LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 7/15 ts. 8-11
  • Pego e e kgatlhang tota go tswa kwa Soviet Union

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pego e e kgatlhang tota go tswa kwa Soviet Union
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Ba Simolotse Ba le Bannye Tota
  • Mafoko A A Molemo A Utlwiwa Gape
  • Go Rera kwa Kgolegelong
  • Kgatelelo E A Fokotsega
  • Kgabagare Ba Dumelelwa Ka Molao!
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 7/15 ts. 8-11

Pego e e kgatlhang tota go tswa kwa Soviet Union

Tiragalo E E Itumedisang Tota ya Morago ga go Neela Bosupi ka Dingwaga Tse Di Lekgolo

“GO KWADISA Molaotheo wa Tsamaiso ya mekgatlho ya bodumedi jwa ‘Basupi ba ga Jehofa mo U.S.S.R.’”

Ano ke mafoko a ntlha a lokwalo lo lo ranotsweng go tswa mo puong ya Se-Russia a a kileng a kwalwa mo tsebeng eno. Eleruri mafoko ano a supa gore dithapelo di le dintsi di arabilwe. Lokwalo loo lo ne lwa saenwa le go kanwa kwa Moscow ke tona e e kwa godimo ya Lephata la Bosiamisi lwa R.S.F.S.R. (Russian Soviet Federated Socialist Republic). Go raya gore Basupi ba ga Jehofa ke mokgatlho wa bodumedi o o dumeletsweng mo U.S.S.R. yotlhe. Ka gone, go diragetse phetogo e kgolo mo hisitoring ya bone ya dingwaga tse di lekgolo mo nageng e kgolo eo.

Ba Simolotse Ba le Bannye Tota

A ke Dingwaga di le lekgolo mo hisitoring? Ee. Moreri wa ntlhantlha yo o itsegeng yo a neng a rera mafoko a a molemo mo nageng eo mo dingwageng tsa segompieno e ne e le Charles Taze Russell, yoo a neng a bega fa a ne a etela koo ka 1891. Mo tokololong ya September 1891 ya Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence, o ne a bolela gore o ne a etela kwa Kishinev, kwa Russia, fa a ne a etetse kwa Yuropa. Fa a le koo o ne a kopana le mongwe yo a neng a bidiwa Joseph Rabinowitch, yoo a neng a dumela mo go Keresete mme a leka go rerela malapa a Bajuda a a neng a le mo lefelong leo. Russell o ne a bega go le gontsi ka dikgang tse di boteng le tse di kgatlhang tota tsa Bogosi tse ba neng ba di tlotla le Rabinowitch fa a ne a etetse koo.

Mafoko A A Molemo A Utlwiwa Gape

Morago ga loeto loo lwa ga Russell, go ne ga se ka ga utlwala go le gontsi ka go neela bosupi kwa koo jaanong go bidiwang U.S.S.R., mme seo ga se reye gore ga go a ka ga fitlhelelwa sepe. Diphuthego dingwe tse tharo kwa Soviet Union di ne tsa romela dipego tsa tsone tsa dipokano tsa Segopotso kwa Mokgatlhong ka 1927. Mme ga go lebege go ne go ga nna le kgatelopele go fitlha ka ntwa ya bobedi ya lefatshe. Ntwa eo e ne ya dira gore batho ba bantsi ba fudugele kwa mafelong a mangwe kwa Yuropa. Khudugo eno e ne ya felela ka gore bontsi jwa bareri ba Bogosi ba ye kwa Soviet Union go sa lebelelwa.

Ka sekai, tokololo ya The Watchtower ya February 1, 1946 e bega jaana: “Baboledi ba ba fetang sekete ba pele ba neng ba rera ka puo ya kwa Ukraine mo karolong e e kafa botlhaba jwa Poland ba isitswe kwa gare ga Russia. . . . Gape, makgolokgolo a bakaulengwe ba ba neng ba nna kwa Bessarabia, eo pele e neng e le karolo ya Rumania, jaanong ke baagi ba Russia mme ba tsweledisa tiro ya go dira merafe yotlhe barutwa.”

Mo godimo ga moo, ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, baagi ba bantsi ba Soviet ba ne ba bogisiwa thata mo dikampeng tsa pogisetso tsa Ba-Nazi. Mo go ba bangwe pogiso e e botlhoko eno e ne ya dira gore ba bone masego a ba neng ba sa a lebelela. Pego nngwe e bolela ka makgarebe mangwe a Ba-Russia a le mmalwa a a neng a tsentswe mo kgolegelong kwa Ravensbrück. Ba ne ba kopana le Basupi ba ga Jehofa koo, ba amogela boammaaruri, mme ba gatela pele go fitlha ba kolobediwa. Go ne ga diragala ka tsela e e tshwanang le mo dikampeng tse dingwe. Basupi ba ba kolobeditsweng bosha bano ba ne ba boela le mafoko a a molemo a Bogosi kwa Soviet Union fa ba sena go gololwa morago ga ntwa. Ka tsela eno, ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne ya dira gore palo ya bareri ba Bogosi e oketsege ka bonako mo tshimong ya kwa Soviet. Go ne ga fopholediwa fa go ne go na le baboledi ba ba dirang ka natla koo ba le 1 600 ka 1946.

Go Rera kwa Kgolegelong

Dikgolegelo di ne tsa tswelela go nna le seabe se segolo mo go anamiseng mafoko a a molemo kwa Soviet Union. Fa ntwa e sena go khutla baeteledipele ba ne ba akanya ka phoso gore Basupi ba ne ba le kotsi mme ba le bantsi ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Mme seno ga se a ka sa ba dira gore ba emise go rera. Tota go ne go ka kgonega jang, ka go bo ba ne ba dumela ka boammaaruri gore molaetsa wa Bogosi jwa Modimo e ne e le dikgang tse di molemo go gaisa mo bathong? Ka jalo mo go ba le bantsi ba bone, kgolegelo e ne e le yone tshimo ya bone, mme magolegwa a mantsi a a neng a utlwa a ne a tsaya kgato. Pego nngwe ya 1957 e bolela jaana: “Mo go botlhe bao ba itsiweng ba le mo boammaaruring gompieno kwa Russia go konelwa gore masome a mane lekgolong a bone a amogetse boammaaruri kwa kgolegelong kana mo dikampeng tsa pogisetso.”

A Basupi ba ne ba kgobiwa marapo ke go tlhola ba tsentswe mo kgolegelong ka metlha jaana? Legoka! Pego nngwe ya 1964 e bolela jaana: “Go na le basupi bangwe ba ga Jehofa ba e leng lekgetlo la bobedi kana la boraro ba tla kwa dikampeng tseo, ereka ba ile ba se ka ba emisa go rera molaetsa fa ba sena go gololwa.” E tswelela go bolela gore ba bangwe e ne e le dinokwane tse di neng di tsentswe mo kgolegelong kana mo kampeng mme di ile tsa kopana le Basupi koo. Ba ne ba amogela boammaaruri mme ba gatela pele go fitlha ba bo ba kolobediwa pele ba gololwa.

Kgatelelo E A Fokotsega

Fa gare ga bo 1960, babusi ba ne ba se ka ba tlhola ba nna bogale thata mo Basuping. Go lebega gore ba ne ba lemoga gore batho ba ga Jehofa ba ne ba se kgatlhanong le molao wa botlhe le thulaganyo ya morafe. Ka jalo, lemororo ditiro tsa Bakeresete ba ba boikokobetso bano di ne di ise di dumelelwe ka molao, ba ne ba sa tlhole ba tshwarwa thata le matlo a bone a ne a sa tlhole a phuruphudiwa thata, mme ba ne ba itumela tota ka go fokotsega ga kgatelelo eno. Ba ne ba eletsa thata go tswelela ba tshela botshelo jwa Bokeresete le go dira ba ritibetse, ba le bonolo le ka kagiso fa ba ne ba kgona.—Baroma 12:17-19; 1 Timotheo 2:1, 2.

Ka 1966 botlhe ba ba neng ba leleketswe kwa Siberia ka lobaka lo loleele ba ne ba gololwa mme ba letliwa go ya kwa lefelong lepe fela le ba neng ba batla go ya kwa go lone mo nageng eo. Bontsi bo ne jwa boela gae morago ga go tsamaya ka lobaka lo loleele, mme ba bangwe ba ne ba itlhophela go nna mo tshimong e e ungwang thata eo. Mme ga se botlhe ba ba neng ba boa ba ba neng ba nna koo. Kgaitsadi mongwe yoo a neng a isiwa kwa Siberia le lelapa la gaabo e santse e le mosetsanyana o ne a boela kwa Russia bophirima le batsadi ba gagwe. Mme o ne a nna lobakanyana fela. O ne a rata batho ba ba boikokobetso ba ba ratang go tshola baeng ba Siberia mo eleng gore o ne a tlogela lelapa la gaabo mme a boela gape kwa botlhaba go ya go tswelela ka go rera mo bathong ba ba reetsang bao.

Boitemogelo bongwe jo bo neng jwa diragala mo go lone lobaka loo e ne e le jo bo malebana le mokaulengwe yo a neng a fuduga go tswa mo toropong e nngwe go ya kwa go e nngwe. Morago ga lobakanyana o ne a bona Basupi ba bangwe ba babedi. Boraro jono bo ne jwa rapelela gore bo thusiwe mme go ise go e kae bo ne jwa kopana le lekgarebe lengwe le le neng le rutilwe dithuto tsa Greek Orthodox. Le ne la amogela boammaaruri ka bonako mme ka ene bakaulengwe ba ne ba bona batho ba bangwe gape ba babedi ba ba kgatlhegang—mmaagwe le morwadiarraagwe yo mmotlana mo go ene. Pego e konela jaana: “Gompieno go na le batho ba le masome a le mane ba ba kopanelang le bakaulengwe bano, ba le masome a mararo ba bone ba ithutile boammaaruri mo dikgweding tse thataro tse di fetileng.”

Lefa go ntse jalo, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e kgorelediwa ke gore ba ne ba sa dumelelwa kafa molaong. Ba ne ba nna kelotlhoko tota fa ba tshwara dipokano. Ba ne ba le kelotlhoko thata fa ba rera. Ba ne ba ka nna ba tshwarwa, mme ba ne ba sa dire tiro ya go neela bosupi ka ntlo le ntlo fela phatlalatsa. Lefa go ntse jalo, lemororo go ne go le jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang bano ba Soviet ba ne ba tswelela ba direla Modimo wa bone ka boikanyegi le go nna baagi ba ba molemo ba naga ya bone. (Luke 20:25) Mongwe wa bone o ne a tlhalosa boikutlo jwa bone fa a ne a kwala jaana: “Ke tshiamelo e kgolo tota go itshokela diteko tsotlhe le go nna ke ikanyega mo go Jehofa Modimo, go galaletsa Modimo ka metlha mo botshelong jwa gago gore Jehofa a go neye botshelo jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete.” Abo Basupi ba kwa Soviet ba ne ba re tlhomela sekao se se molemo jang ne sa boitshoko le boikanyegi!

Kgabagare Ba Dumelelwa Ka Molao!

Dilo di ne tsa simolola go fetoga mo dinageng tse di amanang thata le Soviet Union ka 1988. Go ne ga simolola go nna le kgololesego, mme dinaga tse di neng di thibetse tiro ya Basupi ba ga Jehofa di ne tsa simolola go dira dilo ka ditsela tse disha. Poland, Hungary, Romania, le dinaga tse dingwe di ne tsa dumelela Bakeresete ba ba tlhoafetseng bano semolao, di ba dumelela go dira phatlalatsa ba sa boife go tlhaselwa. Abo dingwaga tse tharo tse di fetileng tseno di ne di itumedisa jang ne mo Yuropa Botlhaba! Abo bakaulengwe ba ne ba dirisa kgololesego e ba neng ba sa tswa go e bona eno go ba solegela molemo jang ne mme ba anamise molaetsa wa Bogosi wa kagiso! Mme abo Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ne ba itumela le bone jang ne!

Basupi ba kwa Soviet ba setse ba solegeletswe molemo ke go gololwa ga bone go go ntseng go atolosiwa. Diketekete tsa bone—bangwe ba tswa kgakala kwa lotshitshing lwa Pacific lwa Asia—ba ne ba ya kwa dikopanong tse di neng di simolola motlha o mosha kwa Poland ka 1989 le ka 1990, fa go ne go tla Basupi ba le 17 454 kwa Warsaw ba ba tswang kwa Soviet Union. Abo ba ne ba boela kwa morago ka dilo tse di itumedisang tse ba neng ba tla nna ba di gakologelwa jang ne! Bontsi jwa bone bo ne bo ise bo ke bo obamele le Bakeresete ba bangwe ba ba fetang ba ba ka tlalang seatla fela. Jaanong ba kile ba nna mo boidiiding jwa ba le dikete di le masomesome!

Ba ne ba boela morago kwa Soviet Union e e neng e sa tlhole e gagametse thata. Basupi ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ne ba leba seno mme ba ipotsa jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba tlile go letlwa leng ka molao kwa Soviet Union? Ebu, go ne ga diragala ka 1991—dingwaga di le lekgolo morago ga loeto lwa ga Charles Taze Russell! Ka March 27, 1991, “Tsamaiso ya Mekgatlho ya Bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ba kwa U.S.S.R.” e ne ya kwadisiwa mo lokwalong lo lo neng lo saennwe kwa Moscow ke Tona ya Bosiamisi ya R.S.F.S.R. Basupi ba ne ba newa kgololesego ya mofuta ofe?

Molaotheo wa mokgatlho o o neng o sa tswa go kwadisiwa semolao oo o ne o akaretsa mafoko a a latelang: “Boikaelelo jwa Mokgatlho ono wa Bodumedi ke go tsweledisa pele tiro ya bodumedi ya go itsise leina la ga Jehofa Modimo le dilo tse a di diretseng batho ka lorato ka Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo ka Jesu Keresete.”

Seno se tlile go dirwa jang? Ditsela tse di kwadilweng foo di akaretsa go rera phatlalatsa le go etela batho mo magaeng a bone; ba ruta batho ba ba dumelang go ba reetsa boammaaruri jwa Bibela ba thusiwa ke dibuka tse di tlhalosang Bibela; go rulaganyetsa go ranola, go lere dithoto dingwe go tswa kwa mafatsheng a mangwe, le go anamisa, go gatisa, le go phasalatsa Dibibela.

Lokwalo lono gape lo bolela thulaganyo ya Basupi jaaka ba kaelwa ke Setlhopha Se Se Laolang, go akaretsa le ditlhopha tsa bagolwane mo diphuthegong, Komiti E E Okamelang [ya Lekala] ya maloko a le supa, le balebedi ba potologo le ba kgaolo.

Go phepafetse gore Basupi ba ga Jehofa jaanong ba ka dira ba gololesegile le go dira phatlalatsa kwa Soviet Union fela jaaka mo dinageng tse dingwe tse dintsi. Akanya kafa maloko a matlhano a a le supa a Komiti E E Okamelang le bagolwane ba bogologolo ba ba sa bolong go nna teng ba phuthego ba ba neng ba nna le tshiamelo ya go saena lokwalo loo le go lo bona lo kanelwa ke Tlhogo ya Lephata la Ikwadiso la Mekgatlho ya Phatlalatsa le ya Bodumedi ba neng ba itumela ka teng! Go a tshwanela go bo Milton Henschel le Theodore Jaracz ba Setlhopha Se Se Laolang ba ne ba le teng go bona tiragalo e e gakgamatsang eno. Mo ditlhopheng tsotlhe tse di neng tsa newa tetla ke R.S.F.S.R., Basupi ba ga Jehofa e ne e le bone ba ntlha go amogela lokwalo lwa bone lwa ikwadiso lwa semolao. Abo bakaulengwe bao ba ba ikanyegang ba Ba-Russia ba ile ba duelwa thata jang ne morago ga go itshoka ka dingwaga tse dintsi ka bopelotelele!

Gongwe le gongwe kwa ba leng teng, Basupi ba ga Jehofa ba lebogela go bo balaodi ba kwa Soviet ba ntshitse tetla eno ya semolao. Mme segolobogolo ba leboga Jehofa ka dipelo tsotlhe tsa bone ka ntlha ya kgololesego e ntšha ya bakaulengwe ba bone ba kwa Soviet. Ba itumela le Basupi ba bangwe ba ba leng mo U.S.S.R. le kwa dinageng tse dingwe tse di kafa Yuropa Botlhaba bao jaanong ba kgonang go direla Jehofa Modimo phatlalatsa. A Jehofa a ba segofatse fela thata jaaka ba dirisa kgololesego ya bone ka botlalo mo go bakeng leina la gagwe le le boitshepo.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Kago ya Puso ya kwa Moscow

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Baemedi ba tswang kwa Russia kwa kopanong ya kgaolo e e neng e le kwa ntle ga Soviet Union ka 1990

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela