“New World Translation”—E Tshotse Thuto Ebile E Boammaaruri
“E TLETSE dilo tse di seng boammaaruri!” Ke seo baganetsi ba neng ba se bolela ka Bibela e e neng e ranotswe ke Martin Luther bogologolo mo lekgolong la bo 16 la dingwaga. Ba ne ba dumela gore ba ne ba ka supa gore Bibela ya ga Luther e ne e na le “diphoso tsa boikeodi di le 1 400 le maaka.” Gompieno, Bibela ya ga Luther e lejwa jaaka thanolo e e kwa godimo tota. Buka Translating the Bible e e bitsa le eleng “tiro ya setswerere se segolo”!
Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, New World Translation le yone e ile ya bolelwa fa e na le diphoso. Ka ntlha yang? Gonne ditemana tsa yone ga di a kwalwa ka tsela e e tlwaelegileng mme e gatelela go dirisiwa ga leina la Modimo, Jehofa. Ka gone, ga e dumalane le mekgwa e e tlwaelegileng. Mme a seo se e dira gore e nne ya maaka? Nnyaa. E ne ya kwalwa ka kelotlhoko e kgolo tota mme go tlhokomelwa karolwana nngwe le nngwe, mme seo se ka lebegang se sa tlwaelega se supa fa go dirilwe matsapa tota a go kwala dipharaloganyo dipe fela tsa dipuo tsa ntlhantlha ka kelotlhoko. Moithutabodumedi C. Houtman o tlhalosa kafa New World Translation e sa dumalaneng le melaometheo ka gone: “Dithanolo tse di farologaneng tse di tlwaelegileng tsa mafoko a botlhokwa go tswa mo tshedimosetsong ya ntlhantlha di ile tsa latlhiwa, gongwe seo se direlwa fela gore sengwe le sengwe se tlhaloganyesege sentle.” A re sekasekeng dingwe tsa dikai tseno.
E Farologane—Mme Ga E Phoso
Selo se segolo ke gore mafoko a a amanang thata mo dipuong tsa ntlhantlha tsa Bibela a ranolwa ka mafoko a a farologaneng a Seesemane fa go kgonegang gone, ka gone e bontsha moithuti wa Bibela mefuta e e farologaneng ya bokao. Ka gone, syn·teʹlei·a e ranotswe jaaka “konelo” mme teʹlos “bokhutlo” lemororo mafoko a mabedi ano a ranotswe jaaka “bokhutlo” mo dithanoding tse dingwe tse dintsi. (Mathaio 24:3, 13, NW) Lefoko koʹsmos le ranotswe jaaka “lefatshe,” ai·onʹ “tsamaiso ya dilo,” mme oi·kou·meʹne jaaka “lefatshe le le agilweng.” Gape dithanolo tse dintsi tsa Bibela di dirisa fela “Lefatshe” go emela mafoko a le mabedi kana otlhe a Segerika ka boraro jwa yone, lemororo, totatota, a farologana.—Mathaio 13:38, 39, NW; 24:14, NW.
Ka mo go tshwanang, New World Translation e supa fela ka kelotlhoko pharologano e e fa gare ga gnoʹsis (“kitso”) le e·piʹgno·sis (e e ranolwang jaaka “kitso e e tlhomameng”)—pharologano eo ba bantsi ba e itlhokomolosang. (Bafilipi 1:9; 3:8) Gape e farologanya fa gare ga taʹphos (“lebitla,” lefelo le le lengwe la phitlho) mneʹma (“lebitla”), mne·meiʹon (“lebitla la kgakologelo”), le haiʹdes (“hades,” e mo Bibeleng e rayang lebitla le le tlwaelegileng la batho ba ba suleng). (Mathaio 27:60, 61; Yohane 5:28; Ditihō 2:29, 31) Dithanolo di le mmalwa tsa Bibela di farologanya taʹphos le mne·meiʹon mo go Mathaio 23:39 mme ga di dire jalo gongwe le gongwe.—Bona Mathaio 27:60, 61, New International Version.
Paka ya madiri e ranotswe ka kelotlhoko le ka tlhomamo. Ka sekai, 1 Yohane 2:1 e balega jaana mo go Revised Standard Version: “Fa motho ope fela a leofa re na le mmueledi kwa go Rara, Jesu Keresete mosiami.” Ka bonako fela morago ga foo, yone thanolo eo e kwala 1 Yohane 3:6 jaana: “Ga go ope yo o leofang yo o nnang mo [go Jesu].” Fa e le gore ga go na molatedi ope fela wa ga Jesu yo o leofang, 1 Yohane 2:1 e dira jang?
New World Translation e rarabolola selo seno se go lebegang se ikganetsa. E bolela jaana mo go 1 Yohane 2:1: “Ke lo kwalela dilo tseno gore lo se ka lwa dira boleo. Mme lefa go le jalo, fa mongwe a dira boleo, re na le mothusi kwa go Rara, Jesu Keresete, yo o siameng.” Johane fano o dirisitse pakapheti ya lediri e e supang tiro mme e sa bolele fa e weditswe, go supa fa go dirilwe boleo bo le bongwe, selo seo re se dirang nako le nako ka ntlha ya go bo re sa itekanela. Lefa go ntse jalo, 1 Yohane 3:6 e balega jaana: “Lefa e le mang yo o nnang mo go ene ga a dire boleo; yo o dirang boleo ga a ise a mmone, kana a mo itse.” Fano Johane o ne a dirisa pakajaanong, a supa tsela ya go dira boleo e e tswelelang, e e tlwaetsweng eo e tla dirang boipolelo bope fela jwa motho gore ke Mokeresete go nna jwa lefela.
Bakanoki Ba Bangwe Ba A Dumela
Mafoko mangwe a a sa tlwaelegang ao go ka tweng Basupi ba ga Jehofa ba a itlhametse a tshegediwa ke dithanolo tse dingwe tsa Bibela kana dibuka tsa ditshupiso. New World Translation e kwala mafoko a ga Jesu a a neng a a bua le senokwane se se neng se bolawa le ene a a mo go Luke 23:43 jaana: “Ammaaruri ke go bolelela jaana gompieno, O tla nna le nna kwa Paradaiseng.” Mo Segerikeng sa ntlhantlha, go ne go sena matshwao a puo a a jaaka diphegelwana; mme gantsi baranodi ba tsenya mefuta mengwe ya matshwao a puo gore go balege sentle. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba dira gore Luke 23:43 e balege jaaka ekete Jesu le senokwane seo ba ne ba tla ya kwa Paradaiseng mo go lone letsatsi leo. The New English Bible e balega jaana: “Ke go bolelela seno: gompieno o tla nna le nna kwa Paradaiseng.” Lefa go ntse jalo, ga se tsotlhe tseo di nayang kgopolo eno. Porofesa Wilhelm Michaelis o ile a kwala temana eno jaana: “Ka boammaaruri, ke go tlhomamisetsa jaana gompieno: (letsatsi lengwe) o tla nna mmogo le nna kwa paradaiseng.” Thanolo eno e utlwala go feta ya The New English Bible. Jesu o ne a nna malatsi a le mararo a ise a tsosiwe fa a sena go swa. Ka nako eo o ne a le mo Hades, lebitla le le tlwaelegileng la batho.—Ditihō 2:27, 31; 10:39, 40.
Go ya ka Mathaio 26:26 mo go New World Translation, fa a ne a tlhoma moletlo wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, Jesu o ne a bolela jaana ka senkgwe seo a se nayang barutwa ba gagwe: “Seno se kaya mmele wa me.” Dithanolo tse dingwe tse dintsi di ranola temana eno jaana: “Seno ke mmele wa me,” mme se dirisiwa go tshegetsa thuto ya gore fa go ketekiwa Sejo sa Morena sa Maitseboa, senkgwe se fetoga nama ya ga Keresete ya mmatota. Lefoko le le ranotsweng mo go New World Translation jaaka “go kaya” (es·tinʹ, ke popego nngwe ya ei·miʹ) mme le tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “go nna,” mme gape le ka kaya “go raya.” Ka gone, Greek-English Lexicon of the New Testament e e kwadilweng ke Thayer e bolela gore lediri leno “gantsi [le tshwana fela le] go kaya, go supa, go nna le bokao.” Eleruri, “kaya” ke yone thanolo e e utlwalang fano. Fa Jesu a ne a tlhoma Selalelo sa Bofelo, nama ya gagwe e ne e santse e le mo marapong a gagwe, ka jalo senkgwe se ne se ka nna nama ya gagwe ya mmatota jang?a
New World Translation e balega jaana mo go Yohane 1:1: “Lefoko e ne e le modimo mongwe.” Polelwana eno e balega jaana mo dithanolong tse dintsi: “Lefoko e ne e le Modimo” mme e dirisiwa go tshegetsa thuto ya Tharonngwe. Ga go gakgamatse go bo ba ba dumelang Tharonngwe ba sa rate tsela eo New World Translation e kwalang seno ka yone. Mme Yohane 1:1 ga e a ka ya sokamisiwa gore go tle go supiwe gore Jesu ga se Modimo Mothatayotlhe. Gareng ga bangwe ba bantsi, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba se ka ba dumalana le go kwala “modimo” ka tlhaka e tona bogologolo pele New World Translation e nna gone, eo e lekang go kwala dilo ka tlhomamo go tswa mo puong ya ntlhantlha. Baranodi ba batlhano ba Bibela ba Bajeremane le bone ka tsela e e tshwanang ba dirisa lefoko “modimo mongwe” mo temaneng eo.b Mme bobotlana ba ba ka nnang 13 ba ile ba dirisa dipolelwana tse di jaaka “wa mofuta wa bomodimo” kana “mofuta wa sekamodimo.” Tsela eo tseno di ranotsweng ka yone e dumalana le dikarolo tse dingwe tsa Bibela go supa gore, ee, Jesu ke modimo kwa legodimong ka tlhaloganyo ya go bo e le wa bomodimo. Mme Jehofa le Jesu ga se motho a le mongwe, kana Modimo o le mongwe.—Yohane 14:28; 20:17.
Leina la Modimo ka Namana
Go ya ka New World Translation, Jesu o ne a kaya gore boperofeti jwa ga Isaia jo bo mo go Luke 4:18 bo raya ene, ka go bolela jaana: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna.” (Isaia 61:1) Bontsi ga bo dumalane le go dirisiwa ga leina Jehofa fano. Lefa go ntse jalo, ke lengwe la mafelo a le 200 ao leina leo le tlhagang mo go one mo go New World Translation ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, eo e bidiwang Tesetamente e Ntšha. Ka boammaaruri, ga go na momeno ope wa Segerika o o sa ntseng o le gone wa “Tesetamente e Ntšha” o o santseng o na le leina la Modimo ka namana. Mme leina leo le ile la tsenngwa mo go New World Translation ka mabaka a a molemo, eseng a a lolea fela. Mme ba bangwe le bone ba ne ba latela tsela e e tshwanang. Mo puong ya Sejeremane fela, go na le diphetolelo tse di ka nnang 11 tseo di dirisang “Jehofa” (kana thanolo ya ka tlhamalalo ya Sehebera, “Yahweh”) mo temaneng eno ya “Tesetamente e Ntšha,” fa dithanolo dingwe tse nnè di tsenya leina leno mo masakaneng fa morago ga “Morena.”c Dithanolo tse di fetang 70 tsa Sejeremane di le dirisa mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase kana mo dikakgelong.
Kwa Iseraele, leina la Modimo le ne le buiwa fela kwantle ga go thibelwa ke sepe ka diketekete tsa dingwaga. Ke leina le le tlhagang gantsi thata mo Dikwalong tsa Sehebera (“Tesetamente E Kgologolo”), mme ga go na bosupi bope fela jo bo tlhatswang pelo jwa gore batho ka kakaretso fela ba ne ba sa le itse kana gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng batho ba ne ba lebetse kafa le neng le bitswa ka gone, fa Bakeresete ba Bajuda ba ne ba tlhotlhelediwa go kwala dibuka tsa “Tesetamente E Ntšha.”—Ruthe 2:4.
Wolfgang Feneberg o akgela jaana mo makasineng wa Jesuit Entschluss/Offen (April 1985): “Ene [Jesu] ga a ka a re fitlhela leina la ga rraagwe ebong YHWH, mme o ne a re le naya. Ka tsela nngwe ga go kgonege gore go tlhalosiwe gore ke ka ntlha yang fa kopo ya ntlha ya Thapelo ya Morena e balega jaana: ‘A leina la gago le itshepisiwe!’” Feneberg o akgela go ya kwa pele gore “mo memenong ya pele ga Bokeresete ya Bajuda ba ba neng ba bua Segerika, leina la Modimo le ne le sa kwadiwa ka tsela nngwe go twe ke kýrios [Morena], mme le ne le kwadiwa ka ditlhaka di le nnè [YHWH] ka Sehebera kana ka ditlhaka tsa bogologolo tsa Sehebera. . . . Re fitlhela dilo tseo di re gakololang leina leno mo dikwalong tsa Borara ba Kereke; mme ga ba le kgatlhegele. Borara ba Kereke ba ne ba ranola leina leno jaaka kýrios (Morena), fela ka gonne ba ne ba rata go naya Jesu Keresete bogolo jwa ga kýrios. New World Translation e busetsa leina leo mo ditemaneng tsa Bibela gongwe le gongwe fa go nang le lebaka le le utlwalang le le le tlhomameng la go dira jalo gone.—Bona Appendix 1D mo go Reference Bible.
Bangwe ba bua kgatlhanong le mokgwa o New World Translation e kwalang leina la Modimo ka gone jaaka “Jehofa.” Mo mekwalong ya Sehebera, leina leno le tlhaga fela jaaka ditumammogo di le nnè, ebong YHWH, mme bontsi bo gatelela gore tsela e e siameng ya go le bitsa ke “Yahweh,” eseng “Jehofa.” Ka gone, ba akanya gore go phoso go dirisa “Jehofa.” Mme ka boammaaruri, bakanoki ga ba dumalane le eseng gore “Yahweh” ke yone tsela ya ntlhantlha ya go le bitsa. Mme boammaaruri ke gore lemororo Modimo o ne wa boloka go kwalwa ga leina la gagwe e le “YHWH” mo Bibeleng ka makgetlo a a fetang 6 000, ga o a ka wa boloka mokgwa o le bidiwang ka one oo Moshe a neng a o utlwa kwa Thabeng ya Sinai. (Ekesodo 20:2) Ka gone, tsela ya go le bitsa ga e botlhokwatlhokwa gompieno.
Kwa Yuropa mokgwa wa go le kwala jaaka “Jehofa” ga o bolo go dirisiwa ka makgolokgolo a dingwaga ebile o dirisiwa mo Dibibeleng tse dintsi, go akaretsa le dithanolo tsa Sejuda. O tlhaga ka makgetlo a a ka se kang a balwa mo dikagong, mo mading a tshipi le mo dilong tse dingwe, mo dikgatisong, le mo difeleng tse dintsi tsa kereke. Ka jalo go na le go leka go le kwala ka tsela ya ntlhantlha ya Sehebera eo le neng le bidiwa ka yone, New World Translation e dirisa mofuta wa leina la Modimo oo o amogelwang ke batho ba bantsi mo dipuong tse di farologaneng tsa yone. Seno tota ke se se dirwang ke dithanolo tse dingwe tsa Bibela ka maina a mangwe otlhe a a mo Bibeleng.
Ke Ka Ntlha Yang Fa E Ganediwa Botlhoko Jaana?
Bibela ya ga Luther e ne e ganediwa gonne e ne e kwadilwe ke motho yo a neng a senola makoa a bodumedi jo bo tlwaelegileng jwa motlha wa gagwe. Thanolo ya gagwe e ne ya bulela batho tsela ya go bona boammaaruri jwa dilo tse dintsi tseo a neng a di bolela. Ka tsela e e tshwanang, New World Translation e a ganediwa gonne e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa, bao ba buang fela ka tlhamalalo gore dithuto tse dintsi tsa Labodumedi ga di fitlhelwe mo Bibeleng. New World Translation—eleruri, Bibela nngwe le nngwe—e phepafatsa seno.
Ebile tota, New World Translation ke buka e e kwadilweng ka tlhomamo. Porofesa Benjamin Kedar wa Iseraele o ne a bolela jaana ka 1989: “Fa ke ntse ke tlhatlhobisa puo ya Bibela ya Sehebera le dithanolo tsa yone, gantsi ke leba mo kgatisong ya Seesemane e e bidiwang New World Translation. Ka go dira jalo, ke bona ke tlhomamisega gangwe le gape gore buka eno e supa gore e ile ya kwalwa ka boikaelelo jwa mmatota jwa gore batho ba kgone go utlwisisa tshedimosetso e e leng ya bonnete ka mo go ka kgonegang ka gone. Ereka go bonala fa bakwadi ba yone ba ne ba itse puo ya ntlha mo puong ya bobedi ka tsela e e tlhaloganyesegang kwantle ga go fapoga tsela e puo e e tlhamaletseng ya Sehebera e tlhamilweng ka yone. . . . Mo mafokong a puo nngwe le nngwe go letlelesega gore motho o ka nna a bua ka tsela e e rileng fa a phutholola kana a ranola. Ka jalo go letlelesega gore go ka ganetsanngwa ka tshwetso ya kgang epe fela ya dipuo. Mme ga ke ise ke bone tshekamelo epe mo go New World Translation ya go tsenya mafoko a a seyong mo tshedimosetsong.”
Dimilione tsa babadi ba Bibela mo lefatsheng lotlhe di dirisa New World Translation gonne ke thanolo ya puo ya segompieno eo e kwadilweng mafoko a Bibela ka tlhomamo. Bibela yotlhe e bonwa ka dipuo di le robong mme Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika fela di le nosi di bonwa ka dipuo tse dingwe tse pedi; mme e kwalwa go ya kwa pele ka dipuo di le 20. Thanolo e e tlhomameng e batla gore go dirwe ka natla tota ka dingwaga tse dintsi, mme re lebeletse pele go bona New World Translation ka dipuo tsotlhe tseno tse di farologaneng gore e thuse ba bangwe ba bantsi go tlhaloganya “lefoko la botshelo.” (Bafilipi 2:16) Tota ka boammaaruri e ka buelelwa gonne e setse e thusitse dimilione go dira jalo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jürgen Becker, Jeremias Felbinger, Oskar Holtzmann, Friedrich Rittelmeyer, le Siegfried Schulz. Emil Bock o bolela gore ke “motho wa bomodimo.” Bona gape le dithanolo tseno tsa Seesemane Today’s English Version, The New English Bible, Moffatt, Goodspeed.
b Moranodi mongwe wa Mojeremane ebong Curt Stage o ne a kwala lone lediri leo ka tsela e e latelang mo go Tshenolō 1:20: “Ditlhomo tse supa tsa dipone di kaya [ei·sinʹ] diphuthego tse supa.” Fritz Tillmann le Ludwig Thimme ka tsela e e tshwanang ba le ranotse jaaka “go kaya” [es·tinʹ] mo go Mathaio 12:7.
c Johann Babor, Karl F. Bahrdt, Petrus Dausch, Wilhelm M. L. De Wette, Georg F. Griesinger, Heinrich A. W. Meyer, Friedrich Muenter, Sebastian Mutschelle, Johann C. F. Schulz, Johann J. Stolz, le Dominikus von Brentano. August Dächsel, Friedrich Hauck, Johann P. Lange, le Ludwig Reinhardt ba tsentse leina leno mo masakaneng.
[Mafoko a a mo go tsebe 28]
New World Translation jaanong e ranolwa ka dipuo tse dingwe gape tse 20
[Lebokoso mo go tsebe 29]
THANOLO KA BOYONE E A IPUELELA
Mosupi mongwe wa ga Jehofa wa kwa Jeremane o ne a tlotla le mosadi mongwe yo o godileng, yoo a neng a mmalela Habakuke 1:12 e e reng: “A ga o a simologa bogologolo, wena Jehofa? Ao Modimo wa me, Mothusi wa me, ga o swe.” Mosadi yoo o ne a ganela gonne Bibela ya gagwe e ne e re, “Se re tlogelele gore re swe.” Mosupi o ne a mmontsha gore New World Translation e ganelela thata mo mekwalong ya ntlhantlha. Ereka mosadimogolo yono a ne a bua Sehebera, o ne a ya go tsaya Bibela ya gagwe ya Sehebera mme a gakgamadiwa ke go fitlhela gore New World Translation e tlhomame. Bakwalolodi ba Bajuda ba ne ba fetola temana eno bogologolo gonne ba ne ba akanya gore temana ya ntlhantlha e ne e sa tlotle Modimo. Kwantle ga di le mmalwa fela, dithanolo tsa Dibibela tsa Sejeremane ga di dire phetogo epe go baakanya selo seno se se fetotsweng ke bakwadi. New World Translation e buseditse temana ya ntlhantlha.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
New World Translation jaanong e gone e feletse ka:Se-Denmark, Se-Dutch, Sekgoa, Sefora, Sejeremane, Setadiana, Sejapane, Sepotokisi le Sesepanishe