LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/1 ts. 20-25
  • Puo e e Itshekileng ya Merafe Yotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Puo e e Itshekileng ya Merafe Yotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Neo ya go Kgona go Bua
  • Go Tlhokega ga Puo E E Itshekileng
  • Bao Ba Neilweng Puo E E Itshekileng
  • Seo go Ithuta Puo Eo go Se Tlhokang
  • A Puo e e Itshekileng e lo Dire Seoposengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A o Bua ‘Puo e e Itshekileng’ ka Thelelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Bua Puo e e Itshekileng Mme o Tshelele Ruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Batho ba ga Jehofa ba ba Tsosolositsweng ba Mmaka mo Lefatsheng Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/1 ts. 20-25

Puo e e Itshekileng ya Merafe Yotlhe

“Gonne hoñ ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.”—SEFANIA 3:9.

1, 2. (a) Ke eng seo Jehofa a se dirang mo motlheng ono wa rona go diragatsa Sefania 3:9? (b) Go tlhaloganya kafa boperofeti jwa ga Sefania bo re amang ka gone, ke dipotso dife tse di tshwanetseng go arabiwa?

JEHOFA MODIMO mo motlheng ono wa rona o kgona go dira tiro e ka boammaaruri e gakgamatsang tota. O dira gore batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe ba nne seoposengwe. Fela jaaka a ne a bolelela pele bogologolo mo Lefokong la gagwe le le Boitshepo, o dira seo ka go ba ruta puo e ntšha.—Sefania 3:9.

2 Puo eo ke eng? Ke ka ntlha yang fa e le botlhokwa? Ke eng seo mongwe le mongwe wa rona a tlhokang go se dira gore a e ithute?

Neo ya go Kgona go Bua

3. (a) Adame o ne a segofaditswe ka dimpho dife tse di gakgamatsang? (b) Ke puo efeng eo Adame a neng a e bua?

3 Kgono ya go buisana ka puo ke neo eo re e neilweng ke Modimo eo e farologanyanang batho mo dibopiweng tsotlhe tsa diphologolo. Motho wa ntlha, Adame, o ne a bopiwa a na le mogopolo oo o kgonang go akanya ka tsela e e botlhale. O ne a filwe dirwe tse di kgonang go ntsha modumo, loleme, le molomo tseo di neng di kgona go dirisediwa go bua, mmogo le tlotlofoko le kgono ya go tlhama mafoko a masha. Adame o ne a kgona go tlhaloganya Jehofa fa a ne a bua le ene, Adame gape, o ne a kgona go bua seo a neng a se akanya. (Genesise 1:28-30; 2:16, 17, 19-23) Puo eo e neng e neilwe Adame go bonala e le eo moragonyana e neng ya itsiwe jaaka Sehebera. Go lebega gore batho ba ne ba tswelela ba bua puo eo e le nngwe, ka dingwaga tsa ntlha tsa motho tse di ka nnang 1 757.—Genesise 11:1.

4. Dilo tse di neng tsa diragala mo metlheng ya ga Nimerode di ne tsa ama puo ya batho jang?

4 Morago ga foo, mo motlheng wa ga Nimerode, Jehofa o ne a tlhakatlhakanya puo ya botlhe bao ba neng ba iteseletsa go ikobela taolo ya gore ba age tora ya Babela gore a senye maiteko a banna ba ba boikepo bao. (Genesise 11:3-9) Go lebega Jehofa a ne a phimola dilo tseo ba neng ba di gakologelwa tsa puo ya bone ya pele e ba neng ba e itse botlhe mme morago a bo a tsenya dipuo tse disha mo ditlhaloganyong tsa bone. Seno se ne se sa akaretse fela ditlotlofoko tse disha mme gape le dithutapuo tse disha le mekgwa e mesha ya go akanya. Mo dipuong tseo Jehofa a neng a di tlhama kwa Babele, go ne ga tlhaga tse dingwe mo go tsone go fitlha gompieno, go ya ka dithuto tsa baithuti, go buiwa dipuo tse di ka nnang dikete di le tharo go ralala lefatshe.

5. Re ka kgona go bona jang gore ‘go fetogela mo puong e e itshekileng’ go kopanyeletsa eng?

5 A batho ba ba buang dipuo tseno tsotlhe ba tla tshwanela go latlha dipuo tsa bone tsa pele ba bo ba ithuta puo ya ntlhantlha e Modimo a neng a e neile Adame gore ba “fetogele mo puong e e itshekileng”? Dilo tseo di neng di diragala fa go ne go newa boperofeti jono di ka re thusa go araba potso eo.

Go Tlhokega ga Puo E E Itshekileng

6-8. (a) Bodumedi bo ne bo le mo boemong bofe kwa Juda pele boperofeti jo bo mo go Sefania 3:9 bo bolelwa? (b) Merafe e e neng e dikologile Juda e ne e na le boikutlo bofe?

6 Puso ya Juda e ne e sa tswa go busiwa pele ke Manase mme morago ya nna Amone, yoo a neng a tlhoma dibeso tsa Baale, a dirisana le batho ba ba buang le badimo, le go dira dilo tsa tirisabadimo. (2 Dikgosi 21:1-6; 2 Ditihalo 33:21-23) Seo se ne sa dira gore Jehofa a rome moperofeti wa gagwe Sefania, mo pusong ya morwa wa ga Amone le yoo a neng a mo tlhatlhama, Josia go ya go tlhagisa ka katlholo ya selegodimo e e neng e tlile go diragadiwa mo nageng eo.—Sefania 1:1, 2.

7 Lemororo batho ba Juda ba ne ba itse go tswa mo hisitoring ya bone le mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, ba ne ba dira ditirelo tsa kobamelo e e leswe ya Baale. Ba ne ba obamela letsatsi le ngwedi le losagaripana lwa zodiac, selo se e neng e le go tlola molao wa Modimo tota. (Duteronome 4:19; 2 Dikgosi 23:5) Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, ba ne ba tlhakanya tumelo, ba dira jaaka ekete ditumelo tsotlhe di siame, ka ba ne ba ikana ka Jehofa mmogo le ka leina la modimo wa maaka Malekame. Ba ne ba ikutlwa gore “Yehofa ga a ketla a diha molemō, le gōna ga a ketla a diha boshula.” (Sefania 1:4-6, 12) Fa e le merafe e e neng e dikologile Juda, e ne e sa bolo go nna e ganetsa Jehofa le batho ba gagwe, ka jalo le bone ba ne ba tshwanetse gore katlholo ya bomodimo e diragadiwe mo go bone.—Sefania 2:4-15.

8 E ne e le ka ntlha ya ditiragalo tse di neng di diragala tseo gore Jehofa a bolelele pele gore o “tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Sefania 3:9) Jalo he, puo e e itshekileng eo ke eng?

9. (a) Ke ka ntlha yang fa puo e e itshekileng e se Sehebera kana Lefoko la Modimo fela le le kwadilweng? (b) Puo e e itshekileng eo ke eng, mme e ama matshelo a batho bao ba e buang jang?

9 A ke puo ya Sehebera? Nnyaa; batho ba Juda ba ne ba setse ba e itse, mme dilo tseo ba neng ba di bua le tseo ba neng ba di dira ka phepafalo fela di ne di sa itsheka ebile di sa siama mo matlhong a ga Jehofa. Ebile puo e e itshekileng e ne e se fela Lefoko la Modimo le le kwadilweng. Le lone ba ne ba na le lone. Mme seo ba neng ba se tlhoka e ne e le go tlhaloganya boammaaruri kaga Modimo le maikaelelo a gagwe ka tsela e e tshwanetseng, mme seo ba ne ba ka se newa fela ke Modimo ka moya wa gagwe. Fa ba ne ba ithuta go bua puo e e itshekileng eo, go akanya ga bone, go bua ga bone, boitsholo jwa bone, tsotlhe di ne di tla laolwa ke go lemoga ga bone ntlha ya gore Jehofa ke ene fela Modimo o o osi wa boammaaruri. (Sefania 2:3) Ba ne ba tla mo ikanya le go tshegetsa bolaodi jwa gagwe ka botlalo. Seno se re kgatlha tota gompieno. Ka ntlha yang?

Bao Ba Neilweng Puo E E Itshekileng

10. Boperofeti jo mo go Sefania 3:9 bo ne bo tla diragadiwa mo lobakeng lofe lwa nako?

10 Sefania 3:9 e bolela jaana fa e ne e bua ka lobaka longwe lwa nako loo boperofeti jono bo tla diragadiwang ka lone: “Gonne hoñ ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ.” Seno se tla direga leng? Temana ya 8 e araba ka gore Jehofa o tla fetola puo ya bakgobaladi ba lefatshe ka nako ya fa a tla bo a “phutha morahe,” pele a ‘gorometsa tšhakgalo ya gagwe mo go yone.’

11. (a) Sefania 3:9 e ne ya diragadiwa gabedi jang pele ga metlha eno ya segompieno? (b) Tiragatso ya jone ya gompieno e farologane jang?

11 Mo metlheng ya ga Kgosi Josia, pele Jehofa a letla mephato ya Bababelona gore e diragatse katlholo, ba bantsi ba ne ba tlogela kobamelo ya maaka mme, mo boemong jwa yone, ba ne ba direla Jehofa. (2 Ditihalō 34:3-33) Gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., pele Jerusalema e senngwa ke Baroma, batho ba le diketekete ba ne ba ithuta boammaaruri kaga Modimo le maikaelelo a gagwe mme ba nna seoposengwe mo tirelong ya gagwe. Ka nako eo puo ya boammaaruri e ne e humisitswe thata ke dilo tseo Jesu Keresete a neng a di dira go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa. Mme boperofeti jwa ga Sefania bo diragadiwa mo lefatsheng lotlhe mo motlheng ono wa rona. Merafe yotlhe jaanong e phuthelwa kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe kwa Hara–Magedona. (Tshenolo 16:14, 16) Go phuthiwa gono ga merafe go sale go ntse go tswelela ka nako ya fa Bogosi bo tsalwa ka 1914. Mme ke mo go yone nako eno Jehofa a ntseng a fetolela batho mo lefatsheng lotlhe mo puong e e itshekileng go diragatsa boperofeti jono. Go botlhokwatlhokwa gore re ithute puo eo ka gonne ba ba tla falolang sepitla se segolo se se tlang e tla bo e le batho bao eleruri ba dirileng puo e e tshekileng eo go nna puo ya bone.—Yoele 2:32.

12. (a) Ponatshegelo e e kwadilweng mo go Isaia 6 e supa eng mabapi le puo e e itshekileng? (b) Ke ka ntlha yang fa masalela a a tloditsweng a ne a tlhoka thuso gore a tle a tswelele a ntse a amogelwa go direla Jehofa?

12 Tumalanong le seno, Jehofa o ne a simolola go bula matlho a batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng gore ba tlhaloganye ponatshegelo e e gakgamatsang eo e begilweng mo go Isaia kgaolo 6 kwa tshimologong fela ya dingwaga tsa morago ga Ntwa ya Lefatshe I. (Ditemana 1-4) Ponatshegelo eno e otlelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore re nne le dipounama tse di phepa gore re direle Jehofa ka tsela eo a e amogelang. E bontsha gore, Jehofa o boitshepo ka tsela e e kwa godimo tota. Batlhanka ba gagwe le bone ba tshwanetse go supa nonofo eno. (1 Petere 1:15, 16) Mme masalela a a tloditsweng a ne a tlhoka go thusiwa gore a dire seno. Mo Ntweng ya Lefatshe I, ba ne ba ile ba itetla go kgotlelwa ka go itshunya nko mo dikgannyeng tsa lefatshe ka selekanyo se se rileng. “Poihō ea ga Yehofa e ntlè,” kana e phepa, mme ba ne ba ile ba letla go boifa motho le mekgatlho ya batho gore go ame dipounama tsa bone, ba dira gore ba se ka ba itsise Lefoko la Modimo ka selekanyo se segolo. (Pesalema 19:9) Masalela a ne a santse a kgotletswe ke dingwao le ke ditiro tsa Labokeresete ka ba ne ba kile ba bo ba kopanela le yone.

13, 14. (a) Masalela a ne a bontsha boikutlo jo bo siameng jang, mme Jehofa o ne a ba direla eng? (b) Jehofa o ne a naya masalela ao puo e e itshekileng ka tsela efe?

13 Fa ba lemoga boemo jwa bone, ba masalela ba ne ba bolela jaana, jaaka moperofeti Isaia: “Iya! Nna wè! gonne ke latlhegile; ka ke le motho eo ke dipounama tse di leshwè, ke bile ke agile ha gare ga batho ba ba dipounama tse di leshwè: gonne matlhō a me a bonye Kgosi, Yehofa oa mashomōshomō.” (Isaia 6:5) Ba ne ba lemoga gore ba ne ba le mo boemong jo bo sa amogelweng. Ga ba ka ba tswelela ka tsela e e phoso ka bokoa jwa bone kana ka botlhogoethata ba gana go amogela kgakololo ya ga Jehofa. Ga ba a ka ba latela baruti fa ba ne ba direla Bogosi jwa Modimo ka melomo fela le go buelela Lekgotla la Merafe e e Kopaneng jaaka ekete e ne e le Bogosi joo.

14 Jehofa ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang o ne a phepafatsa melomo ya masalela a a boikobo ao gonne a ne a supa boikwatlhao. Isaia 6:6, 7 e bolela jaana: “Hoñ moñwe oa boserafa a hohèla kwa go nna, a chotse legala ye le molelō ka seatla, ye o le ogotseñ ka lotlowa mo sebeshoñ. Me a ama molomo oa me ka yeōna, a re, Bōna! yeōna ye, le amile dipounama tsa gago; me boikèpō yoa gago bo tlosicwe, le boleo yoa gago bo tlhacwicwe.” E ne e le molaetsa o o phepafatsang o o tswang mo Lefokong la Modimo oo o neng o senya ditlwaelo tsa batho le dithuto tsa bone jaaka molelo. O ne wa tlosa go boifa motho mo dipelong tsa bone mme mo boemong jwa gone wa tsenya tlhagafalo e e tukang ya go dirisa dipounama tsa bone go tlotla Jehofa. Ka gone Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go “hetolèla dichaba puō e e itshekileñ [totatota, go di naya pounama e e phepa], gore ba bitsè leina ya ga Yehofa.”—Sefania 3:9.

15. Masalela a ne a arabela jang tumalanong le lebaka leo Jehofa a neng a ba neile puo e e itshekileng ka lone?

15 Ka jalo fa setlhopha sa Isaia sa segompieno se ne se simolola go utlwa lentswe la ga Jehofa le botsa jaana, jaaka go begilwe mo go Isaia 6:8: “Ke tla roma mañ? me e mañ eo o tla re èlañ?” ba ne ba araba jaana ka boitumelo, “Ke hano, roma nna.” Go ne go se motlhofo mo go bone botlhe go simolola bodihedi jwa phatlalatsa, mme ba ne ba batla go dirisiwa ke Modimo jaaka batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe. Moya wa gagwe o ne wa ba nonotsha. Dipalo tsa bone di ne tsa gola.

16. (a) Go rera ga masalela go ne ga ntsha matswela afe a a neng a sa lebelelwa? (b) Boidiidi jo bogolo bo naya bosupi jwa gore le gone jaanong bo bua puo e e itshekileng jang?

16 Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga bonala gore tiro ya bone e ne e ntsha matswela a a neng a sa lebelelwa. Jehofa o ne a ba dirisa go thusa setlhopha se sengwe gape go ithuta puo e e itshekileng. (Isaia 55:5) Bano ba ne ba sena tsholofelo ya go ya kwa legodimong, mme ba ne ba leba e le tshiamelo go nna ditsala tsa masalela a baruaboswa ba Bogosi le go dira le one ka tumalano e le nngwe fela jaaka baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Ba ne ba tswa mo ‘morafeng mongwe le mongwe, le mo lotsong longwe le longwe le batho, le dipuo,’ ka bonya ka bonya, go fitlha fa jaanong ba dira “boidiidi yo bogolo” joo bo balwang ka dimilione. Puo eo ba e buang ga se eo e neng e tla ba tlhaola jaaka bangwe ba ditlhopha tse di makgaoganyane tsa lefatshe leno. Ga ba a baya tsholofelo ya bone mo mothong ope kana mo mokgatlhong ope wa batho. Go na le moo, “ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.”—Tshenolō 7:9, 10.

Seo go Ithuta Puo Eo go Se Tlhokang

17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re ithute puo e e itshekileng sentle le go tokafatsa kgono ya rona ya go e dirisa?

17 Go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kana kang re ntse re kopanela le phuthego ya ga Jehofa, go na le go le gontsi goo re ka go dirang go tokafatsa kitso ya rona ya puo e e itshekileng le kgono ya rona ya go e dirisa sentle. Go botlhokwa gore re dire boiteko jwa go dira jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne seno ke sesupo sa gore re rata boammaaruri.

18, 19. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlhagolela lorato lo lo nonofileng tota lwa boammaaruri go tloga fela kwa tshimologong? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tswelela re nonotsha lorato loo?

18 Sa ntlha, lorato lo lo ntseng jalo lo thusa go bula mogopolo wa motho le pelo ya gagwe gore a kgone go tlhaloganya dikwalo tse a di tlhalosediwang; lo mo tlhotlheletsa go atamalana le Jehofa le go anaanela phuthego ya Gagwe. Ka gone, go rata boammaaruri ke sone selo sa konokono sa go ikgolola mo dikgoleng tsa bodumedi jwa maaka. Batho bangwe ba bolela gore ba kgatlhegela molaetsa wa Bibela mme tota ga ba tlogele dilo tsotlhe tse di amanang le bodumedi jwa maaka le tsela ya jone ya go tshela ya go itirela jaaka ba rata. Ke ka ntlha yang fa ba sa dire jalo? Jaaka go tlhalosiwa mo go 2 Bathesalonia 2:10, ga ba “ka ba amogèla loratō loa go rata boamarure, gore ba bolokwè.” Abo go le botlhokwa jang ne gore re nne le lorato loo!

19 Gangwe fela fa re amogela boammaaruri, selo se segolo seo se tla dirang gore re gole semoyeng ke fela fa re nonotsha lorato loo. Gakologelwa gore Jehofa o bitsa boammaaruri “puō.” Fa motho a ithuta puo e ntšha, o tshwanetse a leka ka natla go aga tlotlofoko ya gagwe, a bitse mafoko sentle, a ithute dikarolo tsa thutapuo, le tse dingwe. Go rata puo e ntšha eno le batho bao ba e buang go tla mo thusa go dira kgatelopele. A ka nna a kgona go bua puo eo ka selekanyo se se rileng mo dikgweding di sekae, mme go tsaya dingwagangwaga a ntse a dira boiteko ka kelotlhoko go bua puo jaaka batho ba yone. Re tlhoka go dira maiteko a mofuta one oo gore re itse puo e e itshekileng sentle.

20. (a) Ke eng seo se dirang gore puo e e itshekileng e itsheke tota ka boammaaruri? (b) Ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe wa rona a tlhoka go nna kelotlhoko?

20 Seo se tshwanetseng sa tlhokomelwa segolobogolo ke gore puo e Modimo o e nayang batlhanka ba gagwe e bolelwa fa e itshekile. Seno se boammaaruri, eseng ka ntlha ya tsela eo e agiwang ka yone go ya ka thutapuo, mme ke ka gonne e neela bosupi jwa go nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng. Puo eno ga e letle motho go nna le loleme lo lo akang, lo lo tsietsang, kana lo lo boferefere. Bao ba buang puo eno ba tshwanetse go bua boammaaruri ka metlha. (Sefania 3:13; Baefesia 4:25) Ka tsela e e tshwanang puo ya bone e tshwanetse go bontsha ditekanyetso tse di kwa godimo tsa ga Jehofa tsa boitsholo jwa tlhakanelodikobo. (Baefesia 5:3, 4) Dikwalo gape di re bolelela gore sengwe le sengwe se se amanang le Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ga se phepa. (Tshenolō 18:2-4) Ditshwantsho tsa medimo ya gagwe di bidiwa ‘medimo ya disetwa.’ (Yeremia 50:2) Ka mo go tshwanelang he, bao ba ithutang puo e e itshekileng ba tshwanetse ba bo ba tlositse sengwe le sengwe se se bonalang se se amanang le bodumedi jwa maaka, ba gane dithuto tsa jone, ba se ka ba keteka meletlo ya jone, mme gape ba tlose mo melomong ya bone ditlhaloso dipe fela tseo di bontshang mokgwa wa jone o o phoso wa go akanya. Kwantle ga seno, mo go Tshenolō 16:13-16, re itsisiwe gore dikgopolo tse di senyang tseo di phuthelang batho go nna kgatlhanong le Bogosi jwa Modimo le tsone ga di phepa, gonne di tlhotlhelediwa ke badimona. Ka jalo re tshwanetse ra tlhokomela gore re se ka ra bo ra letla sepe fela sa dilo tse di seng phepa tseno go tshwaetsa puo ya rona.

21. Go na le eng gape mo puong e e itshekileng mo godimo ga mafoko a a buiwang?

21 Seo re se ithutang se bidiwa puo e e itshekileng, ebile go a tshwanela, mme seo ga se reye gore bao ba e buang ba ithuta fela go dirisa dipolelwana tse batho ba ga Jehofa ba di dirisang ka tlwaelo. Segalo sa lentswe, tebego ya sefatlhego, le go bontsha seo o se buang ka diatla di botlhokwa thata. Di ka fetisa molaetsa oo mafoko a le nosi a ka se kang a kgona go o fetisa. Gantsi di supa seo re leng sone tota mo teng. Di ka supa gore a re tlositse mafufa, dikgaogano, le bogale, dilo tsotlhe tseo e leng ditiro tsa nama ya rona e e ratang boleo. Fa moya wa Modimo o dira ka kgololesego mo matshelong a rona, maungo a one a tla bonala ka tsela eo re buang le ba bangwe ka yone.—Bagalatia 5:19-23; Baefesia 4:31, 32.

22. Fa re ithuta puo e e itshekileng sentle, e ama jang tsela eo re dirang ditshwetso ka yone?

22 Mongwe le mongwe yo o kileng a ithuta puo e ntšha o a itse gore o itse gore o a bo a dirile tema e tona fa a iphitlhela totatota a kgona go akanya dilo ka puo eno e ntšha, go na le gore a bo a ntse a ranola go tswa mo puong ya gagwe. Ka tsela e e tshwanang, gape, fa re ithuta boammaaruri, re iteka ka tlhoafalo go bo dirisa mo matshelong a rona, mme re bo abela ba bangwe ka metlha, re iphitlhela ka iketlo ka iketlo re akanya go ya ka tsela ya boammaaruri. Ga re nnele go nna re bapisa puo e ntšha eno le e kgologolo mme re bo re tshwara bothata go tlhopha e re batlang go e dirisa. Tota le eleng le mo dilong tse dinnye, re gakologelwa melaometheo ya Bibela e e re nayang kaelo e re e tlhokang.—Diane 4:1-12.

23. Go sa kgathalesege gore Basupi ba ga Jehofa ba bua puo efe ka tlholego, ke eng seo se supang gore mo lefatsheng lotlhe ba bua puo e e itshekileng?

23 Ke boammaaruri gore batho ba bua dipuo di le diketekete, mme puo e e itshekileng e ka buiwa ka tsone tsotlhe. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba dirisa puo e e itshekileng eno ka kutlwano jaaka ba dira ka tumalano go naya bosupi jwa phatlalatsa joo bo leretseng Jehofa, Modimo wa rona o o lorato pako.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Neo ya puo e akaretsa eng?

◻ Puo e e itshekileng ke eng?

◻ Sefania 3:9 e diragadiwa mo go bomang?

◻ Re ka naya bosupi jang jwa gore eleruri re rata puo e e itshekileng?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ba ba itseng puo e e itshekileng ba e abalana le ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go sa kgathalesege gore ba bua puo efe ka tlholego, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba bua puo e e itshekileng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela