LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 7/15 ts. 18-22
  • Bontsha Bopelonomi jo bo Lorato ka Metlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontsha Bopelonomi jo bo Lorato ka Metlha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bopelonomi Bo Re Dira Gore Re Se Ka Ra Nna Bogagapa mme Re Nne Botsalano
  • Bopelonomi Bo Re Dira Gore Re Akanyetse
  • Bopelonomi Bo Nonotsha Kgolagano ya Rona
  • Fa Basadi Ba Bontsha Bopelonomi
  • Nna O Ntse O Bontsha Bopelonomi Jo Bo Lorato
  • Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato Mo go Ba ba Bo Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A “Molao wa Bopelonomi Jwa Lorato” o Dibele Loleme Lwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Solegelwa Molemo ke Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Itumedise Jehofa ka go Supa Bopelonomi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 7/15 ts. 18-22

Bontsha Bopelonomi jo bo Lorato ka Metlha

“Eo o latèlañ tshiamō le [bopelonomi jo bo lorato, “NW”] o bōna botshelō, le tshiamō, le tlotlō.”—DIANE 21:21.

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebelela gore bao ba kaelwang ke moya wa Modimo ba supe bopelonomi?

EHOFA o pelonomi ebile o lorato. Ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya [bopelonomi jo bo lorato, NW] le boamarure.” (Ekesodo 34:6, 7) Go a utlwala he, go bo maungo a moya wa gagwe o o boitshepo a akaretsa lorato le bopelonomi.—Bagalatia 5:22, 23.

2. Ke dikao dife tse re tlileng go di sekaseka jaanong?

2 Ba ba kaelwang ke moya wa ga Jehofa o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang, ba supa loungo lwa one lwa bopelonomi. Ba supa bopelonomi jo bo lorato fa ba dirisana le ba bangwe. Eleruri, ba latela sekao sa ga moaposetoloi Paulo, ba ipolela gore ke badihedi ba Modimo “mo bopelonomiñ” le ka ditsela tse dingwe. (2 Bakorintha 6:3-10) Moya o ba o supang wa go nna pelonomi, lorato, le go itshwarela o dumalana le kafa Jehofa a ntseng ka teng, ka a ‘tletse [bopelonomi jo bo lorato, NW]’ le yoo Lefoko la gagwe le nang le dikao tse dintsi tota tsa bao ba neng ba supa bopelonomi. (Pesalema 86:15; Baefesia 4:32) Re ka ithuta eng mo go dingwe tsa tsone?

Bopelonomi Bo Re Dira Gore Re Se Ka Ra Nna Bogagapa mme Re Nne Botsalano

3. Aberahame o ne a tlhoma sekao jang mo go bontsheng bopelonomi, mme Paulo o re kgothatsa jang mo go seno?

3 Tlhogo ya lotso Aberahame (Aberame)—“tsala ea Modimo” le “rra botlhe ba ba dumèlañ”—o ne a tlhoma sekao se se molemo sa bopelonomi. (Yakobe 2:23; Baroma 4:11) Ene le lelapa la gagwe, go akaretsa le setlogolo sa gagwe Lote, ba ne ba tswa kwa motseng wa Ure wa Bakaladea mme ba ya kwa Kanana jaaka Modimo o ne o ba laotse. Lemororo Aberahame e ne e le ene yo mogolo ebile e le tlhogo ya lelapa, o ne a le pelonomi ebile a se bogagapa fa a ne a letla Lote gore a tseye naga e e neng e na le phulo e ntle, fa ene a ne a tsaya e e kafa molemeng. (Genesise 13:5-18) Bopelonomi jo bo tshwanang bo ka nna jwa re dira gore re direle ba bangwe molemo ka dilo tsa rona. Bopelonomi jo bo ntseng jalo jo bo seng bogagapa bo dumalana le kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “A go se nne motho opè eo o ipatlèlañ molemō hèla, me a moñwe le moñwe a batlèlè oa ga gabō molemō.” Paulo ka boene o ne a ‘kgatlha batho botlhe mo dilong tsotlhe, a sa itirele, me a direla ba ba leng bantsi gore ba tle ba bolokwe.’—1 Bakorintha 10:24, 33.

4. Aberahame le Sara ba ne ba duelwa jang ka ntlha ya go supa bopelonomi jwa bone ka go amogela baeng?

4 Bopelonomi ka dinako tse dingwe bo dirwa ka tsela ya go amogela baeng go tswa mo pelong. Aberahame le mosadi wa gagwe, Sara ba ne ba le pelonomi ba bo ba amogela batho bangwe ba bararo ba ba neng ba feta ka tsela ba sa ba itse. Aberahame o ne a ba kgona gore ba nne ka lobakanyana, fa ene le Sara ba ne ba direla baeng bao dijo tse di monate ka bonako. Go ne ga fitlhelwa gore batho ba ba sa ba itseng bao e ne e le baengele ba ga Jehofa, bao mongwe wa bone a neng a bolela molaetsa wa gore Sara yo o tsofetseng le yo a neng a sena bana o tla tshola morwa. (Genesise 18:1-15) Abo go amogela baeng ka bopelonomi go ne ga duelwa thata jang ne!

5. Gaio o ne a bontsha bopelonomi ka tsela efe, mme rona re ka dira se se tshwanang le seo jang?

5 Tsela e nngwe eo Bakeresete botlhe ba ka bontshang bopelonomi ka yone ke ka go rata go amogela baeng. (Baroma 12:13; 1 Timotheo 3:1, 2) Ka tsela e e tshwanelang, batlhanka ba ga Jehofa ba amogela balebedi ba ba etang ka bopelonomi. Bopelonomi jono bo tshwana le joo bo neng bo bontshiwa ke Mokeresete mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Gaio. O ne a “diha tihō ea boikañō” ka go amogela bakaulengwe ba ba etileng—mme e le “baeñ” bao a neng a sa ba itse. (3 Yohane 5-8) Gantsi, batho bao ba re ba amogelang ka bopelonomi ke ba re ba itseng. Gongwe re ka lemoga gore kgaitsadi mongwe wa semoya o tshwenyegile mo pelong. Molekane wa gagwe wa lenyalo a ka tswa a sa dumele kana a kgaotswe. Abo seo e le tshono e ntle jang ya go mmontsha bopelonomi ka go mo laletsa gore a tle go ipelela botsalano jwa semoya le dijo le lelapa la rona nako le nako! Lemororo re ka se ka ra dira moletlo wa dijo, eleruri lelapa la rona le ka itumelela go bontsha kgaitsadi yo o ntseng jalo bopelonomi. (Bapisa Diane 15:17.) Mme kwantle ga pelaelo o tla re bolelela ka molomo fa a lebogela seno kana a re kwalela ka bokhutshwane ka bopelonomi gore o a leboga.

6. Lidia o ne a supa bopelonomi jang, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go supa fa re anaanela ditiro tsa bopelonomi?

6 Fa mosadi yo o ineetseng Lidia a sena go kolobediwa, o ne a “re rapèla, a re, Ha [Paulo le ditsala tsa gagwe] lo nkaile ke le boikañō mo Moreneñ, lo tlè mo tluñ ea me, me lo nnè gōna. Me a re patèlèla,” Luke o ne a oketsa jalo. Ga go na pelaelo ya gore bopelonomi jwa ga Lidia bo ne jwa itumelelwa thata. (Ditihō 16:14, 15, 40) Mme go palelwa ke go leboga go ka utlwisa botlhoko thata. Ka nako nngwe kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 80 yo a neng a sena nonofo e e kalo ebile a na le dilo di sekae fela o ne a apeela baeng bangwe ba sekae dijo ka bopelonomi. O ne a utlwa botlhoko tota fa lekawana lengwe le ne le sa mmolelela pele gore ga le kitla le kgona go tla. Mo lekgetlong le lengwe, bokgaitsadi bangwe ba babedi ba ne ba se ka ba ya go ja dijo tseo lekgarebe lengwe le neng le di ba apeetse. “Ke ne ke utlwile botlhoko tota,” o ne a bolela, “ereka go ne go se ope wa bone yo a neng a lebetse. . . . Go ne go ka nna botoka mo go nna fa ba ne ba ka re ba lebetse ka dijo, mme ga go ope wa bone yo a supang bopelonomi kana lorato lwa go nteletsa mogala.” A loungo lwa moya lwa bopelonomi lo ka se go tlhotlheletse gore o supe tebogo le go akanyetsa fa o le mo maemong a a tshwanang?

Bopelonomi Bo Re Dira Gore Re Akanyetse

7. Ke ntlha efe e e mabapi le bopelonomi e e bontshiwang ke maiteko a a neng a dirwa go ya kafa Jakobe a neng a eletsa go fitlhwa ka teng?

7 Bopelonomi bo tshwanetse go re dira gore re akanyetse ba bangwe le dilo tseo ba di eletsang. Ka sekai: Jakobe (Iseraele) o ne a kopa morwawe Josefa gore a supe bopelonomi jo bo lorato mme a se ka a mo fitlha kwa Egepeto. Lemororo seno se ne se batla gore mmele wa ga Jakobe o rwalwe sekgala se seleele, Josefa le barwa ba bangwe ba ga Jakobe “ba ne ba mmèlègèla kwa lehatshiñ ya Bakanana, ba mo hitlha mo logageng loa sebata sa naga ea Makapela, lo Aberahame a lo rekileñ le sebata sa naga go nna boshwa yoa phitlhèlō, a lo rèka mo go Eferone oa Mohita; bolebana le Mamera.” (Genesise 47:29; 49:29-31; 50:12, 13) Tumalanong le sekao seo, a bopelonomi jo bo lorato ga bo a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re dumalane le tsela e e seng kgatlhanong le Dikwalo eo leloko lengwe la lelapa la Bokeresete le ka ratang go fitlhwa ka yone?

8. Kgang ya ga Rahabe e re ruta eng kaga go direla ba ba re bontshang bopelonomi sengwe?

8 Fa ba bangwe ba re bontsha bopelonomi jo bo lorato, a ga re a tshwanela go leboga kana re dire sengwe ka tsela nngwe? Eleruri re tshwanetse. Rahabe wa seaka o ne a supa bopelonomi ka go fitlha ditlhodi tsa Baiseraele. Ka gone, Baiseraele ba ne ba supa bopelonomi jo bo lorato ka go mo rekegela le bantlo ya gagwe fa ba ne ba senya motse wa Jeriko. (Yoshue 2:1-21; 6:20-23) Abo seo e le sekao se se molemo jang ne seo se bontshang gore re tshwanetse go duela bopelonomi jo re bo bontshiwang ka go akanyetsa le go nna pelonomi ka borona!

9. Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore go siame go kopa motho gore a go bontshe bopelonomi jo bo lorato?

9 Mabapi le seo, go siame go kopa mongwe gore a re bontshe bopelonomi jo bo lorato. Jonathane, morwa wa leitibolo wa kgosi ya ntlha ya Iseraele ebong Saule o ne a dira jalo. Jonathane o ne a kopa tsala ya gagwe e potlana e a neng a e rata thata ebong Dafide gore e mmontshe bopelonomi jo bo lorato mmogo le bantlo ya gagwe. (1 Samuele 20:14, 15; 2 Samuele 9:3-7) Dafide o ne a gakologelwa seno fa a ne a ipusolosetsa mo go Saule ka Bagibeona ba a neng a ba pega molato. Fa a gakologelwa “ikanō ea ga Yehofa” e a e dirileng le Jonathane, Dafide o ne a supa bopelonomi jwa lorato ka go se bolaye morwa wa ga Jonathane ebong Mefiboshethe. (2 Samuele 21:7, 8) A le rona ka tsela e e tshwanang re dira gore ‘Ee ya rona e nne Ee’? (Yakobe 5:12) Mme fa e le gore re bagolwane ba phuthego, a re supa lorato ka tsela e e tshwanang fa badumedi bangwe ba tlhoka go bontshiwa bopelonomi jo bo lorato?

Bopelonomi Bo Nonotsha Kgolagano ya Rona

10. Ruthe o ne a segofadiwa jang ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato?

10 Bopelonomi jo bo lorato bo dira gore lelapa le kitlane thata ebile bo lere boitumelo. Seno se ne sa bonala mo kgannyeng ya ga Ruthe wa Momoaba. O ne a dira jaaka moronopi mo tshimong ya ga Boase wa monnamogolo gaufi le Bethelehema, a itlamela ka dijo mmogo le matsalaagwe wa motlholagadi yo o tlhokang ebong Naomi. (Ruthe 2:14-18) Boase moragonyana o ne a raya Ruthe a re: “U segōhadiwè mo go Yehofa, morwadiaka: u ichupile pelonomi mo bokhutloñ bogolo go mo tshimologoñ, ka u se ka ua latèla a e leñ makau a a humanegileñ kgotsa a a humileñ.” (Ruthe 3:10) La ntlha, Ruthe o ne a bontsha Naomi bopelonomi jo bo lorato. “Mo bokhutloñ,” mosadi yono wa Momoaba o ne a supa bopelonomi jo bo lorato ka go dumela go nyalwa ke Boase wa monnamogolo gore a tsosolose leina la monna wa gagwe yo o suleng le la ga Naomi yo o tsofetseng. Ka go tsewa ke Boase, Ruthe o ne a kgona go nna mmaagwe rraagwemogoloa Dafide ebong Obede. Mme Modimo o ne wa mo naya “tuèlō e e tletseñ” ya go nna mmaagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete. (Ruthe 2:12; 4:13-17; Mathaio 1:3-6, 16; Luke 3:23, 31-33) Abo Ruthe le lelapa la gagwe ba ne ba bona masego jang ne ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato! Gompieno malapa a bomodimo a kgona go bona masego, go nna le boitumelo, le go kitlana thata fa bopelonomi jo bo lorato bo le teng mo lelapeng.

11. Bopelonomi jwa ga Filemone bo ne jwa ama ba bangwe jang?

11 Bopelonomi bo dira gore diphuthego tsa batho ba ga Jehofa di kitlane. Monna wa Mokeresete ebong Filemone o ne a itsiwe ka go bontsha badumedi ba bangwe bopelonomi jo bo lorato. Paulo o ne a mmolelela jaana: “Ke leboga Modimo oa me ka metlha eotlhe, ke nntse ke gu u[m]aka mo merapeloñ ea me, Ka ke utlwèla loratō loa gago, le tumèlō e u e shupañ kaga Morèna Yesu, le kaga baitshepi botlhe . . . Gonne ke bonye boitumèlō yo bogolo le kgomoco mo loratoñ loa gago, ka dipelo tsa baitshepi di rudisicwe ke wèna, ñwana a rra.” (Filemone 4-7) Dikwalo ga di bolele gore Filemone o ne a lapolosa baitshepi ka go ba bontsha lorato lo lo neneketsang jang. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse a bo a ne a bontsha batlodiwa ba bangwe bopelonomi jo bo lorato ka ditsela tse di farologaneng tse di neng di ba lapolosa, mme kwantle ga pelaelo o ile a nonotsha kgolagano e e fa gare ga bone. Dilo tse di tshwanang di a diragala fa Bakeresete ba supa bopelonomi jo bo lorato gompieno.

12. Bopelonomi jo Onesiforo a neng a bo bontsha bo ne jwa felela ka eng?

12 Bopelonomi jwa ga Onesiforo le jone bo ne jwa nna le matswela a a molemo. “A Morèna a utlwèlè ba ntlo ea ga Onesiforo botlhoko,” Paulo o ne a bolela jalo, “gonne o nthusitse gantsi, me a se ka a tlhaywa ke ditlhoñ kaga ketane ea me; Me o rile a le mo Roma, a mpatla ka tlhōahalō, me a mpōna. A Morèna a mmè a bōnè kutlwèlō botlhoko mo Moreneñ mo tsatsiñ yeuō;—me dilō tse dintsi tse o dihetseñ phuthègō ka cōna kwa Efeso ua di itse sentlè.” (2 Timotheo 1:16-18) Fa re iteka tota go bontsha baobamedi ba bangwe bopelonomi jo bo lorato, re tla itumela mme re tla nonotsha dikgolagano tsa lorato lwa bokaulengwe mo teng ga phuthego ya Bokeresete.

13, 14. Phuthego e e neng e le kwa Filipi e ne e tlhoma sekao jang, mme Paulo o ne a dira eng mabapi le bopelonomi jwa bone?

13 Fa phuthego yotlhe e bontsha badumedi ba bangwe bopelonomi jo bo lorato, seno se a e kitlanya. Katamalano e e kitlaneng eo e ne e le gone fa gare ga ga Paulo le phuthego e e neng e le mo motsemogolong wa Filipi. Ebile tota, lebaka le lengwe la go bo a ne a kwalela Bafilipi lekwalo e ne le go ba lebogela bopelonomi jo ba neng ba bo bontshitse le dilo tse di bonalang tse ba neng ba mo thusitse ka tsone. O ne a kwala jaana: “Mo tshimologoñ ea Mahoko a a Molemō, yale ka ke tloga mo Makedonia, go se ka ga diha le epè phuthègō e e ikōpantseñ le nna mo tihoñ ea go aba le go amogèla, ha e se lona hèla; Gonne le mo Thesalonika lo kile loa nna loa roma gañwè le gapè go nthusa mo go tlhokeñ ga me. . . . Me ke na le dilō cotlhe, ke bile ke atlanegecwe, ke kgotshe ka ke amogetse mo go Epaforodito dilō tse di cwañ koñ go lona, e le lonkō lo lo nkgañ monate, e le setlhabèlō se se lebosègañ, se se kgatlhañ Modimo.”—Bafilipi 4:15-18.

14 Ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a rapelela Bafilipi ba ba pelonomi bao! O ne a bolela jaana: “Ke leboga Modimo oa me ka metlha eotlhe e ke lo gopolañ ka eōna, Ka metlha eotlhe mo merapeloñ eotlhe ea me kaga lona, ke diha morapèlō oa me ka boitumèlō, Ka ntlha ea bolekane yoa lona mo go tsamaiseñ Mahoko a a Molemō, e sale ka letsatsi ya ntlha, le go tla motlheñ oa gompiyeno.” (Bafilipi 1:3-5) Phuthego ga e ke e humanega fa tiro ya go rera ka Bogosi e tshegediwa ka tsela e e ntseng jalo e e dirwang go tswa mo dipelong tse di pelonomi le ka bopelotshweu. Paulo o ne a tlhomamisetsa Bafilipi jaana fa ba sena go dira se ba ka se kgonang ka bopelonomi: “Me Modimo oa me o tla lo naea señwe le señwe se lo se tlhōkañ, kaha lohumoñ loa ōna mo kgalaleloñ mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 4:19) Ee, Modimo o duela bopelonomi le go rata go aba. Lefoko la gagwe le bolela jaana: “Se se molemō leha e ka bo e le eñ se moñwe le moñwe o se dihañ, o tla ba a amogèla shōna hèla mo Moreneñ.”—Baefesia 6:8.

Fa Basadi Ba Bontsha Bopelonomi

15, 16. (a) Bopelonomi jwa ga Dorekase bo ne bo gakologelwa ka eng, mme go ne ga diragala eng fa a ne a swa? (b) Basadi ba ba pelonomi ba gompieno ba Bakeresete ba dira ditiro dife tse di molemo?

15 Morutwa Dorekase (Tabitha) wa kwa Jopa ga a ka a tlhoka go duelelwa bopelonomi jo bo lorato jwa gagwe. “O na a tletse ditihō tse di molemō, le dikacō tse o di dihañ,” mme fa a ne a “cogèlwa ke botlhoko, me a shwa,” barutwa ba ne ba ya go bitsa Petere kwa Lida. Fa a goroga koo, “ba mo isa mo ntlunyaneñ e e kwa godimo: me basadi ba batlhōlagadi botlhe ba bo ba eme ha go èna, ba lela, ba shupa dikobō le diaparō tse Dorekase o di dihileñ, a sa nntse a na nabō.” A o ko o akanye fela se se neng se diragala: Batlholagadi ba ba neng ba hutsafetse ebile ba lela ba ne ba bolelela moaposetoloi kafa Dorekase a neng a le pelonomi ka teng mme ba mmontsha diaparo tseo jaaka sesupo sa lorato le bopelonomi jwa gagwe. Petere o ne a ntshetsa botlhe kwa ntle mme o ne a khubama a rapela a lebile kwa setopong. Reetsa! O ne a re: “Tabitha, coga” Mme bona! “A buduloga matlhō; me ea re a bōna Petere, a rapamologa. Me a mo neèla seatla, a mo kakatlolola; me ea re a sena go bitsa baitshepi le batlhōlagadi, a ba mo neèla a tshedile.” (Ditihō 9:36-41) Abo Modimo o ne wa ba segofatsa jang ne!

16 Eno ke pego ya ntlha ya motho yo a neng a tsosiwa mo baswing ke mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete. Mme kgakgamatso e ne ya dirwa ka ntlha ya ditiro tsa bopelonomi. Ke mang yo a neng a ka bolela gore Dorekase a ka bo a ile a tsosiwa fa a ne a sa dire ditiro tse di molemo le go ntsha dimpho ka kutlwelobotlhoko—fa e le gore o ne a sena bopelonomi jo bo lorato? Ga se fela gore Dorekase le batlholagadi bao ba ne ba segofadiwa mme kgakgamatso eo e ne ya naya bosupi jwa gore Modimo o a galalela. Ee, “me ga itsiwe mo motsiñ otlhe oa Yopa: me batho bantsi ba dumèla mo Moreneñ.” (Ditihō 9:42) Gompieno, go na le basadi ba ba pelonomi ba Bakereste ba ba dirang ditiro tse dintsi tse di molemo—gongwe ba rokela badumedi ba bangwe diaparo, ba apeela batsofe ba ba leng mo gare ga bone dijo, ba amogela baeng. (1 Timotheo 5:9, 10) Abo seno se naya ba ba lebileng bosupi jang ne! Mo godimo ga tsotlhe tseno, abo re itumela jang ne gore poifomodimo le bopelonomi jo bo lorato di tlhotlheletsa ‘lesomo le legolo leno la basadi go itsise mafoko’ ba galaletsa Modimo wa rona, Jehofa!—Pesalema 68:11.

Nna O Ntse O Bontsha Bopelonomi Jo Bo Lorato

17. Ke eng se se bolelwang mo go Diane 21:21, mme mafoko ano a dira jang mo bathong ba Modimo?

17 Botlhe ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go ganelela mo go bontsheng bopelonomi jo bo lorato. “Eo o latèlañ tshiamō le [bopelonomi jo bo lorato, NW], o bōna botshelō, le tshiamō, le tlotlō,” go bolela jalo seane sengwe ka botlhale. (Diane 21:21) Motho wa bomodimo o ganelela mo go direng tshiamo ya Modimo ka botlhaga, a kaelwa ka metlha ke melao ya Modimo. (Mathaio 6:33) O supa lorato lo lo ikanyegang ka metlha, kana bopelonomi jo bo lorato, mo go ba bangwe ka dilo tse di bonalang mme segolobogolo ka ditsela tsa semoya. Ka gone, o bona tshiamo, ka go bo moya wa ga Jehofa o mo thusa go tshela ka tsela e e siameng. Ebile tota, o ‘apere tshiamo’ jaaka monna wa Modimo Jobe. (Yobe 29:14) Motho yo o ntseng jalo ga a dire dilo gore a galalediwe. (Diane 25:27) Go na le moo, o bona tlotlo e Modimo o mo letlang go e bona, gongwe ka go tlotliwa ke batho ba bangwe bao Modimo o ba tlhotlheletsang gore ba nne pelonomi mo go ene gonne a ba bontsha bopelonomi jo bo lorato. Mo godimo ga moo, bao ba dirang go rata ga Modimo ka boikanyegi ba tla bona botshelo—eseng fela ka dingwaganyana di sekae mme ka bosakhutleng.

18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bontsha bopelonomi jo bo lorato ka metlha?

18 Ka gone, a botlhe ba ba ratang Jehofa Modimo ba tswelele go bontsha bopelonomi jo bo lorato. Nonofo eno e dira gore re ratwe ke Modimo le batho. E dira gore re nne batho ba ba amogelang baeng le ba ba akanyetsang. Bopelonomi bo dira gore lelapa la Bokeresete mmogo le phuthego di kitlane thata. Basadi ba ba bontshang bopelonomi jo bo lorato ba anaanelwa le go tseelwa kwa godimo. Mme botlhe ba ba supang nonofo e e molemolemo eno ba galaletsa Modimo yo o pelonomi le lorato, Jehofa.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Aberahame o ne a tlhoma sekao jang mo go bontsheng bopelonomi?

◻ Kgang ya ga Rahabe e re ruta eng kaga go duela ba ba re bontshang bopelonomi?

◻ Phuthego ya kwa Filipi e ne ya bontsha bopelonomi jang?

◻ Ke ditiro dife tseo basadi ba ba pelonomi ba Bakeresete ba di dirang gompieno?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go supa bopelonomi jo bo lorato ka metlha?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela