Go Naya Bosupi Kwa Lefatsheng le le Farofarologaneng la Fora
FORA ke naga e e farofarologaneng. E na le dithaba tse dikgolo, makgabana a maleele, makgotlho a a tletseng maje a a fokwang ke difefo, matšha a a bothitho a a tletseng motlhaba, masimo a a namileng a dithoro, masingwana a a ageletsweng, masimo a magolo a diterebe, dinaga tsa phulo, dikgwa tsa ditlhare tse di nnelang ditala ruri le tse di tlhotlhoregang matlhare, metsana e mennye, ditoropo, le ditoropo tse dikgolo tota tsa segompieno—Fora e na le dilo tseno tsotlhe, le tse dingwe gape.
Lemororo bontsi jwa mafelo a magae a ntse a le mantle, batho ba Fora ba ile ba fetoga ka bonako tota mo dingwageng tsa bosheng. “Batho ba Fora ga ba mo nakong ya mathata fela,” go bolela jalo tokololo ya 1989 ya Francoscopie, “mme mo nakong ya phetogo tota. Dithulaganyo tsa loago, dilo tse di lejwang di le botlhokwa, dilo tsa ngwao, le boikutlo jwa batho di fetoga tota ka bofefo jo bogolo.”
Diphetogo tse dikgolo tseno di ile tsa ama gape le bodumedi. Lemororo batho ba bantsi e santse e le Bakatoliki, gompieno e setse e le ngwao fela go na le go nna bodumedi jo tota bo tlhotlheletsang maloko a mantsi a jone. Go itlhokomolosa dilo tsa semoya ga batho go ile ga dira gore dikereke di se ka tsa tlhola di gola.
Go farologana le seo, tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Fora e ile ya tswelela pele ka bonako tota mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Go tloga kwa Alsace kwa bokone botlhaba jwa Brittany kwa Atlantic, go tswa kwa Alps e e kwa godimo thata go ya kwa Mokgatšheng Loire o o kwa tlasetlase, e leng setlhaketlhake sa Corsica se se mo Mediterranean, Basupi ba lebana le maemo a a gwetlhang le go kopana le batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng thata. A re lebeng seno go tswa kwa godimo mme re bone gore go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi mo Fora, naga e e farofarologaneng go ntse jang.—Mathaio 24:14.
ALSACE
Alsace e e mo molelwaneng wa Jeremane ke perofensi e e itsegeng thata ka masimo a yone a diterebe le metse ya yone e e tletseng ka dithunya tse dintle. Strasbourg, e e leng moshate wa yone, e ile ya nna boremelelo jwa Boporotesetanta go tloga ka nako ya Phetogo E Kgolo, mme Ba-Alsace ka kakaretso fela ba tlotla Bibela tota. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba rera mafoko a a molemo a Bogosi mo kgaolong eno go tloga fela kwa tshimologong ya ngwagakgolo ono. Gompieno, tiro eno e tlhomame tota, jaaka seno se supiwa ke boitemogelo jwa mosha mongwe yo o bidiwang Sylvie, yoo a neng a rera kwa sekolong.
Fa a ntse a tlotla le bana ba le mmalwa ba a tsenang sekolo nabo, Sylvie o ne e bua ka boikaelelo jwa botshelo le dilo tse di tlang mo isagweng. Mosimane mongwe o ne a kgatlhega tota mo a neng a batla gore Sylvie le Mosupi yo mongwe ba mo etele kwa legaeng la gaabo. “Lemororo mosha yono wa Mokatoliki a ne a kile a nna mongwe wa basimane ba ba neng ba direla kwa aletareng, o ne a na le dipotso tse dintsi tseo di neng di ise di ko di arabiwe,” go ne ga bolela jalo Sylvie. “Re ne ra araba dingwe tsa tsone ka Bibela, mme o ne a dumela thuto ya Bibela.” Lekawana leno le ne la kolobediwa ngwaga moragonyana mme le ne la tsena mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Sylvie le ene o ne a setse a le mo tirelong eo.
BRITTANY
Brittany ke perofensi nngwe e e tswelang mo Atlantic e ngwao ya Sekatoliki e nonofileng thata mo go yone. Lefa go ntse jalo, palo e e oketsegang ya batho mo lefelong leno e amogela molaetsa wa Bogosi ka go bo Basupi ba tsweletse ka go dira maiteko. Sekai sengwe sa se se diragalang mo kgaolong e e kafa bokonebophirima jwa Fora ke seno.
“Banyalani bangwe ba basha ba ne ba fudugela mo ntlong e e fa godimo ga ya rona,” go bega jalo Mosupi mongwe wa mo lefelong leo. “Nako nngwe moragonyana, ke ne ka kopana le mosadi yo mmotlana yono mo ditepising, a tshotse morwawe. Fa ke sena go utlwa gore leina la mosimanyana ke Jonathan, ke ne ka mmotsa gore a o itse gore leina leo le tswa kae. ‘Ke akanya gore le tswa mo Bibeleng, mme seo ke sone fela se ke se itseng,’ o ne a araba jalo. O ne a reetsa fa ke mo tlhalosetsa me a umaka gore ene le monna wa gagwe ba ne ba kgatlhegela Bibela. Lemororo re ne ra nna ra tlotla, go ne ga se ka ga diragala sepe.
“Moragonyana ga foo, banyalani bano ba ne ba nkopa kgakololo ka bothata bongwe. Ke ne ka araba ka Bibela mme ba ne ba kgatlhilwe ke tshedimosetso e e mo go yone. Ke ne ka ba laletsa gape gore ba ithute Bibela. Mosadi yono o ne a dumela mo letsatsing le le latelang. Dibeke moragonyana, monna wa gagwe le ene o ne a ithuta. Bobedi jwa bone jaanong ke Basupi ba ba kolobeditsweng.”
DITHABA TSA ALPS
Dithaba tsa Alps di itsege thata ka bontle jwa tsone jo bo gakgamatsang. Batho ba ya kwa go tsone go ya go leba ditlhoa tsa tsone tse di kwa godimo, segolobogolo Mont Blanc, setlhoa se se kwa godimo go gaisa mo Yuropa Bophirima. Palo ya baboledi ba Bogosi ba ba galaletsang Mmopi e ntse e oketsega mo lefelong leno. Batho ba dingwaga tsotlhe le ba ba tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo ba ntse ba tla go ba oketsa jaaka pego e e latelang e bontsha.
Basha bangwe ba bane ba mo lefelong leo ba ne ba itsege tota. Ba ne ba utswa dikoloi le dithoto tse dingwe, gantsi ba tlhola ba tagwa, ba dirisa le go rekisa diokobatsi, ba akafala le go tsenelela mo tirisabadimong. Ba ne ba sa bereke mme ba tlhola ba tshwenyana le mapodisi, mme botlhe ba ne ba kile ba ya kgolegelong. Lefa go ntse jalo, botlhe ka bone jwa bone ba ne ba kile ba utlwa kaga boammaaruri gonne malapa otlhe a bone a kile a ithuta le Basupi ba ga Jehofa.
Morago ga dingwaga di le mmalwa ba tshela botshelo jo bo botlhaswa jono, mongwe wa basha bano o ne a fetola mogopolo mme a swetsa ka gore o tla direla Jehofa. Seno se ne sa dira gore ba bangwe le bone ba dire se se tshwanang. Letsatsi lengwe fa mapodisi a ne a phuruphutsa batho fela ka tlwaelo, a ne a kopana le lengwe la makawana ano mme a bula kgetse ya lone. Ereka ba ne ba lebeletse go bona diokobatsi le dilo tse di utswitsweng, ba ne ba gakgamadiwa ke go fitlhela go na le Bibela le dibukana dingwe fela. Lekawana leno le ne la dirisa Bibela go tlhalosa gore ke eng se se neng sa dira gore le fetole botshelo jwa lone. Lepodisi le lengwe le ne la botsa jaana ka le ne la sa dumele seo: “O raya gore ga o tlhole o goga motsoko, ga o nwe, kana ga o tlhole o dirisa diokobatsi?” Kgabagare lepodisi leno le ne la dumela tlhaloso ya gagwe mme la mo tlogela fela le sa mo dira sepe. Gompieno makawana a mane ao a kolobeditswe, mme a direla jaaka batlhanka ba bodihedi mo phuthegong, mme ba bararo ba bone ke babulatsela ba ka metlha.
MOKGATŠHA WA LOIRE
Mokgatšha wa Loire o bidiwa tshingwana ya Fora. O tswelela go tloga kwa Orléans, dikilometara di le 110 kafa borwa jwa Paris, go ya kwa molomong wa Noka ya Loire kafa Lotshitshing lwa Atlantic. Kgaolo eno e itsege ka dikago tsa yone tse dintsi tsa tshireletso, matlo a pele le matlo a batsomi a batho ba bogologolo ba bogosi. Go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo ditoropong tsotlhe tse dikgolo mo lefelong leno.
Letsatsi lengwe ka nako ya boikhutso jwa sekolo, Emma yo mmotlana, mosetsanyana yo o matlhagatlhaga yo o lorato wa dingwaga di le thataro o ne a ya kwa tlelaseng go ya go dumedisa morutabana wa gagwe. Ereka a ne a tshosiwa ke go bona morutisi wa gagwe a goga motsoko, o ne a thubega ka selelo mme a tswa a sia. Morutabana o ne a mo sala morago mme a mmotsa gore o lelela eng, lefa go le jalo, Emma o ne a sa batle go bua sepe. Fa morutabana a gatelela, Emma o ne a sisa pelo mme a araba jaana: “Ke gonne o a goga. O tlile go lwala o bo o swa!”
Letsatsi le le latelang morutabana o ne a bitsa mmaagwe Emma mme a mmolelela kafa a amilweng ka gone ke kafa morwadie a neng a itshwara ka gone. Ka jalo mmaagwe o ne a tlhalosa boemo jwa Basupi kaga go goga motsoko. Morutabana o ne a bolela gore balelapa la gagwe ba ne ba setse ba kile ba mo kopa gore a tlogele go goga, mme ga a ka a kgona. Lefa go ntse jalo, mo lekgetlong leno, o ne a amilwe ke tsela e Emma a neng a itshwara ka yone mo a neng a tlogela go goga mo malatsing a mabedi fela.
CORSICA
Lemororo setlhaketlhake sa Corsica se bidiwa “setlhaketlhake se se tshetsweng dinkgisamonate,” se itsiwe gape ka baagi ba ba gagamalelang maikutlo a bone thata, goo gantsi a felelang ka dintwa tse di tshololang madi. Basupi ba ne ba lejwa jaaka batho ba bodumedi “jo bo tswang kwa Kontinenteng” ka dingwaga tse dintsi. Lefa go ntse jalo, maatla a boammaaruri jwa Bibela a fetola dipelo tsa ba bantsi koo.
Mosupi mongwe yo a neng a sa tswa go kolobediwa o kile a bolela gore ka nako nngwe fa a ne a tswa kwa malatsing a boikhutso o ne a fitlhela didirisiwa tsotlhe tsa polasi ya gagwe di utswitswe. “Ka go ikanya mo go Jehofa,” o ne a bolela jalo, “ke ne ka kgona go itshwara ka tsela e e farologaneng tota le e ke neng ke ka bo ke ile ka itshwara ka yone bogologolo.” O ne a umakela baagelani ba gagwe ka dilo tse di mo latlhegetseng a ritibetse fela.
“Moragonyana, baagelani bangwe ba me ba ne ba nna le mathata. Ke ne ka tlogela tiro ya me go ya go ba thusa. Malatsi moragonyana, mongwe wa bone o ne a nteletsa mogala a nkopa gore ke tle ka bonako. Ereka ke ne ke akanya gore o mo mathateng gape, ke ne ka tsamaya fela ka bonako. O ne a nkopa go nna fa fatshe a bo a mpotsa jaana: ‘A o itse gore ke go bileditse eng? Ke kaga didirisiwa tsa gago. Ke nna ke neng ke di utswitse. Mme fa ke ne ke bona o le motho yo o pelonomi le yo o botsalano, ke ne ka ipolelela jaana, “Ga nkake ka mo dira jaana!” Mme fa o sena go re thusa ga ke ise ke ko ke kgone go robala lefa e le bosigo bo le bongwe fela.’” Go dirisa Bokeresete jwa boammaaruri go ile ga felela ka matswela a a molemo.
Fa tiro ya go neela bosupi ka Bogosi e ne e bulelwa gape kwa Fora kwa bokhutlong jwa ntwa ya bobedi ya lefatshe, go ne go na le Basupi ba le 1 700 fela mo nageng eo yotlhe. Tiro ya go bolelela baagi botlhe ka molaetsa wa Bogosi e ne e lebega e ka se ka ya kgonega. Lefa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di feta Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe ba mo Fora ka didirisiwa tse ba neng ba di tlhoka—mafelo a bogatisetso, Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano, jalo le jalo—le go ba naya moya wa go batla go wetsa tiro eo. Gompieno, go na le bareri ba ba tlhaga ba ba fetang 117 000 ba ba bolelang molaetsa wa gore Bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete ke jone tsholofelo fela ya batho mo lefatsheng leno le le farofarologaneng.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 23]
(For fully formatted text, see publication)
FORA
BRITTANY
MOKGATŠHA WA LOIRE
DITHABA TSA ALPS
ALSACE
LEWATLE LA ATLANTIC
LEWATLE LA MEDITERRANEAN
ENGLISH CHANNEL
CORSICA