LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/1 ts. 15-20
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefoko “Bodumedi” mo Bibeleng
  • “E E Itshekilñ le E E Sa Leshwehalañ” mo Modimong
  • ‘Motho A Se Mathwe Gope ke Lefatshe’
  • Matshwao A Mangwe a Bodumedi jwa Boammaaruri
  • Bodumedi jwa Boammaaruri—Ke Tsela ya Botshelo
  • Maatla A A Molemo, A A Kopanyang
  • Phenyo ya Bodumedi Jo Bo Itshekileng
  • Ditsela Tsa go Tswa mo Bodumeding Jwa Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A O Bone Bodumedi jo bo Siameng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/1 ts. 15-20

Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole

“Bodumedi jo bo itshekileng le jo e leng jwa mmatota mo matlhong a Modimo Rara bo tla itshupa ka dilo tse di tshwanang le . . . go ipoloka o sa leswefadiwa gope ke lefatshe.”—YAKOBE 1:27, Phillips.

1. Bodumedi bo ile jwa tlhalosiwa jang, mme ka tshwanelo ke mang yo o nang le tshwanelo ya go bolela gore pharologano ke eng fa gare ga bodumedi jwa maaka le jwa boammaaruri?

BODUMEDI bo ile jwa tlhalosiwa jaaka “go bontsha ga motho gore o dumela mo maatleng mangwe ao a fetang a motho ao a itsiweng jaaka mmopi le molaodi wa lobopo le go a tlotla.” Ka jalo he, ke mang yo ka tshwanelo a nang le tshwanelo ya go tlhomamisa gore pharologano ke eng fa gare ga bodumedi jwa boamaaruri le bodumedi jwa maaka? Eleruri e tshwanetse ya nna Motho yo o dumelwang le yo o tlotlwang ebong Mmopi. Jehofa o ne a bontsha ka phepafalo go tswa mo Lefokong la gagwe gore o leba jang bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka.

Lefoko “Bodumedi” mo Bibeleng

2. Dibuka tse di tlhalosang mafoko di tlhalosa jang lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng ka gore “mofuta wa kobamelo” kana “bodumedi,” mme le ka dirisiwa mo mefuteng efe ya kobamelo?

2 Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “mofuta wa kobamelo,” kana “bodumedi,” ke thre·skeiʹa. A Greek-English Lexicon of the New Testament e tlhalosa lefoko leno jaaka “go obamela Modimo, bodumedi, segolobogolo jaaka fa go supiwa ka tirelo ya bodumedi kana mekgwa ya bodumedi.” Theological Dictionary of the New Testament e re neela dintlha tse di oketsegileng, e bolela jaana: “Go gogagoganwa thata ka gore lefoko le simologile jang mo thutapuong; . . . bakanoki ba segompieno ba rata go le golaganya le therap- (‘go direla’). . . . Gape go tshwanetswe ga tlhokomelwa kafa bokao jwa yone bo farologanang ka gone. Kgopolo ya yone e e molemo tota ke ‘go tlhoafalela bodumedi’ . . . , ‘go obamela Modimo,’ ‘bodumedi.’ . . . Mme gape go na le kgopolo e e seng molemo, ke gore, ‘go fetelela ga bodumedi,’ ‘kobamelo e e sa siamang.’” Ka gone, thre·skeiʹa e ka nna ya ranolwa ka gore “bodumedi” kana ka gore “mofuta wa kobamelo,” e ka tswa e le o o siameng kana o o sa siamang.

3. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa jang lefoko le le ranotsweng ka gore “mofuta wa kobamelo,” mme ke kakgelo efe e e kgatlhisang e e dirilweng ka thanolo ya Bakolosa 2:18?

3 Lefoko leno le tlhagelela gane fela mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a le dirisa gabedi go bontsha bodumedi jwa maaka. Mo go Ditihō 26:5, o begwa a bolela gore pele a nna Mokeresete, ‘e ne e le Mofarisai yo o tshelang kafa mokgweng wa lekoko la tumelo [“bodumedi,” Phillips] ya bone, le e leng lone le nang le melao e e gagametseng thata.’ Mo lokwalong lwa gagwe loo a neng a lo kwaletse Bakolosa, o ne a tlhagisa jaana: “Opè a se ka a lo tseèla sebeèlwa kgaishō ka boikokobeco yoa gagwè hèla, le ka go ōbamèla baengele.” (Bakolosa 2:18) Go bonala go obamela baengele gono go ne go tletsetletse thata kwa Feregia mo malatsing ao, mme e ne e le mofuta wa bodumedi jwa maaka.a Ka mo go kgatlhisang, lemororo dithanolo dingwe tsa Bibela di ranola thre·skeiʹa jaaka “bodumedi” mo go Bakolosa 2:18, bontsi jwa tsone bo dirisa lefoko “kobamelo.” New World Translation yone e tlhomame mo go ranoleng lefoko thre·skeiʹa jaaka “mofuta wa kobamelo,” mme ntlhanyana e e kwa tlase go Reference Bible e umaka nako le nako gore mo dithanolong tsa Selatine thanolo e nngwe ke “bodumedi.”

“E E Itshekilñ le E E Sa Leshwehalañ” mo Modimong

4, 5. (a) Go ya ka Jakobe, ke pono ya ga mang malebana le bodumedi eo e leng botlhokwa thata? (b) Ke eng se se ka nnang sa dira gore mofuta wa motho wa kobamelo e nne lefela, mme ke eng se se bolelwang ke lefoko le le ranotsweng ka gore “lehèla”?

4 Mafelo a mangwe a mabedi ao lefoko thre·skeiʹa le tlhagelelang mo go one ke mo lokwalong loo lo kwadilweng ke morutwa Jakobe ebong leloko la setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga sa phuthego ya Bokeresete. O ne a kwala jaana: “Ha motho moñwe a ithaea, a re, Ke modumedi, [“go nna ‘motho wa bodumedi,’” Phillips] me a sa kganele loleme loa gagwè, me a itsietsa pelo, tumèlō [“bodumedi,” Phillips] ea motho eouō ke lehèla. Tumèlō [“bodumedi,” Phillips] e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ ha pele ga Modimo le Rra echo, ke e, go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè, le motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe.”—Yakobe 1:26, 27.

5 Ee, go tlhokomela tsela eo Jehofa a lebang dilo ka yone malebana le bodumedi go botlhokwa fa e le gore re batla gore a re amogele mme re falolele mo lefatsheng le lesha leo a le solofeditseng. (2 Petere 3:13) Jakobe o bontsha gore motho a ka nna a ithaya a re ke motho wa bodumedi tota mme lefa go ntse jalo mofuta wa gagwe wa kobamelo e ka nna ya bo e le wa lefela. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “lehèla” fano gape le bolela “go senang sepe, lolea, go sa ungweng, go sa thuseng sepe, go senang maatla, go senang boammaaruri.” Go ne go ka nna jalo fa motho mongwe yo o ipolelang gore ke Mokeresete a ne a sa kganele loleme lwa gagwe mme a le dirisetsa go galaletsa Modimo le gore a age Bakeresete ka ene. O ne a ka bo a “itsietsa pelo,” mme o ne a tla bo a se mo “bodumeding jo bo itshekileng le jwa mmatota mo matlhong a Modimo.” (Phillips) Selo se se botlhokwa ke tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone.

6. (a) Setlhogo sa lekwalo le le kwadilweng ke Jakobe ke eng? (b) Jakobe o ne a otlelela thata dilo dife tse di botlhokwa mo kobamelong e e itshekileng, mme ke eng se Setlhopha Se Se Laolang sa motlha wa segompieno se neng sa se bolela mabapi le ntlha eno?

6 Jakobe ga a bale dilo tsotlhe tse Jehofa a di batlang mo kobamelong e e itshekileng. Tumalanong le setlhogo sa lekwalo la gagwe, seo eleng tumelo eo e supiwang ka ditiro le kafa go tlhokegang ka gone gore re nne re se ditsala le lefatshe leno la ga Satane, o tlotlomatsa dilo di le pedi fela tse di batlegang. Sa ntlha ke “go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè.” Seno se akaretsa lorato lwa mmatota lwa Bokeresete. Jehofa ka metlha o ile a bontsha gore o amegile ka tsela e e lorato ka masiela le batlholagadi. (Duteronome 10:17, 18; Malaki 3:5) Nngwe ya melao ya ntlha ya setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga sa phuthego ya Bokeresete e ne e le o o emelang batlholagadi ba Bakeresete. (Ditihō 6:1-6) Moaposetoloi Paulo o ne a neela ditaelo tse di tseneletseng malebana le ka moo go ka tlhokomelwang batlholagadi ba ba godileng bao ba itshupileng ba ikanyega ka dingwaga di le dintsi le bao ba neng ba sena malapa ao a neng a ka ba thusa a ba tlhokomela ka tsela e e lorato. (1 Timotheo 5:3-16) Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno le sone se ile sa neela ditaelo tse di tlhamaletseng malebana le “Go Tlhokomela Bahumanegi,” se bolela jaana: “Kobamelo ya boammaaruri e akaretsa go tlhokomela batho ba ba ikanyegang bao ba ka nnang ba bo ba tlhoka go thusiwa ka dilo tse di bonalang.” (Bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 122-3.) Ditlhopha tsa bagolwane kana Bakeresete bangwe le bangwe bao ba bontshang go se tlhokomele ntlha eno thata ba itlhokomolosa karolo e e botlhokwa ya mofuta wa kobamelo e e phepa le e e sa leswefalang ha pele ga Modimo wa rona le Rraetsho.

‘Motho A Se Mathwe Gope ke Lefatshe’

7, 8. (a) Ke selo sefe sa bobedi se se leng botlhokwa mo bodumeding jwa boammaaruri se Jakobe a neng a se umaka? (b) A baruti le baperesiti ba fitlhelela selo se se batlegang mo go bone seno? (c) Go ka bolelwang ka Basupi ba ga Jehofa?

7 Selo sa bobedi se se batlegang mo bodumeding jwa boammaaruri seo se neng sa umakiwa ke Jakobe e ne e le “motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe.” Jesu o ne a bolela jaana: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno”; ka metlha, balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba se kitla ba nna “ba lehatshe.” (Yohane 15:19; 18:36) A go ka buiwa seno ka baruti le baperesiti ba bodumedi bope fela jwa lefatshe leno? Ba dumalana le Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Bontsi jwa baeteledipele ba lone ba ne ba dumela fa mopapa a ne a ba laletsa gore ba ye go kopana kwa Assisi, kwa Italy, ka October 1986 gore ba ye go rapela mmogo ba rapelela gore “Ngwaga wa Meraferafe wa Kagiso” o o neng o tshegediwa ke Lekgotla la Merafe E E Kopaneng ka madi o atlege. Lefa go ntse jalo, maiteko a bone e ne e le a lefela fela, go lebilwe go ya ka dimilione tsa batho tse di neng tsa bolawa mo dintweng tsa ngwaga one oo le tsa dingwaga tse dingwe tse di neng tsa latela morago ga one. Gantsi baruti ba ja le makoko a a busang a bopolotiki, mme ba dirisana le makoko a batsuolodi ka go tsietsa kafa sephiring e le gore mongwe le mongwe yo o busang a ba lebe jaaka “ditsala.”—Yakobe 4:4.

8 Basupi ba ga Jehofa ba itiretse leina le lentle jaaka Bakeresete bao ba nnang ba itlhaotse mo dikgannyeng tsa dipolotiki le mo dikganetsanong tsa lefatshe leno. Ba bolokile boemo jono mo dinageng tsotlhe le mo merafeng yotlhe, jaaka fa seno se ne sa tlhomamisiwa ke dipego tsa dikgang le dipego tse dingwe tsa hisitori tsa segompieno mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Eleruri ga ba a ‘mathwa gope ke lefatshe.’ Sa bone ke “bodumedi jo bo itshekileng le jwa mmatota mo matlhong a Modimo.”—Yakobe 1:27, Phillips.

Matshwao A Mangwe a Bodumedi jwa Boammaaruri

9. Selo sa boraro se se batlegang mo bodumeding jwa boammaaruri ke sefe, mme ka ntlha yang?

9 Fa bodumedi e le “go tlotla maatla mangwe ao a fetang a motho ao a itseweng e le mmopi le mmusi wa lobopo,” eleruri bodumedi jwa boammaaruri bo tshwanetse jwa dira gore go obamelwe Modimo o o osi wa boammaaruri, ebong Jehofa. Ga bo a tshwanela go leswefatsa tsela e batho ba tlhaloganyang Modimo ka yone ka go ruta dikgopolo tsa boheitane tse di tshwanang le modimo o o gararo oo mo go one Rara a tshwanang le batho ba bangwe ba babedi ba Tharonngwe e e sa itseweng ka go nna yo o maatla otlhe, yo o galalelang, le wa bosaengkae. (Duteronome 6:4; 1 Bakorintha 8:6) Gape bo tshwanetse jwa itsise leina le le sa tshwaneng le lepe la Modimo ebong Jehofa, mme bo le tlotle, bo bidiwe ka leina la Modimo jaaka batho ba ba rulagantsweng. (Pesalema 83:18; Ditihō 15:14) Ka gone batho ba ba leng mo bodumeding jono ba tshwanetse ba latela sekao sa ga Keresete Jesu. (Yohane 17:6) Ke batho bafe gompieno ba ba fitlhelelang selo se se batliwang mo go bone seno kwantle ga Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa?

10. E le gore bodumedi bo tle bo dire gore batho ba jone ba falolele mo lefatsheng le lesha la Modimo, bo tshwanetse jwa dirang, mme ka ntlha yang?

10 Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana: “Mme ga go na poloka mo go ōpè o sele; le gōna ga go leina [Jesu Keresete] lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna.” (Ditihō 4:8-12) Ka gone, bodumedi jo bo itshekileng jo bo tla dirang gore re falolele mo lefatsheng le lesha la Modimo bo tshwanetse jwa tlhotlheletsa batho go dumela mo go Keresete le gore setlhabelo sa thekololo se na le boleng tota. (Yohane 3:16, 36; 17:3; Baefesia 1:7) Mo godimo ga moo, bo tshwanetse jwa thusa baobamedi ba boammaaruri gore ba ineele mo go Keresete jaaka Kgosi e e busang ya ga Jehofa le Moperesiti yo Mogolo yo o tloditsweng.—Pesalema 2:6-8; Bafilipi 2:9-11; Bahebera 4:14, 15.

11. Bodumedi jwa boammaaruri bo tshwanetse jwa thewa mo go eng, mme boemo jwa Basupi ba ga Jehofa mo ntlheng eno ke bofe?

11 Bodumedi jo bo itshekileng bo tshwanetse jwa thewa mo thatong e e senotsweng ya Modimo o o osi wa boammaaruri mme bo se ka jwa thewa mo ditlwaelong tse di dirilweng ke motho kana mo matlhajaneng a gagwe. Fa e ne e se ka Bibela, re ka bo re sa itse sepe ka Jehofa le ka maikaelelo a gagwe a a molemo, ebile re ka bo re sa itse sepe ka Jesu le setlhabelo sa gagwe sa thekololo. Basupi ba ga Jehofa ba dira gore batho ba nne le tsholofelo e e sa tshikhinyegeng mo Bibeleng. Gape ba bontsha go ya ka tsela eo ba tshelang ka yone letsatsi le letsatsi gore ba dumalana le seno seo se neng sa bolelwa ke moaposetoloi Paulo: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, . . . Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Timotheo 3:16, 17.

Bodumedi jwa Boammaaruri—Ke Tsela ya Botshelo

12. Mo godimo ga tumelo, ke eng se se tlhokegang e le gore kobamelo e nne e e boammaaruri, mme bodumedi jwa boammaaruri ke tsela ya botshelo ka ditsela dife?

12 Jesu o ne a bolela jaana: “Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:24) Ka gone, bodumedi jwa boammaaruri, kana mofuta wa kobamelo, ga se tsela ya go bontsha bomodimo bongwe kafa ntle, e e tlwaetsweng go dirwa, e na le melawana ya batho. Kobamelo e e itshekileng ke ya semoya, e theilwe mo tumelong. (Bahebera 11:6) Lefa go ntse jalo, tumelo eo e tshwanetse ya tshegediwa ke ditiro. (Yakobe 2:17) Bodumedi jwa boammaaruri bo gana dilo tse batho ba ratang go di dira. Bo kgomaretse ka thata mo melaong ya Bibela ya boitshwaro le puo e e phepa. (1 Bakorintha 6:9, 10; Baefesia 5:3-5) Batho ba ba leng mo go jone ba leka ka bojotlhe go tlhagisa maungo a moya wa Modimo mo botshelong jwa bone jwa lelapa, mo ditirong tsa bone tsa boitshediso, kwa sekolong, tota le eleng le mo boitlosongbodutu jwa bone. (Bagalatia 5:22, 23) Basupi ba ga Jehofa ba leka gore ba se ka ba bo ba lebala kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “Me ke gōna, leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Bodumedi jwa bone ga se selo fela se ba tlwaetseng go se dira; ke tsela ya botshelo.

13. Kobamelo ya boammaaruri e akaretsa eng, mme ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Basupi ba ga Jehofa eleruri ke batho ba bodumedi?

13 Gone ke boammaaruri gore, bodumedi jwa boammaaruri bo akaretsa ditiro tsa semoya. Tsone di akaretsa le thapelo eo motho a ithapelelang yone ka namana le ya lelapa, go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le thuto ya Bibela di a thusa, le go nna gone mo dipokanong tsa phuthego ya Bokeresete jwa boammaaruri. Dipokano tseno di bulwa ka pina ya go baka Jehofa le thapelo di bo di konelwa ka tsone. (Mathaio 26:30; Baefesia 5:19) Go sekasekwa ditlhogo tse di agang semoyeng go dirisiwa dipolelo le metlotlo ya dipotso le dikarabo ya dintlha tse di gatisitsweng tse botlhe ba kgonang go nna le tsone. Dipokano tseno gantsi di tshwarelwa kwa Diholong tsa Bogosi tse di phepa mme e se tse di kgabisitsweng ka mo go feteletseng, tseo di dirisediwang mabaka a bodumedi fela: dipokano tsa ka metlha, manyalo, ditirelo tsa phitlho. Basupi ba ga Jehofa ba tlotla Diholo tsa bone tsa Bogosi le Diholo tse dikgolwane tsa Dikopano jaaka mafelo ao a diretsweng kobamelo ya ga Jehofa. Go farologana le dikereke di le dintsi tsa Labokeresete, Diholo tsa Bogosi ga se mafelo a makoko mangwe a loago.

14. Kobamelo e ne e bolelang mo bathong ba ba buang Sehebera, mme ke tiro efe e e tlhaolang Basupi ba ga Jehofa gompieno?

14 Re ne ra bona pelenyana gore bakanoki bangwe ba golaganya lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “mofuta wa kobamelo” kana “bodumedi” le lediri “go direla.” Ka mo go kgatlhisang, lefoko la Sehebera le le tshwanang le lone, eleng ʽavo·dhahʹ, le ka ranolwa ka gore “tirelo” kana “kobamelo.” (Bapisa dintlhanyana tse di kwa tlase tse di go Ekesodo 3:12 le 10:26, go NW.) Mo Bahebereng, kobamelo e ne e bolela tirelo. Mme ke seo e se bolelang mo baobameding ba boammaaruri gompieno. Selo se se botlhokwa thata se se tshwayang bodumedi jwa boammaaruri ke gore botlhe bao ba leng mo go jone ba nna le seabe mo tirelong ya bomodimo ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:14; Ditihō 1:8; 5:42) Ke bodumedi bofe jo bo itsegeng lefatshe lotlhe ka go neela bosupi ga jone phatlalatsa ka Bogosi jwa Modimo jaaka jone fela jo setho se ka lebelelang mo go jone?

Maatla A A Molemo, A A Kopanyang

15. Karolo e e tlhomologileng ya bodumedi jwa boammaaruri ke eng?

15 Bodumedi jwa maaka bo a kgaoganya. Bo bakile letlhoo le tshololo ya madi, mme bo santse bo di baka le jaanong. Phapaanong le seo, bodumedi jwa boammaaruri bo a kopanya. Jesu o ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Lorato lo lo kopanyang Basupi ba ga Jehofa lo pota ka kwa ga melelwane ya semorafe, loago, itsholelo, le ya lotso eo e kgaoganyang batho ba bangwe botlhe. Basupi ba “eme ka tlhōmamō mo moeeñ o le moñwe hèla, [ba] nntse [ba] ganèlèla tumèlō ea Mahoko a a Molemō ka mōea o le moñgwe hèla.”—Bafilipi 1:27.

16. (a) Ke ‘mafoko afe a a molemo’ ao Basupi ba ga Jehofa ba a rerang? (b) Ke dipolelelopele dife tse di diragadiwang mo bathong ba ga Jehofa, mme ke masego afe a a neng a latela?

16 “Mahoko a a Molemō” ao ba a rerang ke a gore go ise go ye kae boikaelelo jo bo ka se kang jwa fetoga jwa Modimo bo tla diragadiwa. Thato ya gagwe e tla dirwa, “mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Leina le le galalelang la ga Jehofa le tla itshepisiwa, mme lefatshe le tla nna paradaise, koo baobamedi ba boammaaruri ba tla kgonang go tshelela ruri gone. (Pesalema 37:29) Dimilionemilione tsa batho mo mafatsheng otlhe di kopanela le Basupi ba ga Jehofa, di bolela jaana, e le fa di diragatsa boperofeti jwa Bibela: “Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.” (Sekaria 8:23) Jehofa o segofatsa batho ba gagwe. Eleruri ‘yo mmotlana’ o ne a nna ‘morafe o o thata,’ a nna phuthego ya lefatshe lotlhe eo e kopaneng ka mo go feletseng ka dikarolo tsotlhe—mo mogopolong, mo tirong, mo kobamelong. (Isaia 60:22) Seno ke sengwe seo bodumedi jwa maaka bo iseng bo tsamaye bo kgone go se dira.

Phenyo ya Bodumedi Jo Bo Itshekileng

17. Ke eng se se tlileng go diragalela Babelona o Mogolo, mme seno se tla diragadiwa jang?

17 Lefoko la Modimo le ile la bolelela pele kaga go senngwa ga mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, joo ka tsela ya tshwantshetso bo bidiwang “Babelona o Mogolo.” Bibela gape e tshwantshanya “dikgosi,” kana babusi ba bopolotiki, ba lefatshe ka letshwao la dinaka tsa sebatana. E re bolelela gore Modimo o tla dira gore babusi bano ba ikaelele go diga mokgatlho ono o o tshwanang le seaka sa ga Satane Diabolo ba bo ba se senye ka mo go feletseng.—Bona Tshenolō 17:1, 2, 5, 6, 12, 13, 15-18.b

18. Ke lebaka lefe le le botlhokwa le Bibela e re neelang lone la go senya Babelona o Mogolo, mme bodumedi jwa maaka bo ne jwa simolola leng mo tseleng eno ya lone e e maswe?

18 Ke ka ntlha yang fa Babelona o Mogolo a tshwanelwa ke go senngwa? Bibela e araba jaana: “Me ga hitlhèlwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ōna, le a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.” (Tshenolō 18:24) Selo se se bontshang gore molato ono wa madi o o bakilweng ke bodumedi jwa maaka se tloga tota le ka nako eo Babelona a neng a ise a nne gone ka yone, Jesu o ne a nyatsa baeteledipele ba bodumedi ba Bojuda, bao ba ikgolagantseng le Babelona o Mogolo, fa a ne a bolela jaana: “Dinōga ke lona, le lotsalō loa dishaushawane, lo tla halola yañ mo tshekishoñ ea molete? . . . Go [tla wela] mo go lona molato otlhe oa madi a basiami, a a cholocweñ mo lehatshiñ, go simolola ka madi a ga Abele mosiami.” (Mathaio 23:33-35) Ee, bodumedi jwa maaka, jo bo neng jwa simolola mo lefatsheng ka nako ya go tsuologa ga kwa Edena, bo tshwanetse jwa ikarabelela ka ntlha ya molato o o kwa godimo wa jone wa tshololo ya madi.

19, 20. (a) Baobamedi ba boammaaruri ba tla dira eng morago ga gore Babelona o Mogolo a atlholwe? (b) Morago ga foo go tlile go diragalang mme ke tebelelo efe eo e tla bong e bulegetse baobamedi botlhe ba boammaaruri?

19 Morago ga go senngwa ga Babelona o Mogolo, baobamedi ba boammaaruri mo lefatsheng ba tla kopanya mantswe a bone le setlhopha sa baopedi se se kwa legodimong se se opelang jaana: “Haleloya! . . . gonne o sekisitse seaka se segolo, . . . me o leheditse madi a batlhanka ba ōna mo seatleñ sa shōna. . . . Me mosi oa gagwè o tlhatloga ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Tshenolō 19:1-3.

20 Morago ga foo dikarolo tse dingwe tsa phuthego e e bonalang ya ga Satane di tla senngwa. (Tshenolō 19:17-21) Morago ga seno Satane, mosimolodi wa bodumedi jotlhe jwa maaka, le badimona ba gagwe ba tla latlhelwa mo moleteng. Ga ba kitla ba tlhola ba gololesega go bogisa baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa. (Tshenolō 20:1-3) Bodumedi jo bo itshekileng bo tla bo bo fentse bodumedi jwa maaka. Banna le basadi ba ba ikanyegang bao ba utlwang tlhagiso ya Modimo ya gore ba tswe jaanong mo go Babelona o Mogolo ba tla nna le tshono ya go falola mme ba tsene mo lefatsheng le lesha la Modimo. Gone, ba tla kgona go nna mo bodumeding jwa boammaaruri mme ba direla Jehofa ka tsela ya go mo obamela ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tlhaloso malebana le kobamelo ya baengele eo go buiwang ka yone mo go Bakolosa 2:18, bona Tora ya Tebelo, ya July 15, 1985, ditsebe 12-13.

b Gore o bone tlhaloso e e feletseng ya polelelopele eno, bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., dikgaolo 33-6.

Leka go Bona Gore O Gakologelwa go le Kana Kang

◻ Ke pono ya ga mang ka bodumedi e e leng botlhokwa go gaisa, mme ka ntlha yang?

◻ Ke dilo dife tse pedi tse di tlhokegang mo bodumeding jwa boammaaruri tseo Jakobe a neng a di gatelela?

◻ Dilo tse dingwe tse di batlegang mo kobamelong e e itshekileng ke dife?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba rera ‘mafoko afe a a molemo’?

◻ Bodumedi jwa boammaaruri bo tlile go fenya jang bodumedi jwa maaka?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba kopana kwa Assisi, kwa Italy, ka October 1986

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bodumedi jwa boammaaruri bo akaretsa go kopana mmogo go obamela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela