Ke Eng Seo se Dirang Gore go Nne le Maemo a a Utlwisang Botlhoko mo Lelapeng?
‘KE SETSHWAKGA!’ Bob o ne a tlhaeletsa jalo. ‘Ga a itse go tlhokomela legae!’
‘Seo ga se boammaaruri!’ Jean o ne a araba jalo. ‘Ga a itumelele sepe se ke lekang go se dira. Ga ke ise ke bone monna yo o tshwayatshwayang diphoso jaaka ene.’
Phoso e diragetse fa kae mo botshelong jwa ga Bob le Jean?a Lenyalo la bone le lesha le ne le na le dikgwedi di le nne fela, mme le ne le setse le tla thubega. Lefa go ntse jalo, ga se bone fela, ka go bo dipalo di supa gore malapa a mantsi a tletse dikgogakgogano. Baitseanape jaanong ba bolela gore halofo ya manyalo otlhe a masha mo United States a tlile go felela ka tlhalo. Dinaga tse dingwe le tsone di na le dipalo tse di ntseng jalo tse di sa jeseng monate. Lefa go ntse jalo, tlhalo ke karolwana fela ya se se diragalang. Malapa a a balwang ka dipalo tse di kwa godimo go gaisa pele a mo maemong a a utlwisang botlhoko ka ntlha ya mabaka a a farologaneng.
Mabaka Mangwe A A Dirang Gore go Nne le Maemo A A Utlwisang Botlhoko mo Malapeng
Bana ba amega thata fa go na le maemo a a utlwisang botlhoko mo gae. Makasine wa Newsweek o bega jaana: “Nngwetharong ya bana botlhe ba ba tshotsweng mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng [mo United States] ba tlile go nna mo lelapeng la motsadi wa bobedi pele ba nna le dingwaga di le 18. Ngwana a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le bane gompieno o godisiwa ke motsadi yo a leng mongwe fela. Mo e ka nnang 22 lekgolong ya bana gompieno ba tshotswe ke batsadi ba ba sa nyalanang; nngwetharong ya bone e tshotswe ke bomme ba ba santseng ba le mo dingwageng tsa bolesome.”
Fa a ne a umaka seo se dirang gore go nne le maemo a a utlwisang botlhoko mo lelapeng, moitseanape yo o ithutang ka bana ba ba sa tshwarweng sentle, J. Patrick Gannon o bolela jaana: “Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore dimilione di le masomesome tsa batho di goletse mo malapeng a a neng a sa dire dilo sentle [a a neng a sa dire dilo ka tshwanelo] ao mo go one thubakanyo, tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang e neng e dirwa, kana go utlwisiwa botlhoko mo maikutlong goo go neng go bakiwa ke go nwa thata e neng e le selo se se diragalang letsatsi le letsatsi.” Ga go gakgamatse go bo bana ba bantsi bao ba neng ba diragalelwa ke dilo tseno ba ka tswa ba sa itse gore ba ka tila jang maemo a a utlwisang botlhoko a lelapa jaaka bagolo.
Bangwe ba batho ba ba elang dilo tlhoko ba ka nna ba pega diphetogo tsa ikonomi, tsa loago, le tsa boitsholo tseo di diragalang mo dinageng tse di tlhabologileng molato. Ka sekai, palo e ntsi ya basadi ba ba tsenang mo ditirong e ile ya dira gore ditiro le boikarabelo jwa lelapa di fetolwe ka tsela e e sa itumediseng. Bommabana ba eletsa go itse ditiro tse di seng motlhofo, borrabana ba kgaratlha le tiro ya lelapa mme ebile ba sa batle, bana ba tlhola ba lela ba leka go tlwaela botshelo jwa letsatsi le letsatsi kwa mafelong a a tlhokomelang bana.
Malapa a mantsi a na le mathata tota mo dinageng tse dintsi mo lefatsheng. Motsadi mongwe yo o dirang o ne a re seno se tshwana le go “tshelela mo maemong a tshoganyetso ka metlha.” Ga go gakgamatse go bo ba ba fetang bontlhanngwe mo go ba ba neng ba botsolodiwa mo patlisisong ya bosheng jaana ya Gallup ba ne ba bolela gore ‘gompieno malapa a Baamerika a mo maemong a a maswe go gaisa mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng,’ mme ke ba sekae fela ba ba neng ba dumela gore boemo jono bo tla tokafala.
Ka gone, maemo a a utlwisang botlhoko a lelapa ke setlhogo se go tlotliwang ka sone ka metlha mo thelebisheneng le mo dithulaganyong tsa motlotlo tsa radio. Batho ka kakaretso ba bala dibuka tsa go ithuta go itharabololela mathata tse di kaga lelapa, dingwe tsa tsone di naya kgakololo e e mosola. Lemororo go kgothalediwa ‘go bulelana mafatlha’ kana ‘go bolelela yo mongwe kafa o ikutlwang ka gone,’ go ka thusa, ga go kgone go senola seo tota se bakang mathata mo legaeng. Setlhogo se se latelang se tla dira jalo le go supa gore maemo a a utlwisang botlhoko mo lelapeng a ka fenngwa jang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ba bidiwa ka maina a e seng a bone go boloka sephiri.