LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 8/15 ts. 18-23
  • Go Dira ‘Molemo Otlhe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira ‘Molemo Otlhe’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Diha Se Se Molemō”
  • Go Akanyetsa Ba Bangwe
  • “Lo Nnè Kutlwèlō Botlhoko”
  • Go Aba le go Tshola Baeng
  • Go Bua Boammaaruri
  • Tlhagolela Bomolemo
  • Tswelela Pele o Bontsha Bomolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Ruri Molemo wa Gagwe o Mogolo!”
    Atamalana le Jehofa
  • Bomolemo jo Bogolo Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 8/15 ts. 18-23

Go Dira ‘Molemo Otlhe’

“Gonne louñō loa lesedi lo eme mo molemoñ otlhe.”—BAEFESIA 5:9.

1, 2. Ke ditlhopha dife tse pedi tse di ileng tsa nna teng go tloga mo metlheng ya bogologolo, mme maemo a tsone a farologane jang gompieno?

MO E ka nnang dingwaga di le dikete tse thataro tse di fetileng morago ga botsuolodi jwa kwa Edena, gape le morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, batho ba ne ba ikgaoganya ka ditlhopha tse pedi, kana diphuthego tse pedi, sengwe se dirwa ke bao ba lekang ka natla go direla Jehofa, mme se sengwe ke sa bao ba latelang Satane. A diphuthego tseno di santse di le teng? Eleruri di teng! Moperofeti Isaia o ne a umaka ditlhopha tse pedi tseno a bo a bolelela pele gore mo metlheng eno ya rona di tla nna mo maemong ano: “Gonne, bōna, lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba: me wèna, Yehofa, o tla gu tlhabèla, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna.”—Isaia 60:1, 2.

2 Ee, pharologano e e fa gare ga diphuthego tse pedi tseno e kgolo fela jaaka e e fa gare ga lefifi le lesedi. Mme fela jaaka phatsimo ya lesedi e ka gogela motho yo o timetseng a le mo lefifing, ka jalo lesedi le le tswang kwa go Jehofa le le phatsimang mo lefatsheng le le lefifi leno le ile la gogela dimilione tsa batho ba ba dipelo di siameng mo phuthegong ya Modimo. Go ntse fela jaaka Isaia a ne a tswelela go bolela jaana: “Me merahe [dinku di sele] e tla tla lesediñ ya gago, le dikgosi [baruaboswa ba Bogosi ba ba tloditsweng] di tla phatsimoñ ea go tlhaba ga gago.”—Isaia 60:3.

3. Bakeresete ba supa kgalalelo ya ga Jehofa ka ditsela dife gompieno?

3 Batho ba ga Jehofa ba supa jang gore Jehofa o a galalela? Selo se se botlhokwa ke ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo, jwa selegodimo. (Mareko 13:10) Mme se se fetang seo, ba etsa Jehofa, sekao sa bone se se molemo, mme ka gone boitshoko jwa bone bo dira gore batho ba ba boikobo ba bone lesedi. (Befesia 5:1) Paulo o ne a bolela jaana: “Gonne lo kile loa ne lo le lehihi, me yanoñ lo lesedi mo Moreneñ: sepelañ yaka bana ba lesedi.” O ne a tswelela jaana: “Gonne louñō loa lesedi lo eme mo molemoñ otlhe, le mo tshiamoñ, le mo boamarureñ—Lo nntse lo lekèla go lemoga se se kgatlhañ Morèna; Me lo se ka loa nna le bolekane le ditihō tsa lehihi tse di senañ louñō.” (Baefesia 5:8-11) Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re “mo molemoñ otlhe”?

4. Bomolemo ke eng, mme bo bonwa jang mo Mokereseteng?

4 Jaaka setlhogo sa rona se se fetileng se ne sa bontsha, molemo ke nonofo kana go itshola ka tsela e e matsetseleko tota, kana ka tshiamo. Jesu o ne a bolela gore Jehofa ke ene fela a leng molemo ka botlalo. (Mareko 10:18) Lefa go ntse jalo, Mokeresete o tshwanetse a etsa Jehofa ka go nna molemo oo e leng leungo la moya. (Bagalatia 5:22) Fa e akgela ka lefoko la Segerika a·ga·thosʹ leo le ranolwang jaaka “molemō,” Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words e bolela gore “Le tlhalosa selo sengwe seo, ka go bo se le molemo ka bosone, kana kafa se bopegileng ka gone, se felelang ka molemo.” Ka gone, Mokeresete yo o batlang go nna molemo o tla nna molemo mmogo le go dira molemo. (Bapisa Duteronome 12:28.) O tla tila gape le dilo tseo di seng molemo, “ditihō tsa lehihi tse di senañ louñō.” Ditsela tse di farologaneng tseo Mokeresete a supang ka tsone gore o molemo ka boitsholo jwa gagwe ke one ‘molemo otlhe,’ oo Paulo a neng a bua ka one. Dingwe tsa tsone ke eng?

“Diha Se Se Molemō”

5. Mofuta mongwe wa bomolemo ke ofe, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go bo tlhagolela?

5 Paulo o ne a bua ka mofuta mongwe wa jone fa a ne a kwalela Baroma. O ne a bolela jaana fa a ne a bua ka go ikobela “babusi ba bagolo”: “Me a u rata ua bo u sena poihō ea mmushō? diha se se molemō, me u tla bakwa ka shōna.” “Molemō” o a buang ka one ke go ikobela melao le dithulaganyo tsa babusi ba lefatshe. Ke ka ntlha yang fa Mokeresete a tshwanetse go di ikobela? Go tila gore a se ka a nna le dikgotlhang le bone go sa tlhokege, ka gone a ipaya mo kotsing ya go otlhaiwa le—se se botlhokwa thata ke gore a nne le segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo. (Baroma 13:1-7) Lemororo segolobogolo a dira gore a ikobele Jehofa, Mokeresete o ‘tlotla kgosi,’ a sa tsuologele babusi bao Jehofa Modimo a ba letlileng gore ba nne teng. (1 Petere 2:13-17) Ka tsela eno, Bakeresete ke baagelani ba ba molemo, baagi ba ba molemo, le dikao tse di molemo.

Go Akanyetsa Ba Bangwe

6. (a) Tsela nngwe ya go nna molemo ke efe? (b) Ke bomang ba ba umakiwang mo Bibeleng bao re tshwanetseng go ba akanyetsa?

6 Bomolemo jwa ga Jehofa bo bonala ka go nesetsa baagi botlhe ba lefatshe ‘dipula tse di tswang legodimong le go ba naya metlha ya maungo.’ Seno se felela ka gore ‘ba tlale ka dijo le boitumelo’ ebile se mo supa fa e le Modimo o o akanyetsang tota. (Ditihō 14:17) Re ka mo etsa mo go seno ka go akanyetsa ba bangwe ka ditsela tse dinnye le tse dikgolo. Mo go bomang totatota? Paulo o bua segolobogolo ka bagolwane, “ba ba dihañ mo go lona, ba ba lo busañ mo Moreneñ, ba lo tlhagisa.” O kgothaletsa Bakeresete gore ba ba “tlotlè thata thata mo loratoñ ka ntlha ea tihō ea bōnè.” (1 Bathesalonia 5:12, 13) Re ka dira seno jang? Ka go dirisana sentle le bone—ka sekai, ka go dira tiro e e tlhokwang go dirwa kwa Holong ya Bogosi. Lemororo re tshwanetse go ikutlwa ka metlha re gololesegile go atamela bagolwane gore ba re thuse ka dilo tse re di tlhokang, ga re a tshwanela go batla dilo mo go bone ka tsela e e supang go sa akanyetse. Go na le moo, re leka go tlhofofatsa ka ditsela dipe fela tse re ka kgonang ka tsone mokgweleo wa badisa ba ba dirang ka natla bano, bao bontsi jwa bone bo nang le boikarabelo jwa go tlhokomela lelapa mo godimo ga ditiro tsa phuthego tse ba di dirang.

7. Re ka supa fa re akanyetsa batsofe ka ditsela dife?

7 Batsofe le bone ba tshwanetse go akanyediwa. Molao mongwe o o tlhamaletseng mo Molaong wa ga Moshe o ne o re: “U nanogè u èmè ha pele ga eo o tlhōgō e pududu, u tlotlè sehatlhōgō sa mocohe, me u boihè Modimo oa gago: Ke nna Yehofa.” (Lefitiko 19:32) O ka supa jang gore o akanyetsa ka tsela eno? Go ne go ka nna molemo fa basha ba ne ba ka ithaopa go ba thusa ka go ba ela kwa mabenkeleng le go ba direla ditiro tse dingwe. Bagolwane ba ka tlhatlhoba go bona fa go na le ope wa batsofe yo a tlhokang go thusiwa ka go tla kwa dipokanong. Kwa dikopanong, batho ba basha ba ba nonofileng ba tla tila go sutlha batsofe ba ba tsamayang ka bonya ka go fela pelo ba leka go feta, mme ba tla nna pelotelele le motsofe yo a leng bonya go nna fa fatshe kana fa ba tsaya dijo.

8. Re ka supa jang gore re akanyetsa setlhopha se sengwe gape seo Bibela e se supang ka tlhamalalo?

8 Mopesalema o umaka setlhopha se sengwe gape seo se tlhokang go akanyediwa jaana: “Go segō eo o gopolañ bahumanegi.” (Pesalema 41:1) Go motlhofo tota go akanyetsa batho ba ba kwa godimo kana ba ba humileng, mme go tweng ka ba ba kwa tlase le ba ba humanegileng? Mokwadi wa Bibela Jakobe o ne a bontsha gore go akanyetsa batho ke teko tota e e re lekang gore a re siame le gore re na le lorato lwa Bokeresete. A re faloleng teko eno ka go akanyetsa botlhe go sa kgathalesege gore maemo a bone ke afe.—Bafilipi 2:3, 4; Yakobe 2:2-4, 8, 9.

“Lo Nnè Kutlwèlō Botlhoko”

9, 10. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko, mme mofuta ono wa bomolemo o ka bontshiwa jang?

9 Ditshwantsho tse dingwe tsa ga Jesu di supa tsela e nngwe ya go supa bomolemo. Mo go sengwe sa tsone, Jesu o ne a bua ka Mosamaria yo a neng a fitlhela motho yo a neng a thukhuthilwe, a iteilwe botlhoko, mme a tlogetswe a robetse mo tseleng. Molefi le moperesiti ba ne ba fetile monna yo o gobetseng yono fela, ba sa batle go mo thusa. Mme Mosamaria o ne a ema mme a mo thusa, o ne a dira tiro e kgolo go feta eo a neng a ka lebelelwa go e dira. Kgang eno gantsi e bidiwa setshwantsho sa Mosamaria yo o Molemo. Mosamaria o ne a dira molemo wa mofuta ofe? Kutlwelobotlhoko. Fa Jesu a ne a botsa bareetsi ba gagwe gore ba supe gore ke mang yo a neng a itshupa e le moagelani wa monna yo a neng a ntshitswe dintho yono, karabo e e siameng e ne ya re: “Ke eo o mo utlwetseñ botlhoko.”—Luke 10:37.

10 Bakeresete ba ba kutlwelobotlhoko ba etsa Jehofa, yoo Moshe a neng a bolelela Baiseraele jaana ka ene: “Ka Yehofa Modimo oa gago e le Modimo o o boutlwèlō botlhoko; ga a ketla a gu tlhaèla, le gōna ga a ketla a gu senya, leha e le go lebala kgōlaganō ea borrago, e o na a e ba ikanèla.” (Duteronome 4:31) Jesu o ne a bontsha gore kutlwelobotlhoko ya Modimo e tshwanetse go re ama jaana: “Lo nnè kutlwèlō botlhoko, hèla yaka Rra lona le èna a le kutlwèlō botlhoko.” (Luke 6:36) Re ka supa kutlwelobotlhoko jang? Fela jaaka setshwantsho sa ga Jesu se ne sa bontsha, tsela e nngwe ke ka go nna re iketleeditse go thusa ba bangwe, le eleng lefa seo se re tsenya mo kotsing kana se re kgoreletsa ka tsela nngwe. Motho yo o molemo ga a kitla a itlhokomolosa mokaulengwe wa gagwe fa a boga fa e le gore o kgona go dira sengwe go mo thusa.—Yakobe 2:15, 16.

11, 12. Go ya ka setshwantsho sa ga Jesu sa batlhanka, kutlwelobotlhoko e akaretsa eng, mme re ka supa seno jang gompieno?

11 Setshwantsho se sengwe gape sa ga Jesu se ne sa supa go nna molemo ka go nna le kutlwelobotlhoko go akaretsa go iketleetsa go itshwarela ba bangwe. O ne a bua ka motlhanka yo a neng a kolota mong wa gagwe ditalenta di le dikete di le lesome. Motlhanka yono o ne a kopa mong wa gagwe gore a mo utlwele botlhoko gonne a ne a sa kgone go mo duela, mme o ne ka bopelonomi a phimola molato o mogolo oo wa didinari di le 60 000 000. Mme motlhanka yoo o ne a tsamaya mme a fitlhela motlhanka yo mongwe yo o neng a mo kolota didinari di le lekgolo. Motlhanka yo o neng a itshwaretswe yono o ne ka go tlhoka kutlwelobotlhoko a latlhela yo a neng a mo kolota yono mo kgolegelong go fitlha a ka kgona go mo duela. Go phepafetse gore motlhanka yo o neng a sena kutlwelobotlhoko yoo e ne e se motho yo o molemo, mme fa mong a ne a utlwa se se diragetseng, o ne a mo sekisa.—Mathaio 18:23-35.

12 Re mo boemong jo bo tshwanang fela le jwa motlhanka yo o itshwaretsweng. Jehofa o re itshwaretse molato wa rona o mogolo wa boleo o re o dirileng, ka setlhabelo sa ga Jesu. Eleruri he, re tshwanetse go iketleetsa go itshwarela ba bangwe. Jesu o ne a bolela gore re tshwanetse go iketleetsa go itshwarela ba bangwe “ga mashomè a shupa ga shupa,” re sa kgaotse. (Mathaio 5:7; 6:12, 14, 15; 18:21, 22) Ka gone, Mokeresete yo o kutlwelobotlhoko ga a kitla a nna a galefetse yo mongwe. Ga a kitla a nna fela a utlwile botlhoko kana a sa buise Mokeresete yo mongwe gonne a sa dumalane le ene ka tsela nngwe. Go tlhoka kutlwelobotlhoko ka tsela eo ga go supe fa Mokeresete yoo a le molemo.

Go Aba le go Tshola Baeng

13. Ke eng gape se sengwe seo bomolemo bo se akaretsang?

13 Bomolemo bo supiwa gape ka go nna pelotshweu le go tshola baeng. Ka nako nngwe lekawana lengwe le ne la tla go kopa kgakololo mo go Jesu. Le ne la bolela jaana: “Moruti, Ana, nke ke diheñ se se molemō, gore ke bōnè botshelo yo bo sa khutleng?” Jesu o ne a le bolelela gore le dire go ya ka ditaolo tsa Modimo ka metlha. Ee, go ikobela ditaolo tsa ga Jehofa ke tsela e nngwe ya go supa fa o le molemo. Lekawana leno le ne le akanya gore le ne le dira bojotlhe jwa lone. Go phepafetse gore baagelani ba gagwe ba ne ba akanya gore ke motho yo o molemo, lefa go le jalo o ne a ikutlwa gore o tlhaela sengwe. Ka jalo Jesu o ne a re: “Ha u rata ua bo u itekanetse, ea u rèkisè tse u nañ nacō, u abèlè bahumanegi, me u tla dihana le khumō kwa legodimoñ: me u tlè u ntshalè moragō.” (Mathaio 19:16-22) Lekawana leno le ne la tsamaya le utlwile botlhoko. O ne a humile thata. Fa a ne a ile a dira kafa Jesu a neng a mo gakolola ka teng, a ka bo a bontshitse gore o ne a sa rate dilo tse di bonalang. Mme a ka bo a dirile tiro e e molemo ya go itshupa fa a le pelotshweu tota.

14. Ke kgakololo efe e e molemo eo Jehofa le Jesu ba e nayang ka go supa bopelotshweu?

14 Jehofa o ne a kgothaletsa Baiseraele gore ba nne pelotshweu. Ka sekai, re bala jaana: “Rure u mo [moagelani wa gago yo o humanegileng] neè, me pelo ea gago e se ka ea hutsahala ha u mo naea: gonne Yehofa Modimo oa gago o tla gu segōhatsa mo tihoñ eotlhe ea gago, le mo go cotlhe tse u di baeañ seatla.” (Duteronome 15:10; Diane 11:25) Jesu Keresete ka boene o ne a kgothaletsa batho go nna pelotshweu: “Naeañ, me lo tla nèwa; selekanyō se se molemō, se se katecweñ, se se tsikitledicweñ, se se penologañ, batho ba tla se lo naea mo dihubeñ tsa lona. Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.” (Luke 6:38) Mo godimo ga moo, Jesu ka boene o ne a le pelotshweu tota. Ka nako nngwe o ne a beetse nako nngwe kwa thoko gore a ikhutse. Boidiidi jwa batho bo ne jwa lemoga gore o kwa kae mme jwa ya kwa go ene. Jesu ka bopelotshweu jwa gagwe o ne a lebala gore o ne a ikhuditse mme o ne a thusa boidiidi joo jwa batho. Moragonyana, o ne a supa bopelotshweu ka tsela e e tlhomologileng ka go naya boidiidi joo jwa batho dijo.—Mareko 6:30-44.

15. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhoma sekao se se molemo jang mo go supeng fa ba le pelotshweu?

15 Bontsi jwa barutwa ba ga Jesu bo ikanyega mo go lateleng kgakololo ya ga Jehofa le Jesu ka go nna pelotshweu le go tshola baeng. Mo malatsing a ntlha a phuthego ya Bokeresete, palo e kgolo ya bao ba neng ba tlile go keteka Pentekosete ka 33 C.E. ba ne ba utlwa baaposetoloi ba rera mme ba ne ba dumela. Dijo tsa bone di ne tsa fela ereka ba ne ba sala morago ga moletlo gore ba ithute dilo tse di oketsegileng. Ka gone, badumedi ba mo lefelong leo ba ne ba rekisa dithoto tsa bone mme ba ntsha madi a bone gore go fepiwe bakaulengwe ba basha bano gore ba kgone go tlhomama sentle mo tumelong. Abo seo e ne e le bopelotshweu jang ne!—Ditihō 4:32-35; bona gape Ditihō 16:15; Baroma 15:26.

16. Bolela dingwe tsa ditsela tseo rona gompieno re ka tsholang baeng le go nna pelotshweu ka tsone?

16 Gompieno, go nna pelotshweu go go tshwanang le go go neng go dirwa ke Keresete goo go a bonwa fa Bakeresete ba dirisa nako ya bone le meenelo mo diphuthegong tsa lefelo la bone le mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go rera. Ba bo bontsha fa ba thusa bakaulengwe ba bone bao ba leng mo mathateng ka ntlha ya dikotsi tsa tlholego kana ntwa. Ba bo bontsha ka go tlhokomela molebedi yo o etang ka metlha fa a etile. Kana fa “masiela” ka bopelotshweu a lalediwa go tla go itlosa bodutu le go kopanela mo dithutong tsa Bibela tsa lelapa le malapa a mangwe a Bakeresete, seno le sone ke go tshola batho, ke go supa bomolemo jwa Bokeresete.—Pesalema 68:5.

Go Bua Boammaaruri

17. Ke ka ntlha yang fa go bua boammaaruri go se motlhofo gompieno?

17 Fa Paulo a ne a tlhalosa maungo a lesedi, o ne a amanya bomolemo le tshiamo le boammaaruri, mme go tla bo go siame go bolela gore go bua boammaaruri ke mokgwa mongwe wa go dira molemo. Batho ba ba molemo ga ba bue maaka. Lefa go ntse jalo, go bua boammaaruri ga se selo se se motlhofo gompieno gonne go aka go tletsetletse. Batho ba bantsi ba a aka fa ba tlatsa diforomo tsa lekgetho. Badiri ga ba bolele boammaaruri ka tiro e ba e dirang. Baithuti ba dira boferefere ba tsietsa mo dithutong tsa bone le mo ditlhatlhobong. Borakgwebo ba a aka fa ba dira ditumalano tsa kgwebo. Bana ba bua maaka gore ba se ka ba otlhaiwa. Basebi ba ba senyang ba bangwe ba bua maaka go senya batho maina.

18. Jehofa o leba baaki jang?

18 Jehofa o ila go bua maaka. Nngwe ya dilo tse “shupa” tse a di ilang ke “loleme lo lo akañ” le “moshupi oa kakō eo o bilolañ maaka.” (Diane 6:16-19) “Baaki botlhe” ba balwa le batho ba ba boi, babolai, le bagokafadi, bao ba se kitlang ba tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Tshenolō 21:8) Mo godimo ga moo, seane sengwe se re bolelela jaana: “Eo o sepelañ mo tshiamoñ ea gagwè o boiha Yehofa: me eo o logwadi mo tseleñ tsa gagwè oa mo nyatsa.” (Diane 14:2) Moaki o dira dilo ka tsela e e sokameng. Ka gone, o kgona go ntsha bosupi jo bo nyenyefatsang Jehofa. A selo se se maswe tota go se akanya! A re bueng boammaaruri ka metlha, le eleng lefa go ka felela ka gore re kgalemelwe kana re latlhegelwe ke madi. (Diane 16:6; Baefesia 4:25) Bao ba buang boammaaruri ba etsa Jehofa, “Modimo oa boamarure.”—Pesalema 31:5.

Tlhagolela Bomolemo

19. Ke eng seo se bonwang mo lefatsheng ka dinako dingwe, seo se dirang gore re lebe Mmopi a le molemo?

19 Tseno ke ‘mefuta’ e sekae fela ya bomolemo eo Mokeresete a tshwanetseng go e tlhagolela. Go boammaaruri gore batho ba lefatshe ba supa bomolemo ka selekanyo se se rileng. Ka sekai, bangwe ba tshola baeng sentle, ebile ba bangwe ba kutlwelobotlhoko. Eleruri, seo se neng sa dira gore setshwantsho sa Mosamaria yo o Molemo e nne se se tlhomologileng ke gore Jesu o ne a bua ka motho yo e neng e se Mojuda yo a neng a supa kutlwelobotlhoko fa bagolwane ba phuthego ya Bajuda bone ba ile ba se ka ba dira jalo. Eleruri re tshwanetse go leboga Mmopi wa motho go bo go na le batho ba bangwe bao ka tlholego fela ba nang le dinonofo tseno le eleng lefa bosaitekanelang bo sa bolo go nna ka dingwaga di le dikete di le thataro.

20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa go supa molemo jaaka Bakeresete go farologane le bomolemo bope jo re ka bo bonang mo bathong ba lefatshe? (b) Mokeresete a ka tlhagolela bomolemo jang, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna tlhaga go dira jalo?

20 Lefa go ntse jalo, mo Bakereseteng bomolemo ga se nonofo e ba e lebang fela jaaka e ba ka nnang le yone fa ba batla jalo. Ke nonofo e ba tshwanetseng go e tlhagolela ka ditsela tsotlhe, ereka ba tshwanetse go etsa Modimo. Ba ka kgona go dira seno jang? Bibela e re bolelela gore re ka ithuta go nna molemo. “Nthuta [bomolemo, NW]” mopesalema o ne a rapela Modimo jalo. Jang? O ne a tswelela jaana: “Gonne ke dumetse ditaolō tsa gago.” O ne a oketsa jaana: “U molemō, me u diha molemō; nthuta ditaō tsa gago.”—Pesalema 119:66, 68.

21 Ee, fa re ithuta ditaolo tsa ga Jehofa ebile re di dira, re tla kgona go tlhagolela bomolemo. Gakologelwa ka metlha gore bomolemo ke loungo lwa moya. Fa re rapela re kopa moya wa ga Jehofa, re kopana le ba bangwe, le ka go ithuta Bibela, eleruri re tla thusiwa go tlhagolela nonofo eno. Mo godimo ga moo, bomolemo bo maatla tota. Bo ka fenya le bosula. (Baroma 12:21) Abo go le botlhokwa jang ne, he, gore re direle botlhe molemo, segolobogolo bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. (Bagalatia 6:10) Fa re dira jalo, re tla nna gareng ga bao ba ipelelang “kgalalèlō, le tlotlō [le kagiso, NW]” tse di solofeditsweng ‘motho mongwe le mongwe yo o dirang molemo.’—Baroma 2:6-11.

A O Ka Araba?

◻ Re ka tswelela re dira molemo jang fa go tla mo babusing ba bagolo?

◻ Ke bomang, gareng ga ba bangwe, bao re tshwanetseng go ba akanyetsa?

◻ Kutlwelobotlhoko e bonala ka ditsela dife?

◻ Bakeresete ba tshwaiwa ka ditsela dife tsa go nna pelotshweu le go tshola batho gompieno?

◻ Bomolemo bo ka tlhagolelwa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go akanyetsa ba bangwe ke karolo e nngwe ya go nna molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a amogela batho fela ka bopelotshweujaaka Morutisi yo Mogolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela