LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/15 ts. 13-18
  • Tsamaya Jaaka Modimo O go Laela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsamaya Jaaka Modimo O go Laela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Rutilwe E Bile Ba Solegetswe Molemo
  • Kaelo E Solegela Maloko a Lelapa Molemo
  • Kaelo E E Tshwanetseng
  • Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Thuto E E Mosola mo Dipakeng Tseno tsa Rona Tse Di Tlhokofatsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ke Eng se se Phoso ka go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?
    Tsogang!—2004
  • Nka Tila Jang go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/15 ts. 13-18

Tsamaya Jaaka Modimo O go Laela

‘A re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa . . . o tla re ruta ditsela tsa gagwe, me re tla sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’—MIKA 4:2.

1. Go ya ka Mika, ke eng se Modimo o neng o tla se direla batho ba gagwe mo metlheng ya bofelo?

MOPEROFETI wa Modimo e bong Mika o ne a bolelela pele gore “mo metlheñ ea moragō,” mo metlheng eno ya rona, batho ba le bantsi ba ne ba tla batla Modimo, gore ba mo obamele. Batho bano ba ne ba tla kgothatsana ba re: ‘A re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa . . . , o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’—Mika 4:1, 2.

2, 3. Ponelopele ya ga Paulo ya gore batho e tla nna barati ba madi e diragadiwa jang gompieno?

2 Fa re sekaseka 2 Timotheo 3:1-5 re ka kgona go bona gore go rutiwa ke Modimo mo “metlheñ ea bohèlō” go felela ka eng. Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra simolola ka go ela tlhoko melemo e e bonwang ke bao ba reetsang kgakololo ya ga Paulo ya gore ba se ka ba nna “baithati.” Paulo o ne a oketsa ka gore batho ba motlha wa rona le bone ba ne ba tla nna “barati ba madi.”

3 Tota ga go ope yo o tlhokang gore a bo a na le dikerii mo hisitoring ya segompieno gore a kgone go bona gore mafoko ao a tshwanela motlha wa rona sentle. A ga o ise o ko o bale ka batho ba ba dirang ka madi kana ba ba eteletseng pele dikgwebo tse dikgolo ba ba sa kgotsofaleleng go bona dimilione tsa madi ngwaga le ngwaga? Batho bano ba ba ratang madi ba ntse ba batla a a oketsegileng le e leng le ka ditsela tse di sa letlweng ke molao. Mafoko a ga Paulo gape a tshwanela batho ba bantsi gompieno bao, le mororo ba sa huma, ba leng pelotshetlha fela ka tsela e e tshwanang, ba ba se kang ba kgotsofala le ka motlha. O ka tswa o itse ba le bantsi ba ba ntseng jalo mo lefelong la lona.

4-6. Bibela e thusa Bakeresete jang go tila go nna barati ba madi?

4 A selo seno se Paulo a se umakileng ke mokgwa fela wa batho o ba ka se kang ba o tila? E seng go ya ka Mokwadi wa Bibela, yoo a ileng a kwala boammaaruri jono bogologolo: “Go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololetsa ka mahutsana a le mantsi.” Ela tlhoko gore, Modimo ga o a ka wa re, ‘Madi ke motswe wa masula mangwe le mangwe otlhe.’ O rile “go rata madi.”—1 Timotheo 6:10.

5 Se se kgatlhang ke gore, mafoko a mangwe a Paulo a a buileng a supa gore bangwe ba Bakeresete ba ba molemo thata ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba humile thata mo tsamaisong eo ya dilo, ba ka tswa ba ne ba bone khumo eo jaaka boswa, kana ba e diretse. (1 Timotheo 6:17) Ka jalo he, go tshwanetse ga bonala sentle, gore lefa maemo a rona a madi a ka tswa e le afe, Bibela e re tlhagisa ka kotsi ya go nna barati ba madi. A Bibela e re naya kaelo nngwe gape e e oketsegileng ya go tila bokoa jono jo bo utlwisang botlhoko le jo bo tletsetletseng? Eleruri e dira jalo, jaaka mo Thutong ya ga Jesu ya kwa Thabeng. Botlhale jo bo mo go yone bo itsiwe mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, ela tlhoko gore Jesu o ne a reng mo go Mathaio 6:26-33.

6 Jaaka go kwadilwe mo go Luke 12:15-21, Jesu o ne a bua ka monna wa mohumi yo a neng a ntse a leka go kokoanya dikhumo tse di oketsegileng yo o neng a swa ka tshoganetso. Jesu o ne a tlhalosa ntlha efe fano? O ne a re: “Tlhokomèlañ, lo bo lo itisè mo bopelotshetlheñ: gonne botshelō yoa motho ga boa èma mo le[tlo]tloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” Mo godimo ga kgakololo eo, Bibela e kgala botshwakga mme e gatelela gore go botlhokwa go dira ka boikanyegi. (1 Bathesalonia 4:11, 12) Gone mme, bangwe ba ka nna ba ganela ba re dithuto tseno ga di tshwanele metlha ya rona—mme lefa go ntse jalo di a e tshwanela e bile di mosola.

Ba Rutilwe E Bile Ba Solegetswe Molemo

7. Re na le mabaka afe a go tshepa gore re ka kgona go dirisa kgakololo ya Bibela kaga dikhumo?

7 Mo merafeng yotlhe, o ka bona dikao tsa banna le basadi go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa loago le tsa itsholelo bao ba ileng ba dirisa melaometheo ya bomodimo e e amang madi. Ba ile ba solegelwa molemo mmogo le malapa a bone, fela jaaka batho ba bangwe ba kgona go bona. Ka sekai, moithuti mongwe wa thutomotho o ne a kwala jaana mo bukeng ya Religious Movements in Contemporary America e e gatisiwang ke Yunibesithi ya Princeton: “Mo dibukeng tsa [Basupi] le mo dipuong tsa diphuthego tsa bone ba gakololwa gore botshelo jwa bone ga bo a ikaega ka dikoloi tse disha, diaparo tsa madi a a kwa godimo kana go tshelela mo letlepung. Mo godimo ga moo, Mosupi o tshwanetse go dira tiro e mohiri a e batlang mo letsatsing leo [e bile o tshwanetse] gore a ikanyege mo dilong tsotlhe . . . Mekgwa e e ntseng jalo e dira gore le motho fela yo o sa itseng ditiro tse dintsi e nne mohiriwa yo o mosola thata, e bile Basupi bangwe kwa North Philadelphia kwa [U.S.A.] ba ile ba newa maikarabelo a magolo tota kwa tirong.” Go phepafetse gore batho ba ba ileng ba amogela kaelo e Modimo o e ba nayang ka Lefoko la gagwe ba ile ba lemotshiwa mekgwa e e dirang gore go nne thata go itshokela maemo a gone jaanong. Maitemogelo a bone a supa gore thuto ya Bibela e dira gore batho ba tshele botoka.

8. Ke eng fa “babelahadi,” “baipegi,” le “bakgadi” ba ka amanngwa, mme mareo a mararo ano a kaya eng?

8 Re ka kopanya dilo tse tharo tse di latelang tse Paulo a di bolelang. Mo metlheng ya bofelo, batho e tla nna “babelahadi, baipegi, le bakgadi.” Mefuta e meraro eno ya batho ga e tshwane, mme e amana thata le boikgogomoso. Ba ntlha ke “babelahadi.” Dikishinare e bolela gore lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le kaya: “‘Motho yo o itirang se tlholego e sa se letleng,’ kana ‘yo o solofetsang go dira se a ka se kang a se kgona.’” O tla tlhaloganya lebaka la go bo Dibibela tse dingwe di dirisa lereo “go belafala.” Morago go latela “baipegi,” kana fa le tsewa jaaka le ntse “ba ba lebegang ba le kwa godimo.” Ba bofelo ke “bakgadi.” Bangwe ba ka akanya gore bakgadi ke batho ba ba buang ba nyatsa Modimo, mme lereo leno fa le sekasekiwa sentle le akaretsa go utlwisa batho botlhoko, go senya batho leina, kana go bua puo ya matlhapa. Ka jalo Paulo o bua ka batho ba ba kgalang Modimo le batho.

9. Go farologana le mekgwa e e tletseng e e kotsi, Bibela e kgothaletsa batho go nna le mekgwa efe?

9 O ikutlwa jang fa o le fa gare ga batho ba Paulo a ba tlhalosang, e ka tswa e le batho ba o dirang le bone, ba o tsenang sekolo nabo, kana ba losika lwa gago? A seo se dira gore o tshele bonolo? Kana a batho bao ba tlhakatlhakanya botshelo jwa gago, ba dira gore go nne bokete tota gore o itshokele dipaka tseno tse re tshelang mo go tsone? Lefa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re ruta gore re tile mekgwa e e ntseng jalo, le re naya kaelo e e tshwanang le e e fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 4:7; Bakolosa 3:12, 13; le Baefesia 4:29.

10. Ke eng se se supang gore batho ba ga Jehofa ba solegelwa molemo ke go amogela kaelo ya Bibela?

10 Lefa gone Bakeresete ba sa itekanela, ba solegelwa molemo thata fa ba dirisa kaelo e e molemo eno. Lokwalopaka longwe lwa kwa Italy e leng La Civiltà Cattolica le ne la bolela gore lebaka lengwe la go bo Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba oketsega “ke gore ke mokgatlho o o dirang gore maloko a one a itsiwe sentle ka tshwanelo le ka tsela e e nonofileng tota.” Mme lefa go ntse jalo, a mokwadi fa a re ba “itsiwe ka tsela e e nonofileng tota,” o ne a raya gore ke “babelahadi, le baipegi, le bakgadi”? Go farologana le seo, makasine mongwe wa Ba-Jesuit o akgela ka gore mokgatlho ono “o dira gore maloko a one a itsiwe sentle ka tshwanelo le ka tsela e e nonofileng tota, e bile ke lefelo le kwa go lone a amogelwang ka lorato le ka tsela ya bokaulengwe le ka kutlwano.” A ga go itshupe sentle gore dilo tse Basupi ba di rutilweng di a ba thusa?

Kaelo E Solegela Maloko a Lelapa Molemo

11, 12. Paulo o ile a supa ka tlhomamo jang kafa maemo a neng a tla nna ka teng mo malapeng a mantsi?

11 Re ka kopanya dilo tse nne tse di latelang, tse ka tsela nngwe di amanang. Paulo o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, batho ba bantsi e ne e tla nna “ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa [ikanyegeng, NW], Ba sena loratō loa tlhōlègō.” O a itse gore makoa a mabedi mo go ano—go tlhoka tebogo le go sa ikanyege—a tletse mo tikologong ya rona. Mme e bile, re kgona go bona motlhofo fela gore ke eng fa Paulo a ne a a kwala fa gare ga “ba ba sa utlweñ batsadi ba bone” le ‘ba ba senang lorato lwa tlholego.’ Dilo tse nne tseno di tshwaragane thata.

12 Mo e ka nnang motho mongwe le mongwe yo o kelotlhoko, e le ngwana kana mogolo, o tla dumela gore go sa utlwe batsadi go tletsetletse, e bile go ntse go nnela maswe kwa pele. Batsadi ba bantsi ba ngongorega ka gore basha ga ba lebogele se ba se ba diretseng. Basha ba bantsi ba bolela gore batsadi ba bone ga ba ikanyege mo go bone (kana lelapa lotlhe ka kakaretso) mme ba lebile fela ditiro tsa bone, menate, kana ba itebile bone fela. Go na le gore o leke go bona gore ke mang yo o phoso, leba matswela a seno. Go tlhoka kutlwano ga bagolo le basha gantsi go dira gore basha ba itlhomele tsela ya boitsholo kana ya go tlhoka boitsholo. Go felela jang? Ka selekanyo se se kwa godimo sa basha ba ba imang, ba ba ntshang dimpa, le ba ba tshwarwang ke malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. E bile gantsi, go tlhoka lorato lo lo tswang pelong lwa tlholego fela mo lelapeng go felela ka thubakanyo. Gongwe o ka bolela dikai tsa mo lefelong la lona, bosupi tota jwa gore lorato lo lo tswang pelong lwa tlholego lo ntse lo a fela.

13, 14. (a) E re ka malapa a mantsi a senyega, ke eng fa re tshwanetse go ela Bibela tlhoko? (b) Ke kgakololo ya mofuta ofe e e botlhale e Modimo o e nayang kaga botshelo jwa lelapa?

13 Seno e ka nna ya bo e le lebaka le le dirang gore ba bantsi ba tsogologele ba pele go neng go lebega e le ba losika lwa bone, ba lotso, morafe, kana setlhopha sa bone. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore ga re bolele dilo tseno go gatelela dilo tse di botlhoko tsa botshelo jwa gompieno. Dilo tse pedi tse re di kgatlhegelang ke gore: A dithuto tsa Bibela di ka re thusa go tila go bogisiwa ke diphoso tse Paulo a di kwadileng, le gore a re tla solegelwa molemo fa re ka dirisa dithuto tsa Bibela mo matshelong a rona? Re ka araba ka ee, jaaka go bonala mo dintlheng tse nne tseo tse di kwadilweng ke Paulo.

14 Polelo eno e e akaretsang e a tshwanela: Ga go na thuto epe e e gaisang ya Bibela mo go direng gore botshelo jwa lelapa bo omose pelo le gore bo atlege. Seo se supiwa ke karolo nngwe ya kgakololo eno e e ka thusang maloko a lelapa e seng fela go tila mamena mme gore a atlege. Bakolosa 3:18-21 e tshwantsha seno sentle, le mororo go na le dikarolo tse dintle le tse di mosola thata tse di lebisitsweng go borre, bomme, le bana. Kaelo eno e dira thata mo motlheng ono wa rona. Ke boammaaruri gore, go na le mathata le dilo tse di gwetlhang thata mo malapeng a Bakeresete. Lefa go ntse jalo, matswela a supa sentle gore Bibela e re naya thuto e e thusang malapa thata.

15, 16. Mmatlisisi mongwe o ne a fitlhela boemo jwa mofuta ofe fa a ne a sekaseka Basupi ba ga Jehofa kwa Zambia?

15 Mmatlisisi mongwe wa kwa Yunibesithing ya Lethbridge, kwa Canada o ne a sekaseka botshelo jwa batho ba kwa Zambia ka lobaka lwa ngwaga le sephatlo. O ne a konela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba atlega thata mo manyalong a bone go feta maloko a ditumelo tse dingwe. . . . Go atlega ga bone go supa go naya le go amogela fa gare ga monna le mosadi, mo maitekong a masha, a a sa tshosetseng ope, a go dirisana mmogo, a mo go one ba itseng gore ba ikarabelela mo Modimong yo o ba okametseng yo e leng tlhogo ya bone botlhe ka tsela e ba dirisanang ka yone. . . . Monna yo o nyetseng wa Mosupi wa ga Jehofa o rutiwa gore a gole mo go diragatseng boikarabelo jwa go tlamela mosadi le bana. . . . Banna le basadi ba kgothalediwa gore ba ikanyege yo mongwe mo go yo mongwe . . . Boikanyego jono ke jone jo bo nonotshang lenyalo.”

16 Patlisiso eo e ne e thailwe mo dilong di le mmalwa tse di diragetseng. Ka sekai, mmatlisisi yono o ne a bolela gore go farologana le kafa batho ba itshwarang ka teng ka tlwaelo, “banna ba ba nyetseng ba Basupi ba ga Jehofa gantsi ba fitlhelwa ba thusa basadi ba bone mo ditshingwaneng, e seng fela fa e simololwa, mme gape le ka go jala le go tlhagola.” Go bonala sentle gore maitemogelo a mantsi a a senang palo mo lefatsheng lotlhe a bontsha gore kaelo ya Bibela e ama matshelo a batho.

17, 18. Ke matswela afe a a gakgamatsang a a neng a bonwa fa go ne go sekasekiwa dilo tse di ithutilweng mo bodumeding le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo?

17 Setlhogo se se fetileng se ne sa umaka dilo tse di neng tsa tlhalosiwa mo go Journal for the Scientific Study of Religion. Ka 1991, e ne e na le setlhogo se se reng “Boswa jwa Bodumedi le go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo: Bosupi jwa Basha ba Sekae mo Setšhabeng.” O tshwanetse wa bo o itse kafa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tletsetletseng ka teng. Bontsi bo ineela mo go eletseng tlhakanelodikobo ba santse ba le bannye thata, e bile bana ba bantsi ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome ba na le balekane ba bantsi ba ba tlhakanelang dikobo nabo. A dithuto tsa Bibela di ka fetola mokgwa ono o o tlwaelegileng?

18 Boporofesa bangwe ba bararo ba maemo a a fa gare ba ba neng ba sekaseka kgang eno ba ne ba lebeletse gore ba tla fitlhela ‘bana ba ba mo dingwageng tsa bolesome le basha ba ba godisitsweng ka tsela ya Bokeresete ba sa tlhakanele dikobo pele ga lenyalo.’ Mme dintlha di ne tsa supa eng? Ka kakaretso, fa gare ga 70 lekgolong le 82 lekgolong ya bone ba ne ba setse ba tlhakanetse dikobo pele ga lenyalo. Mo go ba bangwe “go nna le kakanyo ya gore Bibela e tshwanetse go laola botshelo jwa Mokeresete go [ne go fokotsa] kgonego ya gore ba ka tswa ba tlhakanetse dikobo pele ga lenyalo, mme e seng mo kgannyeng ya ‘go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ga ba ba mo dingwageng tsa bolesome.’” Babatlisisi ba ne ba akgela ka basha ba ba neng ba tswa kwa malapeng a a neng a lebega a tlhoafetse mo bodumeding mme e le bao “ba neng ba supa fela thata gore ba ka nna ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo fa ba bapisiwa le ba Ditumelo Tse Dikgolo tsa Boporotesetanta.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

19, 20. Kaelo ya Modimo e ile ya thusa le go sireletsa basha ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa jang?

19 Boporofesa bao ba ne ba fitlhela gore go ne go sa nna jalo ka basha ba Basupi ba ga Jehofa, ba ba neng ba le mo “setlhopheng se se neng se farologane gotlhelele le tse dingwe.” Ka ntlha yang? “Selekanyo se ba neng ba ineetse ka sone le se ba tseneletseng ka sone mo loagong se se bakiwang ke boitemogelo, dilo tse ba di lebeletseng, le seabe sa bone . . . ka kakaretso fela se dira gore ba kgomarele melaometheo ya tumelo ya bone thata.” Ba ne ba oketsa jaana: “Basupi ba lebeletswe gore ba diragatse boikarabelo jwa go rera fa ba santse ba le mo dingwageng tsa bolesome le fa ba le gaufi le go nna bagolo.”

20 Ka jalo tao ya Bibela e thusitse Basupi ba ga Jehofa ka go ba kgonisa go tila boitsholo jo bo sa siamang. Seo se raya gore e ba sireleditse mo malwetsing a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, a mangwe a one e leng a a sa alafegeng mme a mangwe mo go one e le a a bolayang. Ga ba patelesege go ntsha dimpa, selo se Bibela e rutang gore se tshwana fela le go bolaya motho. Gape ba felela e le bagolo ba ba sa leng basha ba ba kgonang go nyalwa ba na le digakolodi tse di phepa. Seno se tla felela ka manyalo a a nang le metheo e e nonofileng tota. Dithuto tse di ntseng jalo ke tsone tse di ka re thusang go itshoka, go nna le botsogo jo bo botoka, le go itumela.

Kaelo E E Tshwanetseng

21. Ke dilo dife tse Paulo a di boleletseng pele ka tlhomamo ka metlha ya rona?

21 Jaanong boela gape mo go 2 Timotheo 3:3, 4 mme o ele tlhoko dilo tse dingwe gape tse Paulo a neng a bolela gore di ne di tla dira gore metlha ya rona e nne bokete mo bathong ba le bantsi—mme e seng botlhe: “[Batho ba ne ba tla nna] ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” Go ntse fela jalo! Mme gone, tao ya Bibela e ka re sireletsa ya bo ya re tlhomelela gore re kgone go itshoka le go atlega.

22, 23. Paulo o ne a konela lenaane la gagwe ka kgothatso efe e e nametsang, mme e kaya eng?

22 Moaposetoloi Paulo o wetsa lenaane la gagwe ka sengwe se se nametsang. O fetola karolo ya bofelo go nna taolo ya bomodimo e e ka re dirang gore re solegelwe molemo thata. Paulo o umaka ba ba “chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le boñè bauō u kgaoganè nabō.” Gakologelwa gore basha ba dikereke tse dingwe tota ba tlhakanela dikobo ka selekanyo se se kwa godimo ga palogare. Gone mme, le fa boitsholo jo bo sa siamang jwa batho bao ba ba tsenang kereke bo ne bo le fela mo selekanyong se se fa gare, a seo se ne se ka se ka sa supa gore kobamelo ya bone ga e na maatla? Mo godimo ga moo, a dithuto tsa bodumedi di fetola tsela e batho ba itshwarang ka yone mo kgwebong, kafa ba dirisanang ka teng le batho ba ba dirang kafa tlase ga bone, kana kafa ba tshwarang ba losika lwa bone ka teng?

23 Mafoko a ga Paulo a supa gore re tshwanetse go dirisa se re se ithutang mo Lefokong la Modimo, re obamele ka tsela e e supang gore Bokeresete bo maatla. Paulo o re bolelela jaana ka ba kobamelo ya bone e seng maatla: “U kgaoganè nabō.” Eo ke taolo e e tlhamaletseng, e e tla lereng melemo tota.

24. Kgothatso e e mo go Tshenolō kgaolo 18 e tshwana jang le kgakololo ya ga Paulo?

24 Ka tsela efe? Ee, buka ya bofelo ya Bibela e bolela ka mosadi mongwe wa tshwantshetso, wa seaka, yo o bidiwang Babelona O Mogolo. Bosupi bo bontsha gore Babelona O Mogolo o emela mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, oo Jehofa Modimo a o sekasekileng mme a o ganne. Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go nna karolo ya one. Tshenolō 18:4 e re kgothatsa jaana: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” A polelo eo ga se yone e Paulo a neng a e bolela fa a ne a re, “u kgaoganè nabō”? Go reetsa ke tsela e nngwe e kaelo ya Modimo e ka re solegelang molemo ka yone.

25, 26. Bao ba dumelang le go dirisa tao e e tswang kwa go Jehofa Modimo ba tlile go bona isagwe e e ntseng jang?

25 Modimo o tla tloga o tsena mo dikgannyeng tsa batho. O tla tlosa bodumedi jotlhe jwa maaka le tsamaiso yotlhe ya jaanong e e boikepo. Seo se tla itumedisa tota, jaaka Tshenolō 19:1, 2 e supa. Ba ba dumelang ba bo ba latela kaelo ya Modimo mo lefatsheng ba tla letliwa go nna ba latela dithuto tsa gagwe fa dikgoreletsi tsa metlha e e tlhokofatsang eno di sena go feta.—Tshenolō 21:3, 4.

26 Go tshela mo lefatsheng le le tsosolositsweng leo la Paradaise eleruri e tla nna selo se se monate go feta jaaka re ka akanya. Modimo o re solofetsa gore go ka kgonega, e bile re ka mo ikanya ka botlalo. Ka jalo o ne a naya mabaka a mantsi a go amogela le go latela thuto ya gagwe e e mosola. Leng? A re lateleng dikaelo tsa gagwe jaanong mo metlheng eno e e tlhokofatsang go ya go tsena le mo Paradaiseng e a e solofetsang.—Mika 4:3, 4.

Dintlha Tse Di Tshwanetseng go Akanyediwa

◻ Batho ba ga Jehofa ba solegelwa molemo jang ke kgakololo ya gagwe kaga dikhumo?

◻ Makasine wa Ba-Jesuit o ne wa supa jang matswela a a molemo a batlhanka ba Modimo ba a bonang fa ba dirisa Lefoko la gagwe?

◻ Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa kwa Zambia e ne ya senola melemo efe e e neng e bonwa ke malapa a a neng a dirisa kaelo ya bomodimo?

◻ Kaelo ya bomodimo e sireletsa batho ba basha jang?

[Lebokoso mo go tsebe 15]

A MATSWELA A A BOTLHOKO RURI!

“Basha ba mo kotsing ya go tsenwa ke AIDS gonne ba rata go lekeletsa gore tlhakanelodikobo le diokobatsi di ntse jang, ba ipaya mo kotsing mme ga ba akanye ka isagwe, gape ke ka gonne ba akanya gore ba ka se ka ba swa e bile ga ba tlotle ope yo o ba okametseng,” go bolela jalo pego nngwe e e neng ya bolelwa kwa kokoanong e e neng e le kaga AIDS le ya bana ba dingwaga tsa bolesome.—Daily News ya New York, Sontaga, March 7, 1993.

“Basetsanyana ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba tlhakanelang dikobo ke bone ba ba tlileng go nna ‘kwa pelepele’ mo kgogoding ya AIDS, seo ke se se bonweng ke patlisiso ya Lekgotla la Ditšhaba Tse Di Kopaneng kwa Yuropa, Afrika le Borwabotlhaba jwa Asia.”—The New York Times, ya Labotlhano, July 30, 1993.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Tao ya Bibela e solegela Basupi ba ga Jehofa molemo mo diphuthegong le kwa gae

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela