LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 4/1 ts. 16-19
  • A O Na le tumelo E E Tshwanang le ya ga Elija?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Na le tumelo E E Tshwanang le ya ga Elija?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi Jo Bo Boikepo jwa Ditso Tse Some
  • Elija O Itsise Kaga Leuba
  • Tumelo Eo E Bontshiwang ka go Latela Kaelo
  • Jehofa O A Tlamela Ebile O A Tshedisa
  • “Modimo wa Me Ke Jehofa”
  • O ne A Ntsha Matlho Dinameng Mme a Leta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • O ne A Nna a Disitse Mme a Leta
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 4/1 ts. 16-19

A O Na le tumelo E E Tshwanang le ya ga Elija?

GOMPIENO batho ba koafatsa tumelo. Batlhalefi ba nyatsa gore Modimo o teng. Baitimokanyi ba bodumedi ba sotla ka Modimo. Mme batho ba ba sa tlhoafalelang bodumedi ba tswelela pele go itshwara jaaka ekete Modimo tota ga se motho wa sepe. Lefa e ka tswa e le gore maikutlo ano a tshosa motho, kana a mo kgoba marapo, kana a mo tsenya moya wa go sa amege, fela matswela a a tshwana: Tumelo ya gagwe e a phutlhama. Ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a bitsa go tlhoka tumelo a re ke “boleo yo bo bohehō go re rareètsa”!—Bahebera 12:1.

Gongwe ke lone lebaka la go bo Paulo a ne a leka ka natla gore a dire gore re ele tlhoko matshelo a banna le basadi ba ba neng ba na le tumelo e e nonofileng. (Bahebera, kgaolo 11) Dikai tse di ntseng jalo di ka re tlhotlheletsa mme tsa nonotsha tumelo ya rona. Ka sekai, a re tlhatlhobeng moperofeti Elija, re tlhokomele fela karolo e e kwa ntlheng ya tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe ya boperofeti eo e ileng ya tsaya nako e telele ebile e tletse ka ditiragalo di le dintsi. O ne a tshela ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Ahabe le mosadi wa gagwe wa moheitane, Mohumagadi Jesebele, ka nako ya fa tumelo mo Modimong wa boammaaruri e ne e phutlhama, jaaka go ntse gompieno.

Bogosi Jo Bo Boikepo jwa Ditso Tse Some

Abo batho bano ba babedi e ne e le diyathoteng di bapile jang ne! Ahabe e ne e le kgosi ya bosupa ya Bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse some. Lefa dikgosi tse thataro tse di busitseng pele ga gagwe di ne di le boikepo, Ahabe ene o ne a le boikepo go gaisa. Ga a ka a tsweledisa kobamelo e e boikepo ya naga eo ya go obamela namane fela, mme gape o ne a nyala morwadia kgosi ya naga e sele ebong Jesebele, ka go rialo a lere mofuta wa go obamela modimo wa maaka ebong Baale o o maswe go gaisa o o neng o ise o ke o bo o nne mo nageng eo.—1 Dikgosi 16:30-33.

Jesebele o ne a ile a tsenelela thata mo kobamelong ya ga Baale go tloga ka nako ya fa a santse a le monnye. Rraagwe ebong Ethebaale, moperesite wa ga Ashetarotha (mosadi wa ga Baale), o ne a bolaile batho bangwe gore a tle a nne kgosi ya Sidona, bogosi jo bo neng bo le kafa bokone fela jwa Iseraele. Jesebele o ne a tlhotlheletsa monna wa gagwe yo e neng e le motho yo o bokoa gore a tlhome kobamelo ya ga Baale mo Iseraele. Ga go a ka ga tsaya lobaka, ga bo go setse go na le baperofeti ba le 450 ba modimo oo wa maaka le baperofeti ba le 400 ba modimogadi Ashera mo nageng eo, botlhe ba jela mo lomating lwa kgosi lwa bojelo. Abo kobamelo ya bone e ne e le makgapha fa pele ga Modimo wa boammaaruri ebong Jehofa jang ne! Ditshwantsho tsa kobamelo ya dirwe tsa tsalo, mediro ya go rapelela tsalo, diaka tsa mo tempeleng (banna le basadi), le eleng go ntshiwa ga bana ditlhabelo—dilo tse di ntseng jalo di ne di tlhaola bodumedi jono jo bo tsuologang. Ahabe o ne a bo letla gore bo anamele mo nageng ya gagwe yotlhe bo sa thibelwe ke sepe.

Baiseraele ba le dimilionemilione ba ne ba lebala Jehofa, Mmopi wa lefatshe le modikologo wa lone wa metsi. Kafa bone ba neng ba akanya ka gone Baale e ne e le ene a segofatsang naga ka go nesa pula morago ga motlha wa komelelo. Ngwaga le ngwaga ba ne ba leba ka tsholofelo go ‘Mopagami yono wa Maru,’ ene yo ba neng ba re ke modimo wa tsalo le paka ya dipula gore a tle go khutlisa komelelo. Ngwaga le ngwaga, pula e ne e na. Ngwaga le ngwaga, go ne go lebogwa Baale.

Elija O Itsise Kaga Leuba

Re simolola go utlwa kaga Elija mo e ka nnang kwa bokhutlong jwa paka e telele ya selemo e go neng go sena pula ka yone, nako e batho ba neng ba tloga ba solofela gore Baale o tla nesa pula e e lereng botshelo.a O tsena mo rekotong ya Bibela ka tshoganetso fela jaaka go itaya ga legadima. Re bolelelwa go le gonnye fela kaga go godisiwa ga gagwe, ga re bolelelwe sepe kaga batsadi ba gagwe. Mme lefa go ntse jalo go farologana le legadima, Elija o ne a sa tshwantshetse gore pula e ne e tla na matsorotsoro. O ne a itsise Ahabe jaana: “Yaka Yehofa, Modimo oa Iseraela, a tshedile, eo ke èmañ ha pele ga gagwè, ga go ketla go na monyō leha e le pula ka dinyaga tseno, ha e se kaha lehokuñ ya me.”—1 Dikgosi 17:1.

A ko o akanye ka monna yono, a apere diaparo tsa selegae tsa maudi. Ke monni wa kwa dithabeng tse di makeketa tsa kwa Gileade, mme o ka nna a bo a godisitswe le badisa ba maemo a a kwa tlase ba matsomane. O ema fa pele ga ga Ahabe, kgosi e e maatla, gongwe a le mo teng ga lone lelapa la gagwe le legolo la segosi, le le nang le ntlo ya gagwe e e itsegeng e e dirilweng ka lonaka lwa tlou, le mekgabisa ya lone e e tlhwatlhwakgolo ebile e le ya mofuta wa yone fela le ditshwantsho tse dikgolo tsa medimo. O bolelela Ahabe gore modimo o wa gagwe, Baale yo, ga o na maatla, ga se sepe, a mmolelela a le mo motseng ono o o sireleditsweng o banni ba one ba nnang ba tshwaregile wa Samaria, koo go obamela Jehofa go setseng go lebetswe. Elija o bolela gore mo ngwageng ono le mo dingwageng tse di tla tlang, pula ga e ketla e na, lefa e le monyo!

O tsere kae tumelo e e kalokalo? A o ne a sa tshoga, a eme fa pele ga kgosi eno e e ikgantshang, ya motenegi? Gongwe. Morago ga dingwaga di feta sekete, monnawe Jesu ka mmaagwe Jakobo o re tlhomamisetsa gore Elija e ne e le “motho eo o maikutlō a a chwanañ le a rona.” (Yakobe 5:17) Mme lefa go ntse jalo ela tlhoko mafoko a ga Elija: “Yaka Yehofa, Modimo oa Iseraela, a tshedile, eo ke èmañ ha pele ga gagwè.” Elija o ne a nna a gopotse gore jaaka motlhanka wa ga Jehofa, o ne a eme fa pele ga setulo sa bogosi se se kwa godimo thata go feta sa ga Ahabe—setulo sa bogosi sa Morena Molaodi wa lobopo! E ne e le moemedi, morongwa, wa setulo seo sa bogosi. Fa a leba dilo jalo, o ne a ka boifa eng mo go Ahabe, mmusi wa motho fela yo o senang maatla a a kalo yo a neng a sa tlhole a segofadiwa ke Jehofa?

Ga go a ka ga itiragalela fela gore Jehofa e nne motho wa mmatota jaana mo go Elija. Kwantle ga pelaelo moperofeti yono o ne a ithutile rekoto ya ditirisano tsa Modimo le batho ba Gagwe. Jehofa o ne a kile a tlhagisa Bajuda gore fa ba ne ba ka simolola go obamela medimo ya maaka o ne a tla ba otlhaya ka leuba le tlala. (Duteronome 11:16, 17) Ka go tshepa gore ka metlha Jehofa o diragatsa seo a se buileng, Elija o ne “a rapèla ka thata gore pula e se ne.”—Yakobe 5:17.

Tumelo Eo E Bontshiwang ka go Latela Kaelo

Lefa go ntse jalo, ka nako eo mafoko a ga Elija a ne a mo tsenya mo kotsing ya go bolawa. E ne e le nako e go neng go tlhokega karolo e nngwe ya tumelo ya gagwe. E le gore a tswelele pele a tshela, o ne a tshwanetse gore a ikanyege fa a latela ditaolo tsa ga Jehofa: “Tloga mono, me u menogèlè ntlheñ ea botlhabatsatsi, u eè u iphitlhè ha molacwaneñ oa Keritha, o o lebaganyeñ le Yoredane. Me go tla dihala, go re, u tla nwa molacwana ouō; me ke laotsè mahukubu gore a gu otlèlè gōna.”—1 Dikgosi 17:3, 4.

Elija o ne a dira jalo ka yone nako eo. Fa a ne a batla go falola leuba le tlala tseo di neng di wetse naga ya gaabo, o ne a tla tshwanelwa ke gore a ikaege ka sengwe le sengwe se Jehofa a neng a tla se mo direla. Seno se ne se se motlhofo le eseng. Go ne go tla raya gore a iphitlhe, a sa tshele le batho dikgwedi ka go latelana ga tsone. Go ne go tla raya gore a je nama le senkgwe tseo a neng a tla di tlisediwa ke mahukubu—dinonyane tse di jang nama e e bodileng tseo Molao wa ga Moshe o neng o re ga di phepa—le gone a ikanya Jehofa gore nama eo e ne e sa bola mme e ne e le nama e e tsholotsweng madi sentle go dumalana le molao. Kgakgamatso eno e lebega e ka se ke e direge tota mo eleng gore batho bangwe ba ba akgelang ka Bibela ba akantsha gore lefoko la ntlhantlha fano le tshwanetse la bo le ne le kaya “Maarabia” mme eseng “mahukubu.” Mme lefa go ntse jalo mahukubu a ne a tlhophilwe sentle. Ga go na ope yo o neng a ka belaela gore dinonyane tseno tsa maemo a a kwa tlase tse di seng phepa tseo di neng di fofela kwa nageng di tshotse manathwana a tsone a dijo tota di ne di isetsa Elija dijo, motho yo a neng a batliwa mo magosing otlhe a a fa gaufi ke Ahabe le Yesebele!—1 Dikgosi 18:3, 4, 10.

Fa leuba le ntse le tswelela pele, Elija o ka nna a bo a ile a tshwenyega thata kaga metsi ao a neng a a nwa a molatswana wa Keritha. Bontsi jwa melatswana ya Iseraele bo a kgala ka nako ya leuba, mme e ne ya re “lobakanyana lo sena go heta,” ono le one o ne wa kgala. A o kgona go akanya gore Elija o ka nna a bo a ile a ikutlwa jang fa metsi a kgala ka bonya ka bonya makadiba le one a ntse a ya kwa tlase letsatsi le letsatsi? Kwantle ga pelaelo o tshwanetse a bo a ile a ipotsa gore go ne go tla direga eng fa metsi a sena go fela. Lefa go ntse jalo, Elija ka boikanyegi o ne a se ka a tsamaya. Jehofa o ne a mo neela ditaelo tse dingwe gape fa molapo o sena go kgala. Moperofeti o ne a bolelelwa gore a ye kwa Sarefatha. O ne a tla feta a tlhokomelwa mo legaeng la motlholagadi mongwe gone koo.—1 Dikgosi 17:7-9.

Sarefatha! Toropo eno e ne e le ya motse wa Sidona, koo Jesebele a neng a tswa gone ebile e le koo rraagwe a ileng a nna kgosi gone! A e ne e tla bo e se go itsenya mo kotsing? Elija o ka nna a bo a ile a ipotsa jalo. Mme lefa go ntse jalo ‘o ne a nanoga a tsamaya.’—1 Dikgosi 17:10.

Jehofa O A Tlamela Ebile O A Tshedisa

E ne ya re go ise go ye kae o ne a duelwa ka ntlha ya go utlwa ga gagwe. O ne a kopana le motlholagadi fela jaaka go ne go boleletswe pele, mme o ne a fitlhela a na le tumelo ya mofuta o o neng o seyo gotlhelele mo bathong ba kwa gaabo. Motlholagadi yono wa mohumanegi o ne a na le boupe le lookwane tse di neng di lekane fela gore a itirele dijo tsa bofelo le morwawe. Lefa go ntse jalo, le mororo a ne a tlhoka mo go kalokalo, o ne a dumela go direla Elija senkgwe pele, a tshepa gore tsholofetso ya gagwe e ne e tla diragadiwa ya gore fa fela a santse a tlhoka, Jehofa o ne a tla boloka kurwana ya gagwe ya lookwane e ntse e na le lookwane le nkgwana ya gagwe ya boupe e ntse e na le boupe. Ga go gakgamatse go bo Jesu Keresete a ne a bua ka sekao sa motlholagadi yono sa go nna le tumelo fa a ne a kgala Baiseraele ba ba senang tumelo ba motlha wa gagwe!—1 Dikgosi 17:13-16; Luke 4:25, 26.

Lefa go ntse jalo, le mororo kgakgamatso eno e ne e dirilwe, motlholagadi yono le Elija ba ne ba tloga ba lekwa tumelo tota. Morwa wa motlholagadi o ne a swa fela ka tshoganetso. Ka go tlalelwa, motlholagadi o ne a akanya fela gore seru seno se ne se lerilwe ke Elija, ene “motho oa Modimo.” O ne a ipotsa gore a o ka tswa a otlhaelwa boleo bongwe jo a kileng a bo dira. Mme lefa go ntse jalo Elija o ne a tsaya ngwana yo o suleng mo diatleng tsa gagwe a mo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo. O ne a itse gore Jehofa o ne a ka dira se se fetang go tlamela fela. Botshelo ka bojone bo tswa mo go Jehofa! Ka jalo Elija o ne a rapela ka tlhoafalo ebile a rapela gantsintsi gore ngwana a boe a tshele gape.

Elija e ne e se motho wa ntlha go dumela ka tsela e e ntseng jalo mo tsogong, mme lefa go ntse jalo mo rekotong ya Bibela, ke ene wa ntlha go dirisiwa go tsosa mongwe. Mosimane o ne “a rulwa”! Tsela e mmaagwe a neng a itumetse ka yone e tshwanetse ya bo e ne e le sengwe se se kgatlhang fa Elija a tlisa morwawe kwa go ene a bo a bua mafokonyana ano: “Bōna, morwao o tshedile.” O ne a bolela jaana, kwantle ga pelaelo a lela: “Yanoñ kea itse ha u le motho oa Modimo, le go re, lehoko ya ga Yehofa mo molomuñ oa gago ke boamarure.”—1 Dikgosi 17:17-24.

“Modimo wa Me Ke Jehofa”

Abo go ama pelo jang ne, ebile go tshwanela, gore leina la ga Elija le bo le raya gore “Modimo wa Me Ke Jehofa”! Ka nako ya leuba le tlala, Jehofa o ne a mo fa dijo le dino; ka nako ya fa a tlaletswe gore o tshwanetse a dira eng, Jehofa o ne a mo neela kaelo e e utlwalang; ka nako ya loso, Jehofa o ne a mo dirisa gore a rudise motho a sule. Mme go bonala gore nako le nako fa go ne go tlhokega gore Elija a bontshe tumelo mo Modimong wa gagwe—ka go Mo ikanya gore a mo fe seo a se tlhokang, ka go latela ditaelo tsa Gagwe, ka go ikaega ka ene gore A galaletse leina la Gagwe—o ne a duelwa ka ditsela tseo di neng di mo fa mabaka a a oketsegileng a gore a ikanye Jehofa. Go ile ga tswelela pele go nna fela jalo fa a ntse a tswelela pele a amogela dikabelo tse di boima ebile di tshosa tse di tswang kwa Modimong wa gagwe, Jehofa; ebile tota, o ne a santse a tla dira dikgakgamatso tse di gakgamatsang go gaisa.—Bona 1 Dikgosi, kgaolo 18.

Go ntse fela jalo le ka batlhanka ba ga Jehofa gompieno. Re ka nna ra bo re sa fiwe dijo ka kgakgamatso kana re sa dirisiwe go tsosa mongwe yo o suleng; motlha o re leng mo go one ga se wa go dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, Jehofa ka boene ga a ise a fetoge lefa e le go le gonnye fa e sale ka motlha wa ga Elija.—1 Bakorintha 13:8; Yakobe 1:17.

Le rona re ka nna ra fiwa dikabelo dingwe tse di tlhokang bopelokgale, ditshimo tse di boima le tse di tshosang tseo re tshwanetseng go di isetsa molaetsa wa Modimo. Le gone re ka nna ra lebana le pogiso. Re ka nna ra bo ra nna mo tlaleng. Mme lefa go ntse jalo mo bathong ba ba ikanyegang le mo phuthegong ya gagwe yotlhe fela, Jehofa o ile a supa gangwe le gape gore o santse a kaela le go sireletsa batlhanka ba gagwe. O santse a ba neela maatla a gore ba dire ditiro lefa e ka nna dife tseo a di ba neetseng. Ebile o ntse o ba thusa go itshokela diteko dipe fela tseo ba nnang le tsone mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego.—Pesalema 55:22.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Jesu le Jakobe ba bolela gore pula ga e a ka ya na mo nageng eo ka “dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro.” Lefa go ntse jalo, gatwe Elija o ne a ya kwa go Ahabe go ya go khutlisa leuba “mo ñwageñ oa boraro”—kwantle ga pelaelo go balwa go tloga ka letsatsi le a itsisitseng ka lone gore go tla nna leuba. Ka jalo, o tshwanetse a bo a ile a ema fa pele ga ga Ahabe morago ga lobaka lo loleele pula e ntse e sa ne.—Luke 4:25; Yakobe 5:17; 1 Dikgosi 18:1.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o dumela fela jaaka Elija gore, Jehofa o tla neela batlhanka ba gagwe dilo tseo ba di tlhokang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela