LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 3/15 ts. 19-22
  • Ke Bomang Tota ba ba Bileditsweng go ya Kwa Legodimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Bomang Tota ba ba Bileditsweng go ya Kwa Legodimong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baperesiti le Dikgosi Tse Di Lorato
  • Bosupi Jo Bo Fiwang ke Moya
  • Lebaka la Go Bo Ba Ja le Go Nwa
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Bangwe Ba Nna Le Maikutlo A A Phoso?
  • Go Itlhatlhoba ka Kelotlhoko Go A Tlhokega
  • Gakologelwa Gore ke Mang Yo O Tlhophang
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa se Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Bana ba Modimo ba Tla Tloga ba Bona Kgololesego e e Galalelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jehofa o Tlisa Barwa ba le Bantsi mo Kgalalelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Moya ka Boone o Supela Moya wa Rona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 3/15 ts. 19-22

Ke Bomang Tota ba ba Bileditsweng go ya Kwa Legodimong?

JEHOFA o rata batho. Ka boammaaruri, lorato lono lo logolo mo a neng a ntsha Morwawe, Jesu Keresete, jaaka thekololo e e busetsang seo se neng se latlhilwe ke rraaronamogologolwane Adame! Mme seo e ne e le eng? Botshelo jo bo sa khutleng, jwa batho ba ba itekanetseng jo bo nang le melemo le ditebelelo tsotlhe tsa nako e e tlang. (Yohane 3:16) Thekololo gape e ne e le tsela eo Jesu a neng a supa lorato lwa gagwe mo bathong ka yone.—Mathaio 20:28.

Lorato lwa bomodimo gape lo ne lwa bonadiwa fa go ne go senolwa dilo tse pedi tse Modimo o di solofeditseng tseo di neng di thailwe mo molemong wa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. (1 Yohane 2:1, 2) Pele Jesu a swa jaaka motho, bao ba neng ba amogelwa ke Modimo ba ne ba na le tsholofelo fela ya go tshela mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43) Lefa go ntse jalo, morago ga Pentekosete 33 C.E. Jehofa o ne a naya “lecomanyane” tsholofetso ya go ya kwa legodimong. (Luke 12:32) Mme go ile ga diragala eng bosheng jaana? Fa esale ka 1931 molaetsa wa Bogosi o remeletse thata mo go ba “dinku di sele,” mme go tloga ka 1935 go ya kwa pele Modimo o ne a ntse a tlisa “boidiidi yo bogolo” jwa ba sekadinku kwa go ene ka Keresete. (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9) Modimo o tsentse tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise mo dipelong tsa bone. Ba batla go ja dijo tse di itekanetseng, ba buse diphologolo ka lorato, mme ba ipelele bokopano le batho ba bangwe ba ba siameng ka bosakhutleng.

Baperesiti le Dikgosi Tse Di Lorato

Ereka Jesu a ne a tlhotlhelediwa ke lorato go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo, eleruri o tla nna Kgosi e e lorato tota ya selegodimo. Lefa go le jalo, Jesu o tla bo a se esi fa a dira batho gore ba itekanele mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. Jehofa o baakantse gore go nne le dikgosi tse dingwe gape tse di lorato kwa legodimong. Ee, “ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”—Tshenolō 20:1-6.

Keresete o tla bo a na le ba ba busang nae ba le kae, mme ba tlhophelwa tshiamelo e kgolo eo jang? Gone mme, moaposetoloi Johane o ne a bona ba le 144 000 ba eme mo Thabeng ya Sione ba na le Kwana, Jesu Keresete. Ereka ba tswa go “rèkwa mo bathuñ,” go raya gore ba tla bo ba itse gore go lekwa, go itshokela go nna mo bokgobeng jwa bosaitekanelang, go boga, le go swa jaaka batho go ntse jang. (Tshenolō 14:1-5; Yobe 14:1) Ka jalo, abo ba tla nna dikgosi le baperesiti ba ba kutlwelobotlhoko jang ne!

Bosupi Jo Bo Fiwang ke Moya

Batho ba ba 144 000 ba na le “tloco e e cwañ mo Moitshepiñ,” Jehofa. (1 Yohane 2:20) Ke tlotso ya go nna le tsholofelo ya selegodimo. Modimo o ‘ba beile sekano sa gagwe, mme wa ba neela peelelo ya moya mo dipelong tsa bone.’—2 Bakorintha 1:21, 22.

Ee, batho botlhe ba ba bileditsweng go ya legodimong ba na le bosupi jo ba bo fiwang ke moya wa Modimo. Mabapi le seo, Paulo o ne a kwala jaana mo go Baroma 8:15-17: “Ga loa amogèla mōea oa botlhanka go tla lo boiha gapè; me lo amogetse mōea oa boñwana, o re bitsañ ka ōna, re re, Aba, ke go re, Rara. Mōea ka osi o shupa le mōea oa rona ha re le bana ba Modimo: Me ha re le bana, hoñ re baruaboshwa; re baruaboshwa mmōgō le Keresete; ke raea ha re bogisiwa naè, gore le gōna re tlè re galalediwè naè.” Batlodiwa ba kgona go bitsa ba re “Aba, Rara” ka moya wa Modimo, kana maatla a a dirang!

Moya ke one o supang totatota gore motho o tloleditswe go ya legodimong, kana mogopolo o o ganelelang mo go ene, wa gore ke ngwana. (Bagalatia 4:6, 7) Motho yo o ntseng jalo o tlhomamisega tota gore o tsetswe ke Modimo gore a nne ngwana wa gagwe wa semoya go nna mongwe wa baruaboswammogo ba ba 144 000 ba Bogosi jwa selegodimo. A ka ntsha bosupi jwa gore tsholofelo ya gagwe ya selegodimo ga se keletso ya gagwe fela e e itswelang mo go ene kana selo fela se a se ikakanyetsang; mme go na le moo e tswa kwa go Jehofa ka ntlha ya moya wa Modimo o o dirang mo go ene.—1 Petere 1:3, 4.

Ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo wa Modimo, moya, kana boikutlo jo bo nonofileng jwa batho ba ba tloditsweng, o dira jaaka maatla a a tlhotlheletsang. O ba tlhotlheletsa go arabela ka tsela e e molemo mo go seo Lefoko la Modimo le se bolelang kaga tsholofelo ya selegodimo. Ba bile ba arabela ka tsela e e molemo kafa Jehofa a dirisanang le bone ka gone ka moya o o boitshepo. Ka gone, ba tlhomamisega sentle gore ke bana ba Modimo ba semoya le baruaboswa.

Fa batho ba ba tloditsweng ba bala seo Lefoko la Modimo le se bolelang kaga bana ba gagwe ba semoya le kaga tsholofelo ya selegodimo, ba akofa ba ipolelela bone ka bobone gore, ‘Seno se raya nna!’ Ee, ba arabela ka boitumelo fa Lefoko la ga Rraabo le ba solofetsa tuelo ya selegodimo. Ba bua ba re, ‘Seno se raya nna!’ fa ba bala fa go tweng: “Baratwa, yanoñ re bana ba Modimo.” (1 Yohane 3:2) Mme fa batlodiwa ba bala gore Modimo o dirile gore batho bangwe ba nne “ekete [ke] mabucwa pele a dibopiwa tsa gagwè,” dikgopolo tsa bone di dira gore ba arabele ka go re, ‘Ee, o ntliseditse jone boikaelelo joo.’ (Yakobe 1:18) Ba itse gore ba ile ba ‘kolobelediwa Keresete Jesu’ le mo losong lwa gagwe. (Baroma 6:3) Ka jalo ba tlhatswegile dipelo fela thata gore ke bontlhanngwe jwa mmele wa ga Keresete wa semoya mme ba na le tsholofelo ya go swa fela jaaka ene le go tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo.

Gore ba tle ba rue Bogosi jwa selegodimo, batlodiwa ba tshwanetse ba ‘tlhoafalele bogolo go rurifatsa go bidiwa ga bone le go itshenkelwa ga bone.’ (2 Petere 1:5-11) Ba sepela ka tumelo le go nna ba gola semoyeng, fela jaaka ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Ka jalo, ke eng se sengwe gape se se leng gone kwantle ga bosupi jwa moya?

Lebaka la Go Bo Ba Ja le Go Nwa

Bakeresete ba ba tloditsweng ga se gore ba batla go ya legodimong ka ntlha ya go bo ba sa kgotsofalele botshelo jwa jaanong jwa selefatshe. (Bapisa Yude 3, 4, 16.) Go na le moo, moya o o boitshepo o fa bosupi jo bo tshegetsang moya wa bone gore ke bana ba Modimo. Ba tlhomamisega gape gore ba ile ba tsenngwa mo kgolaganong e ntšha. Batho ba ba leng mo kgolaganong eno ke Jehofa Modimo le Iseraele wa semoya. (Yeremia 31:31-34; Bagalatia 6:15, 16; Bahebera 12:22-24) Kgolagano eno e e kgonang go dira ka ntlha ya madi a a tsholotsweng a ga Jesu, e tlhaola batho ba ba bidiwang ka leina la ga Jehofa mme e dira gore Bakeresete ba ba tloditsweng bano ba nne bontlhanngwe jwa “losika” lwa ga Aberahame. (Bagalatia 3:26-29; Ditihō 15:14) Kgolagano e ntšha e nna e ntse e dira go fitlha Baiseraele botlhe ba semoya ba tsosediwa botshelong jwa bosasweng kwa legodimong.

Mo godimo ga moo, bao ruriruri ba bileditsweng legodimong ga ba belaele gore gape ba mo kgolaganong ya Bogosi jwa selegodimo. Jesu o ne a lebisitse kgolaganong eno e a leng mo go yone le balatedi ba gagwe fa a ne a re: “Me lona, ke lona ba ke nntseñ ke na le lona mo ditekoñ tsa me; Me ke lo baea bogosi, yaka Rrè a bo mpeile, Gore lo yè lo nwè ha lomatiñ loa me loa boyèlō, mo bogosiñ yoa me; me lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi, lo atlhola dicō tse shomè le bobedi tsa Iseraela.” (Luke 22:28-30) Kgolagano eno e ne ya simolola go diragadiwa mo barutweng ba ga Jesu ka nako ya fa ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. E nna e ntse e dira mo go Keresete le mo dikgosing ka ene ka bosakhutleng.—Tshenolō 22:5.

Batho ba ba bileditsweng legodimong ba tlhomamisega gore ba mo kgolaganong e ntšha le mo kgolaganong ya Bogosi. Ka gone, kafa go tshwanetseng, ba ja senkgwe sa tshwantshetso le go nwa beine ya tshwantshetso kwa segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa Sejo sa Morena sa Maitseboa, kana Segopotso sa Loso lwa ga Jesu Keresete. Senkgwe se se sa bedisiwang se tshwantshetsa mmele wa ga Jesu wa motho o o senang boleo, mme beine ke madi a a itekanetseng a a tshololetsweng mo losong le ao a tlhomamisang kgolagano e ntšha.—1 Bakorintha 11:23-26.

Fa e le gore Jehofa o tsentse mo go wena tsholofelo e e sa belaetseng ya botshelo jwa selegodimo, o ikaegile ka gone. Dithapelo tsa gago di bua ka tsholofelo eo. E go kgomaretse, mme ga o kgone go e ntsha mo teng ga gago. O na le tlhologelelo e e nonofileng ya semoya. Mme fa o le pelopedi ebile o sa tlhomamisege, seo se raya gore totatota ga o a tshwanela go ja ditshwantshetso tsa Sejo sa Morena sa Maitseboa.

Ke Ka Ntlha Yang Fa Bangwe Ba Nna Le Maikutlo A A Phoso?

Bangwe ba ka nna ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso go sa tshwanela ka go bo ba sa dumele totatota gore go tlodiwa “ga se ga eo o ikaèlèlañ, leha e le ga eo o sianañ, ha e se ga Modimo.” (Baroma 9:16) Motho ga se ene a itirelang tshwetso ya gore o rata go tsenngwa mo kgolaganong e ntšha mme a nne moruaboswa mmogo le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo. Jehofa ke ene yo o tlhophang. Kwa Iseraele wa bogologolo, Modimo o ne wa tlhopha bao ba neng ba tla nna baperesiti ba gagwe, mme o ne a bolaya Kora yoo ka go ipagololela mogodu a neng a batla maemo a boperesiti ao a neng a neetswe balelapa la ga Arone. (Ekesodo 28:1; Dipalō 16:4-11, 31-35; 2 Ditihalō 26:18; Bahebera 5:4, 5) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa a ka se itumele fa motho a ka ipolela gore ke mongwe wa ba ba biditsweng go nna mongwe wa dikgosi tsa selegodimo le baperesiti ntswa a sa bidiwa ke Modimo.—Bapisa 1 Timotheo 5:24, 25.

Motho ka phoso a ka nna a tsaya gore o bileditswe legodimong ka ntlha ya maikutlo mangwe a a nonofileng a a nnileng gone ka ntlha ya mathata mangwe a a masisi. Loso lwa molekane kana matlhotlhapelo ape fela a ka nna a dira motho gore a se tlhole a kgatlhegela go tshela mo lefatsheng. Kana tsala nngwe e ba atamalaneng thata nayo e ka ipolela gore ke mongwe wa batlodiwa, mme motho a ka eletsa gore ekete a ka tshwana le ene. Mabaka a a ntseng jalo a ka nna a mo dira gore a akanye gore o tshwanetswe ke botshelo jwa selegodimo. Mme eno ga se tsela eo Modimo o neelang motho moya wa bongwana ka yone. E ne e tla bo e le go supa go tlhoka tebogo ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe fa motho a eletsa go ya kwa legodimong ka ntlha ya maemo mangwe a a sa itumediseng kana go tshwenyega mo boikutlong go go amanang le botshelo jwa mo lefatsheng.

Megopolo mengwe ya bodumedi eo motho a neng a na nayo pele le yone e ka nna ya dira gore a dire tshwetso e e phoso ya gore o bileditswe go ya kwa legodimong. Gongwe o ne a kile a bo a ne a kopanela le bodumedi bongwe jwa maaka joo bo neng bo ruta gore tsholofelo fela ya batho ba ba ikanyegang ke go ya go tshela kwa legodimong. Ka gone, Mokeresete o tshwanetse go itlhokomela gore a se ka a faposiwa ke go tsewa ke maikutlo kana dikgopolo dingwe tse di phoso tsa nako e e fetileng.

Go Itlhatlhoba ka Kelotlhoko Go A Tlhokega

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ntlha nngwe e e botlhokwa fa a ne a kwala jaana: “Eo o yañ senkgwè a ba a nwa senwèlō sa Morèna a sa chwanèla, o tla bo a leohèla mmele le madi a Morèna. Me a motho a ipotsisè, me yalo a itse go ya senkgwè le go nwa senwèlō. Gonne eo o yañ a nwa, me a sa lemoge mmele, o iyèla a inwèla tshekishō hèla.” (1 Bakorintha 11:27-29) Ka gone, Mokeresete yo o kolobeditsweng yo e rileng bosheng jaana a simolola go akanya gore o bileditswe go ya kwa legodimong o tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka kgang eno le go rapela.

Motho yo o ntseng jalo a ka nna a ipotsa ka gore: ‘A go na le ba ba ntlhotlheleditseng gore ke nne le mogopolo wa go ya go tshela kwa legodimong?’ Seno se tla bo se sa tshwanela, ka go bo Modimo ga wa roma ope go phutha ba bangwe bao ba tla bonang tshiamelo eno. Tshekamelo ya go ijesa dijo tsa ditoro ga e kake ya supa gore motho o tloditswe ke Modimo, mme ebile ga a tlotse baruaboswa ba Bogosi ka go ba dira gore ba utlwe mantswe ao a dirang gore ba akanye jalo.

Bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘Pele ke nna Mokeresete, a ke ne ke dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang? A ke dirisa melemo mengwe eo e tsosang maikutlo? A ke kile ka amogela kalafi eo e alafang malwetsi a tlhaloganyo kana a maikutlo?’ Bangwe ba ile ba bolela gore ba ne ba simolola go lwantshana le seo ba neng ba akanya gore ke tsholofelo ya selegodimo. Bangwe ba ile ba bolela gore ka lobakanyana Modimo o ne wa tlosa tsholofelo ya bone ya go nna mo lefatsheng mme kgabagare wa ba naya ya selegodimo. Mme thulaganyo e e ntseng jalo ga e dumalane le tsela eo Modimo a dirang dilo ka yone. Mo godimo ga moo, tumelo ga e ke e etsaetsega; e tlhomame.—Bahebera 11:6.

Motho a ka nna a ipotsa gape jaana: ‘A ke eletsa boemo jo bo kwa godimo? A ke na le maikutlo a go batla maemo a go laola jaanong kana a go nna mongwe wa dikgosi le baperesiti mmogo le Keresete?’ Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., fa mongwe le mongwe a ne a lalediwa go tsena mo Bogosing jwa selegodimo, ga se Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba neng ba tshegeditse maemo a boikarabelo jaaka maloko a setlhopha se se laolang kana jaaka bagolwane kana batlhanka ba bodihedi. Bontsi jwa bone e ne e le basadi, mme ba ne ba sena maemo ape a taolo a a kgethegileng; mme le gone go tlodiwa ga go dire gore motho a tlhaloganye Lefoko la Modimo ka tsela epe e e fetang e e tlwaelegileng, ka go bo Paulo o ne a bona go tshwanela go laya le go gakolola batho bangwe ba ba tloditsweng. (1 Bakorintha 3:1-3; Bahebera 5:11-14) Batho botlhe ba ba bileditsweng go ya kwa legodimong ga ba itebe jaaka batho ba maemo a a kwa godimo, mme ga ba nne ba tlhokomedisa ba bangwe gore ke batlodiwa. Go na le moo, ba supa boikokobetso jo batho bao ba nang le “mogopolo oa ga Keresete” ba tshwanetseng go bo supa. (1 Bakorintha 2:16) Ba lemoga gape gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira dilo tse di siameng tse di batliwang ke Modimo, e ka ne ba na le tsholofelo ya go ya legodimong kana ya go nna mo lefatsheng.

Go ipolela ga motho gore o bileditswe legodimong ga go mo dire gore a senolelwe dilo ka tsela e e kgethegileng. Modimo o na le mosele oo a romelelang phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng dijo tsa semoya ka one. (Mathaio 24:45-47) Ka jalo, ope a se ka a akanya gore fa motho e le Mokeresete yo o tloditsweng seo se raya gore o na le botlhale bongwe jo bo fetang jwa boidiidi jo bogolo jo bo nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Tshenolō 7:9) Go neela bosupi go araba dipotso tse di amanang le Dikwalo, kana go neela dipolelo tsa Bibela ka tsela e e matsetseleko, ga se gone go supang gore motho o tloditswe, gonne Bakeresete bao ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba kgona dilo tseno fela sentle. Fela jaaka batho ba ba tloditsweng, le bone ba tshela matshelo a a tlhomang sekao a Bokeresete. Mabapi le seo, Samesone le botlhe ba bangwe bao ba neng ba tshela pele ga metlha ya Bokeresete le bone ba ne ba na le moya wa Modimo mme ba ne ba tlhagafetse tota ebile ba tlhaloganya dilo thata. Lefa go le jalo, ga go ope wa ‘boidiidi jo bo kalo kalo joo jwa basupi’ yo o neng a na le tsholofelo ya go ya legodimong.—Bahebera 11:32-38; 12:1; Ekesodo 35:30, 31; Baatlhodi 14:6, 19; 15:14; 1 Samuele 16:13; Esekiele 2:2.

Gakologelwa Gore ke Mang Yo O Tlhophang

Fa modumedi mongwe a botsa kaga piletso legodimong, mogolwane mongwe yo o tlhophilweng kana Mokeresete yo mongwe yo o godileng a ka tlotla kgang eno le ene. Mme ga go na motho ope yo o ka direlang yo mongwe tshwetso, mme Jehofa ke ene yo o fang batho tsholofelo ya selegodimo. Motho yo ruriruri a bileditsweng go ya kwa legodimong ga a tlhoke go botsa Bakeresete ba bangwe gore a o na le tsholofelo e e ntseng jalo. Batlodiwa ba “tsecwe gapè, e señ ka peo e e bōlañ, mme e le ka e e sa boleñ, ka lehoko ya Modimo ye le tshedileñ, ye le nnetseñ ruri.” (1 Petere 1:23) Modimo o ja-la “peo” eo e dirang gore motho e nne “sebopiwa se sesha,” seo se nang le tsholofelo ya go ya legodimong ka moya wa gagwe le Lefoko. (2 Bakorintha 5:17) Ee, Jehofa ke ene a tlhophang.

Ka gone, fa motho a ithuta Bibela le mongwe yo mosha, ga go molemo go ntsha kakantsho ya gore motho e nne ene a lekang go dira tshwetso ya gore a o ka ne a bileditswe go ya kwa legodimong. Mme go tweng fa Mokeresete yo o tloditsweng a itshupa a sa ikanyege mme go bo go tlhokega gore go tsewe yo mongwe? He go a utlwala go konela ka gore Modimo o tla biletsa legodimong mongwe yoo a ileng a tlhoma sekao se se molemo ka go nna a ntse a direla Rraagwe wa selegodimo ka boikanyego ka dingwaga di le dintsi fela thata.

Gompieno, molaetsa o mogolo o o fiwang batho ga se wa gore ba nne maloko a monyadiwa wa ga Keresete wa selegodimo. Go na le moo, “Mōea le monyadwi ba re, Tla.” Eno ke taletso ya go tla go tshela mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolō 22:1, 2, 17) Ereka batlodiwa ba eteletse pele mo tirong eno, ba supa ka “boikokobeco” ebile ba dira gore ‘ba rurefatse go bidiwa ga bone.’—Baefesia 4:1-3; 2 Petere 1:5-11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela