Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Ke eng seo lelapa la Bokeresete le ka se dirang fa ngwana wa lone a tshwanetse go tsena mo sekolong seo thutabodumedi e patelediwang mo go sone?
Batsadi ba Bakeresete ga ba batle gore bana ba bone ba rutiwe dithuto tsa bodumedi jwa maaka. Mme ka dinako tse dingwe bana ga ba kake ba gana go se nne teng mo tlelaseng fa go rutiwa kaga bodumedi, lemororo ba se kitla ba nna le seabe mo ditirong le mo meletlong ya bodumedi jwa maaka.
Aberahame yo e neng e le tsala ya Modimo o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go ruta bana ba gagwe bodumedi. O ne a godisetsa bana ba gagwe kwa Kanana, koo go neng go tletse dithuto tse di phoso gone tsa bodumedi le ditiro dingwe tse di “boitshepo” tse di makgapha. (Bapisa Ekesodo 34:11-15; Lefitiko 18:21-30; Duteronome 7:1-5, 25, 26; 18:9-14.) Lefa go ntse jalo, e ne le ene a kaelang lelapa la gagwe mo dikgannyeng tsa bodumedi. Modimo o ne o tlhomamisegile gore Aberahame o ne a tla ‘laola bana ba gagwe le ba ntlo ya gagwe gore ba boloke tsela ya ga Jehofa le go dira ka tshiamiso.’—Genesise 18:19.
Jaaka mosha, Jesu le ene o ne a solegelwa molemo ke kaelo ya kobamelo ya boammaaruri e a neng a e bona mo lelapeng le mo phuthegong. Ka gone, o ne a “cwèlèla mo botlhaleñ le mo go goleñ, le mo go ratweñ ke Modimo le batho.”—Luke 2:52.
Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, basha ba Bakeresete ba bona thutego ya selefatshe mo dikolong tse di tsenwang ke botlhe. Ga se sengwe le sengwe se se rutiwang koo seo se dumalanang le boammaaruri le dintlha tse di tlhomamisitsweng tsa Bibela. Ka sekai, dikokomana tse dintsi tsa basha ba Bakeresete di ne tsa tsena ditlelase tsa saense kana thutamatshelo jaaka karolo ya dithuto tse di tlwaelegileng tsa sekolo. Bontsi jwa bone ka gone bo ile jwa rutiwa dithuto tse di tletsetletseng tsa thutotlhagelelo le dikgopolo tse di amanang le tsone tsa kafa botshelo bo “tlholegileng” ka teng mo lefatsheng.
Lefa go ntse jalo, go utlwa ga bone dithuto tseno ga go a ka ga faposa basha ba Bakeresete gore jaanong ba sale thuto ya thutotlhagelelo e e seng ya bomodimo morago. Ka ntlha yang? Gonne kwa gae, le kwa dipokanong tsa Bokeresete, ba ne ba setse ba filwe tshedimosetso e e tlhomameng e e thailweng mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo, leo le neng le thusitse go katisa ‘maikutlo a bone go lemoga molemo le bosula.’ (Bahebera 5:14) Batsadi ba bantsi ba setse ba ithutile le bana ba bone tshedimosetso e e lekalekaneng ya thutotlhagelelo mo bukeng e e nonotshang tumelo tota ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?a Ereka ba ne ba tlhomeletswe jalo, bana ba ba tsenang sekolo bano ga ba a ka ba tsaya kaelo e ba neng ba e newa kwa tlelaseng ya thutotlhagelelo jaaka sengwe se ba neng ba ka se dumela. Lefa go le jalo, ba ne ba kgona go supa mo dikarabong tsa bone le mo ditekong tsa tlelase gore ba ne ba reetsa le gore ba ne ba kgona go ithuta dintlha tse ba neng ba di rutiwa. Ba bangwe ba ile ba kgona le eleng go ntsha ditlhaloso tse dingwe tse di dumalanang le dintlha tse di mo Bibeleng tse di boletsweng ke Mmopi wa motho.—1 Petere 3:15.
Go tweng he ka dinako tsa dithuto tsa tlelase tseo di dirisediwang go ruta bodumedi jo bogolo jwa lefelo leo kana le eleng bodumedi fela ka kakaretso?
Ga go belaetse gore kaelo e e ntseng jalo e ka rutiwa fela go sa sekamelwa gope, e bolelwa fela jaaka tshedimosetso fela. Morutisi a ka nna a leka go dira dilo go ya ka bodumedi joo ka gone a leka go tlhotlheletsa dikakanyo le dipelo tsa baithuti. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ka rata fa bana ba bone ba ka letliwa go se tsenele dithuto tsa tlelase e e kaelang ka dilo tsa sedumedi. Seno se ka nna sa dira gore bana ba bone ba kgone go dirisa nako ya sekolo ka tsela e e mosola go fetsa ditiro tsa ditlelase tse dingwe kana go ithuta sengwe kwa laeboraring ya sekolo.
Lefa go ntse jalo, kwa mafelong a mangwe dikopo tse di ntseng jalo di ile tsa ganwa; sekolo kana balaodi ba ka nna ba batla gore bana botlhe ba ithute le go wetsa thuto ya bodumedi gore ba kgone go wetsa dithuto. Lelapa lengwe le lengwe le tshwanetse go itirela tshwetso ka bolone ya gore le tla dira jang mo kgannyeng e e ntseng jalo.
Bangwe ba batlhanka ba Modimo mo dinakong tse di fetileng ba ile ba kgona go nna mo maemong a ba neng ba sa a rate koo ba neng ba itshokela go utlwa dithuto tsa bodumedi kana ditiro dingwe tsa jone mme ba nna ba ntse ba ikanyega mo Modimong wa boammaaruri. Go lebega go ne go ntse jalo ka Moshe. O ne a godisiwa jaaka setlogolwana sa ga Faro wa Egepeto, mme o ne a “rutwa botlhale yotlhe yoa Baegepeto; me a nonoha mo puoñ le mo ditihoñ.” (Ditihō 7:20-22) Seo go lebega se ne se akaretsa selekanyo se se rileng sa ditumelo le ditiro tsa bodumedi tse di neng di tletsetletse kwa Egepeto. Mme Moshe o ne a sirelediwa ke kaelo e e kwa godimo e a neng a e bone mo lelapeng laabo mme gongwe le mo Bahebereng ba bangwe.—Ekesodo 2:6-15; Bahebera 11:23-26.
Tlhokomela gape sekao sa Bahebera ba babotlana ba bararo, ditsala tsa ga Daniele, bao ba neng ba newa kaelo e e kgethegileng kwa Babelona ba bo ba dirwa badiredi ba puso. (Daniele 1:6, 7) Ba ne ba sa gololesega go dira kana go gana go dira sepe fela se ba neng ba se batla. Ka nako nngwe Kgosi Nebukadenesare o ne a ntsha taolo ya gore ba ye go phuthega le balaodi ba bangwe kwa setshwantshong sa gouta se a neng a se tlhomile mo dipoweng tsa Dura, koo go neng go tlile go dirwa ditiro tse di supang go ineela mo bomorafeng. Bahebera ba bararo bano ba ne ba dira jang? Re ka tlhomamisega gore ba ne ba ka itlhophela gore ba se ka ba nna teng koo, mme go ne go sa kgonege.b Lefa go le jalo ba ne ba se ka ba tlola sepe se ba neng ba se dumela mme ba ne ba ikanyega go Modimo Mogodimodimo. Digakolodi tsa bone tsa bomodimo di ne tsa ba letla gore ba nne teng koo mme ba gana ba nonofile go nna le seabe kana go dira sengwe ka namana, mo tirong epe e e neng e dirwa koo ya bodumedi jwa maaka.—Daniele 3:1-18.
Fa go na le molao o o pateletsang gore baithuti botlhe ba nne teng mo tlelaseng mme gongwe ba tlile go ithuta sengwe se se tla ba thusang gore ba falole ditlhatlhobo tse di tlhomilweng tse di kwalwang, bana ba ba tswang mo malapeng a Bakeresete ba boammaaruri ba ka nna ba nna teng koo, fela jaaka ba bararo bale ba ne ba nna teng ka taolo ya ga Nebukadenesare. Mme mosha wa Mokeresete o tla baya Modimo kwa pele. Ga go tlhokege gore ba ganetse polelo nngwe le nngwe e e phoso e e buiwang kana tiro nngwe le nngwe fela e e seng ya Dikwalo e ba bangwe ba e dirang, fela jaaka Bahebera ba bararo ba ne ba se ka ba leka go tshwenya ba ba neng ba ikobile fa pele ga setshwantsho sa gouta. Lefa go ntse jalo, basha ba Bakeresete bone ka bobone ga ba ne ba tsenelela mo ditirong tsa kobamelo, dithapelo tse di kopanetsweng, kana dipina tsa bodumedi, le dilo tse dingwe tse di ntseng jalo.
Basha bano ba tshwanetse ka bobone ba iteka ka natla gore ba nne le kitso e e agang go tswa mo ‘dikwalong tse di boitshepo tse di nonofileng go ba tlhalefisetsa polokong ka tumelo mo go Keresete Jesu.’ (2 Timotheo 3:15) Batsadi ba tshwanetse go nna ba bua le bana ba bone ka metlha go nna ba tlhomile leitlho dilo tse ba di rutiwang kwa tlelaseng. Seno se tla thusa bagolo ba Bakeresete go bona dilo tse di tlhokang go baakanngwa kana go phepafadiwa go tswa mo Bibeleng gore bana ba bone ba se ka ba tlhakana tlhogo kana ba tsiediwa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bibela ga e bolele sepe gore Daniele o ne a le teng kwa dipoeng tsa Dura. Gongwe maemo a gagwe a a kwa godimo mo pusong a ne a mo letla gore a ka nna a se ye koo.