‘Ba Ne Ba Tle Ba Tshege’
Monna mongwe yo o dirang jaaka lesole kwa Hungary o bolela gore mo nakong e e fa gautshwane fela e e fetileng batho ba ne ba tle ba tshege batho ba ba buang ka Bibela. Mme jaanong dinako di fetogile. Lesole leno bosheng fela jaana le ne la kwalela Watch Tower Society kwa Budapest, le bolela jaana:
“Malatsi a le mmalwa a a fetileng, ke ne ka bala buka ya lona e e reng O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Mongwe o ne a e nkadimile go fitlha ke fetsa go e bala. Se se kwadilweng mo bukeng eno se ne sa nkama tota mme se dirile gore ke akanye thata ka sone.” Lesole leno le ne le batla Bibela le tshedimosetso e e oketsegileng. Go tlwaelegile jaanong gore batho ba arabele ka tsela e e ntseng jalo kwa Yuropa Botlhaba.
Lekwalo le lengwe le le neng la amogelwa kwa ofiseng ya Budapest le bolela jaana: “Ke badile buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Buka eno e nkgatlhile tota mme ka jalo ke lo kwalela ke lo kopa gore lo nthomelele Mosupi yo o tla nketelang kwa legaeng la me gore a ithute Bibela le nna.”
O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ke buka e e nayang motho tsholofelo ka go mmontsha dikarabo tsa Bibela. E ile ya nna le maatla a magolo mo go fetoleng matshelo a batho. Fa o rata go amogela sekaelo sa gago, tsweetswee tlatsa foromo e e fano mme o bo o e romele.
Ke tla rata go amogela buka ya khabara e e thata ya ditsebe di le 256 ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Ka lebaka le le utlwalang, motsadi o tla letla ngwana yo a mo ratang gore a dirwe karo e e botlhoko. Modimo le ene o na le lebaka le le utlwalang la gore a letle batho go boga ka nakwana