Kgwetlho ya go Rera mo go Bongwe jwa Maemakepe A Magolo go Gaisa mo Lefatsheng
ROTTERDAM, e e leng foo Rhine, nngwe ya dinoka tse di diriswang thata mo Yuropa, e tshololelang metsi a yone mo go North Sea teng, e tlhaolwa jaaka bongwe jwa maemakepe a magolo thata mo lefatsheng. Ereka go ema dikepe tsa dikhampani tse di fetang 500 fano, Rotterdam e kopanya mafelo a a fetang 800 mo lefatsheng lotlhe. Eleruri ke boemakepe jwa boditšhabatšhaba.
Lefa go ntse jalo, mo boemakepeng jono jwa Ba-Dutch jo bo nang le dingwaga tse 650 ga go kgabaganye dikepe fela. Batho le bone ba a kopana fano. Go goroga bathadisi ba bantsi ba ba tswang mo mafelong otlhe a lefatshe bosigo le motshegare. Basupi ba ga Jehofa ba kwa Netherlands ba ile ba ela banna bano ba lewatle tlhoko. Fela jaaka Basupi ba ba nnang kwa mafelong a mangwe, ba senka ditsela tsa go rera mafoko a a gaisang otlhe mo lefatsheng—a gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo fetola lefatshe Paradaise—ba rerela batho ba mefuta yotlhe, go akaretsa le bathadisi.—Daniele 2:44; Luke 23:43; 1 Timotheo 4:10.
“Kabelo ya Borongwa E Fetotswe”
Dingwaga dingwe tse di fetileng, Mokgatlho wa Watch Tower wa kwa Netherlands o ne wa kopa bareri bangwe ba barataro ba nako e e tletseng, kana babulatsela go etela sekepe sengwe le sengwe mo boemakepeng jotlhe jwa Rotterdam. Babulatsela bano ba ne ba dira seno fela ka bonako. Ba ne ba bona tshedimosetso go tswa mo baokameding ba boemakepe, ba bo ba tlhatlhoba boemakepe, mme ka bonako fela ba lemoga gore kabelo eno e ne e gwetlha tota.
“E tshwana le kabelo ya borongwa e fetotswe,” go bolela jalo Meinard, yoo a okametseng tiro ya go rera mo boemakepeng. O kaya eng? “Gantsi barongwa ba tsamaya sekgala se seleele ba ya kwa bathong, mme mo go rona batho ke bone ba tsamayang sekgala se seleele go tla mo go rona.” O a oketsa, “tshimo e re rerang mo go yone e na le batho ba merafe yotlhe.” Buka ya ngwaga le ngwaga ya Rotterdam Europoort ya 1985 e ne ya bega gore ka 1983 eleng ngwaga oo babulatsela ba neng ba simolola go dira tiro e e kgethegileng eno ka one, go ne ga ema dikepe di le 30 820 kwa boemakepeng jwa Rotterdam di tswa kwa dinageng tse 71 tse di farologaneng. Bao ke ba ditšhaba tsotlhe eleruri!
Ka tsela e e tshwanelang, “barongwa ba boemakepe”—jaaka bathadisi ba bitsa babulatsela bao—le bone ke ba ditšhaba tsotlhe. Geert, Peter, le mosadi wa gagwe ebong Karin ke Ba-Dutch, Daniël le Meinard ba tswa kwa Indonesia; mme Solomon ke Moithiopia. Ereka ba tswa kwa Yuropa, Asia le Afrika ba kgona go bua dipuo tse di fetang robedi, mme go ne go na le dikgoreletsi tse dingwe gape tse ba neng ba tshwanetse go di fenya gore ba atlege mo tirong eno.
“Kereke ya Dibaesekele”
“O ka se ka wa tsena fela wa bo o pagama bofolosetsosekepe, o pagama borogonyana jo bo go tsenyang mo sekepeng, o bo o pagama sekepe,” go bolela jalo Peter wa dingwaga tse 32, yo e kileng ya bo e le mothadisi. “O tlhoka makwalo a tetla.” Seo se kaya gore o bone makwalo a tetla ya go tsena mo bofolosetsosekepeng le makwalo a mangwe a tetla ya go pagama dikepe. “Thulaganyo ya teng e raraane ebile e tsaya lobaka,” Peter o gakologelwa jalo, “mme lefa go ntse jalo fa re sena go bona makwalo a tetla, a a nang le ditshwantsho tsa rona le setempe sa semmuso, re ne re siametse go simolola re le tlhaga.” Ba ne ba kgaoganya bofolosetso joo jwa dikepe jwa dikilometara tse 37 ka dikarolo di le tharo, nngwe le nngwe e dirwa ke babulatsela ba babedi.
Lefa go ntse jalo lo kgona jang dipuo tse dintsintsi tse di buiwang ke bathadisi ba ba tswang kwa dinageng tse dintsi jaana? Le eleng lefa babulatsela ba ne ba tshola dibuka tse dintsi tsa Bibela ka dipuo di le 30 ba bo ba di tshola di le dintsi ka dibaesekele tsa bone, di ne di aga di tlhaela. “Ga o ke o itse gore o tla tlhoka dipuo dife,” go tlhalosa jalo Solomone wa dingwaga di le 30 a ntse a nyenya. “Gantsi go diragala gore bathadisi ba batle dibuka tsa yone puo e o sa tlang le yone, ba bo ba go bolelela gore sekepe se tlile go tloga mo lobakeng lwa diura di le tharo kana go feta.” Ereka re batla go kgotsofatsa bathadisi, mongwe wa babulatsela o tsamaya ka bonako, a tle le dibuka tse di tshwanetseng, a bo a boa ka bonako a di naya bathadisi ba ba di batlang thata bano. “Ka nako ya fa re ne re nna le bothata jo bo tshwanang fa re ne re rera mo karolong ya boemakepe e e leng sekgala sa diura di le tharo ka baesekele,” go bolela jalo Peter, “go ne ga phepafala sentle gore re tshwanetse ra batla tsela e nngwe gape ya go rarabolola bothata jono.”
Letsatsi lengwe Basupi ba ba nnang mo lefelong la boemakepe ba ne ba gakgamatsa babulatsela ka go ba naya ditereilara tse pedi tse di gogwang ka dibaesekele, nngwe le nngwe e lekana le bata e e tlhwatswetsang diaparo. Babulatsela ba ne ba tlatsa ditereilara tseno ka dibuka tsa dipuo tsotlhe tse di leng teng, ba di gokelela mo dibaesekeleng tsa bone, ba bo ba leba kwa boemakepeng. Ditereilara tseno di ne tsa itsege ka bonako. “Ke tsone tse di supang gore re teng,” go bolela jalo mongwe wa babulatsela. “Fa motlhokomedi wa kgoro a re bona re tla, o a e bula, a bo a re supetsa gore re tsene, a tlhaeletsa jaana: ‘Ke eo kereke ya dibaesekele!’” Ka dinako tse dingwe fa modisa a bona “kereke ya dibaesekele” e tla e mo lebile, o bula kgoro a bo a tlhaeletsa jaana: “Tsa Poland di pedi le se le sengwe sa China!” Go ba loma tsebe jalo go thusa babulatsela gore ba pagame dikepe ba tshotse dibuka tsa dipuo tse di tshwanetseng. Mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse ba ya koo ka nako e e tshwanetseng. Ka ntlha yang?
Go Eta ka Nako E E Tshwanetseng ka Molaetsa O O mo Nakong Sentle
Babulatsela ba kgona go bua le bathadisi fela mo boikhutsong jwa mo mosong le jwa thapama fa ba nwa kofi kana ka ura ya bone ya dijo tsa motshegare. Lefa go ntse jalo, moapei o dira diura tse di farologaneng, mme molaodi le baofisiri bone ba kgonwa go bonwa letsatsi lotlhe. Mo godimo ga moo, babulatsela ba ile ba lemoga gore dikepe tsa Boritane tse di emang kwa Rotterdam di dira go ya ka nako ya Boritane (e farologana le ya Se-Dutch ka ura e le nngwe), mo e leng gore badiri ba tsone ba ya go ja fa badiri ba eseng ba Boritane ba boela tirong. Go phepafetse gore mmulatsela yo o rerang fa boemakepeng o tshwanetse a nna le tshupanako e e dirang sentle.
Lefa go ntse jalo, a gone bathadisi ba a dumela go tlotla ka Bibela ka nako ya bone ya boikhutso? “Ka kakaretso fela, ke ba fitlhela e le batho ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi,” go bolela jalo Geert yo o dingwaga di 31. “Gongwe ba kgona go iponela ka matlho gore dipuso tsa batho di paletswe.” Ka sekai, bathadisi bangwe ba ne ba bolelela Geert gore mekgobekgobe ya dithoro tse ba kileng ba di folosa foo tsa Baithiopia ba ba bolawang ke tlala di ne di santse di le teng koo dikgwedi moragonyana fa ba ne ba tlile gape, mme ebile ka nako eo dithoro tseo di ne di bodile ebile di gasagantswe ke magotlo. “Ga go gakgamatse go bo bathadisi ba bantsi ba sa tlhole ba solofela sepe ka dipolotiki,” Geert o akgela jalo. “Ka jalo ba kgatlhiwa ke tsholofetso ya Bibela ya gore batho botlhe ba tla busiwa ke puso e le nngwe.”
Peter o dumalana le seo. “Molaodi mongwe wa Mojeremane o ne a bolela gore mo dingwageng di le lesome tse di fetileng bathadisi ba gagwe ba ne ba ka bo ba ile ba nkoba mo sekepeng, mme maemo a a fetogang a lefatshe a dirile gore ba kgatlhegele molaetsa ono o o mo nakong sentle wa Bibela.” Moapei mongwe wa Mo-Korea o ne a bolela gore ka nako ya ntwa ya Iran-Iraq, sekepe se segolo se a neng a dira mo go sone se se pegang ditanka tse dikgolo tsa diedi se ne sa thuntshiwa ke rokete mme sa shela mo Kgogometsong ya Persia. O ne a ikana gore fela fa a ka tshela o tla senka Modimo. O ne a falola. Ka nako ya fa babulatsela ba kopana le ene moragonyana kwa Rotterdam, o ne a batla dibuka tsotlhe tsa Se-Korea tse ba neng ba ka di mo tlisetsa.
Dikepe tse dintsi di nna fa boemakepeng malatsi a sekae. Seno se letla babulatsela go boa makgetlo a le mabedi, a le mararo kana go feta foo go tla go tsweledisa motlotlo wa Bibela pele ka diura tse eseng tsa tiro. Mo godimo ga moo, fa sekepe se na le mathata mo enjeneng, se ka nna foo ka dibeke tse tharo. “Khampani e nna le mathata,” go akgela jalo mmulatsela a nyenya, “mme seo se solegela tiro ya rona molemo.” Gape, go na le go tlotla fela ka Bibela, babulatsela gape ba bontsha di-slide tsa Mokgatlho tsa setlhogo se se reng “Bibela—Buka ya Kokomana Eno,” mo ntlong ya bojelo. Bathadisi bangwe le bone ba tla kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ba mo Rotterdam tse di tshwarwang ka dipuo tse dintsi tsa dinaga di sele. Go nna fela jaana go fitlha enjene e siama. Jaanong Dibibela di tshwanetse go tswalwa. Megala e a bofololwa, mme sekepe se tloga fa boemakepeng se bo se nyamela—mme eseng mo dikakanyong tsa babulatsela.
Dikgang Tse Di Kgothatsang tsa Bathadisi
Babulatsela ba ba dirang fa boemakepeng ba ela tlhoko dikepe tse di tsenang le tse di tswang tse ba kileng ba di etela ka go leba mo pampiring ya dikgang kana mo khomputareng ya batsamaisi ba boemakepe. Fela fa sengwe sa tsone se tla gape, babulatsela ba etela bathadisi go ya go utlwa gore go ne ga diragala eng fa esale ka loeto lwa bone lwa bofelo. Abo bathadisi ba ba bolelela dikgang tse di kgothatsang jang ne!
Mothadisi mongwe o ne a naya badiri ka ene ba le batlhano dikopi tsa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise fa sekepe sa bone se sena go tsena mo lewatleng, mme ba ne ba nna le thuto ya Bibela ka borataro jwa bone. O ne a gatisa kgaolo nngwe e e bolelang kaga botshelo jwa lelapa mo khaseteng mme a e tshameka kwa go jelwang teng gore badiri botlhe ba solegelwe molemo. Mo sekepeng se sengwe, mothadisi mongwe yo a neng a etetse Holo ya Bogosi kwa boemakepeng jo bo fa gaufi jwa Antwerp o ne a kgomaretsa pampiri e e nang le mafoko a a kwadilweng ditlhaka tse dikgolo a a reng “Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa” mo leboteng la kamore ya bojelo. Morago o ne a laletsa badiri ba bangwe gore ba tle fano ka nako ya fa a tla bo a tshwere thuto ya Bibela. Pele a folosa pampiri e kgolo eno o ne a laletsa badiri bano go tla kwa pokanong e e latelang. Mo bekeng e e latelang pampiri eo mmogo le badiri di ne di le teng gape.
Babulatsela ba ne ba fitlhela gape gore bathadisi ba bangwe ba ne ba se ka ba beela dibuka tsa bone kwa thoko. “Re ne re sa kgone go bona fa re ka nnang teng, fa re ne re tsena mo kamotshaneng ya ga Isaac, moofisiri wa radio wa kwa Afrika Bophirima,” go anela jalo Meinard. “Dimakasine, dibuka, le dikhonkhodense tsa Mokgatlho di ne di le gongwe le gongwe—di butswe.” Isaac gape o ne a na le lenaane la dipotso, ereka a ne a emetse gore babulatsela ba boe gape.
Lefa go ntse jalo, bangwe ba banna bano ba lewatle ga ba lete babulatsela go tla kwa go bone. Bosigo bongwe mogala wa ga Geert o ne wa lela a sena go ya go robala.
“Tota e ka ne e le mang ruri?” Geert o ne a bolela jalo fa a apaapa go tshwara seamogedi.
“Dumela, ke tsala ya gago!” go ne ga bolela jalo lentswe le le itumetseng.
Geert o ne a leka go akanya gore e ka ne e le mang.
“Tsala ya gago ya kwa sekepeng,” lentswe le ne la rialo.
“Ke ura ya boraro mo mosong!” Geert o ne a bolela jalo.
“Ee, mme o ntheile wa re ke go leletse fela fa sekepe sa rona se goroga mo Rotterdam gape. Ee, ke teng fano!” Ka bonako fela morago ga foo, Geert o ne a le mo tseleng go ya go kopana le tsala eno ya gagwe e e kgatlhegelang Lefoko la Modimo.
“Latlhèla Diyō tsa Gago”
Bathadisi ba kwalela babulatsela ba bolela gore ba itumelela dibuka tsa Bibela. Mafoko a a latelang a tserwe mo makwalong a bone:
‘Ke simolotse go bala buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise . . . Jaanong ke tlhaloganya dilo tse dintsi tse ke neng ke sa di tlhaloganye pele. Ke solofela gore sekepe sa rona se tla boela gape kwa Rotterdam.’—Angelo.
‘Ke ne ka bala buka ele, mme ke lo romelela dipotso gore lo di arabe fa lo nkwalela.’—Alberta.
‘Jaanong ke bala Bibela letsatsi le letsatsi. Ke itumelela go nna tsala ya gago. Go bo ke bone tsala e e nkaelang tsela e e yang kwa Modimong ke selo se se molemo go gaisa se se kileng sa diragala mo botshelong jwa me.’—Nickey.
Makwalo a a ntseng jalo a a omosang pelo a gakolola babulatsela ka seno seo Bibela e se bolelang mo go Moreri 11:1: “Latlhèla diyō tsa gago mo metsiñ: gonne u tla di bōna moragō ga malatsi a le mantsi.” Ba itumela fela thata fa banna bano ba lewatle ba ema mo letlhakoreng la ga Jehofa.
Ka sekai, Stanislav, mothadisi mongwe wa Mo-Poland, o ne a kgatlhiwa thata ke seo a neng a se ithuta mo dibukeng tsa Mokgatlho. O ne a itirela laeborari e nnye ya dibuka tsa Bibela ka bonako mme o ne a ithuta nngwe le nngwe ya tsone fa ba le mo lewatleng. “Fa a re kwalela gape,” go bolela jalo Meinard, “o ne a bolela gore o kolobeditswe.”
Folkert eleng motsamaisi wa seketswana sa mo gae se se tsamayang mo dinokeng kana mo dikanaleng o ne a utlwa molaetsa wa Bogosi la ntlha mo Rotterdam. O ne a tla fa boemakepeng ka lobaka lwa beke mo dikgweding dingwe le dingwe tse pedi a bo a ithuta Bibela malatsi a le supa a tlhomagane. Morago ga foo, pele a tsaya loeto lwa gagwe lo longwe gape lwa dikgwedi tse pedi, babulatsela ba ne ba mo naya lenaane la diaterese tsa Diholo tsa Bogosi tsa mafelo a a neng a a tsamaya. Folkert o ne a etela diholo tseno mme a kgatlhiwa thata ke go bona a amogelwa ka lorato. Go ise go e kae, motsamaisi yono wa seketswana o ne a kolobediwa mme jaanong o direla Jehofa ka botlhaga.
Mike, motlhankedi wa Masole a Boritane a Lewatle, o ne a kile a kopana le Basupi pele mme o ne a ntse a ithuta boammaaruri fa a ntse a le mo lewatleng. Ka nako nngwe fa sekepe sa ntwa se a neng a dira mo go sone se ne se eme kwa Rotterdam, o ne a dirisa baesekele ya gagwe e e phuthiwang go ya kwa Holong ya Bogosi. O ne a kgatlhiwa ke lorato le kutlwano tse a neng a di bona koo mme o ne a bolelela ditsala tsa gagwe gore o ne a sweditse gore o tlogela tiro. Le mororo a ne a saletswe ke dingwaga di le nne fela gore a amogele phenshene e ntsi, o ne a kgomarela tshwetso ya gagwe mme moragonyana o ne a kolobediwa.
Meinard o bolela jaana: “Botlhaga jwa ga Mike, Stanislav, Folkert le ba bangwe jwa go batla go direla Jehofa bo re tlhotlheletsa gore re nne re senke bathadisi ba ba tshwanang le bone mo boemakepeng.”
A O ka Nna le Seabe?
Fa ba leba kwa morago mo e ka nnang dingwaga di le lesome ba ntse ba rera mo go bongwe jwa maemakepe a magolo go gaisa mo lefatsheng, “barongwa ba boemakepe” ka borataro jwa bone ba dumela botlhe ka pelo yotlhe—kabelo eno e ne e gwetlha tota mme lefa go ntse jalo e duela. “Letsatsi lengwe le lengwe fa re sena go rera,” go sobokanya jalo Meinard, “re gatagata dibaesekele tsa rona re boela gae re utlwa tota gore bangwe ba bathadisi bale ba ne ba emetse loeto lwa rona.”
A go ka tswa go na le bathadisi ba ba emetseng go etelwa mo boemakepeng jwa lefelo la lona? Gongwe bagolwane ba mo lefelong la lona ba ka rulaganya ka tsela e e leng gore le wena o ka nna le seabe mo tirong eno e e gwetlhang mme e duela.
[Lebokoso mo go tsebe 20]
GO GABALELA DITSHIMO TSE TIRO E THIBETSWENG KWA GO TSONE
Mo ngwageng mongwe bosheng jaana, go ne ga tla dikepe di feta 2 500 mo Rotterdam go tswa kwa dinageng tse tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng teng. Mme babulatsela ba boemakepe ba ne ba bona seno e le tshono ya go gabalela ditshimo tseno ka molaetsa wa Bibela.
Mo sekepeng sa ntlha sa Asia se ba neng ba se etela, babulatsela ba ne ba tsamaisa dibuka tsotlhe tse 23 tse ba neng ba di tshotse, ba tlogela badiri ba bangwe ba sa itumela gonne ba ne ba sa bona dikopi dipe. Mosimane mongwe yo a neng a dira mo boapeelong mo sekepeng sengwe sa kwa Asia o ne a le kelotlhoko thata. Fa a sena go tsaya buka mo mmulatseleng mongwe, o ne a e busa e phuthetswe ka pampiri mme e kwadilwe aterese. Babulatsela ba ne ba tlhaloganya seno. Go ne go le kotsi thata gore mosimane yono a tsamaye ka buka eno. Mo go lone letsatsi leo mmulatsela yono o ne a romela buka eno kwa Botlhaba jo bo Kgakala.
Mothadisi mongwe wa sekepe se se neng se tswa kwa Afrika o ne a tshotse lenaane la dibuka tseo Basupi ba kwa gae ba neng ba di batla. Go tloga ka nako eo, nako le nako fa mothadisi yono a boela gae, sutukeisi ya gagwe e tladiwa ka dibuka. Mothadisi yo mongwe go tswa kwa nageng nngwe ya Afrika o ne a utlwile botlhoko tota fa mmulatsela yo a ithutang le ene a ne a mo naya dikopi di le tharo fela tsa buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. “Seno ga se sepe!” mothadisi yono o ne a tlhaeletsa jalo, a supa ka diatla gore o kgobegile marapo. “Bakaulengwe kwa gae ba tlhoka di le 1 000!” Babulatsela ba ne ba mo patelela gore a tseye di le 20 ka nako gore a se ka a tlhagelwa ke kotsi epe.
Gongwe sengwe se se neng sa ama babulatsela thata ke ka nako ya fa ba ne ba lemoga gore sekepe sengwe se ne se tswa kwa nageng eo Basupi ba bogisiwang ka ntlha ya dilo tse ba di dumelang, ebile ba bantsi ba bone ba ne ba latlhegetswe ke ditiro le matlo a bone. Fa ba ne ba lemoga gore modiri mongwe e ne e le Mosupi, ba ne ba ya kwa molaoding wa sekepe mme ba mo kopa gore a ba letle go romela dilo tse di tla thusang mo sekepeng sa gagwe. Molaodi o ne a dumela, mme malatsi moragonyana, go ne ga tla dikgetse di le lekgolo tsa diaparo, ditlhako, le dilo tse dingwe go romelwa kwa Basuping ba naga eo.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
PONO YA MOSADI MONGWE KAGA GO RERA GO TSWA MO SEKEPENG SE SENGWE GO YA KWA GO SE SENGWE
“Kwa tshimologong, ke ne ka ikgogona go tsamaya le Peter,” go gakologelwa jalo Karin, yo e leng ene mosadi fela mo babulatseleng bao, “gonne ke ne ke utlwilwe go twe bathadisi gantsi ba bodipa ebile ba nwa thata. Lefa go ntse jalo, ke ile ka fitlhela bontsi jwa bone ba le botsalano. Gantsi, fa mothadisi a sena go utlwa gore re nyalane, o ntsha setshwantsho sa mosadi wa gagwe le bana a bo a simolola go bua ka lelapa la gagwe. Ka tsela eo, re ile ra kgona go tsamaisa dikopi tse dintsi tsa buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa.”
Fa re etela dikepe jaaka monna le mosadi go nna motlhofo gore re bue le basadi ba bathadisi le basadi bangwe ba ka dinako dingwe ba dirang jaaka baoki. “Gantsi ba ikgogona go bua le batho ba ba sa ba itseng,” go bolela jalo Karin, “mme fa ba mpona, ba rata go tlotla.”
Ke eng se se neng se gwetlha thata mo kabelong ya gagwe? “Dillere tsa megala,” Karin o a araba. “Ke ne ke ila dilo tse di temekang tseo tota.” A o ne wa kgona go fenya go di boifa? “Ee. Ka nako nngwe fa ke ne ke okaoka go pagama e nngwe, setlhopha sa bathadisi ba ba tswang kwa Paraguay se ne sa nteba sa bo se tlhaeletsa jaana: ‘O tla kgona. Ikanye Modimo fela.’ Legale,” go bolela jalo Karin a tshega, “fa ba sena go rialo go ne go sena sepe se nka se dirang fa e se go pagama fela.” Monna wa gagwe o bolela jaana a le motlotlo: “Dingwaga tse nne di fetile mme o pagame dillere tse dintsi morago ga foo mo jaanong a di pagamang jaaka mothadisi.”
Karin le monna wa gagwe, Peter, ba ne ba ya kwa tlelaseng ya bo 89 ya Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade kwa United States. Ba ne ba ya kwa kabelong ya bone e ntšha ka September 28, 1990, kwa Ecuador, naga e e nang le boemakepe. Ba tla ikutlwa ba le kwa gae tota.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
A O MOTHADISI?
A o batla go ya kwa dipokanong tse di tshwarwang ka puo ya Seesemane tsa Basupi ba ga Jehofa fa sekepe sa lona se eme mo bongweng jwa maemakepe a magolo mo lefatsheng? He tshola lenaane leno la diaterese tsa jaanong tsa Diholo tsa Bogosi le dinako tsa dipokano mo go wena:
Hamburg, Schellingstr. 7-9; Matlhatso, 4:00 p.m.; mogala: 040-4208413
Hong Kong, 26 Leighton Road; Sontaga, 9:00 a.m.; mogala: 5774159
Marseilles, 5 Bis, rue Antoine Maille; Sontaga, 10:00 a.m.; mogala: 91 79 27 89
Naples, Castel Volturno (40km kwa bokone jwa Naples), Via Napoli, corner of Via Salerno, Parco Campania; Sontaga, 2:45 p.m.; mogala: 081/5097292
New York, 512 W. 20 Street; Sontaga, 10:00 a.m.; mogala: 212-627-2873
Rotterdam, Putsestraat 20; Sontaga, 10:00 a.m.; mogala: 010-41 65 653
Tokyo, 5-5-8 Mita, Minato-ku; Sontaga, 4:00 p.m.; mogala: 03-3453-0404
Vancouver, 1526 Robson Street; Sontaga, 10:00 a.m.; mogala: 604-689-9796