LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/1 ts. 25-29
  • Go Itshoka ka Boitumelo kwa Botlhaba Gare

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itshoka ka Boitumelo kwa Botlhaba Gare
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • “Letlhakore Le Le Siameng”
  • “Leina la ga Jehofa le Ne la Boloka Botshelo jwa Me”
  • “Tlhokomelo ya ga Jehofa E Ne ya Re Dikaganyetsa”
  • Thuso ya fa go Tlhagile Kotsi E A Bonala!
  • “Lo Batho ba Mofuta Mang?”
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/1 ts. 25-29

Go Itshoka ka Boitumelo kwa Botlhaba Gare

Pego e e amang maikutlo eno e tswa kwa Basuping ba ga Jehofa kwa Lebanon

NGWAGA wa rona wa tirelo wa 1990 mo Beirut o ne wa simolola ka go thuntshiwa go gontsi ga dibomo. Morago go ne ga ritibala go tloga ka September 1989 go fitlha ka January 1990.

Mo dikgweding tseo go ne ga begiwa tlhora e ntšha ya baboledi ba le 2 659 (ka November), fa e bapisiwa le 2 467 ya ngwaga wa tirelo wa 1989. Go ne ga kolobediwa batho ba le 44, mme kgwedi nngwe le nngwe go ne go na le palogare ya batho ba le 65 bao ba neng ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang. E ne e le la ntlha go begiwa dithuto tsa Bibela tse di fetang 2 000, mme re ne ra simolola go akanya ka seo se ka fitlhelelwang mo isagweng.

Mme ntwa e ne ya tlhagoga gape mo Beirut Botlhaba, koo bontsi jwa diphuthego bo leng gone, mme bontsi jwa bakaulengwe ba rona bo ne jwa tshwanela go tshabela kwa dikarolong tse dingwe tsa naga. Re ne ra se ka ra kgona go buisana le ope wa batho ba ba mo diphuthegong tse di mo mafelong a a amegileng ao ka malatsi a le mantsi, mme dipego tsa tirelo ya tshimo di ne di tla di sa felela. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ba neng ba faletse le naga bao ba ne ba kopanela le diphuthego tsa mafelo ao ba neng ba tshabetse kwa go one, mme tiro ya ka ntlo le ntlo e ne ya tswelela e ntsha maungo a a molemo tota go ralala naga. Ka nako e e tshwanang bontsi jwa magae a bakaulengwe ba rona bo ne jwa tshubiwa kana jwa senngwa ke go thunya ga dibomo. Go ne ga swa kgaitsadi a le mongwe.

Re ne ra lebelela kwa go Jehofa re solofetse gore o tla re thusa le go re kaela. Babulatsela ba ba pelokgale ba ne ba isetsa bakaulengwe ba rona ba ba mo mafelong a a dikaganyeditsweng bao dilo tsa semoya, mmogo le dijo le metsi. Ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing ka go tsamaya ka ditsela tseo di neng di epetswe dibomo gonne ba ne ba tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa le bakaulengwe ba bone. Go ne ga neelwa bosupi jo bo molemo fa batho ba ntse ba bona thuso e e neng e amogelwa ke malapa a bakaulengwe ba rona. Ba ne ba bona seo lorato lwa mmatota lo ka se dirang fa batho botlhe ba utlwana mo kobamelong ya Modimo o o osi wa boammaaruri, Jehofa.—Yohane 13:34, 35; 15:13.

Mo ngwageng oo wa tirelo, bakaulengwe ga ba ise ba ko ba fetwe ke tokololo epe ya dimakasine tsa rona. Jaaka go ne go setse go ntse ka Tora ya Tebelo, makasine wa Tsogang! wa Searabia o ne wa simolola go gatisediwa gongwe le wa Sekgoa, go simolola ka January 8, 1990. Basupi le batho ba ba kgatlhegang ba ne ba itumela tota. Go ne go itumedisa gape go bona dikgatiso tse disha tsa Searabia, jaaka boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? le dibuka Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.

Dimpho tseno tsa semoya di ne tsa bonwa lemororo difeketeri tse dintsi le mafelo a mangwe kwa Beirut di ne tsa tswalelwa. Itsholelo e maswe thata mo nageng yotlhe. Mafelo a mantsi ga a na motlakase, metsi, kana difouno tse di ka dirisiwang. Jaanong, a bangwe ba bakaulengwe ba rona ba bolele kafa ba neng ba bona boitumelo ka gone fa ba ntse ba dirisana le mathata a ntwa e e sa bolong go nna e lowa ka dingwaga tse 15.

“Letlhakore Le Le Siameng”

Mokaulengwe mongwe wa kwa Beirut o kwala jaana: “Sa ntlha, ke leboga Jehofa tota go tswa mo pelong gonne o ne a re boloka re babalesegile mo phuthegong ya gagwe ya kobamelo e e itshekileng go sa kgathalesege maemo a a bokete a re neng ra lebana le one. Mo ditiragalong tsa bosheng, ke ne ka diragalelwa ke dilo dingwe tse di neng tsa intumedisa, mme ke di leba jaaka letlhakore le le siameng la ntwa.

“Fa go ne go thuntshiwa thata, re ne re nna le baagelani ba rona mo ditepising, ereka e le lone lefelo le le babalesegileng fa go thuntshiwa. Re ne re tlhola re bua le bone kaga Bogosi jwa Modimo gore ke jone fela tharabololo ya mathata a batho, le go nna ka metlha re rapela Modimo wa rona, Jehofa. Seno se ne se itsiwe ke botlhe.

“Ka dinako tse dingwe go ne go tsaya malatsi go ntse go thuntshiwa, ka gone re sa kgone go ya kwa dipokanong. Ka jalo ke ne ke tla le makasine wa Tora ya Tebelo mme ke o bala fa ke ntse ke ntse mo ditepising. Seo se ne sa tsosa kgatlhego ya baagelani ba rona. Bangwe ba bone ba ne ba se ka ba bua le rona gonne re ne re le Basupi ba ga Jehofa. Mme fa ntlo ya rona e sena go itewa ke bomo, ba ne ba gakgamadiwa ke lorato lo bakaulengwe ba rona ba neng ba lo bontsha. Jaanong ba ne ba batla go bua le rona. Seo se ne sa re kgonisa go ba direla dipeeletso tsa Tsogang!

“Maitemogelo ano a ne a ntira gore ke nne ke iketleeleditse go bua ka boammaaruri. Jehofa o tshwanelwa ke kobamelo le tlotlo le kgalalelo yotlhe e e tswang mo go rona.”

“Leina la ga Jehofa le Ne la Boloka Botshelo jwa Me”

Mokaulengwe mongwe go tswa kwa Phuthegong ya Ras Beirut o anela jaana: “Nna, mosadi wa me le basimanyana ba rona ba babedi, re ne ra simolola bodihedi jwa ka ntlo le ntlo mo karolong e e kafa bophirima ya Beirut. Mo thapameng, re ne ra nna le pokano e e tshwarwang ka puo ya Sekgoa mo legaeng la rona. Go ne go setse go le lefifi ka 6:30 p.m. Batho ba ba neng ba le mo mmileng e ne e le banna ba ba neng ba tshotse dibetsa. Dibomo di ne di thunya. Bontsi jwa ba ba neng ba nna mo bonnong jwa matlhatlaganyane jo re neng re nna mo go jone bo ne bo tshabile. Go ne go sena metsi le motlakase. Morago re ne ra utlwa mongwe a kokota kwa mojako.

“Mosadi wa me o ne a bula ka re ne re akanya gore gongwe ke mongwe wa baagelani ba rona a tlile go kopa metsi kana senkgwe. Go ne go eme banna ba le banè ba ba tshotseng dibetsa foo. Ba ne ba supa mosadi wa me ka dithunya tsa bone mme ba mmotsa gore ke kwa kae ba mpitsa ka leina. Mo bekeng eo banna bangwe ba le robong ba ne ba tserwe kwa magaeng a bone ka tsela eno mme ba bolawa fela ka bonako. Fa banna ba ba tshotseng dibolao bano ba mpona, ba ne ba ntshupa ka dithunya tsa bone tsa otomatiki mo tlhogong mme ba ntaela gore ke tsamaye le bone. Ke ne ka ba bolelela jaana: ‘Ke tla tsamaya le lona. Mme mma ke apare pele.’ Ke ne ka rapela Jehofa ka pelo yotlhe ya me ke kopa gore a nthuse. Fa ke fetsa go rapela, ke ne ka ikutlwa ke ritibetse mme ka simolola go leba banna bano ba ba tshotseng ditlhobolo le ba ba boifisang bano jaaka batho fela ba ba tlwaelegileng. Ke ne ke kgona go bua le bone fela ke sa boife.

“Ke ne ka ba botsa jaana: ‘Lo batla eng mo go nna? A re bueng go le gonnye pele re tswa mo ntlong.’ Fa re tsena mo kamoreng ya bonno, moeteledipele wa bone o ne a mpotsa jaana: ‘A o na le tshwanelo ya go tsena mo matlong le go rerela batho?’ Ke ne ka araba jaana: ‘O tsamaya o tshotse sethunya mme mongwe le mongwe o dira fela jaaka wena o batla, mme botlhe ba a go thibogela. Ke tsamaya ka mafoko a a molemo a kagiso ao Jesu a re laetseng gore re a bolelele ba bangwe.’ Go tloga foo ke ne ka tlhalosa seo Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang le tiro ya bone. Fela fa ke sena go umaka leina Jehofa, ba ne ba bolela jaana: ‘Re tla go botsolotsa fela fano. Ga go tlhokege gore re go tseye o tsamaye le rona.’ Go lebega mongwe wa bone a ne a tlwaelane le mokaulengwe mongwe. O ne a bolela jaana: ‘Yono o tshwana le Jarjoura.’

“Re ne ra rerela banna ba ba tshotseng dithunya bao mme ra araba dipotso tsa bone ka lobaka lwa oura le sephatlo. Ka gone, go na le gore ba ntseye ba ntsenye mo terankeng ya koloi ya bone jaaka ba dirile ka ba bangwe, ba ne ba kopa maitshwarelo, ba nkatla, ba bolela gore ba tla nthusa fa ke tlhoka thuso, ba bo ba tsamaya. Ka nako yotlhe eno ke ne ke utlwa gore Jehofa o ntshireleditse. Go nna le seabe mo tirong ya go rera mo mosong oo le go ya kwa dipokanong mo thapameng eo go ne go nnonotshitse gore ke eme ke tiile. Ka boammaaruri leina la ga Jehofa le ile la boloka botshelo jwa me.”—Diane 18:10.

“Tlhokomelo ya ga Jehofa E Ne ya Re Dikaganyetsa”

Mokaulengwe mongwe o kwala jaana go tswa kwa Beirut: “E ne e le ka Laboraro, January 31, 1990. Ntwa e ne ya simolola fa ke ne ke dira le morwarre kwa ntlong ya kgaitsadi mongwe. Dibomo di ne di thunya gongwe le gongwe. Re ne re sa kgone go boela gae gonne ntwa e ne e le maswe thata. Kgaitsadi yono o ne a re tshola tota lemororo a ne a na le dinkgwenyana di sekae fela.

“Ke ne ke tshwenyegile thata ka mosadi wa me gonne e le Mofilipine mme a sa tlwaela thubakanyo ya ntwa. Lefa go ntse jalo, ke ne ka kgona go ya gae mo letsatsing la bobedi. Mmila o ne o thibilwe ke mekoakoa ya difenitšhara mme ke leboga Jehofa ka balelapa la me ba ne ba bolokesegile. Morago ga go didimala ka lobakanyana go ne ga simololwa go thuntshiwa gape. Re ne ra iphitlha mo ntlong ya mokaulengwe mongwe gaufi le rona. Re ne re le batlhano koo—mosadi wa me, morwaake wa dingwaga tse pedi, morwarre, le mosadi wa gagwe. Dibomo, dikanono, le dirokete di ne tsa wela mo matlhakoreng otlhe a rona, mme Jehofa o ne a re sireleditse. Go ne ga feta malatsi a le mabedi go ntse go thuntshiwa thata jalo, fa re ntse re patlame jalo fa fatshe re ntse re tsenwa ke mosi wa dibomo mo dinkong.

“Fa re ntse re reeditse modumo wa dithunya, re ne ra gakologelwa mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 18:1-9, 16-22, 29, 30. Re ne re ntse re itumetse ebile re kgona go nyenya, ka dinako tse di bokete tseo le ka nako ya fa dilo tsotlhe di ntse di diragala. Re ne ra rapela Jehofa gore fa re ka swa re swe fela re sa bogisega. Tsholofelo ya rona ya tsogo ya baswi e ne e nonofile tota.

“Re ne re sa kgone go dumela se re se bonang mo letsatsing le le latelang. Go ne go thuntse dibomo tse di ka nnang 25 gaufi le ntlo e re neng re iphitlhile mo go yone, mme go ne go se ope wa rona yo a neng a gobetse. A o ka akanya gore re ne ra ikutlwa jang fa re ne re utlwa gore Jehofa o ne a re sireleditse? Mo mosong o o latelang re ne ra swetsa ka bonako fela gore re tshabe. Koloi ya me e ne e le yone fela e e neng e sa tshubiwa. Ke ne ka kgweetsa mo gare ga dibomo tse di epetsweng le dibomo tse dingwe, mme ke leboga Jehofa go bo re ile ra kgona go tshabela kwa lefelong leo le neng le ritibetse go le gonnye go gaisa la rona. Fa re le koo, bakaulengwe ba rona ba ne ba re naya diaparo, dijo, le madi.

“Re ne re itumetse gonne Jehofa o ne a na le rona, go sa kgathalesege mathata ano otlhe. Go ne go ntse jaaka ekete o ne a romile baengele ba gagwe go faposa dibomo tseo mo go rona. (Pesalema 34:7) Ee, re ne re itumetse tota. Mme boitumelo jwa rona bo tla oketsega morago ga Hara-Magedona.”

Thuso ya fa go Tlhagile Kotsi E A Bonala!

Mafelo a mangwe mo Beirut a ne a lebega jaaka ekete a tlhagetswe ke thoromo ya lefatshe. Bontsi jwa matlo a bakaulengwe ba rona a ne a tshubilwe kana a sentswe. Fa ntwa eno ya bosheng e ne e simolola, Komiti ya Lekala e ne ya tlhoma komiti e e neng e tla thusa mo dikotsing tseno go tlhokomela bakaulengwe ka tseo ba di tlhokang. E ne ya simolola go dira ka February 16, 1990, fela ka nako ya fa kgabagare re setse re tla kgona go ya kwa mafelong a a amilweng ke seo. Boikaelelo jwa komiti eno bo ne bo imenne gararo: go kgothatsa bakaulengwe semoyeng; go ba naya madi, dijo, le metsi jaaka ba di tlhoka; le go ba thusa go baakanya le go aga matlo a bone sesha.

Go ne go sa tlhokege gore go bidiwe baithaopi. Moso wa letsatsi le lengwe le le lengwe go ne go tla batho ba bantsi go tla go thusa. Dikakgelo dingwe tsa bao ba neng ba thusiwa ke tseno:

Kgaitsadi mongwe o ne a bolela jaana fa ntlo ya gagwe e ntse e phepafadiwa le go baakanngwa: “Ke ne nkile ka utlwa kafa bakaulengwe ba thusang ka gone fa go tlhagile kotsi. Jaanong ke a e bona ebile ke a e utlwa.” Mosadi mongwe wa Momoselema yo a bapileng le kgaitsadi yono o ne a mo raya a re: “Ruri lo a ratana. Bodumedi jwa gago ke jone jo bo siameng. Jaanong ke tsile go sianela kwa motseng o ke tswang kwa go one mme ke tlile go bolelela mongwe le mongwe se lo se dirang fano.” Moagelani yono o ne a tlisetsa badiri ba baithaopi dijo.

Kgaitsadi mongwe yo o godileng o ne a akgela jaana: “Ke ne ke ntse ke lebeletse gore lo tla nketela, mme ke ne ke sa itse gore Mokgatlho o tla romela mongwe gore a ntlisetse metsi.” O ne a lela fa a ntse a atla mokaulengwe yo a neng a tlile go mo thusa.

Lelapa lengwe la batho ba bararo—monna le mosadi bao e neng e le baboledi ba ba sa kolobediwang le mosimanyana wa bone—ba ne ba etelwa mme ba fiwa lebokoso le letona la mashi, senkgwe, metsi a a nowang, le madi. Fa ba ne ba bolelelwa gore Basupi ba ga Jehofa ke bone ba ba dirileng thulaganyo eno, monna yoo o ne a re: “Ke ne ke le mo Kerekeng ya Evangelical ka dingwaga di le 11 ebile ke le tlhaga tota. Mme mo dingwageng tse 15 tseno tsa ntwa mo Lebanona ga ba ise ba ko ba akanye go direla maloko a bone sengwe se se tshwanang le seno.” O ne a tswelela jaana: “Eleruri eno ke yone phuthego fela ya Modimo.” Monna yoo le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa kwa kopanong ka May 1990.

Mogolwane mongwe o ne a akgela jaana: “Re tlhaelelwa ke mafoko go bolela kafa re lebogelang ditiro tsa lona tsa lorato tseo lo di diretseng bakaulengwe ba ba neng ba le mo pitlaganong. Ke ne ka kgatlhega tota mo ke neng ka lela fa ke bona setlhopha sa bakaulengwe ba babotlana ba baithaopi ba aga ntlo ya batsadi ba me sesha. Baagelani ba rona bao eseng Basupi le bone ba ne ba bolela fa ba itumelela seno. Re leboga Jehofa le phuthego ya gagwe eleruri ka ntlha ya thuso e e bonalang eo ba neng ba e re naya. Abo mafoko ano a mopesalema a a mo go Pesalema 144:15 a le boammaaruri jang ne: “Go segō chaba e Modimo oa eōna e leñ Yehofa.”

“Lo Batho ba Mofuta Mang?”

Kgaitsadi mongwe yo o nang le lelapa o ne a kwala jaana: “Ke rata go bolela kafa ke lebogang tota ka gone lorato lwa ga Jehofa le phuthego ya gagwe. Ntlo ya me e ne ya itewa ke dibomo tse dintsi ya bo ya sha. Ba bantsi ba ne ba re bolelela gore ga e kake ya baakanyega. Lefa go ntse jalo, ke eno e eme e baakantswe sentle fela jaaka ekete ga e ise e diragalelwe ke sepe, e dikologilwe ke makgolokgolo a matlo a a tshubilweng le a a sentsweng mo mmileng ono wa rona.

“Baagelani ba rona bao eseng Basupi ba ga Jehofa ba botsa jaana: ‘Lorato lo lo kana kana lo lo tswa kae? Lo batho ba mofuta mang? Ke bomang batho ba ba dirang ka botlhaga jaana ba sa tsose modumo ebile ba itshwere sentle? A go bakwe Modimo o o lo neileng lorato lono le moya wa go intsha setlhabelo.’ Abo mafoko ano a a mo go Pesalema 84:11, 12 a tshwanela jang ne: “Gonne Yehofa Modimo ke letsatsi le thèbè; o tla aba tshegōhaco le kgalalèlō; ga go na sepè se se molemō se o tla ganañ ka shōna mo go ba ba tsamaeañ ka thōkgamō. Yehofa oa mashomōshomō, go segō motho eo o ikantseñ mo go wèna.”

Monna mongwe yo mosadi wa gagwe le bana e leng Basupi ba ga Jehofa o ne a kwala jaana: “Ke rata go lo leboga ka lo thusitse go baakanya ntlo ya rona. Tiro ya lona e supa fa lo na le lorato lo lo tswang mo pelong tota lwa Bokeresete lo lo seng gone mo malatsing ano. A Modimo o segofatse tiro ya lona.”

Mogolwane mongwe o ne a bolela jaana fa ntlo ya gagwe e sena go baakanngwa: “Melomo ya rona ga e kgone go tlhalosa se se leng mo dipelong tsa rona. Ga re kgone go bona mafoko a go lo bolelela kafa re lebogang Jehofa le phuthego ya gagwe ka gone. Re ne re utlwa gore Jehofa o gaufi le rona mo masetlapelong ano. Lorato lwa lona lo tlhotlheleditse maloko otlhe a lelapa la me go thusa ba bangwe fa ba tlhoka.”

Ka April batho ba le 194 ba ne ba itumelela tiro ya bobulatsela jo bo thusang kwa Lebanon. Mo bosigong jwa Segopotso go ne go ritibetse go na le mo masigong a mangwe, mme go ne ga tla palogotlhe ya batho ba le 5 034 kwa Segopotsong. Dikopano tsotlhe tse di neng di rulagantswe di ne tsa tshwarwa mme palogotlhe ya batho ba ba neng ba kolobediwa mo ngwageng oo e ne e le 121, go sa kgathalesege tlhakatlhakano eo e neng e le mo nageng eo. Malapa a mantsi mo diphuthegong a ne a tswa mo nageng mme a tsamaela ruri. Mme bao ba sa tswang go kgatlhega bosha ba tswelela pele go ya go kolobediwa, mme baboledi ba Bogosi ba le 2 726 ba tswelela pele ba gola ka palo. Mo ngwageng wa tirelo wa 1990, batho ba ga Jehofa ba ba mo Lebanon ba ne ba itemogela gore Jehofa o a ikanyega le gore o ne a re tlhokomela tota le go re etelela pele mo dinakong tseno tsa dikhuduego.—Pesalema 33:4, 5; 34:1-5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela