A Dithulaganyo Tse Di Dirilweng Tsa go Lere Polokesego Mo Merafeng Yotlhe Di Tla Atlega?
“NTWA ya Molomo, eo matlho a lefatshe lotlhe a sa bolong go e leba ka dingwaga tse di fetang 40, go lebega jaanong e fedile ka thuso ya Modimo,” go bolela jalo One World, makasine wa WCC (World Council of Churches). “Dilo tse di tlhomologileng tse di diragalang mo Yuropa Bogare le Yuropa Botlhaba . . . go lebega di bontsha gore kagiso le polokesego di tla tla mo Yuropa le mo lefatsheng lotlhe,” go oketsa jalo mokwadi wa Anglican ebong John Pobee, wa Thulaganyo ya WCC ya Thutabodumedi.
Baemedi ba WCC ga se bone fela ba amanyang Modimo le dithulaganyo tse motho a di dirileng tsa go lere polokesego mo merafeng yotlhe. Ka April 1991, moragonyana fela ga ntwa eo e neng e lwelwa kwa Kgogometsong ya Persia, Mopapa John Paul o ne a romela molaetsa kwa go yo e neng e le mokwaledimogolo wa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ka nako eo ebong Javier Peréz de Cuéllar o mo go one a neng a re: “Bobishopo ba Dikereke tsa Katoliki tsa Botlhaba Gare le tsa Bophirima ba ikantse tiro ya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng . . . Ba solofela gore, ka thuso ya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le makgotla a yone a a bopetsweng ditiro tse di rileng, bao ntwa ya bosheng e ba humanegisitseng thata ga ba ketla ba tlhoka go tlhomogelwa pelo ke merafe yotlhe ebile ba tla bona e nna seoposengwe.”
Mo godimo ga moo, Vatican e ne e le nngwe ya Dinaga tse 35 tseo di neng tsa dira tsa bo tsa saena Tumalano ya Helsinki ya 1975 le Lekwalo la Stockholm la 1986. Fa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le ne le bolela gore 1986 e tla nna “Ngwaga ya Kagiso ya Meraferafe,” mopapa o ne a arabela ka go laletsa baemedi ba ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe gore ba nne le seabe mo go ketekeng “Letsatsi la Lefatshe Lotlhe la go Rapelela Kagiso.” Ka October 1986, baemedi ba ditumelo tsa Bobuda, Bohindu, Boiselamo, Boshinto, Anglican, Lutere, Greek Orthodox, Bojuda, le ditumelo tse dingwe ba ne ba nna mmogo kwa Assisi, kwa Italy, mme ba ne ba refosana go rapelela kagiso ya lefatshe lotlhe.
Dingwaga moragonyana, mo therong eo a neng a e dira kwa Roma, Archbishop of Canterbury wa Anglican o ne a gakologelwa tiragalo e e fa godimo eno. “Kwa Assisi,” o ne a rialo, “re ne ra bona gore Bishopo wa Roma [mopapa] o ne a kgona go kokoanya Dikereke tsa Bokeresete mmogo. Re ne ra kgona go rapela mmogo, go bua mmogo le go dira mmogo gore batho ba nne le kagiso mme ba tshele sentle . . . Mo kgatong eo ya ntlha ya go rapelela kagiso ya lefatshe lotlhe ke ne ka utlwa ekete Modimo o ne o le teng one o o neng wa re ‘Bonang ke dira selo se sesha.’”
Ditumelo tse dingwe, le mororo di ne di sena baemedi kwa Assisi, le tsone di solofela gore dithulaganyo tse motho a di dirileng go lere polokesego mo merafeng yotlhe di tla atlega. Karolo nngwe go Die Kerkbode, lekwalopaka la semmuso la Kereke ya Afrika Borwa ya Dutch Reformed, le ne la re: “Re fetogela mo tsamaisong e ntšha ya lefatshe. Seo mo dingwageng di sekae tse di fetileng se neng se lebega ekete le ka motlha se ka se direge jaanong se diragala fa pele ga matlho a rona. Go agisana go go diregang mo karolong e kgolo ya lefatshe fa gare ga Soviet Union le Bophirima go botlhokwa thata mo mafelong ao. Mo karolong ya rona ya lefatshe, batho bao pele ba neng ba sa utlwane le bao e neng e le baba ba ba itaanang ka noga e utlwa ba a buisana mme gongwe le gongwe go tlhoafaletswe gore go nne le ‘kagiso’ . . . Fa re leba dilo ka tsela ya Bokeresete, maiteko otlhe a go lere kagiso fa gare ga batho a tshwanetse go amogelwa. Re ka rapelela gore go nne le kagiso mo motlheng wa rona.”
A Modimo o segofatsa dithulaganyo tse motho a di dirang go lere polokesego mo lefatsheng lotlhe?
Bibela ya Reng?
Fa e bua kaga go ikaega ka maiteko a motho, Bibela e neela tlhagiso jaana e tlhamaletse: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna. Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlelō a gagwè a nyèlèle.” (Pesalema 146:3, 4) Kgatelopele eo e dirwang gone jaanong mo maitekong a go lere kagiso e ka lebega e kgothatsa. Mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra tsaya dilo jaaka di ntse. Batho ga ba na nonofo e kgolo. Gantsi, ditiragalo di a ba fekeetsa. Ga se gantsi ba kgonang go lemoga megopolo ya boferefere, maatla a a fitlhegileng, ao a feretlhang dithulaganyo tsa bone tse ba di dirang ka botswerere.
Dingwaga di le makgolo a supa pele ga motlha wa ga Jesu, mo metlheng ya ga moperofeti Isaia, baeteledipele ba Sejuda ba ne ba rulaganya gore go nne le polokesego ka go dira ditumalano le dinaga tse di fa gaufi ka tsela e e tshwanang le se se diregang gompieno. Mo malatsing ao, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ema nokeng seo se neng se dirwa ke boradipolotiki. Mme lefa go ntse jalo Isaia o ne a tlhagisa jaana: “Logang leano, mme le tla phatlakanngwa! Buang lefoko lepe fela, me ga le ketla le atlega.” (Isaia 8:10, NW) Leano la bone le ba neng ba le logile le ne la palelwa tota. A go ka nna ga direga sengwe se se tshwanang le seo gompieno?
Ee, se ka direga, ka gonne Modimo o ne a itsise, a dirisa ene moperofeti yoo, gore O na le tsela ya Gagwe eo a tla lereng polokesego ka yone mo lefatsheng. Ga e kitla e nna ka lekgotla lepe la batho, mme e tla nna ka setlogolwana sa kgosi ya Iseraele ebong Dafide. (Isaia 9:6, 7) Moruaboswa yono wa ga Kgosi Dafide ke Jesu Keresete, yo e rileng a bodiwa ke Ponto Pilatwe, a dumela gore e ne e le Kgosi mme fela a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.” (Yohane 18:36; Luke 1:32) Ebile tota, Bogosi jwa ga Jesu e ne e tsile go nna jwa selegodimo. Mme ke jone—eseng Lekgotla la Merafe E E Kopaneng kana morafe ope wa lefatshe wa bopolotiki—o o neng o tla lere polokesego e e tla nnelang ruri, ya boammaaruri mo lefatsheng leno.—Daniele 2:44.
Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore Bogosi jwa gagwe bo ne bo tla simolola go busa go tswa kwa magodimong ka nako ya fa go ne go tla bo go na le “dintwa le medumō ea dintwa,” ‘morafe o tsogologela morafe le bogosi bo tsogologela bogosi.’ Go diragadiwa ga boperofeti go supa fa 1914 e ne e le nako e seno se neng sa direga ka yone mme go bontsha gore dingwaga tsa fa e sale go tloga foo ke “bokhutlō yoa lehatshe.”—Mathaio 24:3, 6-8.
Seno se raya eng? Gore nako e e santseng e saletse tsamaiso ya gompieno ya lefatshe e khutshwane, ebile e tloga e fela. A seo ke sengwe se se ka bakang go tlhobaela kana go hutsafala? Eseng fa re santse re gakologelwa bosetlhogo, tsietso, kgatelelo, dintwa, le matshwenyego otlhe a tsamaiso eno ya dilo. Eleruri re tla gololesega fa re le kafa tlase ga molaodi yo Lefoko la Modimo, Bibela le bolelang jaana kaga gagwe: “Mōea oa ga Yehofa o tla nna mo go èna, mōea oa botlhale le oa tlhaloganyō, mōea oa kicō le oa go boiha Yehofa.”—Isaia 11:2.
Polokesego ya Mmatota mo Lefatsheng
Ka boammaaruri ga go kake ga nna le polokesego ya mmatota mo lefatsheng go fitlha fa polelelopele ya ga Isaia e diragadiwa mo lefatsheng lotlhe fa go setse go busa Bogosi jwa Modimo: “Ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.” (Isaia 65:17) Go sa kgathalesege gore baeteledipele ba bodumedi ba rapelela lefatshe leno dithapelo di le kae, dithulaganyo tse motho a di dirang go lere polokesego mo merafeng yotlhe ga di kake tsa emisetsa tsela ya Modimo ya go lere kagiso le polokesego.
Polokesego ya lefatshe lotlhe, e e nnelang ruri eo e tla tlisiwang ke Bogosi jwa Modimo e tla bo e galalela. Ano ke mangwe a mafoko ao a e tlhalosang ao a fitlhelwang mo Bibeleng: “Ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bōnè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.”—Mika 4:3, 4.
Polokesego eo e tlisiwang ke Modimo ka boene ke yone fela e ka nnelang ruri ya bo ya ikanyega. Ka jalo, go na le go tshepa magosana, ke ka ntlha yang fa o sa tshepe ene? Ka gone o tla fitlhela mafoko ano a mopesalema a le boammaaruri: “Go segō èna eo Modimo oa ga Yakoba e leñ thushō ea gagwè; eo cholohèlō ea gagwè e leñ mo go Yehofa, Modimo oa gagwè: O o dihileñ legodimo le lehatshe, lewatlè, le cotlhe tse di mo go cōna; o o tshegetsañ boamarure ka bosakhutleñ.”—Pesalema 146:5, 6.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Kereke ya Katoliki le Dipolotiki tsa Merafe Yotlhe
“Lemororo Keresete a rile bogosi jwa gagwe e ne ‘e se jwa lefatshe jeno,’ baruti ba maemo a a kwa godimo le bomopapa jaaka setlhopha ba ile ba nna le seabe se segolo mo dikgogakgoganong tsa bopolotiki tsa merafe yotlhe le tsa merafe e e rileng fa e sale go tloga ka motlha wa ga Constantine.”—The Catholic Church in World Politics, e e kwadilweng ke Perofesara Eric Hanson wa Yunibesiti ya Jesuit Santa Clara.