Tshimologo le go Senngwa ga ga Satane
DIKWALO di bontsha gore sebopiwa seo se itsiweng e le Satane ga se gore se ne se ntse se na le leina leo ka metlha. Go na le moo, leina leno le le mo tlhalosang o ne a le newa ka ntlha ya go bo a tsere tsela ya go ganetsa Modimo le go mo lwantsha. Leina leo a neng a na le lona pele ga leno ga le a umakiwa. Modimo ke ene fela Mmopi, mme “tihō ea gagwè e itekanetse,” ga o na tshiamololo. (Duteronome 32:4) Ka jalo he, motho yoo o fetogileng Satane, fa a ne a bopiwa e ne e le sebopiwa sa Modimo se se itekanetseng, se se siameng. Ke motho wa moya, ka gonne o ne a ya go iponatsha fa pele ga Modimo kwa legodimong. (Yobe dikgaolo 1, 2; Tshenolō 12:9) Jesu Keresete o ne a bolela jaana ka ene: “Èna o sa le a nna mmolai le mo tshimologoñ, me a se ka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna.” (Yohane 8:44; 1 Yohane 3:8) Jesu fano o bontsha gore Satane o ne a le mo boammaaruring pele, mme a bo tlogela. Go tloga fela ka tiro ya gagwe ya ntlha e re ka kgonang go e bona ya go retolosetsa Adame le Efa kgakala le Modimo, e ne e le mmolai, ka gone ka go dira jalo, o ne a baka loso lwa ga Adame le Efa, eo moragonyana e neng ya baka boleo le loso mo baneng ba bone. (Baroma 5:12) Mo Dikwalong tseno tsotlhe dinonofo le dilo tseo go bolelwang gore o ne a di dira go ka bolelwa fela gore di ne di dirwa ke motho, eseng bosula fela jo motho a ka bo ikakanyetsang. Go phepafetse sentle gore Bajuda, le Jesu mmogo le barutwa ba gagwe, ba ne ba itse gore Satane o ne a le gone jaaka motho.
Ka jalo, motho yono wa moya o ne a tswa mo boemong jo a neng a le mo go jone kwa tshimologong jwa go nna yo o siameng, yo o itekanetseng a tsena mo go jwa boleo le jo bo nyatsegang. Selo se se bakang seno se tlhalosiwa ke Jakobe fa a kwala jaana: “Motho moñwe le moñwe oa raelwa ha a haposiwa ke e e leng thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.” (Yakobe 1:14, 15) Tsela eo Satane a neng a e tsaya, ka tsela nngwe e lebega e tshwana le eo e tserweng ke kgosi ya Ture jaaka fa e tlhalositswe mo go Esekiele 28:11-19. Boikgogomoso jono jwa “kgosi ea Ture,” go itira ga gagwe ‘modimo,’ go bidiwa ga gagwe “cheruba,” le lebaka la go bo go buiwa ka “Edena tshimo ea Modimo,” eleruri le dumalana le tshedimosetso e Bibela e re neelang yone kaga Satane Diabolo, yoo o neng a ikgogomosa, a amanngwa le noga ya kwa Edena, ebile o bidiwa ‘modimo wa tsamaiso eno ya dilo.’—1 Timotheo 3:6; Genesise 3:1-5, 14, 15; Tshenolō 12:9; 2 Bakorintha 4:4, NW.
Go Latlhelwa ga Gagwe mo Moleteng le go Senyediwa Ruri
Ka nako ya fa Satane a dira gore Efa mme morago ga moo Adame ba tsoulogele Modimo, Modimo o ne a bolelela noga (totatota o ne a bua le Satane, ka jaana phologolo fela e ne e ka se ka ya tlhaloganya dikganetsano tse di kopanyelediwang moo) jaana: “U tla ya lorole ka malatsi aotlhe a botshelō yoa gago; me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:14, 15) Fano Modimo o ne wa dira gore go itsege gore Satane, yo o ntshitsweng mo phuthegong e e boitshepo ya Modimo, o ne a se kitla a nna le tsholofelo epe e e nayang botshelo mme o ne ‘a tla ja lorole,’ jaaka fa go ne go ka tualo, go fitlhela a swa. Kgabagare “losika” lo ne lo tla mo tapeta tlhogo, e le seo se neng se tla raya gore o ne a tla swa. Fa Keresete a ne a le mo lefatsheng, badimona ba ne ba mo supa jaaka Motho yo o neng a tla ba kgoromeletsa mo “moletiñ,” go bonala e le boemo jwa go thibelwa joo mo polelong e e tshwanang le eno go buiwang ka jone jaaka ‘tlhokofatso.’—Mathaio 8:29; Luke 8:30, 31.
Kgaolo ya bo 20 ya Tshenolō e tlhalosa ka Satane a ne a golegwa le go latlhelwa mo moleting ka dingwaga di le sekete mo diatleng tsa moengele yo mogolo—yo go sa belaetseng gore ke Jesu Keresete, yo o nang le sekopololo sa molete ebile e le “losika” lo lo tla tapetang tlhogo ya ga Satane.—Bapisa Tshenolō 1:18.
Boiteko jwa bofelo jwa ga Satane bo felela ka go fenngwa ka bosakhutleng. Boperofeti bo bolela gore o tla gololwa ka “lobakanyana” fela morago ga Dingwaga tse di Sekete tsa Puso ya ga Keresete di khutla le gore o tla etelela batho ba batsoulodi mo tlhaselong e nngwe gape kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo; mme o piriganyeditswe (mmogo le badimona ba gagwe) mo bodibeng jwa molelo le sulefura, eleng tshenyego ya bosakhutleng.—Tshenolō 20:1-3, 7-10; bapisa Mathaio 25:41.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Satane o ne a dirisa noga go tsietsa Efa