fa a tshwara digwagwa; gore o ka fodisa mometso o o botlhoko ka go rwala letsela le lehibidu mo molaleng; gore o ka thibela gore o se ka wa tsenwa ke malwetsi fa o ka rwala kgetsana e e tsentsweng asafetida (sejalo sengwe sa mofuta wa segwete); gore ngwana mongwe le mongwe fa a lwala o a bo a na le dibokwana; jalo le jalo, mme lefa go ntse jalo dipolelo tse di ntseng jalo ga di fitlhelwe mo Bibeleng. Seno ka bosone se tlhomologile mme mo go nna ke bosupi jwa gore e tswa kwa Modimong.”
Popego ya Dirwe: Bibela e bolela ka tlhomamo gore ‘ditokololo tsotlhe’ tsa pelwana ya motho di ‘kwadilwe.’ (Pesalema 139:13-16) Boboko, pelo, makgwafo, le matlho—dirwe tseno mmogo le dikarolo tse dingwe tsa mmele di “kwadilwe” mo karolwaneng e e laolang dinonofo tse di tla ruiwang, tebego le selekanyo sa go gola e e mo leeng le le kopaneng le peo ya monna le le mo popelong ya ga mmè. Karolwana eno e na le dipaka tse di tlhomilweng tsa nako e karolo nngwe le nngwe e tla bopegang ka yone di latelana ka tshwanelo. Akanya ka seo fela! Ntlha eno e e kaga go gola ga mmele wa motho e sale e kwalwa mo Bibeleng mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 pele borasaense ba itse kaga karolwana eno e e laolang dinonofo tse di tla ruiwang, tebego le selekanyo sa go gola.
E A Ikanyega mo Dikgannyeng tsa Hisitori
Mmueledi Irwin H. Linton o ne a akgela jaana mo bukeng ya gagwe A Lawyer Examines the Bible: “Le mororo dikgannyana tse di buang ka batho ba ba itlhametsweng fela, ditlhamane tsa bogologolo le bosupi jo eseng jone di kgona go rulaganya ditiragalo tse di kileng tsa anelwa kwa mafelong a a kwa kgakala ka tsela nngwe le ka nako e e sa itsiweng ka go dira jalo di tlola melao ya ntlha eo rona jaaka babueledi re e ithutang ya kafa re tshwanetseng go tshwara kgetsi ka teng kwa kgotlatshekelo eleng gore ‘se se buiwang se tshwanetse sa bolela nako le lefelo,’ dikgang tse di mo Bibeleng di re naya letlha le lefelo la dilo tse go anelwang ka tsone ka tlhomamo tota.”
Linton o ne a tlhomamisa gore ntlha eno e boammaaruri ka go tsopola Luke 3:1, 2. Mokwadi wa lokwalo lono lwa Efangele o ne a umaka baofisiri ba le supa gore a kgone go bona sentle gore bodihedi jwa ga Jesu Keresete bo simolotse ka nako efe. A o ko o ele tlhoko dintlha tse Luke a di re bolelelang mo mafokong ano: “Ka ñwaga oa leshomè le botlhano oa pusho ea ga Kaesare Tiberio, ka Ponto Pilatwe a le molaodi wa Yudea, le Herode a le kgōsana ea Galilea, le Filipo monnawè a le kgōsana ea Iturea le ea lehatshe ya Terakoniti, le Lesaniase a le kgōsana ea Abilene, le Anase le Kaiafase ba le baperesiti ba bagolo, lehoko ya Modimo ya tla kwa go Yohane, morwa Sakarie a le mo nageñ.”
Bibela e tletse ka dintlha tse di tshwanang le tseno. Mo godimo ga moo, dikarolo tsa yone tse di jaaka dikwalo tsa Efangele di ne tsa kwalwa ka nako ya fa ngwao ya Bajuda, Bagerika, le Baroma e ne e tlhabologile thata. E ne e le ka nako ya fa go ne go na le babueledi, bakwadi, babusi, jalo le jalo. Eleruri he, fa e le gore dintlha tse di fitlhelwang mo dikwalong tsa Efangele le dikarolo tse dingwe tsa Bibela di ne di se boammaaruri, di ka bo di ile tsa senolwa gore ga di boammaaruri. Mme boraditiragalo ba lefatshe ba ile ba tlhomamisa dintlha tse di tshwanang le ya gore Jesu Keresete o teng. Ka sekai, raditiragalo wa Moroma Tacitus o ne a kwala jaana kaga Jesu le balatedi ba Gagwe: “Keresete, yoo leina [Bakeresete] le tswang mo go la gagwe, o ne a bogisiwa botlhoko mo pusong ya ga Tiberio a bogisiwa jalo ke mongwe wa babusi ba rona ebong Ponto Pilatwe.” (Annals, Buka XV, 44) Go tlhomama ga Bibela kaga dikgang tsa hisitori go thusa go tlhomamisa gore ke mpho e Modimo o e fileng batho.
Bosupi Jo Bo Fetang Jotlhe
Le mororo boithutamarope, bolepadinaledi, hisitori, le dikarolo tse dingwe tse go bonwang kitso mo go tsone di tshegetsa Bibela, go dumela mo go yone ga go a ikaega ka go tlhomamisa dilo ka tsela eo. Mo bosuping jo bontsi jwa gore Bibela ke mpho e e tlhotlheleditsweng e re e filweng ke Modimo, ga go na bosupi jo bogolwane go feta jo bo ka ntshiwang jo bo fetang jwa go diragadiwa ga boperofeti jwa yone.
Jehofa Modimo ke Motswedi wa boperofeti jwa boammaaruri. O ne a bolela jaana ka moperofeti wa gagwe Isaia: “Bōnañ, dilō tsa pele di dihahetse, ke bile ke bolèla dilō tse dincha: ke di lo bolèlèla pele di e se di cwele kwa ntlè.” (Isaia 42:9) Mo godimo ga moo, Bibela e bolela gore bakwadi ba yone ba ne ba tlhotlhelediwa ke Modimo ka moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang. Ka sekai, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala jaana: ‘Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.’ (2 Timotheo 3:16) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Ga go na polèlèlō pele epè ea dikwalō e e iphuthololèlwañ ke motho a le moñwe hèla. Gonne ga go polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.” (2 Petere 1:20, 21) Ka jalo a re lebeng boperofeti jwa Bibela.
Makgolokgolo a boperofeti jo bo mo Bibeleng a akaretsa le jo bo amang moshate wa Asiria ebong Ninefe, “motse o o madi madi” oo o neng o boifisa thata mo dinageng tsa bogologolo tsa Botlhabagare ka lobaka lwa makgolo a a fetang 15 a dingwaga. (Nahume 3:1) Lefa go ntse jalo, Bibela e ne ya bolelela pele jaana ka nako ya fa Ninefe e ne e na le thata e kgolo: “[Modimo] o tla shwahatsa Ninefe [e] nna lokgèrè yaka bobidibidi yoa naga. Me matlhape a tla botha mo gare ga ōna: khukara le noku di tla rōbala mo ditlhoeñ tsa ōna, kodu ea cōna e tla lela mo diponiñ; chwahalō e tla nna ha meyakoñ, gonne o senotse tihō ea dikgoñ tsa masedara.” (Sefania 2:13, 14) Gompieno, baeng ba ba etelang koo ba bona fela thotana e e supang kwa marope a Ninefe wa bogologolo a neng a le teng. Mo godimo ga moo, matlhape a dinku a fula koo fela jaaka go ne ga bolelelwa pele.
Moperofeti wa Modimo ebong Daniele o ne a bona mo ponatshegelong phelehu e e nang le dinaka tse pedi le phoko e e nang le lonaka lo logolo fa gare ga matlho. Podi eno e ne ya digela phelehu fa fatshe, e roba dinaka tsa yone. Morago ga tiragalo eno lonaka lo logolo lwa podi lo ne lwa rojwa, mme go ne ga tswa dinaka tse nne mo boemong jwa lone. (Daniele 8:1-8) Moengele Gabariele o ne a tlhalosa jaana: “Phelehu e u e bonyeñ e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia. Me phōkō e e maodi, ke kgosi ea Gerika: me lonaka lo logolo lo lo ha gare ga matlhō a eōna ke kgosi ea ntlha. Me kaga lo lo rōbegileñ, lo dinaka di le nnè di emeñ mo boemoñ yoa lōna, magosi a le manè a tla èma a cwa mo morahiñ o le moñwe hèla, me e señ ka thata ea eōna kgosi euō.” (Daniele 8:20-22) Jaaka hisitori e ile ya supa, phelehu e e dinaka di pedi—Mmuso wa Bameda le Baperesia—o ne wa digwa ke “kgosi ea Gerika.” Podi eo e tonanyana ya tshwantshetso e ne e na le “lonaka lo logolo” loo e neng e le motho yo e neng e le Alexander yo Mogolo. Fa a sena go swa, bajenerale ba gagwe ba banè ba ne ba nna mo boemong jwa “lonaka lo logolo” loo ka go itlhoma mo pusong jaaka “magosi a le manè.”
Go ile ga diragadiwa boperofeti bo le bontsi tota jo bo mo Dikwalong tsa Sehebera (“Tesetamente E Kgologolo”) jo bo mabapi le Jesu Keresete. Bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika (“Tesetamente E Ntšha”) ba ile ba bolela fa jo bongwe jwa jone bo ne bo raya ene. Ka sekai, mokwadi wa dikwalo tsa Efangele ebong Mathaio o ne a bolela gore boperofeti jwa Dikwalo bo ne jwa diragadiwa fa Jesu a ne a tsholwa ke lekgarebane, fa go ne go tla mongwe pele ga Gagwe, le fa A ne a tsena ka Jerusalema a pagame ngwana wa esele. (Bapisa Mathaio 1:18-23; 3:1-3; 21:1-9 le Isaia 7:14; 40:3; Sekaria 9:9.) Boperofeti jo bo ntseng jalo jo bo diragaditsweng bo thusa go supa gore Bibela eleruri ke mpho e e tlhotlheleditsweng e e tswang mo Modimong.
Go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela gompieno go supa tota gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1-5) Dintwa, go tlhaela ga dijo, dikgogodi tsa malwetsi, le dithoromo tse dikgolo thata tsa lefatshe tse di sa tshwaneng le dipe ke karolo ya “seshupō” sa gore Jesu “o teng, [NW]” o busa jaaka Kgosi. Sesupo seo gape se akaretsa tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ke Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le nnè bao ba rerang mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng. (Mathaio 24:3-14; Luke 21:10, 11) Boperofeti jo bo diragadiwang jaanong jwa Bibela le jone bo re tlhomamisetsa gore puso ya Modimo ya selegodimo eo Jesu Keresete e leng kgosi mo go yone e tla tloga e leretse batho ba ba kutlo lefatshe le lesha le le nang le boitumelo jo bo sa feleng.—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-5.
Tšhate e e tsamayang le seno ya setlhogo se se reng “Boperofeti Jo Bo Diragaditsweng jwa Bibela” mo lenaaneng la Bibele e umaka boperofeti bo sekae fela mo makgolokgolong a jo bo neng jwa kwalwa. Go diragadiwa ga a mangwe go ne ga kwalwa mo Dikwalong ka botsone, mme lefa go ntse jalo boperofeti jo bo diragadiwang gompieno ke jone jo bo kgatlhang thata.
O tshwanetse wa bo o bona ditiragalo dingwe tse di diragalang mo lefatsheng ka bophara tse di neng tsa bolelelwa pele mo Bibeleng. Mme lefa go ntse jalo, ke eng fa o sa di sekaseke go ya kwa pele? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go naya dintlha tse di oketsegileng fa o ba kopa. Mme ekete go tlhoafalela ga gago go batla kitso kaga Mogodimodimo le boikaelelo jwa gagwe go ka go tlhatswa pelo gore eleruri Bibela ke mpho e e tlhotlheleditsweng e e tswang mo Modimong.
[Tšhate mo go tsebe 7]
BOPEROFETI JO BO DIRAGADITSWENG JWA BIBELA
BOPEROFETI TIRAGATSO
Genesise 49:10 Juda e ne e le lotso lwa segosi lwa morafe
wa Iseraele (1 Ditihalō 5:2; Bahebera 7:14)
Sefania 2:13, 14 Ninefe o ne a senngwa mo e ka nnang
ka 632 B.C.E.
Yeremiah 25:1-11; Go thopiwa ga Jerusalema go simolola go
Isaia 39:6 nna ga yone marope ka dingwaga tse 70
Isaia 13:1, 17-22; Kurose o thopa Babelona; Bajuda ba
Daniele 8:3-8, 20-22 Bameda le Baperesia ba thopiwa ke
Alexander yo Mogolo le Puso ya Gerika e a
kgaoganngwa
Daniele 9:24-26 Jesu o tlodiwa jaaka Mesia (29 C.E.)
Isaia 9:1, 2 Bodihedi jwa ga Jesu jo bo nayang batho
kitso bo simolola kwa Galilea
Pesalema 22:18 Diaparo tsa ga Jesu di laolwa ka bola
Pesalema 16:10; Keresete o tsosiwa ka letsatsi la boraro
Luke 19:41-44; 21:20-24 Jerusalema e senngwa ke Baroma
(70 C.E.)
Luke 21:10, 11; Dintwa, ditlala, dithoromo tsa lefatshe,
Mathaio 24:3-13; dikgogodi tsa malwetsi, go tlola molao,
2 Timotheo 3:1-5 le tse dingwe tse di sa lekaneng le sepe
di tshwaya ‘metlha ya bofelo’
Mathaio 24:14; Basupi ba ga Jehofa ba rera mo
Isaia 43:10; lefatsheng lotlhe
Pesalema 2:1-9 gore Bogosi jwa Modimo bo
tlhomilwe le gore bo tla tloga go fenya
baganetsi botlhe
Mathaio 24:21-34; Lelapa la merafe yotlhe la Basupi ba ga
Tshenolō 7:9-17 Jehofa bao ba obamelang Modimo ba
ipaakanyetsa go falola “sepitla se
segolo”
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Ntwa, ditlala, dikgogodi tsa malwetsi le dithoromo tsa lefatshe di senya tota gompieno, mme lefa go ntse jalo lefatshe le lesha la kagiso le boitumelo le setse le le gaufi thata