Go Tlhomelelwa Tiro ya Borongwa mo Dingwageng tsa Bo 1990
TIRELO ya borongwa e bulegelwa ke motlha o mosha. Basupi botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tlhagafaletse go gatela pele go dira tiro e kgolwane gonne ba bona dikgoro tsa ditshiamelo tse di oketsegileng di bulega mo mafelong a mantsi a masha.
Baithuti ba ba 24 ba mophato wa bo 89 wa Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watchtower ba ne ba tla kwa thulaganyong ya baalogi ka September 9, 1990 ba lebeletse pele jalo ka botlhaga. Bareetsi ba ba fetang 5 000 bao e neng e le baeng ba ba neng ba laleditswe le maloko a lelapa la Bethele ba ne ba kokoanetse kaloso eo ya barongwa ba basha bano, bao ba neng ba setse ba amogetse dikabelo tsa bone tsa go ya kwa dinageng di le lesome. Thulaganyo eno e e neng e tshwaretswe kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Jersey City, kwa New Jersey, e ne ya utlwiwa gape ke bao ba neng ba kokoane kwa Bethele ya kwa Brooklyn, Watchtower Farms, le Watchtower Educational Center e e kwa Patterson, kwa New York.
Ka bonako fela ka 10:00 a.m., Theodore Jaracz leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa yo ebileng e ne e le ene modulasetilo wa letsatsi leo, o ne a itsise pina e e simololang. Morago ga yone, go ne ga rapela Arthur Worsley wa lelapa la Bethele kwa Brooklyn. Modulasetilo o ne a tlotla ka Ditihō 10:33, koo molaodi wa mephato ya Roma Korenelio a neng a raya Petere a re: “Re hano rotlhe ha pele ga Modimo, gore re utlwè dilō cotlhe tse u di laolecweñ ke Morèna.” Go ne ga umakiwa gore ditiragalo tse di itsegeng thata tse di neng tsa diragala mo motlheng wa ga Petere di ne di tla bulela mafoko a a molemo tsela ya gore a bolelwe mo bathong ba merafe yotlhe.
Philip D. Wilcox go tswa kwa Watchtower Farms o ne a neela puo ya ntlha ya tse supa tseo di neng di tlhotlheletsa thata. A dirisa Bafilipi 4:7, setlhogo sa gagwe se ne se re “A Kagiso ya Modimo E Lo Thuse mo Dikabelong ya Lona.” O ne bolela jaana: “Jehofa Modimo ke Motswedi wa kagiso yotlhe ya boammaaruri. O ipelela kagiso e e feletseng, kana e e tletseng mme ga a ke a tshwenyega ka gope mo maikutlong, a boifa, kana tlhaloganyo ya gagwe e sa iketla. Go felela ka gore go nne le thetebalo le kagiso mo bonnong jo bo galalelang jwa setulo sa ga Jehofa sa segosi, jaaka go supiwa ke mola wa godimo o o botala jwa emeraleda mo ponatshegelong e e neng ya bonwa ke Johane. (Tshenolō 4:2, 3) Kagiso ya gagwe e ya mo go botlhe ba bangwe bao ba tla mo letlang gore a ba thuse. A o tla mo letla?” Mokaulengwe Wilcox o ne a bua ka dilo tse pedi tsa botlhokwa tse di thusang, eleng thapelo le go batla go lebelela mo go Jehofa. (Mika 7:7; Bafilipi 4:6) O ne a tlhokomedisa gore Modimo ga o kake wa letla sepe seo se ka re gobaletsang ruri.
Lloyd Barry, leloko la Setlhopha Se Se Laolang, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Nna O Ntse O Nyenya.” O ne a simolola ka sekapuo se se reng, “Loso logolo ke ditshego.” O ne a gakologelwa sekapuo seo gonne e ne e le setlhogo se se neng se kwadilwe kafa ntle mo tokololong ya ntlha ya Awake! ya puo ya Sejapane bogologolo ka 1955. Mme ke setshego sa mofuta ofe? Eseng “ditshègo tsa seleele” tsa go thathanyega tse di senang tlhaloganyo. (Moreri 7:6) Go na le moo, ke setshego sa boitumelo se se ritibetseng sa barongwa le ba bangwe bao ba arabelang taletso ya ga Dafide ya go ‘itumela mo go Jehofa’ ka metlha. (Pesalema 32:11) Mokaulengwe Barry o ne a tlhokomela gore lemororo Jobe a ne a nna le diteko tse di botlhoko thata, o ne a nna a ntse a tshega, gonne o ne a itse gore o ne a bolokile bothokgami mo Modimong. Barongwa ba ba ikanyegang lemororo ba ntse ba diragalelwa ke dilo tse di lekang thata tse di tshwanang le tse di neng tsa diragalela Jobe ba tla amogela masego a magolwane kwa bokhutlong. (Yobe 29:24; 42:12) Sebui se ne sa konela jaana: “Nnang lo dira tota, nnang lo nyenya, mme le lona lo tla amogela monyenyo wa bosakhutleng wa go amogelwa ke Jehofa.”
Sebui se se latelang e ne e le Richard E. Abrahamson, yo a neng a tlhophile setlhogo se se neng se thailwe mo go Bafilipi 4:5 se se neng se re “A Boiphapaanyo jwa Lona Bo Itsiwe mo Bathong Botlhe.” Go ya ka lefoko la Segerika, lefoko “boiphapaanyo” le ka akantsha go “ineela.” Barongwa ba bangwe ba ne ba nna le mathata fela ka ntlha ya go rata dilo tse di rileng le go se rate dingwe tse di rileng. Yo mongwe o ne a gakgamadiwa ke kafa morongwa ka ene a neng a sega tšhisi ka gone fa baa ja. Morago ga go direla ka dingwaga tse di fetang 22 yo a neng a gakgamala yoo o ne a lemoga gore bontsi jwa mathata bo simololwa ke dikgang tse kwa bokhutlong tota di sa feleleng ka sepe se segolo jaaka kafa mongwe a segang tšhisi ka gone. Sebui se ne sa gakolola jaana: “Ithuteng go fetoga le maemo, jaaka setlhare fa go na le sefefo. Lo ka bona melemo e mentsi fa lo ikoba, jaaka go kgona go itshokela diteko botoka le go nna mo dikabelong tsa lona lo na le kagiso ya mogopolo.”
Milton G. Henschel, wa Setlhopha Se Se Laolang, o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “Kgoro E Kgolo ya Tiro E Butswe.” Mokaulengwe Henschel o ne a umaka gore Jesu o ne a rata batho, a ba utlwela botlhoko, mme a ba ruta dilo tse dintsi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakorintha a le kwa Efeso a re: “Ke bulecwe kgōrō e kgolo gōna, le e go nañ le tihō mo go eōna, me go na le baganetsi ba le bantsi.” (1 Bakorintha 16:8, 9) Go sa kgathalesege kganetso eno, Paulo o ne a ruta mo lefelong la metshameko la ga Turano ka dingwaga di le pedi, mo e leng gore molaetsa wa Bogosi o ne wa itsiwe go ralala kgaolo yotlhe ya Asia. (Ditihō 19:9, 10) Kgoro e e butsweng e ne ya dira gore a atlege mo go rereng. Phuthego ya kwa Efeso e ne e santse e le gone kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga.—Tshenolō 2:1-7.
Jack D. Redford, motlhatlheledi wa Gileade, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Nnang Lo Itlhatlhoba Se Lo Leng Sone.” (2 Bakorintha 13:5) Barongwa ba Gileade ba ile ba simolola ditshimo tse disha le go nonotsha diphuthego tse di neng di setse di tlhomilwe, ba itshoka tota le go lwa kgatlhanong le diteko tseo Diabolo a di ba leretseng go ba faposa. Mme go na le ba basha ba ba ntseng ba tsena. Mokaedi yono o ne a bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone gore motho a nne a leke tumelo ya gagwe a dirisa maitemogelo a mabedi a a tlhomologileng. Morongwa mongwe o ne a latlhegelwa ke tshiamelo ya gagwe fa a sena go itlhokomolosa ka boikgodiso kgakololo ya gore o ne a tsaya tsela e e phoso. Go farologana le seo, yo mongwe o ne a nna mo kabelong ya gagwe a itumetse, lemororo mo dikgweding tsa gagwe tse tharo tsa ntlha a ne a bopama mo go neng go setse one marapo fela ka ntlha ya bolwetsi joo gape bo neng jwa dira gore moriri wa gagwe o foforege a bo a se tlhole a utlwa sentle. O santse a le gone koo ka dingwaga tse 42 morago ga foo mme o ile a thusa batho ba le 156 gore ba ineele ba bo ba kolobediwe ka go ithuta le bone Bibela. Mokaulengwe Redford o ne a konela jaana: “Lwang kgatlhanong le Diabolo, mme o tla lo tshaba. Lo se ka lwa dira go ya kafa a lo raelang ka gone. Nnang lo itshupa se lo leng sone. Jehofa o tla lo tlhokomela.”
Morago, motlhatlheledi yo mongwe, Ulysses V. Glass o ne a bua ka setlhogo se se reng “Botlhale Bo Na le Ba Ba Ikokobetsang.” (Diane 11:2) O ne a dirisa tshupanako ya seatla e e nang le magala a maatla a one a tladiwang ke letsatsi go supa gore lesedi la Lefoko la Modimo le ka re tshola re ntse re “tletse maatla.” “Mme,” o ne a bolela go re, “kitso e le nosi ga e neye botlhale. Modimo o batla gape gore re ikokobetse.” (Mika 6:8) Boikokobetso bo tla dira gore re boife Modimo, mme “go boiha Yehofa ke tshimologō ea botlhale.” (Diane 9:10) Ka boammaaruri, re tshwanetse go ipaya mo seemong se se rileng; go ka nna kotsi fa re ikatlhola ka borona gore ga re sepe. Jehofa o neile ba bangwe dikgono tse di kgethegileng, jaaka a ne a dira fa go ne go agiwa motlaagana, mme go tshwanetse ga tlhagolelwa boikanyegi fa go ikokobediwa. “Mo nakong ya fa lo ne lo rutiwa,” Mokaulengwe Glass o ne a bolelela mophato oo jaana, “lo ne lwa itshupa gore lo ka ikanngwa le go tlotliwa. Supang boikanyegi jo bo tshwanang mo dikabelong tsa lona, mme Modimo o tla lo segofatsa.”
Albert D. Schroeder, wa Setlhopha Se Se Laolang, o ne a neela puo ya setlhogo se se reng “Go Tlhomelelwa Tiro ya Borongwa Sentle mo Dingwageng tsa Bo 1990.” O ne a simolola jaana: “Dingwaga tsa bo 1990 di setse di simolotse ka modumo o mogolo. Merafe e mentsi ya kwa Botlhaba jwa Yuropa e tshikintswe. Lobota lwa Berlin lo ne lwa bulwa dikgwedi di sekae tse di fetileng. Setlhogo se segolo sa The New York Times se ne se re: ‘August 1990, Kgwedi E E Tshikintseng Lefatshe.’ Ka jalo, lona baalogi lo tshela mo motlheng oo dilo di tshikinngwang mo go one. A dikgwedi tse tlhano tse lo ithutileng ka tsone di lo baakanyeditse seno sentle? Ee, ruri!” Morago o ne a umaka dingwe tsa dikarolo tse di thusang tsa New World Translation of the Holy Scriptures—With References le kafa go e ithuta go dirang gore Lefoko la Modimo le dire ka gone. Nngwe ya didirisiwa tse di neng tsa tlhomelela baithuti ke “All Scripture Is Inspired of God and Beneficial,” ka tokololo ya yone ya 1990 e jaanong e kwadilweng sesha. Kgatiso ya bosheng Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo le yone e tshwanetse go nna thuso e e nonofileng tota mo barongweng. Mokaulengwe Schroeder o ne a konela jaana: “Jalo he, bakaulengwe, lebogelang Jehofa, thuto ya tlhwatlhwa e e ka se kang ya lekanngwa eo lo e boneng—thuto e e nonofileng tota e e ka se kang ya tshikinngwa. Tsamayang Jehofa a lo segofatse mme lo mo ikanye ka botlalo ene mmogo le Moeteledipele wa rona yo o molemo tota, Jesu Keresete. Mafoko a re nang le one mo Dikwalong eleruri a tlhotlheleditswe mme a tla lo kaela le go lo ruta mo tirong ya lona ya borongwa.”
Go ne ga balwa ditumediso tse di tswang kwa dinageng di le 11. Baithuti ba ne ba amogela dipoloma tsa bone, mme mongwe wa bone o ne a balela Setlhopha Se Se Laolang le lelapa la Bethele lokwalo lo lo omosang pelo tota.
Thulaganyo ya mo thapameng e ne ya akaretsa thuto e e sobokantsweng ya Tora ya Tebelo, e e neng e tshwerwe ke David L. Walker, yo e leng leloko la Komiti ya Watchtower Farms. Morago ga foo baithuti ba ne ba dirisa setlhogo se se tlhotlheletsang tota se se reng “Maatla A Thapelo mo go Rereng” fa ba ne ba supa maitemogelo a tshimo. Phuthego ya mo lefelong leo e ne ya tshameka terama e e reng Ba Lomololetswe go Goletsa Kobamelo ya Boammaaruri, e e neng e thailwe mo go boeleng ga ga Esere kwa Jerusalema go ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Mookamedi wa Sekolo sa Gileade, Mokaulengwe Frederick W. Franz o ne a konela ka thapelo e e amang maikutlo tota.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Setlhopha sa bo 89 Se Se Alogang sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa kwa Gileade
Mo lenaaneng le le fa tlase leno, mela e balwa go tswa fa pele go ya kwa morago, mme maina a kwadilwe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng mo moleng mongwe le mongwe. (1) Ahr, K.; Johnston, L.; Ng Ying Kin, V.; Sukkau, A.; Rodriguez, A.; Myklebust, N. (2) Ahr, H.; Verbeek, P.; Verbeek, K.; DeBolt, S.; DeBolt, S. (3) Sukkau, W.; Ayala, L.; Ayala, S.; Jenson, R.; Ng Ying Kin, J.; Myklebust, T. (4) Rodriguez, C.; Ferlisi, G.; Ferlisi, L.; Tank, J.; Jenson, K.; Tank, J.; Johnston, P.