Go Bolela Mafoko a a Molemo mo “Motseng wa Ba-polynesia” Kwa New Zealand
“MOTSE O Mogolo Mo Go Yone Yotlhe ya Ba-Polynesia.” Seo ke kafa bangwe ba neng ba bitsa Auckland toropo e kgolo thata ya New Zealand ka gone. Ka ntlha yang? Ga se fela ka gonne e le legae la Ba-Polynesia ba New Zealand, ebong Ba-Maori, mme ke ka gonne gape dikete tse di masomesome tsa Ba-Polynesia ba bangwe di nna koo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ba ile ba fuduga go tswa kwa Samoa Bophirima, Cook Islands, Tonga, Niue, le go tswa kwa ditlhaketlhakeng tse dingwe tsa Pacific. Aitsane, jaanong go na le Ba-Maori ba Cook Island ba le bantsi fela thata mo New Zealand go feta setlhopha sa kwa Cook Island ka boyone! Ka tsela e e tshwanang, baagi ba Ba-Niue ba ba mo Auckland ba feta ba ba leng kwa Niue ka palo.
Lemororo baagi bano ba ditlhaketlhake tsa Pacific ba ile ba fudugela kwa Auckland thatathata e le ka ntlha ya mabaka a tsa itsholelo, ba na le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang tse ba tshwanetseng go di bona. Se se botlhokwa mo go tsone tsotlhe mo bathong bano bao ka tlholego ba ratang Bibela ke seo ba se tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3) Ka go lemoga seno, Basupi ba ga Jehofa mo New Zealand ba ile ba dira maiteko a magolo fela thata go bolela ‘mafoko a a molemo a bogosi’ mo baaging bano ba ditlhaketlhake. (Mathaio 24:14) Ke eng seo se ileng sa dirwa mo kgannyeng eno, mme baagi bano ba ditlhaketlhake ba ile ba arabela jang?
Ba-Samoa Ba Dira Botswelelopele
Kakgelo nngwe e e neng ya buiwa ke morongwa mongwe e re bolelela sengwe kaga tsela eo baagi ba ditlhaketlhake ba lebang dilo tsa semoya ka yone. “Fa e le gone o bonang mongwe mo New Zealand, ke selo se se tlwaelegileng gore o mmotse gore o itshedisa ka go dira eng,” o a tlhalosa. “Kwa Samoa potso ya ntlha e e bodiwang gantsi ke e e amanang le gore motho ke wa bodumedi bofe.” Ga go gakgamatse he gore ke ka ntlha yang fa diphuthego tse pedi tsa Basupi ba ga Jehofa tsa ba ba buang Sesamoa mo Auckland di bo di gola ka bofefo jo bogolo fela thata go feta phuthego nngwe le nngwe fela e e mo New Zealand.
Phuthego ya ntlha ya Sesamoa e ne ya tlhomiwa kwa Auckland ka 1977. E nngwe e ne e ya tlhongwa dingwaga di le supa moragonyana gonne Modimo a ne a dira gore ba oketsege. (Bapisa 1 Bakorintha 3:6.) Go na le palogotlhe ya baboledi ba Bogosi ba le 154, bao ba le 12 ba bone e leng badihedi ba ba tlhaga ba nako e e tletseng mo diphuthegong tse pedi tseno. Ka Sontaga, batho ba ba fetang 275 ba nna gone mo dipokanong tseo di thailweng mo Bibeleng tseo di tshwarwang kwa Holong ya Bogosi.
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Basamoa ba tsaya tumelo ya bone ka tsela e e masisi, jaaka seo se supiwa ke botlhaga le boiketleetso joo ba bo bontshang mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Seno se ka bonwa mo boitemogelong jo bo latelang jwa kgaitsadi mongwe wa Mosamoa:
Kgaitsadi yono fa a ne a le mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo o ne a kopana le mosadi mongwe yo a neng a kgala ditumelo tsotlhe a re ke tsa boitimokanyi a bo a tswala kgoro ya gagwe. Kgaitsadi yono o ne a ipotsa gore a dire eng ka a ne a gakgametse ebile a tlaletswe. ‘Ga nkake ka mo tlogela a akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke baitimokanyi,’ o ne a akanya jalo. Ka jalo o ne a swetsa go mo kwalela sengwe a bo a se mo tlogelela. “Ke ne ka tlhalosa ka bokhutshwane motheo wa Dikwalo o ke dirang tiro eno ya me ka one mme ka kopa gore a nneye nako gore ke mo tlhalosetse ka tsholofelo eo Bibela e e nayang. Ke ne ka kwala le nomoro ya me ya mogala.”
Kgaitsadi yono o ne a tswelela ka bodihedi jwa gagwe, a etela matlo a mangwe. Fa a fitlha kwa ntlong ya bonè mo go one mmila oo, o ne a newa molaetsa go twe o tlile ka mogala gore a boe a e go bona mosadi yo a neng a tswala kgoro ya gagwe a shakgetse. “Mosadi yono o ne a kopa gore ke mo itshwarele kafa a neng a itshwara ka gone kwa tshimologong,” kgaitsadi o anela jaana, “mme a lebogela molaetsa o ke neng ka o mo tlogelela. Re ne ra nna le motlotlo o o neng wa nna le matswela, mme thuto ya Bibela ya legae e ne ya simololwa.”
Go omosa pelo gape go bona moya wa go intsha setlhabelo wa barongwa oo Basupi ba bangwe ba Basamoa ba o supang. Mokaulengwe mongwe le lelapa la gagwe ba ne ba fuduga kwa Auckland ba ya kwa Wellington ka 1981 go ya go thusa setlhopha se sennye se se neng se dira mo bathong ba Basamoa koo. Go ne ga tswa phuthego ya batho ba le 47 mo setlhotshwanyaneng sa baboledi ba Bogosi ba le 11 ba nako eo. “Maduo a gone a ne a feta kgakala go intsha setlhabelo go ba go dirileng,” mokaulengwe o ne a bolela jalo. Bosheng jaana, ene le lelapa la gagwe ba ile ba araba ‘pitso ya Makedonia’ mme ba ile ba boela kwa Samoa Bophirima. (Ditihō 16:9, 10) Ba bangwe le bone ba boetse kwa mafelong ao ba neng ba nna kwa go one pele mme ba ile ba simolola go dira tiro ya bobulatsela jo bo kgethegileng, borongwa kana tirelo ya Bethele.
Kafa go Arabelwang Ka Gone kwa Niue
Tiro ya go rera le yone e tswelela pele mo gare ga Ba-Niue kwa Auckland. Molebedi yo o etang o bega jaana: “Go tlwaelegile gore fa o le mo bodiheding jwa tshimo o lalediwe go tsena mo ntlong. Bibela ya mo lapeng gantsi e fela fa gaufi, mme go tlotla ka yone ke selo fela se se tlwaelegileng.”
Jaanong go na le phuthego e e tlhaga tota ya Ba-Niue mo Auckland. Fa molebedi yo o etang a ne a tlile mo ngwageng o o fetileng, baboledi ba ba 76 ba Bogosi bao ba kopanelang le yone ba ne ba kgona go amogela batho ba le 127 kwa puong ya Bibela ya phatlalatsa ka Sontaga. Mme go na le moya o montle tota mo gare ga bakaulengwe le bokgaitsadi.
“Loeto lo lejwa jaaka beke e e kgethegileng eo botlhe ba tlileng go kgothadiwa mo go yone,” go akgela jalo molebedi yo o etang. “Dijo dingwe le dingwe di kopanelwa jaaka phuthego. Mme fano go jewa dijo tseo Ba-Niue ba di ratang thata jaaka takihi (diphoopho [papayas], taros [dipotata], romo ya kokonate e tsentswe fa gare ga matlhare a dipanana), pitako (senkgwe se se dirilweng ka dipotata, dipanana, le tapioca), le punu povi (nama ya kgomo e e tsentsweng mo ditshitswaneng), ka dinako tse dingwe ba dira metlae ka yone ba e bitsa nama ya sesuma ya batho ba setlhaketlhake.”
Dikgatiso tsa Puo ya Se-Polynesia
Go naya batho ba Ba-Polynesia ba ba nnang mo Auckland le kwa mafelong a mangwe dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa rulaganyetsa go kwala dikgatiso di le mmalwa tsa Bibela ka dipuo tsa Se-Polynesia. Ka sekai, Tora ya Tebelo e tswa gabedi ka kgwedi ka Se-Rarotongan, kana Se-Maori sa Cook Island. Tora ya Tebelo e e tswang gangwe ka kgwedi ya Se-Niue le yone e a itumelelwa. Jaanong jaana go tsamaisiwa ditokololo tsa Se-Rarotongan le Se-Niue tsa Tora ya Tebelo di ka nna 1 000 tsa puo nngwe le nngwe, mme jaanong go tsamaisiwa di kaelo di ka nna 900 tsa tokololo ya Sesamoa mo New Zealand.
Mo godimo ga Tora ya Tebelo, dibuka le diboroutšhara di le mmalwa di gone ka dipuo tse di farologaneng tsa Se-Polynesia. Buka Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, e e gatisitsweng ka Se-Niue ka 1989, ke yone buka ya ntlha ya puo eo e e neng ya thusa gore dithuto tsa motheo tsa Bibela di tlhaloganngwe. Buka e e nnang le matswela tota mo tshimong ya puo ya Se-Maori (Se-Rarotongan) sa Cook Island ke buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ya puo eo. Mo e ka nnang dithuto tsotlhe tsa magae tsa Bibela di tsamaisiwa ka thuso ya buka eo. “Seo se otlelelang gore ke sedirisiwa se se mosola tota sa go ruta,” go akgela jalo mogolwane mongwe, “ke bonako jo baithuti ba simololang go tla kwa dipokanong tsa phuthego ka jone.”
Mo godimo ga go tsamaisa dikgatiso tseno ka metlha ka ntlo le ntlo, batho ba ga Jehofa ba tsamaisa dibuka mo go seo se ka bidiwang go neela bosupi kwa marekelong a mo patlelong. Ka ntlha ya go oketsega thata ga baagi ba Ba-Polynesia mo Auckland mo dingwageng tsa bosheng jaana, go ne ga nna le marekisetso a magolo a a nang le ditafole tse dikgolo tseo segolobogolo di rekisang dijo tse di jewang mo Ditlhaketlhakeng tsa Pacific le dilwana tse di dirilweng ka diatla. Go tla batho ba bantsi ba ba ka tshwarang 25- 000 kwa dimmarakeng tseno ka Matlhatso mo mosong. Basupi ba dirisa ditshono tseno ka botlhale ka go ya kwa dimmarakeng tseno mme ba bua le barekisi ba ba leng mo ditafoleng mmogo le bareki ka Bogosi jwa Modimo.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go jala peo ya Bogosi ka bontsi le go tsamaisa dibuka tsa Bibela di le dintsi mo bathong ba Ba-Polynesia. Ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower e bega gore mo ngwageng wa tirelo wa 1990 go ne ga romelwa dibuka di ka nna 23 928 tsa puo ya Se-Polynesia go tswa mo feketiring.
Go Itumela mo Tafoleng E le Nngwe ya Semoya
Ereka ba tlhokomela thata dilo tse ba di tlhokang semoyeng, Basupi ba Polynesia ba baya go ya kwa dipokanong tsa beke le beke tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi mmogo le go ya kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo kwa pele ga dilo tsotlhe. (Bahebera 10:23-25) Kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Tshiamo ya Bomodimo” e e neng e tshwerwe kwa Auckland ka December 1988, dikarolo tsa Se-Samoa, Se-Niue, le Se-Maori sa Cook Island di ne di tshwerwe di le nosi kwa thoko. Sengwe se se neng se kgatlha tota mo thulaganyong ya Se-Samoa e ne e le terama ya Bibela e e neng e ipaakanyeditswe sentle ebile e dirwa ka matlhagatlhaga. Basupi ba Ba-Niue ba Auckland le ba Cook Island ba ne ba supa go tshola baeng ga bone ga Bokeresete ka go tshola baeng ba ba neng ba tlile go tswa kwa ditlhaketlhakeng tse ba tswang kwa go tsone ka bopelonomi. Kopano e ile ya itshupa e le nako ya moletlo le go itumelela go ja mo tafoleng ya ga Jehofa ya semoya. Kwa Kopanong ya “Puo E E Itshekileng” ka 1990, go ne go na le palo e e kwa godimo ya ba le 503 bao ba neng ba le gone mo dithulaganyong tsa Sesamoa.
Go arabela molaetsa wa Bogosi ka tsela e e siameng ga batho ba ditlhaketlhake tsa Pacific Borwa ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore ba ne ba ntse ba ‘emetse molao wa ga Jehofa.’ (Bapisa Isaia 42:4, 12.) Mo godimo ga moo, ba bolela mafoko a a molemo mo “mo motseng o mogolo wa Ba-Polynesia kwa New Zealand.”