A Dipolotiki ke Karolo ya Thomo ya Efangele?
GO YA ka Joachim Meisner, bishopomogolo wa Cologne le moruti wa pele wa maemo a a kwa godimo wa Jeremane Botlhaba, “ke boikepo go bitsa dipolotiki o re di leswe, ke tiro eo e kgotlelang motho diatla.” O ne a bolela jaana mo puisanong nngwe ka 1989: “Dipolotiki ke sengwe sa mmatota sa botshelo mme ka gone ke karolo ya thomo ya rona ya boefangele. Re tshwanetse go dira sengwe ka kgwetlho eno. Re tshwanetse go tsenelela ka tsela e e bonalang mo karolong nngwe le nngwe ya dipolotiki, mo makgotleng a badiri, le mo mekgatlhong ya makgotla a dipolotiki, re thaya Bokeresete mo mekgatlhong eno le mo diphathing tseno tseo batho ba ka tswang mo go tsone go etelela pele go godisa dipolotiki tsa Jeremane le tsa Yuropa.”
Ditsopolo tse di latelang di tswa mo go Frankfurter Allgemeine Zeitung, pampiri e kgolo ya dikgang kwa Jeremane, e bontsha gore bontsi jwa baruti ba kwa Yuropa—ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta—ba leba dilo jaaka Meisner.
“Malatsi a le marataro fela a sena go tlhophiwa [October 1978], [mopapa] o ne a itsise gore jaaka motho wa kwa Yuropa Botlhaba o ne a sa ikaelela go amogela tsela eo dilo di neng di ntse ka gone mo Yuropa. . . . Bangwe ba ne ba tsaya gore o a rera, mme e ne e le thulaganyo ya bopolotiki.”—November 1989.
“Mo mafelong mangwe [kwa Czechoslovakia] kereke e ne e tseelwa kwa godimo tota jaaka moeteledipele wa dikhuduego. Baithuti ba kwa sekolong sa baperesiti se se kwa Litomĕr̆ice, toropo ya kereke e e kafa bokone jwa Bohemia, . . . ba ne ba eteletse pele diphetogo tse di neng di sena thubakanyo ka November.”—March 1990.
“Thapelo ya beke le beke ya go rapelela kagiso mo Kerekeng ya Nikolai [ya Porotesetanta], eo e neng e sa kgatlhegelwe thata ka dingwaga di le lesome, ka bonako fela e ne ya nna yone e di gogang kwa pele mo dikhuduegong, mo diphetogong tse di neng di sena thubakanyo mo GDR [German Democratic Republic]. . . . Baruti ba ba senang palo le batho ba diphuthego ba ne ba nna le seabe ka metlha mo ditshupetsong tse di neng tsa tshwarwa morago ga foo.”—December 1989.
Mo puisanong ya gagwe Bishopomogolo Meisner o ne a akgela gape jaana: “Ga re kake ra emela gore go tswe boradipolotiki ba Bakeresete kwa legodimong. . . . Ga nke ke itsapa go tlhotlheletsa Bakeresete ba babotlana . . . gore ba tsenelele mo botshelong jwa dipolotiki [kana ke itsapa go] . . . bolelela batho ba bagolo go re: Lo se ka lwa letla ditlhopho tsa feta fela lo sa nna le seabe.”
Ka mo go tshwanelang, maloko a le 19 a East German Volkskammer (palamente) ao a neng a boutelwa go dira tiro eno ka March 1990 e ne e le baruti. Bodumedi bo ne bo emetswe sentle thata mo kabineteng. Mo baruting ba yone ba bararo, pampiri ya dikgang Nassauer Tageblatt e ne ya kwala jaana ka Tona ya Tshireletso, Rainer Eppelmann, yoo a ikanneng gore o kgatlhanong le ntwa: “Batho ba bantsi ba mo leba jaaka mongwe wa borre ba ba ratang diphetogo tse di dirwang ka kagiso.”
Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba, bao palo ya bone e leng diketekete tse di makgolokgolo ba itumelela kgololesego e e oketsegileng ya bodumedi eo ba nang nayo jaanong. Mme ga ba e dirisetse go tsena mo dipolotiking kana mo dikgogakgoganong tsa loago. Tumalanong le thomo ya boefangele e e boletsweng mo go Mathaio 24:14 ba latela sekao sa ga Jesu sa go sa itlhakatlhakanye le dipolotiki tsa batho, ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo jaaka tsholofelo ya batho ka dinako tsotlhe. Baruti ba Labokeresete—ba le kwa Yuropa Botlhaba kana kae fela—ba ka nna botlhale mme ba dira ka tsela e e tshwanang.—Yohane 6:15; 17:16; 18:36; Yakobe 4:4.