Kgwetlho ya go Jala Peo ya Bogosi Kwa Borwa Jwa Chile
ABO go itumedisa jang ne go tsamaya mo tseleng e e senang modumo ya kwa magaeng kwa Chile borwa! Dikgomo di fula di sa tshwenngwe ke sepe mo masimong a a dikologilweng ke ditlhare a a kafa morago ga makgwamolelo a magolo a a nang le semathane kwa setlhoeng. O ka utlwa dinonyane di ntse di tswirinya le matlhare a ditlhare a ntse a gwasa mo phefong. Lemororo tikologo eo e lebega e le e e kgatlhisang thata jalo, e a gwetlha mo go bao ba jalang dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi mo go yone.
A o tla rata go kopana le bangwe ba babulatsela ba rona, kana baboledi ba nako e e tletseng ba Bogosi? Go jang fa o ka tsamaya le bone letsatsi le le lengwe kana a mabedi fa ba ntse ba rera mafoko a a molemo? Sa ntlha, a re reetseng Jaime le Oscar fa ba tlhalosa dilo tse di itumedisang le tse di gwetlhang tsa letsatsi le le ntseng jalo mo Chile borwa.
Letsatsi mo Tirong ya go Rera
“Re simolola go tlhobaela mme re simolola go utlwa serame se se tseneng mo ntlwaneng ya rona. Oscar o fologa mo bolaong a apere dikausu tsa ulu a santse a rwele tlhoro mo tlhogong. O gotetsa setofo sa dikgong, o tshuba sethutafatsi se sennye sa gase go thutafatsa kamore, mme o boela gape kwa bothitong jwa bolao jwa gagwe. Go santse go le lefifi kwa ntle, mme re kgona go utlwa pula e e sa leng e na bosigo jotlhe. Re leba kwa ntle ka fensetere re bo re lebana. Ebu, go tlile go nna motlhofo jang ne go tsaya letsatsi la boikhutso gompieno! Mme re bo re gakologelwa dithulaganyo tse re di dirileng tsa letsatsi leo le kafa go leng botlhokwa ka gone go ya go dira kwa tshimong e e kwa thoko e e se kileng ya dirwa ngwaga o o fetileng. Seo se re tlhotlheletsa gore re simolole.
“Fa re le mo tseleng jalo pele ga ura ya borobedi, re tsamaela ka bonako mme re solofela gore mongwe o tla tla a re pega kana gore bese e tla tla, gore re tle re fefose loeto lwa rona lwa go ya kwa ditseleng tse di tsamayang ka kwa morago tse di yang kwa matlong le kwa matlwaneng a tshimo eo e e kwa thoko. Go tla terekere e goga karikana e e nang le badiri. Mokgweetsi o a ema mme o re letla go pagama. Re itumetse, mme re leboga go bo pula e ne ya na bosigo ka go bo gompieno ga re ne re tsamaya mo lerung la lorole jaaka ka metlha. Fa re ntse re tsamaya jalo, re eta re ntse re rerela badiri bano ba masimo. Fa nako ya gore re pagologe e tla, re ba naya dimakasine di le mmalwa. Abo re leboga jang ne ka go bo seo se re thusitse gore re se ka ra tsamaya ka dinao dikilometara di le 12!
“Re tsile go tsaya letsatsi lotlhe re ntse re ya kwa le kwa mo lefelong leno re batla ba ba tshwanelegang. Fa re ne re simolola kabelo ya rona, re ne re sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba lebega ba dumalana le seo re se bolelang mme ba ne ba sa batle go tsaya dibuka tsa Bibela. Re ne ra lemoga gore gantsi e ne e le ka gonne ba ne ba sa itse go bala. Ka jalo re bona go le mosola fa re ba bolelela gore ba ne ba ka naya bana ba bone le bamasika a bone dibuka tsa rona jaaka dimpho mme bone morago ba ne ba tla ba bolelela seo ba se badileng. Bontsi jwa batho bao re buang nabo ga ba na dithoto tse dintsi tsa lefatshe leno. Mme ereka ba itumelela go re naya se ba nang naso, fa ba sena go bona dibuka tsa Bibela, gantsi ba re naya mae, ditapole, dibete [beets], digwete, dieie, dinawa, le di-garbanzo.”
Jaime o ne a ithuta gore a akantshe mong wa ntlo seo a ka se ntshetsang dibuka tsa Bibela tseo a di mo neileng. Ka ntlha yang? Ka nako nngwe babulatsela ba ne ba tla ka dikilogerama di le 15 tsa merogo, mme yo a neng a tsamaya nae o ne a tshwanela go tlhola a tsentse kgogo e e tshelang mo kgetseng ya gagwe ya dibuka letsatsi lotlhe! Gantsi Jaime o akantsha gore ba mo neye merquén, seloki sengwe se se monate se se dirilweng ka pepere e e babang le diloki tse dingwe. Pego e tswelela jaana:
“Fa re kgabaganya masimo, re goroga fa go nang le di-ruca [matlo] tsa batho ba morafe wa Mapuche [seo se rayang, “Batho ba Naga Eno”]. Go bokete tota go bua le batho ba ba setseng ba godile ba Mapuche, ka go bo bontsi jwa bone bo bua puo ya lefelo leo fela. Fa go na le bangwe ba babotlana fa gaufi, gantsi ba a ranola. Fa re tsenelela mo nageng eno ya magae, re kopana le batho bao ba iseng ba ko ba bone Bibela kana ba etele kwa motseng o mogolo o o tshwanang le Temuco, moshate wa kgaolo eno. Seno se tlisa bothata tota fa o leka go ba thusa go lemoga gore maemo a lefatshe a ntse a senyega. Re tshwanetse go dira seno ka bonya ka bonya, re ba bontshe kafa mathata a lefelo leo a supang ka gone se se diragalang kwa mafelong a mangwe.
“Fa letsatsi le ntse le ya, maoto a rona jaanong a batla go ikhutsa ka a lapile. Maemo a bosa jaanong a ntse a fetofetoga go a ne go nna letsatsi go bo go na pula e e dirang gore sekhukhu se se ka sa thusa sepe. Bosheng jaana masimo a a lemilweng a ne a dira gore ditlhako tsa rona di tlale seretse. Fa re utlwa mafoko a a reng Pase no más (Tsenela kwano), re itumelela go tsena mo phaposing ya boapeelo mme re utlwe bothito jwa setofo, re nwe kopi ya ‘kofi’ e e dirilweng ka dithoro, sereledi, le sekgwe se se sa tswang go itirelwa mo gae. Senkgwe se se sa tswang go itirelwa mo gae seo se nkga monate eleruri!
“Ereka jaanong re bone maatlanyana, re tswelela go fitlha fa letsatsi le setse le tla phirima, re kgabaganya masimo a e leng ka sewelo o ka fitlhelang a kgaogantswe ke terata, lemororo o ka fitlhela masimo mangwe a korong a dikaganyeditswe ke ditlhatsana tse di bidiwang pica-pica, setlhare sengwe se se nnang se le setala se se nang le dithunya tse di serolwana. Ereka letsatsi le tla tloga le phirima mme re tshwanetse go goroga kwa tseleng e kgolo go tshwara bese ya bofelo e e yang kwa toropong, sekgala se re se tsamayang ka dinao sa [dikilometara di le 20] se tla tloga se fela.
“Re boa fela re sa tlhagelwa ke kotsi epe, re lapile mme re itumetse, gonne re ne ra tlotla monate tota le batho ba sekadinku. Fa re sena go ja sengwe, re tlotla ka ditiragalo tsa letsatsi re bo re gogela mebele ya rona e lapileng mo dikobong.”
Loeto lwa go ya kwa Chiloé
Lewatle la Chiloé le na le ditlhaketlhakenyana di le mmalwa. Setlhaketlhake sa lone se segolo se boleele jwa dikilometara di le 180 mme se na le dithaba tse ditala tse di kgaogantsweng ke matshanyana a mannye. Mme abo go na le mafelo a mantle jang ne fa thoko ga lewatle le metsana ya batshwari ba ditlhapi e mentle jang ne e e bonwang gongwe le gongwe fela kwa o yang gone!
Fela fa re tswa mo setlhaketlhakeng se segolo, re tsena mo toropong ya Achao, koo re fitlhelang Rubén le Cecilia gone. Fa ba ne ba goroga koo ka March 1988, moruti wa lefelo leo o ne a tlhagisa batho gore ‘ba se ka ba reetsa banyalani ba ba tsamayang gotlhe mo setlhaketlhakeng ba bua le batho ka Bibela.’ Dikakgelo tsa gagwe tse di sa siamang di ne tsa dira gore ba bangwe ba se ka ba batla go utlwa sepe mme tsa dira gore ba bangwe ba batle go itse. Fa nako e ntse e tsamaya Rubén le Cecilia ba ne ba tsamaisa dithuto tsa Bibela di le 28. Ba le mmalwa ba batho ba ba ithutang nabo e ne e le barutabana, mme ba le bane ba bone ba dirisa dibuka tsa Watch Tower eleng “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial” le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela fa ba ruta bodumedi mo ditlelaseng tsa bone tsa sekolo.
Jehofa o amega tota ka babulatsela ba ba dirang ka natla bano, bao ba tsamayang dikilometara di ka nna 34 ka letsatsi ka dinao mo tirong ya bone ya go rera le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Letsatsi lengwe Rubén le Cecilia ba ne ba tsamaya mo tseleng e e fa thoko ga lotshitshi fa ba ne ba lemoga gore go na le di-choritos (mofuta mongwe wa dikgopa) fela fa gaufi ka ntlha ya go bo lewatle le ne le sa kgaphasele thata. Rubén o ne a simolola go di gola, mme ba ne ba tla di tshola ka eng go ya gae? Cecilia o ne a rarabolola bothata joo. Dikausu tsa gagwe di ne tsa nna dikgetse. Babulatsela ba ne ba na le dijo tse di monate tota tsa ditshedi tsa lewatle!
Fela kafa bokone jwa Achao, go na le bareri ba Bogosi ba ba itsiweng jaaka babulatsela ba ba kgethegileng bao ba kopanelang le phuthego e nnye kwa Linao. Tiro ya go rera koo e ne ya simolola ka 1968, mme Mosupi wa ntlha wa ga Jehofa wa kwa Linao o ne kolobediwa ka 1970. Mokaulengwe yono o ne dira tiro ya go rera a le esi ka dingwaga di le nne mme o ne a tshwanela go itshokela go kgalwa ke maloko a lelapa le ditsala. Kgabagare, mosadi wa gagwe o ne a amogela boammaaruri jwa Bibela mme a kolobediwa ka 1974. Mme morago go ne ga kolobediwa bomorwarraagwe ba le bane, le bokgaitsadie ba le bane, bomalomaagwe ba le bane, le bontsalae ba le barataro, le kgaitsadia mosadi le mosadi wa gagwe. Phuthego e e neng ya tlhomiwa koo e ne e le lelapa le le lengwe le legolo. Fa nako e ntse e tsamaya ba le bararo ba bomorwarraagwe ba batlhano ba ne ba simolola go dira jaaka bagolwane mme a le mongwe jaaka motlhanka wa bodihedi.
Luis le Juan ke bareri ba nako e e tletseng bao ba jalang peo ya Bogosi kwa Quemchi, toroponyana e nnye e e dikilometara tse 30 go tswa mo Linao. Letsatsi lengwe le lengwe, ba tlola diterata, ba kgabaganya masimo a a kitlaneng, mme ba tlhatloga le go fologa dithaba, phefo le pula ke ditsala tsa bone tsa ka metlha. Ba dirisa mekorwana e e tsamaelang kwa setlhaketlhakeng sa Chiloé gabedi kana gararo ka beke go ya kwa ditlhaketlhakeng tse di fa gaufi. Ba nna mo setlhaketlhakeng malatsi a sekae. Loeto lwa fa gare ga ditlhaketlhake lo ka dira motho yo o nnang mo lefatsheng gore a tlhobaele, mme go amogela baeng ga batho ba ditlhaketlhake le bopelonomi jwa bone go duela seno. Luis le Juan ba ne ba thusiwa ke mmoledi yo mongwe wa Bogosi, mmogo le ene ba leka go ya mo baaging ba ba 11 500 ba ba leng mo tshimong ya bone. Lemororo koketsego e ne e le bonya, Luis le Juan ba ne ba itumelela go bona ba le 36 ba tlile kwa moletlong wa Segopotso ka 1989.
Go Boela Morago kwa Nageng Eo E Seng ya Setlhaketlhake
Fa re leba kwa bokone re kgabaganya moela wa Chacao mme re goroga kwa nageng e kgolo. Mo lefelong leno, Ramón le Irene ba babulatsela ba dira tshimo e kgolo eo e akaretsang ditlhophanyana tse di kwa thoko tse di kwa Maullín, Carelmapu, le Pargua. Basupi ba ba mo setlhaketlhakeng seno ba tsamaya lobaka lwa ura ba bo ba pagama transbordador (seketswana) go kgabaganya kgogometso ba ya dipokanong tsa Bokeresete kwa Pargua. Ramón o tsamaya lobaka lwa ura le metsotso e le 20 ka bese go tswa kwa Maullín go ya go tshwara dipokano tseo ka kakaretso go nnang gone batho ba ba ka nnang palo ya baboledi e menagane gabedi. Ke ka ntlha yang fa go tsaya lobaka lo loleele jaana go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 38? Lebaka ke go bo bese e ema tsela yotlhe go pega bapagami ba ba tshotseng dikgetse tse di tletseng merogo, dikgetse tsa ditapole le dieie, mme ka dinako tse dingwe le eleng dikolobe le dikgogo tse di tshelang. Sengwe le sengwe se se sa kgoneng go pagama kwa godimo ga bese se tsena mo teng. Go felela ka gore loeto lo nne loleele go na le menko, le dilo tse di farologaneng le medumo e mentsi.
Ereka e le babulatsela ba sekae fela ba ba nang le dikoloi, fa o ka siiwa ke bese e e tsamayang mo ditoropong o tla tshwanela go tsamaya lobaka lo loleele ka dinao, fa mongwe a ka se ka a go pega. Fa Ramón le mongwe yo a neng a ithuta nae Bibela ba ne ba pegilwe ke mokgweetsi mongwe, mokgweetsi o ne a ba botsa jaana: “Batho ba itshwara ka tsela efe ka tiro ya lona?” Fa a lemoga fa ba lebana o ne a bolela jaana: “Ke moruti wa lefelo leno, mme lona lo Basupi ba ga Jehofa. Ke itse kaga tiro ya lona ebile ke rata dimakasine tsa lona.” Go ne ga nna le motlotlo wa dipotso le dikarabo pele a ba pagolola kwa Pargua gore ba ye dipokanong. Dipotso tsa moruti yono eleruri di tshwanetse tsa bo di ne tsa arabiwa fa a ntse a tsweletse go bala makwalopaka a rona.
Ga go motlhofo ka metlha gore Ramoń le Irene ba goroge kwa magaeng a a 20 a batho bao ba ithutang Bibela nabo. Bangwe ba kwa moseja ga Noka ya Maullín kana mo metsaneng e e katologaneng ya batshwari ba ditlhapi mme ba tshwanetse go dirisa seketswana go fitlha koo. Lemororo dipula tse di tsorotlang tsa koo di ka nna tsa ba kgoba marapo, go ne ga phepafala sentle gore boitshoko joo ba bo bontshang mmogo le baboledi ba bangwe ba ba 18 ba Bogosi ba ba gasameng mo tshimong eno ya magae bo ne bo ntsha maungo fa go ne go phuthegile ba le 77 kwa Segopotsong.
Baboledi ba nako e e tletseng ba Bogosi ba kwa Los Muermos, Juan le Gladys ba ile ba tshwara dithuto tsa Bibela di le 23. Go tsamaya sekgala se seleele mo ditseleng tse di tletseng seretse go a duelwa fa peo ya Bogosi e mela mo bathong ba ba kgonang go rutiwa. Mo lefelong lengwe le le kwa thoko mo dithabeng tse di fa thoko ga lewatle gaufi le Estaquilla, Juan le Gladys ba ne ba dira mo lefelong leo le neng le ise le ke le etelwe pele. Ba ne ba kopa moithuti mongwe wa Bibela gore a ba adime pitse ya gagwe letsatsi leo. “Go siame,” o ne a araba jalo. “A nka tsamaya le lona?” Juan o ne a lemoga ka bonako fela gore Jehofa o tshwanetse a bo a kaela seno. Motho o ne a ka timela motlhofo fela mo sekgweng se se kitlaneng seo, mme motho yo o kgatlhegang yono o ne a itse lefelo leo sentle mme a ba isa kwa matlong a a neng a sa bonale fa o le mo ditseleng tseo tsa dithaba. Ereka mebele ya bone e ne e le botlhoko morago ga go tsamaya ka dinao diura di le robong le go pagama pitse, mongwe wa babulatsela ba ba kgethegileng o ne a botsa moithuti yono wa Bibela gore o ikutlwa jang. Monna yoo o ne a araba jaana: “Selo se le sengwe fela se ke se kopang ke gore lo tsamaye le nna gape mo nakong e e tlang.” Motho yono yo a neng a anaanela tota o ne a dira botswelelopele semoyeng mme o ne a kolobediwa ka January 1988. Mosadi wa gagwe o ne kolobediwa ka bonako fela kwa kopanong e e latelang ya potologo.
Fa molebedi yo o etang a ne a etile, baboledi ba ba 11 ba kwa Estaquilla ba ne ba itumetse tota go bona ba ba 110 ba tlile kwa puong ya phatlalatsa. Mo toropong nngwe e nnye e e nang le batho ba le 1 000 gaufi le Los Muermos, go ne ga nna le ba le 66 kwa Segopotsong. Ka jalo go santse go na le tiro e ntsi mo tshimong e kgolo eno.—Mathaio 9:37, 38.
Fa re tsenelela kwa bokone, re fitlhela babulatsela Alan le Fernando. Letsatsi lengwe fa ba ntse ba tsamaya fa thoko ga tsela e e tletseng lorole, mokgweetsi mongwe o ne a ba pega kafa morago ga llori ya gagwe. Fa ba sena go pagologa, ba ne ba tshega tota gonne ba ne ba tletse lorole go tswa kwa tlhogong go ya kwa monwaneng wa leoto. Go se tseye dilo ka bomasisi ka tsela e e ntseng jalo mmogo le boitumelo jwa go nna le dithuto tse 20 tsa magae tsa Bibela go ba thusa go fenya dilo tse di ntseng jalo tse di seng monate. Mme akanya fela kafa ba neng ba itumela ka gone fa ba ne ba bona batho ba le 65 ba tlile kwa Segopotsong le fa batho ba ntlha ba babedi ba ne ba kopanela le bone mo tirong ya go rera mo kgweding e e latelang!
Go Tshela Bío-Bío
Go fitlha kwa bathong ba ba nnang gaufi thata le Dithaba tsa Andes, o tshwanela go kgabaganya mosima o o nang le metsi a a sumang a Noka ya Bío-Bío a a leng dimetara di le 50 kwa tlase. Seno se dirwa ka magong a a betlilweng a a tshwerweng ke dikgole tseo di kgabaganyang mosima o mogolo ono. O pagama jalo o ntse o belaela o bo o kgwagolola tshitswana nngwe e e kgwagetsang e e tlosang boalo gore bo kgokologe le mogala. O itshwarelela ka dikota tsa boalo jono jaaka o ntse o relelela kwa pele go ya kwa bogareng jwa mosima, koo o akgegang o bo o ema gone. Fa o sena go wela makgwafo gape, o kgwagolola tshitswana e nngwe gape e e kgwagetsang kwa morago o bo o e isa kwa pele, o tsamaya ka bonya go kgabaganya karolo eno ya bofelo. Eleruri fa o le boi ga o kake wa dira seno! Lefa go le jalo, go na le kgaitsadi mongwe yo o dirang seno beke le beke fa a ya go bona motho mongwe wa sekanku yo o nnang kwa motseng mongwe o o kwa kgakala mo dithabeng!
Sekao se se molemo se se tlhomiwang ke babulatsela le baboledi ba bangwe ba Bogosi se tlhotlheletsa batho ba ba kgatlhegang ba ba dipelo di anaanelang go dira boiteko jo bo tshwanang go tla kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25) Lelapa lengwe le tsamaya dikilometara di le 40 ka pitse go ya kwa Nokeng ya Bío-Bío le bo le tsamaya ka dinao dikilometara di le 12 go ya kwa Holong ya Bogosi.
Babulatsela ba gakologelwa eng fa ba leba kwa morago mo dingwageng tse di fetileng? A ke makgwamolemo a a nang le semathana kwa godimo, masimo a mantle, le dinoka tse di elelang? A ke lorole, pula, seretse, le go tsamaya dikgala tse dileele? Ee, mme segolobogolo ba gakologelwa batho ba ba botsalano bao ba amogelang mafoko a a molemo. Batho bano ba sekadinku ba dira gore maiteko a a dirwang e se nne a lefela. Abo go itumedisa jang ne go jala peo ya Bogosi kwa Chile borwa!