Ba Dira Se ba Ka Kgonang go se Dira
Lemororo ba sa kgone go duela Jehofa ka ntlha ya melemo yotlhe eo a e ba direlang, ba le bantsi ba dira gotlhe go ba ka go kgonang go ema nokeng tiro ya go rera ya Basupi ba gagwe. (Mathaio 24:14; bapisa Mareko 14:3-9.) Se se kgatlhang tota mo ntlheng eno ke lekwalo leno le le tswang kwa lelapeng lengwe kwa Minnesota, U.S.A.:
“Bakaulengwe ba ba rategang,
“Re romela moneelo wa bokana ka $——. Re kopa gore e dirisiwe go duelela tiro ya lefatshe lotlhe kana e dirisiwe mo Letloleng la Kago ya Diholo tsa Bogosi, kana e dirisiwe gongwe le gongwe go sele kwa mokgatlho o tlhokang go o dirisa gone. . . .
“Re solofela gore madi ano a tla dirisiwa tumalanong le thato ya ga [Jehofa]. Re rata go dirisa nako eno go lo kgothatsa gore lo tswelele lo dira tiro ya lona e e molemo, mme segolobogolo re lo lebogela “videotape” ya tiro ya Mokgatlho wa [Watch Tower] ya lefatshe ka bophara. Theipi eno ke yone e e dirileng gore re itse ka tiro e kgolo, mme e ne ya gatelela mo go rona gore re tlhoka gore re ntshe meneelo ya boithaopo. Pele, re ne re letla gore e nne phuthego, potologo, le kgaolo gore e nne yone e lo romelelang meneelo, mme jaanong re lebogela Jehofa go bo a nnile pelotelele le rona ka tsela e re ntseng re sa bone dilo sentle ka yone mme a re bontsha ka tsela e e lorato kafa go tlhokegang ka gone gore rona ka namana re thuse ka go ntshetsa tiro eno e e bolokang matshelo madi, mo godimo ga mefuta e mengwe ya go ntsha meneelo. Rona jaaka lelapa re dirile tshwetso ya gore re romele bokana ka $—— ka kgwedi . . . re e romela ka tlhamalalo kwa New York.
“Gape re rata go lo leboga thata ka ntlha ya tirelo e e molemo e lo ntseng lo e re direla le tsela e lo ntseng lo ikanyega ka yone mo go Jehofa.”