Go Ipolela Dibe—A go Na le Sengwe Se Se Phoso ka Gone?
“GO IPOLELA dibe ke go iphepafatsa ga semoya, ke tsela ya go simolola dilo sesha, ke tsela ya go phimola molato mongwe le mongwe oo o o dirileng. Ke rata go ya kwa go Ipolelwang Dibe gone, go bolelela moruti dibe tsa me, go dira gore a intshwarele mmogo le go bona boitumelo jo bo seng kana ka sepe joo bo latelang morago ga moo.” Go bolela jalo motho mongwe yoo e leng Mokatoliki yo o tlhoafetseng thata.—Bless Me, Father, for I Have Sinned.
Go ya ka New Catholic Encyclopedia, “ke moruti fela yoo Keresete a mo neetseng maatla a go golega le a go golola, a go itshwarela le a go sa itshwarele” dibe. Yone buka eo ya tshupiso e bolela gore maikaelelo a go ipolela dibe ka metlha ke “go dira gore botshelo joo bo ileng jwa latlhegelwa ke go itsheka goo ka ntlha ya boleo bongwe jo bo masisi thata bo boe e nne jo bo itshekileng mmogo le . . . go itshekisa segakolodi sa motho.” Lefa go ntse jalo, tsela eo boitshwaro bo ntseng ka gone mo mafatsheng a le mantsi e bontsha gore go ipolela dibe ka metlha ga go bake gore ba le bantsi bao ba ipolelang jalo ba ‘tlogele bosula, mme ba dire molemo.’ (Pesalema 34:14) Ka gone a go na le sengwe se se phoso ka seno?
A Ke Selo Fela sa Tlwaelo?
Go ipolela dibe go ka nna ga simologa jaaka selo sa tlwaelo fela. Kwa Ireland, go ipolela dibe ga ntlha go tla ka bonako fela pele ga go ja Selalelo ka lekgetlo la ntlha. Mme a go a gakgamatsa go bo mosetsana yo o nang le dingwaga di le supa o tla akanya thata ka mosese o montle, o o segetsweng bana wa monyadiwa oo a tlileng go o apara go go na le go akanya ka ‘gore a boe gape a tshele botshelo jo bo itshekileng joo bo ileng jwa latlhega ka ntlha ya boleo bongwe jo bo masisi thata’?
“Selo seo se neng se nkgatlha thata e ne e le mosese oo, mo godimo ga madi ao ke neng ke tlile go a bona go tswa mo go ba losika,” go bolela jalo Ramona, yoo a neng a ipolela dibe tsa gagwe lekgetlo la ntlha fa a ne a na le dingwaga di le supa. “Mo gare ga basetsana botlhe bao ke neng ke ba itse,” o tswelela pele, “go ne go sena boikutlo bope jwa semoya mo go bone. Go ne go sena ope mo go rona yo o neng a akanya le go akanya ka Modimo ka nako eo.”
Tota ebile, go pateletsa bana ba babotlana gore ba ipolele dibe ka metlha go felela ka gore seo se fetoge pina fela e e boaboelediwang. “Ke ne ke nna ke boeletsa mela e le mengwe fela kgapetsakgapetsa,” go bolela jalo Michael, yoo le ene a neng a simolola go ipolela dibe a na le dingwaga di le supa.
Dikakgelo tsa batho bangwe ba Katoliki tseo di tsopotsweng mo bukeng ya Bless Me, Father, for I Have Sinned di bontsha gore go ipolela dibe go ne go sena mosola ope o o kalo wa semoya mo go bone le eleng morago ga ba sena go gola. “Go ipolela dibe go go ruta gore o bue maaka, ka gonne go na le dilo dingwe tseo go palang gotlhelele mo go wena go ka di bolelela moruti,” go ne ga bolela jalo motho mongwe. Go sa dire dilo ka tsela e le nngwe fela ga baruti le gone batho ba ka go dirisa mme ba ikotlhaela dibe go sekae fela. Bangwe ba ile ba senka motho yo o “molemo” yoo go ipolelwang dibe mo go ene gore ba ke ba bone kgakololo eo ba batlang go e utlwa. “E ne ya re morago ga fa ke sena go nna ke tsoma ka dikgwedi di le tharo, ka bona motho yoo nka ipolelang dibe mo go ene. Ke mmona kgwedi nngwe le nngwe, re lebane difatlhego mo phaposing ya tetlano, mme o mpha tlhogo eleruri,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe yo o sa leng mosha. “Fa o ne o le lesego, o ne o ka bona moruti yoo eleng susu mme a sa itse go bua Seesemane fa e se fela mafoko a gore ‘Baka Maria gararo,’” go ne ga bolela jalo motho yo mongwe wa Katoliki.
Kafa go bonalang ka gone, he, go na le sengwe se se phoso ka go ipolela dibe jaaka fa go dirwa ke batho ba ba rileng. Mme lefa go ntse jalo Bibela e bontsha gore gone go a tlhokega gore go ipolelwe dibe, ka gonne e bolela jaana: “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala: me eo o di ipolèlañ a ba a di bakèla, o tla bōna boutlwèlō botlhoko.”—Diane 28:13.
A mme seno se bolela gore Mokeresete o tshwanetse go ipolela dibe tsa gagwe tsotlhe? Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse a di ipolela mo go mang? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.