LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/15 ts. 3-4
  • Go Supa se Moya o o Boitshepo e Leng Sone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Supa se Moya o o Boitshepo e Leng Sone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikwalo le Moya O O Boitshepo
  • ‘Mo Leineng la Moya O O Boitshepo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Kafa Moya wa Modimo O ka Go Tlhotlheletsang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Moya O O Boitshepo—Maatla a Modimo A A Dirang
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/15 ts. 3-4

Go Supa se Moya o o Boitshepo e Leng Sone

A O NE o itse gore moya o o boitshepo o ama botshelo jwa mongwe le mongwe wa rona? Mme a o ne o lemoga gore o ka tokafatsa botshelo jwa gago thata? Seno se ka nna sa go gakgamatsa. Ebile o ka nna wa botsa jaana: ‘Moya o o boitshepo ke mang, kana ke eng?’

Fa o le leloko la nngwe ya dikereke tsa Labodumedi, o ka tswa o kile wa utlwa moruti a kolobetsa lesea “mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō.” (Mathaio 28:19) Fa ba bodiwa gore moya o o boitshepo ke eng, baruti ba bantsi ba araba fela ka bonako jaana: ‘Moya o o boitshepo ke motho wa boraro wa Tharonngwe, o lekana ka ditsela tsotlhe le Modimo Rara le Morena Jesu Keresete.’

Lefa go ntse jalo, kgopolo eo e ne e sa dumelwe mo makgolong a sekae a kwa tshimologong ya Motlha ono wa rona O O Tlwaelegileng. Go tshwantsha: Mo e ka nnang makgolo a mararo a dingwaga morago ga loso lwa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, Gregory wa Nazianzus o ne a kwala jaana: “Bangwe ba akanya gore [moya o o boitshepo] ke maatla (energeia), bangwe ba akanya gore ke setshedi, bangwe ba akanya gore ke Modimo, ba bangwe ga ba kgone go dira tshwetso ya gore ke eng mo go tseno.”

Dikereke tse dintsi tsa Labodumedi gompieno di dumalana le kgopolo ya ba ba dumelang Tharonngwe kaga moya o o boitshepo. Mme a Bibela e tshegetsa seo? Kana a ke kgopolo fela e e thailweng mo ngwaong? Totatota, Bibela le ka motlha ga e ke e bua ka moya o o boitshepo ka tsela e e tshwanang le eo e buang ka Modimo kana ka Jesu ka yone. Ka sekai, mo Bibeleng, moya o o boitshepo ga o bidiwe ka leina lepe leo e leng la one.

A seo ke ntlhanyana fela e e senang mosola? Nnyaa, maina a botlhokwa thata mo Bibeleng. Modimo o ne wa gatelela kafa leina la one le leng botlhokwa ka gone fa o ne o bolela jaana: “Ke Nna Yehofa; ke yeona leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.” (Isaia 42:8) Botlhokwa jwa leina la ga Jesu Keresete bo ne jwa gatelelwa le pele a tsholwa fa moengele a ne a bolelela Maria jaana: “Me u tla mo raea leina, u re, YESU.” (Luke 1:31) Fa e le gore leina la ga Rara le leina la ga Morwa a botlhokwa jalo, ke ka ntlha yang fa moya o o boitshepo o sena leina le o bidiwang ka lone? Eleruri, ntlha eno fela ka boyone e tshwanetse ya dira gore motho a ipotse gore a totatota moya o lekana le Rara le Morwa.

Dikwalo le Moya O O Boitshepo

Dikwalo tsa Sehebera, kana “Tesetamente E Kgologolo,” di bua ka “mōea oa gago o o boitshèpō” le kaga “mōea [wa Modimo] oa me.” (Pesalema 51:11; Yoele 2:28, 29) Re bala gore motho a ka tlala moya o o boitshepo, o ka tla mo go ene, mme wa mo dikaganyetsa. (Ekesodo 31:3; Baatlhodi 3:10; 6:34) Karolo ya moya wa Modimo o o boitshepo e ka tsewa mo mothong yo mongwe mme ya tsenngwa mo mothong yo mongwe. (Dipalō 11:17, 25) Moya o o boitshepo o ka dira mo mothong, o mo dira gore a dire ditiro tse di sa kgonweng go dirwa ke motho.—Baatlhodi 14:6; 1 Samuele 10:6.

Re ka konela eng ka tsela e e utlwalang mo dipolelong tse di ntseng jalo? Eleruri ga re kake ra re moya o o boitshepo ke motho. Karolo ya motho yo mongwe e ka tsewa jang mo go ene mme ya newa yo mongwe? Mo godimo ga moo, ga go na bosupi jwa gore Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba leba moya o o boitshepo jaaka motho yo o lekanang le Rara fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng. Eleruri ba ne ba sa obamele moya o o boitshepo. Go na le moo, ba ne ba obamela Jehofa a le esi, ene yo Jesu ka boene a neng a mmitsa “Rara” le “Modimo oa me.”—Yohane 20:17.

Karolo ya Bibela e e bidiwang Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, kana “Tesetamente E Ntšha” fela jaaka tse di bidiwang Tesetamente e Kgologolo, di bolela gore moya o o boitshepo o ka ‘tlala’ mo mothong kana wa ‘nna’ mo go ene. (Ditihō 2:4; Luke 2:25-27) Moya o o boitshepo o ne o ‘newa,’ ‘o goromediwa,’ le go nna ‘neo.’ (Luke 11:13; Ditihō 10:45; Bahebera 2:4) Barutwa ba ne ba amogela “karolo nngwe” ya moya wa Modimo. (Ditihō 2:17, NW) Dikwalo gape di bua ka go kolobediwa ka moya o o boitshepo kana go tlodiwa ka one.—Mathaio 3:11; Ditihō 1:5; 10:38.

Dipolelo tse di ntseng jalo tsa Bibela di supa gore moya o o boitshepo ga se motho. Konelo eno e tlhomamisiwa ke fa re lemoga gore moya o o boitshepo o kwalwa le dilo dingwe tseo e seng batho. Ka sekai. Bibela e bolela gore Setefane o ne a ‘tletse tumelo le moya o o boitshepo.’ (Ditihō 6:5) Gape moaposetoloi Paulo o ne a ipolela e le modihedi wa Modimo “mo boitshekoñ, le mo kicoñ, le mo go ichokeñ, le mo bopelonomiñ, le mo Moeeñ o o Boitshèpō, le mo loratoñ lo lo sa itimokanyeñ.”—2 Bakorintha 6:4-6.

Go boammaaruri gore ka dinako dingwe Bibela e bua ka moya o o boitshepo jaaka ekete ke motho. Ka sekai, Isaia o ne a bolela gore batsuolodi bangwe ba ne ba ‘utlwisa moya o o boitshepo wa Modimo botlhoko.’ (Isaia 63:10) Paulo o ne a bolela gore o ne o ka ‘hutsafadiwa.’ (Baefesia 4:30) Mme dikwalo di le mmalwa di bolela gore moya o o boitshepo o a ruta, o a kaela, o a bua, ebile o naya bosupi. (Yohane 14:26; 16:13, 14; 1 Yohane 5:7, 8) Mme Bibela e bua gape ka dilo tse di sa tsheleng jaaka ekete ke batho, jaaka botlhale, loso, le boleo. (Diane 1:20; Baroma 5:17, 21) Eno ke tsela nngwe e e nonofileng eo ka nako nngwe Dikwalo di tlhalosang kgang ka yone.

Gompieno, re bua ka mokgwa o o tshwanang ka Bibela fa re bolela gore e bolela jaana ka sengwe kana e ruta thuto nngwe jaana. Fa re dirisa dipolelwana tse di ntseng jalo, ga re kaye gore Bibela ke motho, a ga go jalo? Bibela le yone ga e reye gore moya o o boitshepo ke motho fa e dirisa dipolelwana tse di tshwanang.

Jalo he, moya o o boitshepo ke eng? Ga se motho. Go na le moo ke maatla a a dirang a Modimo ao a a dirisang go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. (Genesise 1:2) Mme moya o o boitshepo o ama matshelo a rona jang? Mme go dira ga one go ka re solegela molemo ka namana jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela