Mpho E E Tswang mo go Jehofa ya Moya O O Boitshepo
“Bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.”—LUKE 11:13.
1, 2. (a) Jesu o ne a solofetsa eng kaga moya o o boitshepo, mme ke ka ntlha yang fa seno eleruri se gomotsa? (b) Moya o o boitshepo ke eng?
E NE ya re ka letlhafula la ngwaga wa 32 C.E. fa Jesu a ne a rera mafoko a a molemo kwa Judea, o ne a bolelela balatedi ba gagwe kaga bopelotshweu jwa ga Jehofa. O ne a dirisa ditshwantsho dingwe tse di maatla go tswa foo o ne a dira tsholofetso e e molemo, a re: “Ha lona, lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō; bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lopañ Mōea o o Boitshèpō.”—Luke 11:13.
2 Abo mafoko ao a gomotsa jang ne! Jaaka fa re ntse re itshokela khuduego ya metlha ya bofelo ya lefatshe leno, re emelana le go ilwa ke Satane le badimona ba gagwe, gape re lwa le ditshekamelo tsa rona tsa go sa itekanela, go tota go gomotsa go itse gore Modimo o tla re nonotsha ka moya wa gagwe. Eleruri, go ka se kgonege go itshoka ka boikanyegi kwantle ga tshegetso eo. A o ile wa itemogela maatla a moya ono, o e leng maatla a a dirang a Modimo ka boene? A o tlhaloganya gore o ka go thusa go le kana kang? A o o dirisa ka botlalo?
Maatla a Moya O O Boitshepo
3, 4. Tshwantsha kafa moya o o boitshepo o leng maatla ka gone.
3 Sa ntlha ela tlhoko maatla a moya o o boitshepo. Akanya ka seo se diragetseng morago kwa ka 1954. Ke ka nako ya fa bomo ya hydrogen e ne e thuntshiwa mo Setlhaketlhakeng sa Bikini kwa South Pacific. E ne ya re ka ponyo ya leitlho fela morago ga go thunya ga bomo eo, setlhaketlhake se sentle seo se ne sa hupediwa ke molelo o mogolo o o tutumang mme sa ntaakwa ke go thunya mo go lekanang ka maatla le go thunya ga ditone tse di dimilione di le 15 tsa setuki sa TNT. Maatla a a kalo kalo a a senyang a ne a tswa kae? A ne a nnile gone ka go fetola karolwana e potlana fela ya uranium le hydrogen gore e nne maatla e le digase tseo di neng di bopa moko wa bomo eo. Lefa go ntse jalo, go ne go ka direga eng fa borasaense ba ne ba ka dira se se farologaneng gotlhelele le seo ba neng ba se dirile kwa Bikini? A re re fa ba ne ba ka goboka maatla ao a a fisang mme ba a fetola go nna uranium le hydrogen tsa bokete jwa dikilogarama di sekae. Abo ba tla bo ba ne ba fitlheletse sengwe se segolo jang ne! Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira sengwe se se tshwanang le seo mme e le ka selekanyo se segolo go gaisa fa a ne “mo tshimologoñ [a] tlhōla legodimo le lehatshe.”—Genesise 1:1.
4 Jehofa o na le mabolokelo a magolo a maatla. (Isaia 40:26) Fa a ne a bopa o tshwanetse a bo a ile a dirisa mangwe a maatla ano go dira dilo tsotlhe tse di mo lobopong. O ne a dirisa eng mo tirong eno ya go bopa? Moya o o boitshepo. Re bala jaana: “Magodimo a dihilwe ka lehoko ya ga Yehofa; le leshomōshomō yeotlhe ye le mo go aōna ka mōea oa molomo oa gagwè.” (Pesalema 33:6) Mme pego ya Genesise ya go bopiwa ga dilo e balega jaana: “Mōea oa Modimo [o o boitshepo] oa elama ha godimo ga metse.” (Genesise 1:2) Abo moya o o boitshepo e le maatla a magolo jang ne!
Ditiro Tse Di Gakgamatsang
5. Moya o o boitshepo o dira ka ditsela dife tsa maemo a a kwa godimo?
5 Moya o o boitshepo o santse o dira ka ditsela tse di kwa godimo tota. O goga phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo ebile o a e kaela. (Esekiele 1:20, 21) Jaaka maatla a bomo ya hydrogen, o ka dirisiwa ka mokgwa wa go senya o tsisa katlholo mo babeng ba ga Jehofa, mme gape o ile wa dira ka ditsela tse dingwe tse di gakgamatsang.—Isaia 11:15, NW; 30:27, 28; 40:7, 8; 2 Bathesalonia 2:8.
6. Moya o o boitshepo o ne wa tshegetsa Moshe le bana ba Iseraele jang mo ditirisanong tsa bone le Egepeto?
6 Ka sekai, mo e ka nnang ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a roma Moshe gore a ye kwa go Faro wa Egepeto go ya go mmolelela gore a golole bana ba Iseraele. Moshe e ne e ntse e le modisa kwa Midiane ka lobaka lwa dingwaga di le 40 pele ga foo, ka jalo ke ka ntlha yang fa Faro a ne a ka reetsa modisa? Ka gonne Moshe o ne a tla ka leina la Modimo o o esi wa boammaaruri ebong Jehofa. E le gore a tle a supe seno, Jehofa o ne a mo fa thata ya gore a dire dikgakgamatso. Di ne di gakgamatsa tota mo e leng gore le bone baperesiti ba Egepeto ba ne ba tshwanelwa ke go bolela jaana: “Seo se, ke monwana oa Modimo.”a (Ekesodo 8:19) Jehofa o ne a tlisa dipetso tse di lesome mo Egepeto, mme ya bofelo mo go tsone e ne ya dira gore Faro a letle batho ba Modimo gore ba tswe mo Egepeto. Fa Faro ka botlhogoethata a ba konatelela ka masole a gagwe, Baiseraele ba ne ba falola fa ka kgakgamatso ba bulelwa tsela mo Lewatleng le Lehibidu. Masole a Baegepeto a ne a ba sala morago mme a betwa ke metsi a lewatle.—Isaia 63:11-14; Hagai 2:4, 5.
7. (a) Moya o o boitshepo o ne o dira dikgakgamatso ka ntlha ya mabaka afe a mangwe? (b) Le mororo dikgakgamatso tse di dirwang ke moya o o boitshepo di sa tlhole di direga, ke ka ntlha yang fa rekoto ya tsone e e mo Bibeleng e gomotsa?
7 Ee, Jehofa o ne a direla Baiseraele dikgakgamatso tse di nonofileng ka moya wa gagwe ka nako ya fa Moshe a ne a le teng, le ka dinako tse dingwe gape. Maikaelelo a go dira dikgakgamatso tseo e ne e le afe? Di ne di tsweletsa maikaelelo a ga Jehofa pele, di dira gore leina la gagwe le itsiwe, ebile di bontsha gore o maatla tota. Mme ka dinako tse dingwe, jaaka go ne ga direga ka Moshe, di ne di neela bosupi jwa makgaolakgang jwa gore motho o ne a tshegediwa ke Jehofa. (Ekesodo 4:1-9; 9:14-16) Lefa go ntse jalo, dikgakgamatso tseo di neng tsa dirwa ke moya o o boitshepo di ne di se dintsi thata mo hisitoring.b Go ka direga gore, bontsi jwa batho bao ba neng ba le teng mo metlheng ya fa go kwalwa Bibela ga ba ise ba ko ba bone epe ya tsone, mme gompieno ga di sa tlhole di direga. Lefa go ntse jalo, fa re ntse re lwa le mathata gompieno ao go lebegang okare a ka se ka a fenngwa, a ga go re gomotse go itse gore fa re kopa Jehofa ka tumelo, o tla re neela one moya o o neng wa tshegetsa Moshe a le fa pele ga ga Faro wa ba wa bulela Baiseraele tsela mo Lewatleng le Lehibidu?—Mathaio 17:20.
Mekwalo E E Tlhotlheleditsweng
8. Moya o o boitshepo o ne wa nna le seabe sefe mo go ntshiweng ga Melao e e Lesome?
8 Fa Baiseraele ba sena go gololwa mo Egepeto, Moshe o ne a ba etelela pele go ya kwa Thabeng ya Sinai, koo Jehofa a neng a dira kgolagano le bone a bo a ba neela Molao wa gagwe. Karolo ya konokono ya Molao o o neng wa neelwa ka Moshe e ne e le Melao e e Lesome, mme dikaelo tsa yone tsa ntlhantlha di ne di kwadilwe mo matlapeng. Jang? Ka moya o o boitshepo. Bibela e re: “Me e rile [Jehofa] a sena go wetsa go bolèlèlana le Moshe mo thabeñ ea Sinai, a mo neèla matlapa a mabedi a chupō, e le matlapa a a kwadilweñ ke monwana oa Modimo.”—Ekesodo 31:18; 34:1.
9, 10. Moya o o boitshepo o ne wa dira jang mo go kwalweng ga Dikwalo tsa Sehebera, mme seno se supiwa jang ke mafoko ao a neng a dirisiwa ke balatedi ba ga Jesu?
9 Mo godimo ga Melao e e Lesome, Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe go neela Iseraele melao le melawana e le makgolokgolo gore e kaele banna le basadi ba ba ikanyegang. Ebile e mengwe e ne e santse e tla tla. E ne ya re dingwaga di le makgolokgolo morago ga metlha ya ga Moshe, Balefi ba ne ba bolela jaana fa ba ne ba rapela Jehofa phatlalatsa: “U nu ua iphapaanya [le Baiseraele] ka dinyaga di le dintsi, ua shupa kaga bōnè ka go ba nyatsa ka mōea oa gago, ka baperofeti ba gago.” (Nehemia 9:5, 30) Dipolelelopele di le dintsi tse di tlhotlheleditsweng tseo di neng tsa bolelwa ke baperofeti bao di ne tsa kwalwa. Go feta moo, moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa banna ba ba ikanyegang gore ba kwale ditiragalo tse di boitshepo le dipina tsa pako tse di opelwang go tswa mo pelong.
10 Paulo o ne a bua kaga mekwalo eno yotlhe fa a ne a re: ‘Lokwalo longwe le longwe lo kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo.’ (2 Timotheo 3:16; 2 Samuele 23:2; 2 Petere 1:20, 21) Ebile tota, fa baaposetoloi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsopola dikwalo tseno, gantsi ba ne ba dirisa mafoko a a tshwanang le “Mōea o o Boitshèpō o [buile] ka . . . molomo oa ga Dafide,” “Mōea o o Boitshèpō o buile . . . ka moperofeti Isaia,” kana ba re fela “yaka Mōea o o Boitshèpō o bua.” (Ditihō 1:16; 4:25; 28:25, 26; Bahebera 3:7) Abo e le lesego ruri gore one moya o o boitshepo o o tlhotlheleditseng go kwalwa ga Dikwalo tse di Boitshepo o bo o ile wa di boloka gore di re kaele le go re gomotsa gompieno!—1 Petere 1:25.
Go Ikaega ka Moya O O Boitshepo
11. Moya o ne wa dira eng malebana le go agiwa ga motlaagana?
11 Fa Baiseraele ba ne ba santse ba thibeletse fa mofapheng wa Thaba ya Sinai, Jehofa o ne a ba laela gore ba age motlaagana o e neng e tla nna lefelo la kobamelo ya boammaaruri. Ba ne ba ka dira seno jang? “Moshe a raea bana ba Iseraela, a re, Bōnañ, Yehofa o biditse ka leina Besalele morwa Uri, morwa Hure, oa locō loa Yuda; Me o mo tladitse mōea oa Modimo, oa botlhale, le oa tlhaloganyō, le oa kicō, le oa tihō ñwe le ñwe.” (Ekesodo 35:30, 31) Moya o o boitshepo o ne wa nonotsha bokgoni bope fela jo Besalele a neng a na le jone ka tlholego, mme o ne a kgona gore a atlege mo go kaeleng go agiwa ga kago eo e e gakgamatsang.
12. Moya o ne wa nonotsha batho jang ka ditsela tse di sa tlwaelegang morago ga metlha ya ga Moshe?
12 Nako nngwe morago ga foo, moya wa ga Jehofa o ne wa dira mo go Samesone, o mo fa maatla a a fetang a motho ao a neng a dira gore a kgone go golola Baiseraele mo Bafilisiteng. (Baatlhodi 14:5-7, 9; 15:14-16; 16:28-30) Moragonyana ga foo gape, Solomone o ne a fiwa botlhale jo bo kgethegileng jaaka kgosi ya batho ba ba itlhophetsweng ba Modimo. (2 Ditihalō 1:12, 13) Kafa tlase ga puso ya gagwe, Iseraele o ne a atlega go feta lefa e le leng pele, mme go itumela ga gagwe go ne ga nna sekao sa masego ao batho ba Modimo ba tla nnang le one kafa tlase ga Puso ya Dingwaga tse di Sekete tsa ga Keresete Jesu, Solomone yo Mogolwane.—1 Dikgosi 4:20, 25, 29-34; Isaia 2:3, 4; 11:1, 2; Mathaio 12:42.
13. Pego ya go nonotshiwa ke moya ga ga Besalele, Samesone, le Solomone e re kgothatsa jang gompieno?
13 A lesego ruri go bo Jehofa a re neela one moya oo! Fa re ikutlwa re tlhaela go ka dira kabelo nngwe kana go ka dira tiro ya go rera, re ka kopa Jehofa gore a re fe moya one o a neng a o file Besalele. Fa re lwala kana re bogisiwa, one moya o o neng wa neela Samesone maatla a a sa tlwaelegang o tla re nonotsha—le mororo gone e se ka kgakgamatso. Mme fa re lebana le mathata a a bokete kana re tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa botlhokwa, re ka kopa Jehofa, yo o neng a fa Solomone botlhale jo bo sa tlwaelegang, gore a re thuse go dira ka botlhale. Go tswa foo, re tla bolela jaana jaaka Paulo: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafilipi 4:13) Mme tsholofetso eno ya ga Jakobe e tla dira mo go rona: “Ha moñwe oa lona a tlhōka botlhale, a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo, me o sa kgobe; me o tla bo nèwa.”—Yakobe 1:5.
14. Ke bomang bao ba ileng ba tshegediwa ke moya o o boitshepo, mo metlheng ya bogologolo, le ya gompieno?
14 Moya wa ga Jehofa gape o ne o le mo go Moshe fa a ne a dira tiro ya gagwe ya go atlhola morafe. Fa ba bangwe ba ne ba tlhomiwa gore ba thuse Moshe, Jehofa o ne a re: “Ke tla tsaea ga mōea o o mo go wèna ke o baea mo go bōnè; me ba tla rwala morwalō oa batho ba nau, gore u se o rwale u le wesi.” (Dipalō 11:17) Ka jalo, banna bao ga ba a ka ba tshwanelwa ke go dira ka maatla a bone fela. Moya o o boitshepo o ne wa ba tshegetsa. Fa re bala re utlwa gore mo makgetlong a mangwe moragonyana batho ba bangwe ba ne ba nna le moya wa ga Jehofa. (Baatlhodi 3:10, 11; 11:29) Fa Samuele a ne a tlotsa Dafide jaaka yo e neng e tlile go nna kgosi ya Iseraele, pego e bega jaana: “Samuele a tsaea lonaka loa loukwane, a mo tlotsa mo gare ga bana ba ga rragwè: me mōea oa ga Yehofa oa tla mo go Dafide ka thata, go simolola ka tsatsi yeuō, le go ea kwa pele.” (1 Samuele 16:13) Bao gompieno ba nang le maikarabelo a magolo—a lelapa, a phuthego eo ba kopanelang le yone, kana a phuthego ya lefatshe lotlhe—ba ka gomodiwa ke go itse gore moya wa Modimo o santse o tshegetsa batlhanka ba gagwe jaaka ba ntse ba diragatsa maikarabelo a bone.
15. Moya o o boitshepo o ile wa nonotsha phuthego ya ga Jehofa jang (a) mo metlheng ya ga Hagai le Sekaria? le (b) gompieno?
15 Dingwaga di ka nna sekete morago ga motlha wa ga Moshe, batho ba ba ikanyegang go tswa mo baneng ba Iseraele ba ne ba boela kwa Jerusalema ba tswa kwa Babelona ba romilwe go tla go aga tempele sesha. (Esere 1:1-4; Yeremia 25:12; 29:14) Lefa go ntse jalo, go ne ga tsoga dikgoreletsi tse di boima, mme ba ne ba kgobega marapo ka dingwaga di le dintsi. Kgabagare, Jehofa o ne a ba tsosetsa moperofeti Hagai le moperofeti Sekaria gore ba kgothatse Bajuda gore ba se ka ba ikaega ka thata ya bone fela. Mme tiro e ne e tla dirwa jang? “Ga se ka thata, leha e le ka nonohō, ha e se ka mōea oa me, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” (Sekaria 4:6) Mme tempele ya bo ya agiwa ka tshegetso ya moya wa Modimo. Gompieno batho ba Modimo ba kgonne go dira go le gontsi ka tsela e e tshwanang. Go rerwa ga mafoko a a molemo go dirwa ka selekanyo se segolwane go dikologa lefatshe. Dimilione tsa batho di rutiwa boammaaruri le tshiamo. Go rulaganngwa dikopano. Go agiwa Diholo tsa Bogosi le makala. Bontsi jwa dilo tseno di ile tsa dirwa go sa kgathalesege kganetso e e botlhoko. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba kgobega marapo, ka ba itse gore sengwe le sengwe seo ba kgonneng go se dira ga ba a se kgona ka thuso ya masole, kana ka thata ya motho, mme ba kgonne go se dira ka moya wa Modimo.
Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga
16. Batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga metlha ya Bokeresete ba ile ba itemogela eng malebana le go dira ga moya wa Modimo?
16 Jaaka fa re bone, batlhanka ba Modimo ba pele ga nako ya Bokeresete ba ne ba itse sentle ka maatla a moya wa Modimo. Ba ne ba ikaega ka one gore o ba thuse go dira dilo tse di boima tseo ba neng ba tlamega go di dira le gore o ba thuse go dira seo se ratwang ke Modimo. Gape ba ne ba itse gore Molao le mekwalo e mengwe e e boitshepo e ne e tlhotlheleditswe, e kwadilwe ka tlhotlheletso ya moya wa ga Jehofa, mme ka jalo e ne e le ‘Lefoko la Modimo.’ (Pesalema 119:105) Mme go tweng ka metlha ya Bokeresete?
17, 18. Moya o ne wa dira ditiro dife tse dingwe mo metlheng ya Bokeresete, mme di ne di diragatsa boikaelelo bofe?
17 Moya wa Modimo gape o ne wa dira ditiro tse di molemolemo tota ka lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng. Go ne go perofesiwa gonne moya o ne o tlhotlheletsa jalo. (1 Bakorintha 14:1, 3) E le go diragatsa tsholofetso ya ga Jesu ya gore moya o o boitshepo o ne o tla gakolola barutwa ba gagwe dilo tsotlhe tseo a neng a di ba rutile le gore o ne o tla ba ruta dikarolo tse di oketsegeling tsa boammaaruri, go ne ga kwalwa dikwalo di le mmalwa ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo. (Yohane 14:26; 15:26, 27; 16:12, 13) Gape go ne go na le dikgakgamatso, jaaka go tla tlotliwa ka tsone ka botlalo mo setlhogong sa rona se se latelang. Aitsane, lekgolo la ntlha la dingwaga le ne la simologa ka kgakgamatso e e sa tlwaelegang. Go ne go tlile go tsholwa ngwana yo o kgethegileng, mo e ka nnang ka ngwaga wa 2 B.C.E., mme seo se ne se tlile go tshwaiwa ke gore mmaagwe yo mmotlana e ne e tla bo e le kgarebane. Seno se ne se ka direga jang? Ka moya o o boitshepo. Pego e re: “Go tsalwa ga Yesu Keresete go le ga nna yana: E rile Marie mmagwè a sena go bèèlèlwa ke Yosefe, ba e se ba kōpane, a hitlhèlwa a ithwele ga Mōea o o Boitshèpō.”—Mathaio 1:18; Luke 1:35, 36.
18 Fa Jesu a gola, o ne a kgoromeletsa badimo ntle, a fodisa balwetsi, a bo a tsosa baswi ka maatla a moya o o boitshepo. Bangwe ba balatedi ba gagwe le bone ba ne ba dira dikgakgamatso le ditiro tse di maatla. Bokgoni jono jo bo kgethegileng e ne e le dineo tsa moya. Boikaelelo jwa tsone e ne le bofe? Fela jaaka dikgakgamatso tsa pele di ne di dirile, le tsone di ne di tsweletsa boikaelelo jwa Modimo pele le go supa thata ya gagwe. Go feta moo, di ne di bontsha gore maiphako a ga Jesu a gore o ne a romilwe ke Modimo a ne a le boammaaruri; mme morago di ne tsa supa gore phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le one morafe o o itlhophetsweng wa Modimo.—Mathaio 11:2-6; Yohane 16:8; Ditihō 2:22; 1 Bakorintha 12:4-11; Bahebera 2:4; 1 Petere 2:9.
19. Tumelo ya rona e nonotshiwa jang ke pego e e mo Bibeleng kaga dikgakgamatso tsa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe?
19 Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore dikgakgamatso tse di ntseng jalo tsa moya e ne e le tsa fa phuthego e santse e le mo bongwaneng le gore di ne di tla fela, ka jalo rona gompieno ga re bone dikgakgamatso tse di ntseng jalo tse di dirwang ke moya o o boitshepo. (1 Bakorintha 13:8-11) Lefa go ntse jalo, dikgakgamatso tse di dirilweng ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe di kgatlha go gaisa dilo fela tse di diragetseng mo hisitoring. Di nonotsha tumelo ya rona mo tsholofetsong ya Modimo ya gore bolwetsi le loso ga di ketla di nna teng mo lefatsheng le lesha kafa tlase ga bolaodi jwa ga Jesu.—Isaia 25:6-8; 33:24; 65:20-24.
Go Solegelwa Molemo ke Moya O O Boitshepo wa Modimo
20, 21. Re ka dira eng gore re solegelwe molemo ke moya o o boitshepo o re o neilweng?
20 Abo moya ono e le maatla a a nonofileng jang ne! Mme Bakeresete ba ka o dirisa jang gompieno? Selo sa ntlha, Jesu o rile re tshwanetse ra o kopa, ka jalo ke ka ntlha yang fa o sa dire fela jalo? Rapela Jehofa gore a go fe mpho eno e e molemolemo eseng fela ka dinako tsa fa o gateletswe mme go na le moo e nne ka metlha. Gape, bala Bibela gore moya o o boitshepo o kgone go bua le wena. (Bapisa Bahebera 3:7.) Tlhatlhanya ka seo o se balang mme o se dire gore moya o o boitshepo o kgone go tlhotlheletsa botshelo jwa gago. (Pesalema 1:1-3) Mo godimo ga moo, itsalanye le ba bangwe—motho ka bongwe, kwa diphuthegong, le kwa dikopanong—bao ba ikaegang ka moya wa Modimo. Abo moya o o boitshepo o nonotsha bao ba galaletsang Modimo wa bone “mo diphuthegoñ” thata jang ne!—Pesalema 68:26.
21 A Jehofa ga se Modimo o o pelotshweu? O re bolelela gore re kope moya o o boitshepo fela mme ene o tla o re fa. Abo e le boeleele go ikaega ka botlhale jwa rona le maatla a rona ntswa go na le thuso e e maatla jaana eo re ka e dirisang! Lefa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse di amanang le moya wa Modimo tseo di re amang jaaka Bakeresete, mme go tla tlotliwa ka tsone mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Polelwana “monwana oa Modimo” gantsi e kaya moya o o boitshepo.—Bapisa Luke 11:20 le Mathaio 12:28.
b Bontsi jwa dikgakgamatso tse di begilweng mo Bibeleng bo diragetse ka nako ya ga Moshe le Joshue, Elija le Elisha, le Jesu le baaposetoloi ba gagwe.
A O Ka Araba Dipotso Tse Di Latelang?
◻ Jehofa o ne a bopa jang dilo tsotlhe tse di mo lobopong?
◻ Moya o o boitshepo o ne wa dira ka ditsela dife tse dingwe mo metlheng ya pele ga Bokeresete?
◻ Go itse seo moya o o boitshepo o se dirileng mo metlheng ya bogologolo go re gomotsa jang gompieno?
◻ Re ka dira eng gore re solegelwe molemo ke moya o o boitshepo o re o neilweng?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Moya o o neng wa neela Samesone maatla a a fetang a motho o ka re neela thata mo dilong tsotlhe