Nna Teng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi”
“BŌNA, lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba.” (Isaia 60:2) Abo mafoko ao a le boammaaruri jang ne gompieno! Ga go na pelaelo ya gore bodumedi jwa maaka ga bo bolelele batho gore Modimo o itumedisiwa ke kobamelo ya mofuta ofe. Ka ntlha yang? Gonne Satane, modimo wa tsamaiso eno ya dilo, ‘o foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng.’—2 Bakorintha 4:4.
Basupi ba ga Jehofa ba farologane gotlhelele le batho bao ba ba foufaditsweng ke Satane. Mafoko ano a ga moperofeti Isaia a ka bolelwa kaga bone: “Yehofa o tla go tlhabèla, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna.” (Isaia 60:2) Abo ba itumela jang ne go bo ba tswile mo lefifing leo mme ba le mo leseding le le molemo thata la Modimo! Ke lesedi la semoya, boammaaruri jwa Lefoko la Modimo jo bo sedifatsang tlhaloganyo, gore le bao ba foufetseng ka mmatota ba kgone go bona boammaaruri joo.
Gone mme ba tlhoka go thusiwa. Ga go ke go diragala thata gore motho yo a ipalelang Bibela fela a sa dirise dilo tse di ka mo thusang tse re di filweng ke Modimo a bone lesedi leno. Ke gone ka moo Jehofa Modimo a re fileng “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” yoo go neng ga bolelelwa pele ka ene mo go Mathaio 24:45-47. Gompieno “motlhanka” yoo o emelwa ke Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Setlhopha seno ke sone se se neng sa kaela fa go rulaganngwa Dikopano tsa Kgaolo tsa “Batshodi ba Lesedi.”
Boikaelelo jwa kopano eno ke go thusa batho botlhe ba ga Jehofa gore e nne batshodi ba ba botoka ba lesedi, go dumalana le mafoko a ga Paulo a a mo go Bafilipi 2:15. Ke gone koo Bakeresete ba kgothadiwang gone gore ba phatshime jaaka “lesedi ya lehatshe.”—Mathaio 5:14, 16.
Motseletsele mo Afrika Borwa wa Dikopano tsa Kgaolo tsa “Batshodi ba Lesedi,” o rulaganyeditswe go simolola ka Labotlhano, December 11. Thulaganyo ya mmino e e tla simololang ka 10:20 a.m. e tla thusa batho botlhe go retolosa dipelo tsa bone le megopolo ya bone gore ba siamele go amogela thulaganyo ya semoya e e ba emetseng. Letsatsi lengwe le lengwe le na le setlhogo sa lone, mme setlhogo sa Labotlhano sa re “A U Ko U Romè Lesedi ya Gago le Boamarure yoa Gago.”—Pesalema 43:3.
Thulaganyo ya Labotlhano mo mosong e tla bo e na le puo ya setlhogo e e reng “Boikaelelo jwa Batshodi ba Lesedi Ke Eng?” Eleruri, Bakeresete ga ba tshole lesedi leno ka boikaelelo bongwe jo e leng jwa bone ka namana fela, jwa bogagapa. Go na le moo ba dira jalo ka mabaka a a tshwanang fela le ao Jesu Keresete, Motshodi yo Mogolo wa Lesedi a neng a tlile mo lefatsheng ka one, eleng, go tla go supa kaga boammaaruri, le go galaletsa leina la Mmopi. Go a tshwanela he go bo Jesu a ne a bolela jaana ka ene ka boene: “E re ha ke sa nntse ke le mo lehatshiñ, ke be ke le lesedi ya lehatshe.” (Yohane 9:5) Ka gone, o ne a re tlogelela sekao gore re tsamaye mo dikgatong tsa gagwe. (1 Petere 2:21) Thapama ya letsatsi leo la ntlha e tla bo e na le polelo mmogo le terama ya Bibela eo e tla kgatlhang basha thata, e e bolelang kaga Kgosi Josia.
Setlhogo sa Matlhatso sa re “Ke Lona Lesedi ya Lehatshe . . . A Lesedi ya Lona Le Phatsimè.” (Mathaio 5:14, 16) Thulaganyo ya mo mosong e tla bo e na le simphosiamo ya setlhogo se se reng “Go Phatsimisa Lesedi la Lona.” Go tla newa bao ba ineetseng mo go Jehofa tshono ya go kolobediwa. Thulaganyo ya thapama e tla bo e na le simphosiamo e e sedifatsang ya setlhogo se se reng “Go Sedifatsa Lesedi ka go Nna Teng Ga Ga Keresete le go Senolwa ga Gagwe.”
Setlhogo se se tlhophetsweng Sontaga, letsatsi la boraro le la bofelo la kopano, sa re “Tswelelang Lo Tsamaya Jaaka Bana ba Lesedi.” (Baefesia 5:8) Thulaganyo ya mo mosong e tla bo e na le simphosiamo ya setlhogo se se reng “Go Tlhokomelana mo Lelapeng la Bokeresete,” seo se tla bong se bolela ka maikarabelo a lelapa. Go tla bo gape go na le setlhogo se se tlhalosang kaga seo se kaiwang ke go ikobela Modimo le Keresete.
Kopano e tla fitlha kwa setlhoeng sa yone ka Sontaga thapama ka puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Latela Lesedi la Lefatshe.” Puo eno e tla bo e tlotla ka Yohane 1:1-16 mme e tla bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng go itse Bibela, e gatelela gore Jesu Keresete ke lesedi la lefatshe. Kopano eno e tla khutla ka go kgothatsa e re “Tswelelang Lo Tsamaya mo Leseding.”
Supa gore o anaanela moletlo ono wa semoya oo Jehofa a o nayang ka phuthego ya gagwe e e bonalang. Nna teng fa go bulwa ka thapelo mo mosong wa Labotlhano go fitlha fa go konelwa ka thapelo mo thapameng ya Sontaga. Ela tlhoko thata se se tla buiwang go tswa kwa seraleng. Kwala dintlha gore o tle o kgone go tlhoma mogopolo mo go se se buiwang le gore o nne le seo o tla nnang o tlhodumela mo go sone mo isagweng. Kwa bokhutlong, rulaganyetsa gore o nne le seabe mo go direng jaaka moithaopi. Ka go dira jalo, ga o ne o ipelela fela masego a go amogela mme o tla amogela le a magolwane go feta eleng a go aba.—Ditihō 20:35.