LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/1 ts. 1-13
  • Boitshoko jo bo Felelang ka Phenyo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boitshoko jo bo Felelang ka Phenyo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itshoka go Fitlha kwa Bokhutlong
  • Nonofo E E Tlhokegang
  • Go Leta Re Itshokile Re Nonofile
  • Go Rata Modimo go Re Thusa go Itshoka
  • Boitshoko—Bo Botlhokwa Thata Mo Bakereseteng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Akanyang ka Kelotlhoko Ka ga Yo o Ileng a Itshoka’
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • “Letlang Boitshoko bo Feleletse Tiro ya Jone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • “Go Segō ba ba Kileñ Ba nna Ba Ichōka”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/1 ts. 1-13

Boitshoko jo bo Felelang ka Phenyo

“Gonne lo chwanetse go [itshoka, “NW”] gore e tle e re lo sena go diha go rata ga Modimo, lo bo lo amogèlè polèlō ea choloheco.”—BAHEBERA 10:36.

1. Ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe yo o direlang Jehofa Modimo gompieno a tshwanetse go itshoka?

LEFATSHE leno lotlhe le busiwa ke modimo yo o tlhotlheletsang go nyatsa taolo. Mmusi wa lone yo o sa bonaleng, Satane Diabolo, o dira bojotlhe jwa gagwe go ganetsa Jehofa le go lwa kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo jo bo tla golediwang ke Bogosi jwa Bomesia. Seno se dira gore lefa go ka nna jang mongwe le mongwe yo o ineelang mo Modimong le go ema mo letlhakoreng la Gagwe la kganetsano ya bolaodi a nne ka metlha a ganediwa ke lefatshe leno. (Yohane 15:18-20; 1 Yohane 5:19) Ka gone, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse gore a inonotshe gore a kgone go itshoka go fitlha lefatshe leno le fenngwa gotlhelele ka Hara–Magedona. Gore re nne bangwe ba bafenyi ba Modimo bao ba fenyang lefatshe leno ka tumelo le bothokgami jwa bone, re tshwanetse go tswelela re iketleeditse tota go fitlha kwa bokhutlong. (1 Yohane 5:4) Re ka dira seo jang?

2, 3. Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke dikao tse dikgolo tsa boitshoko ka tsela efe?

2 Selo se segolo ke gore, re ikgothatse ka batho ba babedi bao e leng dikao tse di tlhomologileng tsa boitshoko. Ke bomang? Yo mongwe ke Jesu Keresete, “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe,” yo a ileng a itshoka ka boikanyegi mo tirong ya Modimo fa a sale a nna teng ka nako e re sa e itseng bogologolo. Jesu o ne a nna sekao sa dibopiwa tsotlhe tse di botlhale tseo di neng tsa bopiwa kwa legodimong le mo lefatsheng, ka go ganelela go direla Modimo ka boikanyegi. (Bakolosa 1:15, 16) Lefa go ntse jalo, sekao se segolo thata sa boitshoko ke Jehofa Modimo, yo a sa bolong go itshokela botsuolodi jo bo dirwang kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe jwa lobopo mme o tla tswelela a dira jalo go fitlha a tsaya kgato go fedisetsa kganetsano ya bolaodi ruri.

3 Jehofa o ile a itshoka ka tsela e e tlhomang sekao tota mo dikgannyeng tse di neng di ama maemo a gagwe a a kwa godimo le maikutlo a gagwe a a boteng. O ile a itshwara fa a ne a gwetlhiwa tota ebile o ile a itshwara gore a se ka a tsaya kgato kgatlhanong le bao ba mo kgalang—go akaretsa le Satane Diabolo. Re leboga go bo Modimo a itshoka ebile a le kutlwelobotlhoko. Kwantle ga tseno, ga re kake ra bo re tshedile lefa e le ka lobakanyana lo lonnye fela. Eleruri Jehofa Modimo o ile a itlhaola kwantle ga pelaelo ka boitshoko jwa gagwe.

4, 5. (a) Setshwantsho sa ga Paulo sa mmopi wa dinkgwana se supa boitshoko le kutlwelobotlhoko ya Modimo jang? (b) Kutlwelobotlhoko ya Modimo e tlile go itshupa jang gore ga e a dirisiwa ka tsela e e phoso?

4 Moaposetoloi Paulo o bua ka boitshoko le kutlwelobotlhoko ya Modimo fa a bolela jaana: “Kgotsa a mmopi ga a na thata mo lecopeñ, go bopa seyana se señwe sa tlotlō, le se señwe sa tlotlologō, e le ka lecopa le le leñwe hèla? Go no go ka tweñ, ha e rile Modimo o rata go shupa bogale yoa ōna, le go utlwatsa nonohō ea ōna, oa iphapaanya ka pelotelele yo bogolo le diyana tsa kgalehèlō tse di etleegetseñ tshenyègō: Le gore o utlwatsè botlalō yoa kgalalèlō ea ōna ka diyana tsa kutlwèlō botlhoko, tse o di baakanyeditseñ kgalalèlō galè. Eboñ rona, ba o cwañ go re bitsa, e señ mo Bayudeñ ba le bosi, e leñ le mo go Badichaba?”—Baroma 9:21-24.

5 Jaaka mafoko ano a bontsha, mo lobakeng lono lo Jehofa a itshokileng ka lone, o ntse a tswelela ka boikaelelo jwa gagwe jo bo galalelang mme o supa kutlwelobotlhoko mo dijaneng dingwe tsa batho. O baakanyetsa dipitsa tseno go tla go di galaletsa ka bosakhutleng mme ka gone o fenya maikaelelo a a phoso a moganetsi wa gagwe yo mogolo, Satane Diabolo, le ditsala tsotlhe tsa ga Satane. Ga se batho botlhe bao ba ileng ba nna dipitsa tsa kgalefo, tseo di tshwanetseng go senngwa. Mme seo se tlotlomatsa go itshoka ka bopelotelele ga Modimo Mothatayotlhe. Kutlwelobotlhoko ya gagwe ga e kitla e nna ya lefela. E tla felela ka (1) lelapa le le galalelang la Bogosi jwa legodimo le le busiwang ke Morwawe yo o rategang, Jesu Keresete, le (2) dibopiwa tsa batho tse di tsosolositsweng le tse di itekanetseng mo lefatsheng la paradaise, botlhe e le ba ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng.

Go Itshoka go Fitlha kwa Bokhutlong

6. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ka se ka ba kgona go tila go lekwa ga boitshoko jwa bone? (b) Ka tlwaelo, lefoko la Segerika le le dirisediwang “go itshoka” le kaya eng?

6 Ereka re lebeletse gore tsholofelo e e itumedisang eo e tloga e diragadiwa, mafoko a a nonotshang ano a ga Jesu a tshwanetse go utlwala mo ditsebeng tsa rona ka metlha, a a reng: “Eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Mathaio 24:13) Go botlhokwa gore motho a simolole e le morutwa wa Mokeresete yo o siameng. Mme se totatota se leng botlhokwa le go feta ke gore re itshoka jang, tsela e e siameng eo re wetsang tsela ya rona ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela seno fa a ne a bolela jaana: “Gonne lo chwanetse go [itshoka, NW] gore e tle e re lo sena go diha go rata ga Modimo, lo bo lo amogèlè polèlō ea choloheco.” (Bahebera 10:36) Lefoko la Segerika fano le le ranotsweng jaaka “go itshoka” ke hy·po·mo·neʹ. Gantsi le kaya go nna pelokgale, go tlhomama, kana go itshoka ka bopelotelele o sa latlhegelwe ke tsholofelo fa o lebane le mathata, pogiso, diteko, le dilo tse di ka nnang tsa go faposa. Fa re batla go bona poloko kwa bokhutlong, re tshwanetse go ineela gore boitshoko jwa rona bo lekwe jaaka karolo ya go ipaakanyetsa poloko.

7. Re tshwanetse go tila go tsiediwa ke eng, mme ke sekao sa ga mang se se tla re thusang go itshoka?

7 Ga re a tshwanela go itsietsa ka go akanya gore re ka fenya teko fela ka bonako. Jehofa ga a ka a ikgogona gore dikgang tse di leng malebana le bolaodi jwa lobopo le bothokgami jwa motho di kgone go arabiwa ka tsela e e sa belaetseng. O ile a itshokela dilo tse di seng monate lemororo a ne a ka nna a di nyeletsa fela ka bonako. Jesu Keresete gape e ne e le sekao sa boitshoko. (1 Petere 2:21; bapisa Baroma 15:3-5.) Ereka re na le dikao tse di nonofileng ka tsela e e tlhomologileng tseno, eleruri le rona re batla go itshoka go fitlha kwa bokhutlong.—Bahebera 12:2, 3.

Nonofo E E Tlhokegang

8. Moaposetoloi Paulo o ile a supa nonofo efe eo rotlhe re e tlhokang?

8 Ga go na motlhanka ope wa Modimo, le eleng go tswa mo metlheng ya bogologolo, yo a se kileng a tlhoka go supa fa a thokgame ka go itshoka. Batho ba ba kwa godimo thata mo hisitoring ya Bibela bao ba neng ba nna ba ntse ba ikanyega go fitlha ba swa le ba ba neng ba tshwanela go bona botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong ba ne ba tshwanetse go itshupa gore ba tlhomame. Ka sekai, Saule wa Tareso yoo pele e neng e le Mofarisai, o kile a bolelela Bakorintha jaana: “Gonne ka bo ke se kwa moragō ga baaposetoloi ba bagolo mo go sepè, leha ke se opè. Rure dichupō tsa moaposetoloi di tsa dihwa mo go lona ka bopelotelele yotlhe, ka dichupō le dikgakgamaco, le ditihō tsa nonohō.” (2 Bakorintha 12:11, 12) Go sa kgathalesege mokgweleo wa tiro, Paulo o ne a tseela bodihedi jwa gagwe kwa godimo mo e leng gore o ne a itshoka thata a bo a leka ka tlhoafalo gore a se ka dira gore bo kgalwe ka sepe.—2 Bakorintha 6:3, 4, 9.

9. (a) Masalela a a tloditsweng a supile boitshoko jang, mme go ne ga felela ka eng? (b) Ke eng se se re tlhotlheletsang gompieno go tswelela re direla Modimo ka boikanyegi?

9 Mo dinakong tsa jaanong tsa segompieno, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba direla Modimo ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe ba ne ba itse gore 1914 e tlile go tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba, ebile bontsi jwa bone bo ne bo lebeletse go bona tuelo ya go ya kwa legodimong mo ngwageng o o tlhomologileng oo. Mme seno ga se a ka sa diragala. Jaaka dintlha di bontsha jaanong, ba ne ba tshela masomesome a mangwe a dingwaga. Mo nakong e ba neng ba sa e lebelela e botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng bo neng jwa okediwa ka yone eo, ba ne ba ntlafadiwa ke Jehofa Modimo. (Sekaria 13:9; Malaki 3:2, 3) Go tswelela ga bone ba ntse ba itshokile go ne ga ba thusa gore ba nne ba dire botoka. Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, ba ne ba itumelela go bidiwa batho ba leina la gagwe. (Isaia 43:10-12; Ditihō 15:14) Gompieno, ereka jaanong ba fetile mo dintweng tse pedi tsa lefatshe le mo dikgogakgoganong di le mmalwa tse dinnye, ba itumelela go bo palo e e golang ya boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele joo jaanong bo balwang e le dimilione tse nne bo ba thusa go anamisa mafoko a a molemo. Paradaise ya semoya eo ba e itumelelang jaanong e atologile e tletse mo lefatsheng lotlhe, le eleng go ya kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa kgakala tsa lewatle. Tsela e e molemo eno eo re tshwarwang ka yone, eo re ntseng re itumelela ka mo go oketsegileng fa re ntse re tshela, e ile ya re tlhotlheletsa gore re tswelele re ntse re ikanyega mo tirelong eno ya bomodimo go fitlha thato ya ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe di diragadiwa ka botlalo.

10. Ke eng se se tlhokwang mo go rona ka metlha gore re se ka ra koafala?

10 Ereka re tla bona tuelo fela fa re nna re tlhomame, re tlhoka go kgothadiwa mo ntlheng e e botlhokwa eno ka metlha. (1 Bakorintha 15:58; Bakolosa 1:23) Gore batho ba ga Jehofa ba se ka ba koafala, ba tshwanetse go nna ba kgothadiwa gore ba se ka ba latlha boammaaruri le go tlogela tshiamelo e e molemolemo eno ya go anamisa boammaaruri, fela jaaka diphuthego tse di neng di le disha go tlhongwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga di ne di kgothadiwa ke Paulo le Barenabase. (Ditihō 14:21, 22) A re iketleetseng re bo re ititeyeng sehuba gore fela jaaka moaposetoloi Johane a ne a bolela, boammaaruri bo tla sala bo ntse bo le mo go rona, ebile “bo tla nnèla rure le rona ka bosakhutleñ.”—2 Yohane 2.

Go Leta Re Itshokile Re Nonofile

11. Go lebega Modimo a laela batlhanka ba gagwe go dira eng, mme seno se ile sa tshwantshiwa jang mo kgannyeng ya ga Josefa?

11 Teko eno e e re amang e tsaya lobaka go feta. (Yakobe 1:2-4) Leta! Leta! Leta! go lebega Modimo o ne wa laela batlhanka ba gagwe ba bogologolo jalo fa ba ne ba lekwa gore a ba tla nna ba ntse ba le mo tumelong. Mme go leta goo, kwa bokhutlong, ka metlha go ne go itshupa go na le tuelo mo batlhankeng ba ba ikanyegang bao. Ka sekai, Josefa, o ne a tshwanela go leta ka dingwaga di le 13 jaaka motlhanka le legolegwa, mme boitemogelo joo bo ne jwa tokafatsa botho jwa gagwe.—Pesalema 105:17-19.

12, 13. (a) Aberahame o ne a tlhoma sekao sa go itshoka ka boikanyegi jang? (b) Ke ka tsela efe tumelo le boitshoko jwa ga Aberahame di tsewang e le mokgwa o re tshwanetseng go nna le one?

12 Aberahame o ne a setse a na le dingwaga di le 75 fa Modimo o ne o mo ntsha mo nageng ya Ura wa Bakaladea o mo isa kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng. O ne a na le dingwaga tse di ka nnang 125 fa Modimo o ne o tlhomamisa tsholofetso ya one ka ikano—eo e neng ya diragala ka bonako fela fa Aberahame a sena go supa kafa tumelo ya gagwe e neng e nonofile ka teng ka go leka go ntsha morwawe yo a mo ratang Isake setlhabelo, a ema fela fa moengele wa ga Jehofa a ne a thiba seatla sa gagwe mme a thibela setlhabelo seo. (Genesise 22:1-18) Dingwaga di le masome a matlhano di ne di le dileele tota mo go Aberahame go leta jaaka mojaki mo nageng e sele, mme o ile a nna a itshoka dingwaga tse dingwe gape tse 50 go fitlha fa a swa a na le dingwaga di le 175. Mo nakong eo yotlhe, Aberahame e ne e le mosupi yo o ikanyegang le moperofeti wa ga Jehofa Modimo.—Pesalema 105:9-15.

13 Tumelo le boitshoko jwa ga Aberahame di tsewa jaaka sekao mo batlhankeng botlhe ba Modimo bao ba batlang go bona masego a a solofeditsweng ka Jesu Keresete, Losika lwa ga Aberahame. (Bahebera 11:8-10, 17-19) Re bala jaana mo go Bahebera 6:11-15 mabapi le ene: “Me re eletsa gore moñwe le moñwe oa lona a kè a bōnwè a le tlhōahalō euō, go ea go hitlha mo botlaloñ yoa cholohèlō le go hitlha kwa bokhutloñ: Gore lo ke lo se boduhale, me lo nnè baetsi ba bōnè ba ba ruileñ dipolèlō tsa choloheco ka tumèlō le ka bopelotelele. Gonne e rile ha Modimo o dihèla Aberahame polèlō ea choloheco, ereka go sena opè eo mogolo eo o no o ka ikana ka èna, ga ikana ōna ka osi, Oa re, Rure ke tla gu segōhatsa, ke ba ke gu segōhatsa; ke tla gu atisa, ke ba ke gu atisa. Me yalo, o rile a sena go ichōka ka bopelotelele, a amogèla se o na a se sholohedicwe.”

14. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go akanya gore teko ya boitshoko ke ya bosakhutleng le gore tuelo ya yone ga se sepe?

14 Masalela a a tloditsweng a setse a bone dingwaga di le 77 di feta fa esale kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, fa bangwe ba bone ba ne ba lebeletse go galalediwa ga phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri ba tseelwa kwa legodimong. Ga re itse gore masalela a santse a tla leta lobaka lo lo kana kang. A jaanong re tshwanetse go nnela go thetheekela mme re akanye gore re tlile go leta ka bosakhutleng le gore tuelo ya gone ke lefela fela? Nnyaa! Seo ga se kitla se tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo kana gone go tlotla leina la gagwe. Lefatshe le ne le se kitla le tsaya gore o dirile sentle fa a re naya phenyo kana tuelo ya yone ya botshelo jo bo sa khutleng. Go sa kgathalesege boleele jwa lobaka loo, masalela, mmogo le ditsala tsa one tse di ikanyegang tsa sekadinku, ba ititeile dihuba gore ba tla leta go fitlha Jehofa a tsaya kgato ka nako ya gagwe. Ba latela tsela ya ga Aberahame mo go tlhomeng 2sekao se se ntseng jalo sa boitshoko.—Baroma 8:23-25.

15. (a) Moano wa rona ke eng, mme Modimo o ile a re tshegetsa gore re fenye mo dilong dife tse di re diragaletseng? (b) Ke kgothatso efe ya ga Paulo e e santseng e tshwanela mo motlheng ono wa rona?

15 Moano e santse e le go itshoka ba nonofile mo go direng thato ya Modimo. (Baroma 2:6, 7) Mo nakong e e fetileng o ne a re tshegetsa fa re ne re tlhaselwa thata, go akaretsa go tsenngwa mo kgolegelong le mo dikampong tsa pogisetso, mme o ile a re golola re fentse a galaletsa leina la gagwe le boikaelelo jwa gagwe.a Jehofa o tla tswelela go dira ka tsela e e tshwanang mo nakong e e santseng e re saletse ya gore teko ya rona e wediwe. Kgothatso eno ya ga Paulo e santse e tshwanela tota mo motlheng ono wa rona: “Gonne lo tshwanetse go tlhomama mo boitshokong le go nna pelotelele, gore lo tle lo kgone go dira le go wetsa ka botlalo go rata ga Modimo, mme ka gone lo amogele lo bo lo tseye le go itumelela ka botlalo seo a se solofeditseng.”—Bahebera 10:36, The Amplified Bible; Baroma 8:37.

16. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go leba boineelo jwa rona mo go Jehofa ka tsela e e sa felelang kana re belaela?

16 Fa fela Jehofa a santse a na le tiro e a batlang re e dira mo lefatsheng le le boikepo leno, he, re batla go latela sekao sa ga Jesu, re dire tiro eo go fitlha e fela. (Yohane 17:4) Ga re a ineela mo go Jehofa ka tlhaloganyo ya gore re tla mo direla ka lobaka lo lokhutshwane fela mme Hara-Magedona e bo e tla. Re ineetse mo go ene ka bosakhutleng. Tiro e re e direlang Modimo ga e ne e fela ka ntwa ya Hara–Magedona. Lefa go ntse jalo, re tla bona dilo tse di molemolemo tse di tlang morago ga ntwa eo fa fela re sena go wetsa tiro e e tshwanetseng go dirwa pele ga Hara-Magedona. Morago ga foo, mo godimo ga tshiamelo e e itumedisang ya go tswelela re dira tiro ya gagwe, re tla duelwa ka masego a re sa bolong go a emela ao a a re solofeditseng.—Baroma 8:32.

Go Rata Modimo go Re Thusa go Itshoka

17, 18. (a) Ke eng seo se tla re thusang go itshoka mme re ntse re amogelwa ke Modimo ka dinako tsa mathata? (b) Ke eng se se tla re thusang go fenya, mme ke eng seo re sa se boleleng ka nako e e setseng?

17 Fa re tsena mo dinakong tse di seng monate gongwe re ka nna ra botsa jaana: ‘Re ka itshoka jang ka mo go oketsegileng?’ Karabo ke eng? Ka go rata Modimo ka dipelo, tlhaloganyo, moya le maatla otlhe. “Loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi; loratō ga lo pelotshètlha; loratō ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela, Lo ichōkèla dilō cotlhe, lo dumèla dilō cotlhe, lo sholohèla dilō cotlhe, lo iphapaanya le dilō cotlhe. Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè.” (1 Bakorintha 13:4, 7, 8) Fa lebaka la rona la go itshoka e se ka ntlha ya go bo re rata Modimo, boitshoko jwa rona ga se sepe. Mme fa re itshokela mekgweleo ya rona gonne re ineetse mo go Jehofa, boitshoko jwa rona bo tla nonotsha lorato lwa rona mo go ene. Jesu o ne a kgona go itshoka gonne a ne a rata Modimo ebong Rraagwe. (Yohane 14:30, 31; Bahebera 12:2) Fa e le gore tota go rata Modimo, yo e leng Rraarona, ke gone go re tlhotlheletsang go dira dilo, a go na le sepe fela seo re ka se kang ra kgona go se itshokela?

18 Lorato lwa rona lo lo nonofileng mo go Jehofa Modimo ke lone lo neng lwa dira gore re kgone go nna re ntse re fenya lefatshe mo metlheng eno e e botlhoko ya diteko. Mme Jehofa, ka Jesu Keresete, o tla tswelela a re thusa kafa re tlhokang ka teng go sa kgathalesege gore tsamaiso e kgologolo eno ya dilo e tla letliwa go nna lobaka lo lo kana kang. (1 Petere 5:10) Ke boammaaruri gore ga re fopholetse ka gope gore nako e e setseng e kana kang, ebile ga re tlhome letlha lepe le le tlhomameng. Re tlogelela seo mo Mmolokanakong yo Mogolo, Jehofa Modimo.—Pesalema 31:15.

19, 20. (a) Re tshwanetse go leba letsatsi lengwe le lengwe le le fetang re ntse re itshokile jang? (b) Ke boeleele bofe jo re batlang go bo tila mme ka ntlha yang?

19 Lefa go ntse jalo, kokomana e go neng go boleletswe pele gore e tla bona “bokhutlō yoa lehatshe” e setse e godile thata. (Mathaio 24:3, 32-35) Ka jalo a le ka motlha re se ka ra lebala gore letsatsi lengwe le lengwe le le fetang re fetisa letsatsi le lengwe re ntse re itshoketse Satane le badimona ba gagwe bao ba kgotlelang lobopo ka go nna teng ga bone fela ebile re a bo re atametse ka letsatsi le lengwe nako ya fa Jehofa a se kitla a tlhola a itshokela go nna teng ga “diyana tsa kgalehèlō tse di etleegetseñ tshenyègō.” (Baroma 9:22) Go ise go e kae, fa bopelotelele jwa ga Jehofa bo khutla, o tla galefela banna le basadi ba ba sa batleng Modimo. Ka tsela eo, o tla supa fa ene jaaka Modimo a sa rate tsela e ba dirang ka yone, le eleng lefa a ile a ba letla go tswelela ka lobaka lo loleele jaana.

20 E tla bo e le boeleele jo bogolo mo go rona fa re ka lesa go dira maiteko ka lorato go bona tuelo e e galalelang eo re e newang ka Jesu Keresete. Go na le moo, re ititeile sehuba go tswelela re ikanyega jaaka Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e botlhoka thata ya fa Jehofa a setse a le gaufi le go itlotlomatsa jaaka Molaodi wa Lobopo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka sekai, Christine Elizabeth King o ne a kwala jaana: “Puso ya [Banazi] e ne ya palelwa fela ke Basupi, ka go bo lemororo ba ne ba bolaile diketekete tsa bone, tiro ya bone e ne ya tswelela ebile mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa o ne o santse o le teng ka May 1945, fa Bojammogo jwa Bomorafe jone bo ne bo seyo. Palo ya Basupi e ne e oketsegile ebile go ne go sena ba ba neng ba ineela. Mokgatlho oo o ne o na le baswelatumelo mme o ne o lwele ntwa e nngwe gape ka katlego mo ntweng ya ga Jehofa Modimo.”—The Nazi State and the New Religions: Five Case Studies in Non-Conformity, tsebe 193.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra tila go lekwa ga boitshoko jwa rona?

◻ Re batla go tila tsietso efe?

◻ Re tlhoka go dira eng go tila gore re se ka ra koafala?

◻ Moano wa rona ke eng?

◻ Ke eng se se tla re thusang go itshoka ka dinako tsa mathata?

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Batho ba Modimo, jaaka Basupi ba kwa Port of Spain, Trinidad, ka metlha ba ne ba ntse ba iketleeditse go lebelela fela mo go Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela