“Bogosi yoa Modimo Bo Atametse”
EREKA Mesia e ne e tlile go nna setlogolwana sa ga Aborahame, Isake, le Jakobe, leloko la lotso lwa Juda, ebile e le “morwa Dafide,” o ne a tshwanetse a tsalwa ke motho; o ne a tshwanetse go nna “morwa motho,” jaaka fa boperofeti jwa ga Daniele bo ne bo boletse. E ne ya re fa “motlha o o tletseñ o hitlha,” Jehofa Modimo a romela Morwa wa gagwe, yoo a neng a tsalwa ke mosadi a bo a diragatsa dilo tsotlhe tseo di neng di batlega ka molao gore a rue “setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè.” (Bagalatia 4:4; Luke 1:26-33) Pego e e mo Bibeleng mmogo le bosupi jo bo tswang mo dibukeng tsa lefatshe di bontsha gore go ne go rena tebelelo mo Bajudeng ba le bantsi ya gore Mesia o ne a atametse go tla. (Luke 2:36-38) Lefa go ntse jalo, mo go ba le bantsi seo ba neng ba se kgatlhegela segolobogolo e ne e le gore a ke a ba golole mo jokweng e e boima ya puso e e gatelelang ya Roma.
Johane Mokolobetsi o ne a bolelela batho a sa potapote gore ba ne ba le gaufi le nako ya go atlholwa ke Modimo, gore ‘bogosi jwa magodimo bo ne bo atametse,’ seo se dira gore ba akofe ba sokologe mo tseleng ya bone ya go sa ikobele molao wa Modimo. Seno gape se ne sa bontsha kafa tekanyetso ya ga Jehofa e leng botlhokwa ka gone ya gore o batla go nna fela le batho ba ba kafa tlase ga gagwe bao ba eletsang go dira jalo, batho bao ba lemogang kafa ditsela tsa gagwe le melao ya gagwe e leng e e tshwanetseng ka gone ebile ba anaanela seo.—Mathaio 3:1, 2, 7-12.
Mesia o ne a tla ka nako ya fa Jesu a ne a itlhagisa mo go Johane gore a kolobediwe mme e ne ya re morago ga moo a tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo. (Mathaio 3:13-17) Ka jalo o ne a fetoga Kgosi E E Tlhophilweng, Yoo Kgotlatshekelo ya ga Jehofa e neng e mo tsaya jaaka yo o nang le tshwanelo ka molao ya go nna mo setulong sa bogosi sa ga Dafide, tshwanelo eo e neng e na le dingwaga di le makgolo a le marataro e sa dirisiwe. Mme gape mo godimo ga moo Jehofa o ne a tsenya Morwa yono wa gagwe yo o mo amogelang mo kgolaganong ya Bogosi jwa selegodimo, joo Jesu a neng a tlile go nna Kgosi a bo a nna Moperesiti mo go jone, jaaka fa go ne go ile ga nna ka Melekisedeke wa kwa Salema wa bogologolo. (Pesalema 110:1-4; Luke 22:29; Bahebera 5:4-6; 7:1-3; 8:1) Jaaka ‘losika lwa ga Aborahame’ lo lo solofeditsweng, Kgosi eno ya selegodimo eo ebileng e le Moperesiti e ne e tlile go nna Motho yo Mogolo yoo Modimo o mo dirisang go segofatsa merafe yotlhe.—Genesise 22:15-18; Bagalatia 3:14; Ditihō 3:15.
“Bogosi yoa Modimo Bo mo Teñ ga Lona”
Jesu o ne a tsena mo bodiheding jwa gagwe jwa go direla batho botlhe, a itsise batho ba ba nang le kgolagano le Jehofa gore “lobaka lo hitlhile, e bile bogosi yoa Modimo bo atametse,” a tshepa maatla a ga Jehofa go mo sireletsa mmogo le go mo dira gore a atlege. (Mareko 1:14, 15) Gore re kgone go tlhomamisa gore o ne a bolelang fa a re Bogosi bo “atametse,” re ka ela tlhoko mafoko a gagwe ao a neng a a bua le Bafarisai a a reng “bogosi yoa Modimo bo mo teñ ga lona.” (Luke 17:21) Fa The Interpreter’s Dictionary of the Bible e akgela malebana le temana eno, e bolela jaana: “Kgopolo ya gore bogosi jwa Modimo ke boemo bongwe jo bo mo teng ga mogopolo, kana gore ke fa motho a bona poloko, e kgatlhanong le kgang eo temana eno e leng mo go yone, ebile gape e kgatlhanong le seo se bolelwang ke T[esetamente] e N[tšha] yotlhe.” (Eo e kwadilweng ke G. A. Buttrick, 1962, Volume 2, tsebe 883) Ereka lefoko “bogosi [ba·si·leiʹa]” le kgona go ka raya “motlotlegi wa segosi,” go bonala Jesu a ne a bolela gore ene, jaaka moemedi wa segosi wa Modimo, ene yoo a neng a tloditswe ke Modimo gore e nne kgosi, o ne a le mo gare ga bone. Ga se fela gore o ne a le teng a le mo maemong ano mme gape o ne a na le maatla a go dira ditiro tseo di neng di bontsha gore o ne a na le thata ya Modimo ya segosi le go rulaganya bao ba neng ba tlile go nna le maemo mo teng ga puso eo ya Bogosi joo jo bo neng bo tla. Ka gone ke ka moo a neng a re Bogosi bo ‘atametse’; e ne e le nako ya tshono e e molemo thata.
“Bogosi yoa Morèna oa Rona, Le yoa ga Keresete oa Gagwè”
Fa Moaposetoloi Johane a ne a kwala go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., o ne a bonela pele nako nngwe ya mo isagweng ya fa Jehofa Modimo, a dirisa Morwawe, a neng a tla bontsha ka teng puso ya bomodimo ka tsela e nngwe e ntšha, Johane o ne a bonela seno pele a se senolelwa ke Modimo. Ka nako eo go ne go tla bolelwa gore Jehofa ‘o itseetse thata ya gagwe e kgolo, mme o a busa.’ Eno e ne e tla bo e le nako ya gore go utlwale mantswe kwa legodimong a bolela jaana: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Tshenolō 11:15, 17.
Ke “Morèna oa rona,” Morena yo Mogolo Jehofa, yoo a tlhomang bolaodi jwa gagwe mo godimo ga “bogosi yoa lehatshe,” a tlhoma tsela e ntšha ya go bontsha bolaodi jwa gagwe mo lefatsheng leno la rona. O neela Morwawe, Jesu Keresete, seabe mo Bogosing joo a le kafa tlase ga Gagwe, e le gore bo ke bo bidiwe “bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè.” Seno se diragetse ka 1914 ka nako ya fa “metlha [e e beetsweng] Badichaba” e ne e fela.—Luke 21:24.
E ne ya re morago ga gore Jesu Keresete a fiwe gore a nne le seabe mo ‘bogosing jwa lefatshe,’ a tsaya dikgato tse di tlhokegang gore a tlose sepe fela seo se leng kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo. Kgato ya ntlha mo go seno e ne ya diragala kwa legodimong; Satane le badimona ba gagwe ba ne ba fenngwa mme ba latlhelwa mo lefatsheng. Seno se ne sa felela ka gore go opiwe mokgosi ono: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna.” (Tshenolō 12:1-10) Mo nakong e khutshwane eo e santseng e saletse Satane, o ntse a tsweletse ka go diragatsa polelelopele e e mo go Genesise 3:15 ka go tlhasela “ba ba setseñ” ba “losika” lwa mosadi. (Tshenolō 12:13-17) Mo godimo ga moo ‘ditiro tsa tshiamo’ tsa ga Jehofa di a bonala ebile dikatlholo tsa gagwe di setse di ntse di wetse bao ba leng kgatlhanong le ene. Seno se tla felela ka gore Babelona O Mogolo a nyelediwe. (Tshenolō 18:1-8) Morago ga moo “bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè” bo tla bolotsa mephato ya jone ya selegodimo kgatlhanong le bao ba busang mo magosing otlhe a a mo lefatsheng le kgatlhanong le mephato ya one kwa ntweng ya Hara–Magedona, go ba fedisa. (Tshenolō 16:14-16; 19:11-21) Eno ke karabo ya topo eno eo e ileng ya dirwa mo Modimong: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Satane morago ga moo o latlhelwa mo moleteng o o senang bolekeletso mme jaanong go simologa lobaka lwa dingwaga di le sekete loo Keresete Jesu le bao ba mo patileng ba busang baagi ba lefatshe ka lone ba ba busa e le dikgosi le baperesiti.—Tshenolō 20:1, 6.