LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 7/15 ts. 3
  • Go Batliwa ga Thulaganyo ya Lefatshe Le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Batliwa ga Thulaganyo ya Lefatshe Le Lesha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Na le Mathata A A Kgoreletsang
  • Dithulaganyo Tse Motho A Di Dirileng go Lere Polokesego Mo Merafeng Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Setho Se Eletsa Lefatshe Le Lesha
    Tsogang!—1992
  • “Thulaganyo e Ntšha Ya Lefatshe”—E Setse e Ntse e Reketla
    Tsogang!—1996
  • A Tota Lefatshe le Lesha le Tla Tla?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 7/15 ts. 3

Go Batliwa ga Thulaganyo ya Lefatshe Le Lesha

“GA GO na dimmapa dipe tse di re kaelang kwa re yang gone, eleng kwa lefatsheng leno le lesha le re le itirelang. Fa batho ba mo lefatsheng ba leba dingwaga tse di masome a le robong tse di fetileng tse di tletseng ntwa, dikgogakgogano, go sa ikanyane, a rona re lebeng kwa pele—kwa lekgolong le lesha la dingwaga, le kwa mileniamong o mosha, wa kagiso, kgololesego le katlego.”

Poresidente wa U.S. ebong George Bush o ne a akgela jalo ka January 1, 1990. Mo go one molaetsa oo, poresidente wa Soviet, Mikhail Gorbachev o ne a akantsa gore go dirisanngwe mmogo mo dingwageng tseno tsa bo 1990 go tlosa “poifo e e mo lefatsheng le go seng ope yo a ikanyang yo mongwe mo go lone, le le tletseng dibetsa tse di sa tlhokegeng, le dikgopolo tse di sa tlholeng di dira tsa sepolotiki, le dithuto tsa bosole, le dilo dipe fela tse di tlhomilweng ke motho tse di kgaoganyang batho le dinaga.” Go ne ga bega jalo Mainichi Daily News ya kwa Japane ya January 3, 1990.

Go phepafetse gore go ne go solofetswe dilo tse dikgolo. Go ne go santse go ntse jalo le ngwaga moragonyana. Mo molaetseng o o bulang Lekgotla Le Le Tlhomang melao ka January 29, 1991, Poresidente Bush o ne a umaka ntwa ya kwa Kgogometsong ya Persia a bo a bolela jaana: “Selo se se leng mo kotsing ga se naganyana [Kuwait] fela e nnye, ke selo se segolo—thulaganyo e ntšha ya lefatshe koo merafe e mentsi e kopanelang gone ka boikaelelo bo le bongwe jwa go fitlhelela dilo tsotlhe tse batho ba di tlhokang mo lobopong: kagiso le polokesego, kgololesego le maemo ao molao o laolang mo go one.”

Go Na le Mathata A A Kgoreletsang

Motho o na le mathata a mantsi a a mo kgoreletsang go nna le thulaganyo e ntšha mo lefatsheng. Fa o ne o bua ka dikgogakgogano tse di neng di le teng ka nako eo kwa Iraq le kwa Kuwait, makasine wa Time wa January 28, 1991, o ne wa bolela jaana: “Fa dibomo di ne di wa le dimisaele di ne di fofa kwa godimo, tsholofelo ya thulaganyo e ntšha ya lefatshe e ne ya tseelwa sebaka ke tlhakatlhakano ya ka gale.” Lokwalopaka loo lo ne lwa oketsa jaana: “Ope a se ka a tsiediwa ke gore thulaganyo e ntšha ya lefatshe e go ikgogomodiwang thata ka yone eno e setse e le gone kana gore e gaufi.”

Merafe ya lefatshe lotlhe ga e ise e kgone go dirisana mmogo, mme seno se kgoreletsa maiteko a batho a go tlhoma thulaganyo e ntšha ya lefatshe. Mo pegong e e neng ya tlhaga mo kgatisong The World & I (January 1991), bakanoki ba ne ba tlhatlhoba “mekgwa e e tlhamilweng ke mebuso e megolo ya dinaga di sele le kafa e tlileng go ama thulaganyo e ntšha ya lefatshe ka gone.” Mokwadi o ne a konela jaana: “Hisitori e bontsha gore ka dinako tse dingwe kagiso e senyega ka bonako fela go bo go nna le ntwa. Go botlhokwa thata gore mebuso e megolo e dirisane mmogo gore e atlege go tlogela Ntwa ya Molomo mme e bone thulaganyo e ntšha ya lefatshe.”

Mathata a loago le one a eme pele thulaganyo e ntšha ya lefatshe e ba le bantsi ba e bonang e setse e le gaufi le go bonwa. Lester R. Brown o ne a bolela jaana mo go State of the World 1991 (pego ya Worldwatch Institute): “Ga go ope yo a ka bolelang ka tlhomamo fela kafa thulaganyo eo e ntšha e tla nnang ka gone. Mme fa e le gore re tla kgona go direla kokomana e e latelang isagwe e e itumedisang, he maiteko a magolo a a tlhokegang go baakanya polanete eno ka tsela e e sentsweng ka yone e tla nna one a go tla buiwang thata ka one mo dikgannyeng tsa lefatshe mo masomeng a dingwaga a a latelang.” Pego e ne ya akgela ka gore tsela e moya o kgotletsweng ka yone “e tshosetsa boitekanelo jwa makgolokgolo a a nnang mo metsemegolong le go tshosetsa go senya dijalo ka selekanyo se se kwa godimo tota mo dinageng tse dintsi.” E ne ya oketsa jaana: “Jaaka palo ya baagi ba ba nnang mo polaneteng eno e oketsega, palo ya mefuta ya dijalo le ya diphologolo e wela kwa tlase. Go senngwa ga mafelo a go nniwang mo go one le go kgotlelwa go fokotsa mefuta e mentsi ya ditshedi tsa lefatshe. Mogote le go senngwa ga ozone go ka oketsa dintsho tseno.”

Go phepafetse he gore motho o na le mathata a mantsi thata fa a ntse a batla thulaganyo e ntšha ya lefatshe. A o tla bona se a se batlang? A go ka bolelwa gore lefatshe le lesha le gaufi? Fa go ntse jalo, le tlile go nna gone jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela