Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Yohane 18:15 e umaka morutwa mongwe yoo a neng a itsiwe ke moperesiti yo mogolo. A morutwa yono ke ene yo a kileng a tshaba a sa “ikatèga,” jaaka go begilwe mo go Mareko 14:51, 52?
Nnyaa, go lebega gore moaposetoloi Johane ke ene motho yoo a neng a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, mme morutwa Mareko ke ene yo a neng a tshaba a sa “ikatèga.”
Re simolola kwa tshimong ya Gethesemane re tsaya ditiragalo ka go tlhomagana ga tsone ka nako e di neng tsa diragala ka yone. Baaposetoloi ba ne ba boifa fa Jesu Keresete a ne a tshwarwa. “Me ba mo tlogèla botlhe, ba tshaba.” Temana e e latelang eo mo pegong eno ya ga Mareko e supa pharologano eno: “Me lekau leñwe ya bo le mo setse moragō, a ichopere bosaikatèga yoa gagwè ka letsela ya leloba: me ba mo chwara; Me a tlogèla letsela ya leloba a tshaba a sa ikatèga.”—Mareko 14:50-52.
Ka gone, tsela eo barutwa ba ba 11 ba neng ba dira ka yone kwa tshimologong e tshwantshanngwa le ya morutwa mongwe yo a sa umakiwang ka leina, ka jalo go a utlwala go konela ka gore e ne e se mongwe wa baaposetoloi. Tiragalo eno e begilwe fela mo Efangeleng e e kwadilweng ke morutwa wa ntlha Johane Mareko, ntsalaagwe Barenabase. Ka gone, go na le lebaka la go akanya gore Mareko e ne e le ene “lekau leñwe” leo le neng la simolola go sala Jesu yo o tshwerweng morago mme le ne la tshaba mmele wa lone o sa apesiwa fa boidiidi jwa batho bo ne bo leka go mo tshwara le ene.—Ditihō 4:36; 12:12, 25; Bakolosa 4:10.
Ka nako nngwe mo bosigong joo, moaposetoloi Petere le ene o ne a sala Jesu morago mme a tsamaela kgakajana. Go na le go tshwana gongwe fano; morutwa yo mmotlana (Mareko) o ne a sala Jesu morago mme o ne a ema, fa moragonyana baaposetoloi ba le babedi bao ba neng ba tshabile ba ne ba sala Mong wa bone yo o golegilweng morago. Re bala jaana mo Efangeleng ya ga moaposetoloi Johane: “Me Simone Petere a latèla Yesu, le morutwa eo moñwe a diha yalo. Me yana morutwa eo moñwe eouō a bo a itsiwe ke moperesiti eo mogolo, me a tsèna le Yesu mo lwapeñ loa moperisiti eo mogolo.”—Yohane 18:15.
Moaposetoloi Johane o dirisa leina “Yohane” fa a bua ka Johane Mokolobetsi mme ene ga a ke a ipitsa ka leina. Ka sekai, o kwala ka “morutwa eo o shupañ dilō tse, a ba a kwala dilō tse; me rea itse ha chupō ea gagwè e le amarure.” Ka tsela e e tshwanang gape: “Eo o bonyeñ o shupile, me chupō ea gagwè e amarure: o bile a itse ha a bolèlela rure, gore le lona lo dumèlè.” (Yohane 19:35; 21:24) Tlhokomela gape le Yohane 13:23 e e reng: “Ga bo go le moñ oa barutwa ba gagwè eo Yesu a mo ratañ, a ikaegile ha sehubeñ sa ga Yesu.” Seo e ne e le pele fela Jesu a tshwarwa. Moragonyana mo letsatsing leo Jesu yo a neng a bapotswe o ne a tlhopha morutwa a le mongwe, yoo Johane a mo umakang ka mafoko a a tshwanang: “Me ea re Yesu a bōna mmagwè, le morutwa eo o mo ratañ a eme gōna, a raea mmagwè, a re, Mosadi bōna morwao!”—Yohane 19:26, 27; bapisa Yohane 21:7, 20.
Mokgwa ono wa go sa ipitse ka leina o bonwa gape mo go Yohane 18:15. Mo godimo ga moo, Johane le Petere ba amana gape le pego ya morago ga tsogo e e mo go Yohane 20:2-8. Ditshupo tseno di akantsha gore moaposetoloi Johane e ne e le ene ‘morutwa [yo] a neng a itsiwe ke moperesiti yo mogolo.’ Bibela ga e re neye tshedimosetso ya gore go ne go tlile jang gore moaposetoloi yono wa Mogalilea (Johane) a mo itse, le gore go ne go tlile jang gore moperesiti yo mogolo a mo itse. Mme go itsiwe ke ba ntlo ya moperesiti yo mogolo go ne ga dira gore Johane a kgone go feta modisa wa kgoro a fetela kwa lelapeng le gore a kgone go tsenya le Petere.