LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 2-15
  • ‘Se Segolo mo go Tseno Ke Lorato’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Se Segolo mo go Tseno Ke Lorato’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mefuta E Menè ya Lorato
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Lo le Logolo go Gaisa Tumelo le Tsholofelo?
  • A Lo Logolo go Feta Botlhale, Tshiamiso, le Maatla?
  • Le Legolo go Gaisa Maungo Otlhe A Moya
  • Se Lorato (Agape) E Seng Sone le Se Lo Leng Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 2-15

‘Se Segolo mo go Tseno Ke Lorato’

“Me yana go sala tumèlō, le cholohèlō, le loratō, boraro yo; me se segolo mo boraruñ yo ke loratō.”—1 BAKORINTHA 13:13.

1. Moithuti mongwe yo o ithutang ka tlholego ya ditshedi o ne a bolela eng ka lorato?

MOITHUTI mongwe wa maemo a a kwa godimo yo o ithutang ka tlholego ya ditshedi o ile a bolela jaana: “Re simolola go tlhaloganya la ntlha mo hisitoring ya ditshedi tsa mofuta wa rona gore selo se se botlhokwa seo motho a se tlhokang thata ke lorato. Ke motswedi wa dilo tsotlhe tseo motho a di tlhokang fela jaaka letsatsi le dipolanete tseo di le dikologang e le motswedi wa masedi otlhe. . . . Ngwana yo a se kileng a bontshiwa lorato o farologana thata le yo a neng a ratiwa kafa mmele wa gagwe o dirang ka gone, kafa a dirang dilo ka gone, le kafa a akanyang ka gone. Yo o neng a sa ratiwe o gola ka tsela e e farologaneng thata le yo o neng a ratiwa. Seo re se itseng jaanong ke gore motho o ne a diretswe go tshela jaaka ekete go tshela le go ratiwa e ne e le selo se le sengwe fela. Seno tota ga se sesha. Seno ke go gatelela Thuto ya kwa Thabeng.”

2. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha botlhokwa jwa lorato jang? (b) Ke dipotso dife tseo re tshwanetseng go di sekaseka jaanong?

2 Ee, jaaka monna yono yo o rutegileng ka tsela ya lefatshe a ne a bolela, boammaaruri jono jwa gore motho o tlhoka go ratiwa gore a itekanele sentle ga se selo se sesha. Banna ba ba rutegileng ba lefatshe ba ka tswa e le gone ba bo lemogang jaanong mme bo ile jwa tlhaga mo Lefokong la Modimo mo makgolong a le 19 a a fetileng a dingwaga. Ke ka ntlha ya gone moo moaposetoloi Paulo a neng a ka kwala jaana: “Me yana go sala tumèlō, le cholohèlō, le loratō, boraro yo; me se segolo mo boraruñ yo ke loratō.” (1 Bakorintha 13:13) A o itse gore ke ka ntlha yang fa lorato lo feta tumelo le tsholofelo? Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore lorato ke nngwe ya dinonofo tse dikgolo tsa Modimo le nngwe ya maungo a moya wa gagwe?

Mefuta E Menè ya Lorato

3. Ke dikai dife tsa Dikwalo tseo di supang lorato lo lo tlhotlheletsang tlhakanelodikobo?

3 Nonofo ya motho ya go supa lorato e bontsha botlhale jwa Modimo le kamego ya gagwe e e lorato ka batho. Ka mo go kgatlhisang, Bagerika ba bogologolo ba ne ba na le mafoko a le manè a go bitsa “lorato.” Le lengwe e ne e le eʹros, le le neng le supa lorato lo lo amanang le kgogedi ya tlhakanelodikobo. Go ne go se gope koo bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba neng ba ka dirisa eʹros gone, lemororo Septuagint e dirisa mefuta ya lone mo go Diane 7:18 le 30:16, mme go na le koo Dikwalo tsa Sehebera di buang ka lorato lono gone. Ka sekai, re bala gore Isake o ne a “rata” Rebeka. (Genesise 24:67) Sekai seo ka boammaaruri se tlhomologileng thata sa mofuta ono wa lorato se bonwa mo kgannyeng ya ga Jakobe, yoo a neng a rata Ragele yo montle fela fa a mmona la ntlha. Ebile tota, ‘Jakobe o ne a direla Ragele ka dingwaga di le supa; mme tsa nna mo go ene jaaka ekete ke malatsinyana fela, ka ntlha ya lorato lo a neng a mo rata ka lone.’ (Genesise 29:9-11, 17, 20) Sehela sa Dihela le sone se bua ka lorato lo lo fa gare ga modisa le morweetsana mongwe. Mme ga go na tsela e e nonofileng go feta eo ka yone re ka gatelelang gore mofuta ono wa lorato, oo o ka lereng kgotsofalo le boipelo, o tshwanetse go bontshiwa fela tumalanong le ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo. Bibela e re bolelela gore monna o tshwanetse gore a “tlhapèlwè ke loratō” lwa mosadi wa gagwe yo a mo nyetseng “ka metlha eotlhe.”—Diane 5:15-20.

4. Ke dikao dife tsa Dikwalo tseo di supang lorato lwa mo lelapeng?

4 Jaanong go bo go nna le lorato lo lo nonofileng lwa mo lelapeng, kana lorato lwa tlholego, leo le ikaegileng ka go nna madi mangwe fela, leo Bagerika ba le bitsang ka lefoko stor·geʹ. Ke lone le le dirileng gore go nne le polelwana e e reng, “Blood is thicker than water” (Seboba re bata sa mokwatla, sa mpa re a mpampetsa). Re na le sekai se se molemo sa seno ka tsela eo Maria le Maratha ba neng ba rata kgaitsadiabone Lasaro ka gone. Tsela eo ba neng ba mo lelela ka yone fa a sena go swa ka tshoganyetso e supa gore o ne a le botlhokwa thata mo go bone. Mme abo ba ile ba ipela jang ne fa Jesu a ne a tsosetsa Lasaro yo o rategang gape mo botshelong! (Yohane 11:1-44) Lorato loo mmè a ratang ngwana ka lone ke sekai sengwe sa mofuta ono wa lorato. (Bapisa 1 Bathesalonia 2:7.) Ka gone, fa a ne a gatelela kafa a ratang Sione ka gone, Jehofa o ne a bolela gore lwa gagwe lo ne lo feta lwa ga mmè mo ngwaneng wa gagwe.—Isaia 49:15.

5. Go tlhoka lorato lwa tlholego go bonala jang gompieno?

5 Sengwe se se bontshang gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” e e nang le “dipaka tse di tlhokohatsañ” ke go tlhoka “loratō loa tlhōlègō.” (2 Timotheo 3:1, 3) Basha bangwe ba tlogela magae, bana bangwe ba ba godileng ba latlha batsadi ba bone ba ba godileng gonne malapa ga a na lorato. (Bapisa Diane 23:22.) Go tlhoka lorato lwa tlholego gape go bonwa kafa bana ba tshwarwang setlhogo ka gone—batsadi bangwe ba itaya bana botlhoko gore ba bo ba isiwe kwa kokelong. Go tlhoka lorato lwa botsadi le gone go bonala mo go palelweng ga batsadi ba bantsi go otlhaya bana ba bone. Go tlogela bana go itirela dilo jaaka ba rata ga go supe lorato mme go tshwana fela le go ba lesa fela o sa ba kgaleme. Rre yo o ratang bana ba gagwe tota o tla ba otlhaya fa go tlhokega.—Diane 13:24; Bahebera 12:5-11.

6. Naya dikai tsa Dikwalo tsa lorato lwa ditsala.

6 Gape go na le lefoko la Segerika phi·liʹa, leo le rayang lorato lo lo bothitho (le le sa akantsheng tlhakanelodikobo ka gope) fa gare ga ditsala, jaaka fa gare ga banna ba babedi ba ba godileng kana basadi ba ba godileng. Sekai se se molemo sa seno ke sa kafa Dafide le Jonathane ba neng ba ratana ka gone. Fa Jonathane a sena go bolawa kwa ntweng, Dafide o ne a mo hutsafalela, a re: “Ke mo tlaleloñ kaga gago Yonathana, mogolole: mo go nna, u nntse u le natehō thata: loratō loa gago mo go nna lo no lo gakgamatsa, lo heta loratō loa basadi.” (2 Samuele 1:26) Re itse gape gore Keresete o ne a rata moaposetoloi Johane thata, yoo a neng a itsege jaaka morutwa “eo Yesu o mo ratañ.”—Yohane 20:2.

7. A·gaʹpe ke lorato lwa mofuta ofe, mme lorato lono lo ile lwa supiwa jang?

7 Paulo o ne a dirisa lefoko lefe la Segerika mo go 1 Bakorintha 13:13, koo a neng a umaka tumelo, tsholofelo, le lorato gone, a bo a bolela gore “se segolo mo boraruñ yo ke loratō”? Lefoko le le fano ke a·gaʹpe, le le tshwanang le leo moaposetoloi Johane a le dirisitseng fa a ne a re: “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8, 16) Lorato lono ke lo lo kaelwang kana lo lo laolwang ke molaomotheo. Lo ka akaretsa kana lwa se akaretse go atamalana kana go kgatlhega, mme ke boikutlo jo eseng jwa bogagapa kana go amega ka go direla ba bangwe molemo go sa kgathalesege gore motho yo o direlwang seo yoo o a tshwanela kana gore yo o dirang seo o tla bona melemo efe. Lorato lwa mofuta ono ke lone lo lo dirileng Modimo gore a re nee letlotlo leo a le ratang thata la pelo ya gagwe, Morwawe yo o tshotsweng a le esi, Jesu Keresete, “gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Ke fela jaaka Paulo a re gakolola sentle jaana: “Gonne go a belaesèga, go re, a yana motho moñwe o ka shwèla mosiami: me motlha opè, ha e le motho eo o molemō, moñwe o ka ipatèlèla go mo shwèla. Me Modimo ōna, o re tlhōmamiseditse loratō loa ōna, ka e rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla.” (Baroma 5:7, 8) Ee, a·gaʹpe e direla batho molemo go sa kgathalesege maemo a bone mo botshelong kana gore go supa lorato loo go tla batla go le kana kang mo go yo o supang lorato.

Ke Ka Ntlha Yang Fa Lo le Logolo go Gaisa Tumelo le Tsholofelo?

8. Ke ka ntlha yang fa a·gaʹpe e feta tumelo?

8 Mme ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a bolela gore mofuta ono wa lorato (a·gaʹpe) o mogolo go gaisa tumelo? O ne a kwala jaana mo go 1 Bakorintha 13:2: “Me ha ke na le nèō ea go ranola, mme ke bile ke itse masaitsiweñ aotlhe le kicō eotlhe, ha ke na le tumèlō eotlhe, e le e e lekanyeñ go hudusa dithaba, ha ke sena loratō, ke be ke se sepè hèla.” (Bapisa Mathaio 17:20.) Ee, fa re dira maiteko a go bona kitso le go gola mo tumelong ka boikaelelo jo bo phoso, re ne re se kitla re bona molemo ope mo Modimong. Ka mo go tshwanang, Jesu o ne a bontsha gore bangwe ba ne ba tla ‘rera mo leineng la gagwe, ba kgoromeletsa badimo ntle ka leina la gagwe, ba bo ba dira ditiro tse dintsi tse di nonofileng ka leina gagwe’ mme ga a kitla a ba amogela.—Mathaio 7:22, 23.

9. Ke ka ntlha yang fa lorato lo feta tumelo?

9 Ke ka ntlha yang fa mofuta wa lorato lwa a·gaʹpe gape o le mogolo go gaisa tsholofelo? Gonne tsholofelo e ka nna fela mo dilong tseo motho a di kgatlhegelang, motho a amegile fela ka go iponela melemo ka boene, mme lorato lone “ga lo ko lo ipatlèla hèla.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Mo godimo ga moo, tsholofelo—jaaka ya go tshela go ralala “sepitla se segolo” go tshelela mo lefatsheng le lesha—e a fela fa seo se neng se solofetswe se bonwa. (Mathaio 24:21) Ke fela jaaka fa Paulo a bolela jaana: “Gonne re bolokilwe ke cholohèlō: me cholohèlō e e bonyweñ ga se cholohèlō; gonne e mañ eo o ka sholohèlañ se o setseñ a se bonye? Me ha re sholohèla se re sa se boneñ, hoñ rea se lebèlèla ka bopelotelele.” (Baroma 8:24, 25) Lorato ka bolone lo itshokela dilo tsotlhe, mme ga lo ko lo palelwa ke sepe. (1 Bakorintha 13:7, 8) Ka gone, lorato lo lo seng bogagapa (a·gaʹpe) lo feta tumelo kana tsholofelo.

A Lo Logolo go Feta Botlhale, Tshiamiso, le Maatla?

10. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore lorato ke lone lo logolo go gaisa mo dinonofong tse dikgolo tse nnè tsa Modimo?

10 A jaanong re sekasekeng dinonofo tse dikgolo tse nnè tsa ga Jehofa Modimo: botlhale, tshiamo, maatla, le lorato. A go ka bolelwa gore le tsone di fetwa ke lorato? Eleruri go ka nna jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne lorato ke lone lo tlhotlheletsang seo Modimo o se dirang. Ke gone ka moo moaposetoloi Johane a neng a kwala jaana: “Modimo o loratō.” Ee, Jehofa ka boene ke lorato. (1 Yohane 4:8, 16) Ga go gope mo Dikwalong koo re balang gore Modimo ke botlhale, tshiamo kana maatla. Go na le moo, re bolelelwa gore Jehofa o na le dinonofo tseo. (Yobe 12:13; Pesalema 147:5; Daniele 4:37) Dinonofo tseno mo go ene di lekalekana ka botlalo. Jehofa o tlhotlhelediwa ke lorato go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka go dirisa dinonofo tse dingwe tsa gagwe tse tharo kana go di ela tlhoko.

11. Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Jehofa go bopa lobopo le dibopiwa tsa semoya le tsa batho?

11 Ka jalo he, ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Jehofa go bopa lobopo le dibopiwa tse di botlhale tsa semoya le dibopiwa tsa batho? A e ne e le botlhale kana maatla? Nnyaa, ka go bo botlhale le maatla di ne tsa dirisediwa fela go bopa. Ka sekai, re bala jaana: “Yehofa o thaile lehatshe ka botlhale.” (Diane 3:19) Mo godimo ga moo, nonofo ya gagwe ya tshiamo ga e a ka ya mo tlhotlheletsa gore a bope dilo tseo di sa laolweng ke ditekanyetso tsa tshiamo. Lorato lwa Modimo lo ile lwa mo dira gore a abalane boipelo jo bo leriwang ke go nna botlhale le ba bangwe. Lorato ke lone lo neng lwa kgona go tlosa katlholo eo tshiamo e neng e atlhotse batho ka yone ka ntlha ya fa Adame a ne a tlotse molao. (Yohane 3:16) Ee, Jehofa o ne a tlhotlhelediwa gape ke lorato gore a nne le boikaelelo jwa gore batho ba ba kutlo ba tle go tshela ka tshiamo mo Paradaiseng e e tlang ya selefatshe.—Luke 23:43.

12. Re tshwanetse go arabela jang mo maatleng, tshiamong, le lorato lwa Modimo?

12 Ga re a tshwanela go dira Modimo gore o nne lefufa ka gonne o na le maatla a magolo thata. Paulo o ne a botsa jaana: “Kgotsa a ke go re, re huhanya Morèna? A re thata bogolo go èna?” (1 Bakorintha 10:22) Ka boammaaruri, Jehofa ke “Modimo o o lefufa,” eseng ka tsela e e sa siamang, mme ke ka go “batla kobamelo e e feletseng.” (Ekesodo 20:5; King James Version) Jaaka Bakeresete, re boifisiwa ke ditsela tse dintsi tseo Modimo o supang botlhale jwa gagwe jo bo ka se kang jwa lekanngwa ka tsone. (Baroma 11:33-35) Tsela e kgolo eo re tlotlang tshiamo ya gagwe ka yone e tshwanetse go re dira go re se ka ra leofa ka boomo. (Bahebera 10:26-31) Mme kwantle ga pelaelo lorato lo logolo go feta dinonofo tsotlhe tse nnè tse dikgolo tsa Modimo. Mme lorato lwa ga Jehofa lo lo senang bogagapa lo re gogela mo go ene le go re dira gore re batle go mo itumedisa, go mo obamela, le go nna le seabe mo go itshekiseng leina la gagwe le le boitshepo.—Diane 27:11.

Le Legolo go Gaisa Maungo Otlhe A Moya

13. Lorato lo tsaya maemo afe mo maungong a moya wa Modimo?

13 Lorato lo tsaya boemo bofe mo maungong a a robong a moya wa Modimo a a umakilweng mo go Bagalatia 5:22, 23? One ke “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñotlō, le boikgapō.” Paulo o ne a simolola ka lorato ka mabaka a a molemo. A lorato lo feta boitumelo, nonofo eo a e umakang morago ga lone? Ee, lo a bo feta, ka gonne ga o kake wa tswelela o itumetse fa o sena lorato. Mme Basupi ba ga Jehofa ba a ratana, ebile ba rata Rraabone wa selegodimo. Ka jalo re tshwanetse go lebelela gore ba itumele, mme go ne ga bolelelwa pele gore ba ne ba tla “ōpèla ka go thama ga pelo.”—Isaia 65:14.

14. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore lorato lo feta loungo lwa moya lwa kagiso?

14 Lorato gape lo feta loungo lwa moya lwa kagiso. Gonne lefatshe le tletse dikgogakgogano le dintwa ka ntlha ya go tlhoka lorato. Mme batho ba ga Jehofa ba mo kagisong le ba bangwe mo lefatsheng lotlhe. Mafoko ano a ga mopesalema a boammaaruri: “Yehofa o tla segōhatsa batho ba gagwè ka kagishō.” (Pesalema 29:11) Ba na le kagiso eno gonne ba na le lotshwao lwa gore ke Bakeresete ba boammaaruri, lo e leng lorato. (Yohane 13:35) Lorato lo ka fenya dilo dipe fela tseo di kgaoganyang, e le tsa lotso, bomorafe, kana ngwao. Ke “sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:14.

15. Seabe se segolo sa lorato se bonwa jang fa lo bapisiwa le leungo la moya eleng bopelotelele?

15 Seabe se segolo sa lorato gape se bonwa fa lo bapisiwa le bopelotelele, eleng go itshokela phoso kana go itshoka ka bopelotelele fa o shakgadiwa. Go nna pelotelele go kaya go se fele pelo mmogo le go nna bonya go galefa. Ke eng seo se dirang batho gore ba fele pelo le go galefa ka bonako? A ga se go tlhoka lorato? Lefa go ntse jalo, Rraarona wa selegodimo o pelotelele ebile o “bonya go galeha.” (Ekesodo 34:6; Luke 18:7) Ka ntlha yang? Gonne o a re rata ebile ga a “rate gore opè a shwè.”—2 Petere 3:9.

16. Lorato lo ntse jang fa lo bapisiwa le bopelonomi, molemo, bonolo, le boikgapo?

16 Re setse re bone gore lorato lo logolo go feta tumelo, mme mabaka ao a neetsweng a dira le mo maungong a mangwe a moya, ke gore, bopelonomi, molemo, bonolo, le boikgapo. Dinonofo tsotlhe tseno di botlhokwa, mme ga di kake tsa re solegela molemo fa re sena lorato, fela jaaka fa Paulo a ne a supa ka go kwala jaana mo go 1 Bakorintha 13:3: “Me ha ke ntsha dilō cotlhe tsa me ke otla bahumanegi ka cōna, me ha ke ntshetsa mmele oa me go hisiwa, me ha ke sena loratō, ga go nthuse sepè.” Mo letlhakoreng le lengwe, lorato ke lona lo lo dirang gore go nne le dinonofo tse di ntseng jaaka bopelonomi, molemo, boikango, boingotlo le boikgapo. Ka jalo, Paulo o ne a tswelela ka go bolela gore lorato lo pelonomi le gore “lo ichokela dilō cotlhe, lo dumela dilō cotlhe, lo sholohèla dilō cotlhe, lo iphapaanya le dilō cotlhe.” Ee, ebile “loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè.” (1 Bakorintha 13:4, 7, 8) Mme a o ile wa tlhokomela gore maungo a mangwe a semoya ke ditshupo fela kana dikarolo tse di farologaneng tsa lorato lo lo umakiwang pele. Ka boammaaruri go ka konelwa ka go re lorato ke lone lo logolo go gaisa maungo otlhe a a robong a moya.

17. Ke mafoko afe a Dikwalo ao a tshegetsang konelo ya gore lorato ke loungo lo logolo go gaisa lwa moya?

17 Mafoko ano a ga Paulo ke one ao a tshegetsang konelo ya gore lorato lo logolo go gaisa maungo otlhe a moya wa Modimo: “Lo se ka loa nna molato le opè, ha e se go ratana hèla: gonne eo o ratañ oa ga gabō o dihaditse molaō. Gonne . . . molaō . . . o . . . shobokancwe mo lehokuñ ye, ya gore, Rata oa ga eno yaka u ithata. Loratō ga lo dihele oo ra motho boshula: me ke gōna loratō ke tihahaco ea molaō.” (Baroma 13:8-10) Ka tsela e e tshwanelang, morutwa Jakobe o bolela gore molao wa go rata moagelani wa gago jaaka o ithata ke “molaō o e leñ oa segosi.”—Yakobe 2:8.

18. Ke bosupi bofe jo bongwe jo bo oketsegileng jo bo leng gone jwa gore lorato ke nonofo e kgolo go gaisa?

18 A go santse go na le bosupi jo bongwe jo bo oketsegileng jwa gore lorato ke nonofo e kgolo go di gaisa? Ee, eleruri. Tlhokomela seo se neng sa diragala fa mokwadi mongwe a ne a botsa Jesu jaana: “Taolō e e leñ tlhōgō ea cōna cotlhe ke ehe?” A ka tswa a ne a lebeletse gore Jesu o tla tsopola mongwe wa Melao e e Lesome. Mme Jesu o ne a tsopola Duteronome 6:4, 5 a bo a re: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago, le ka thata eotlhe ea gago.” Morago Jesu o ne a oketsa jaana: “Ea bobedi ke e, U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata. Ga go na taolō epè e e hetañ cōna tse.”—Mareko 12:28-31.

19. Maungo a mangwe a a tlhomologileng a a·gaʹpe ke afe?

19 Ka boammaaruri, Paulo o ne a sa feteletse dilo fa a ne a umaka, tumelo, tsholofelo, le lorato a bo a re: “Me se segolo mo boraruñ yo ke loratō.” Go bontsha lorato go kaya go nna le kamano e e molemo le Rraarona wa selegodimo le ba bangwe, go akaretsa le maloko a phuthego le a malapa a rona. Lorato lo a aga. Mme setlhogo se se latelang se tla bontsha kafa lorato lo ka duelang ka gone.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Lorato lo feta tumelo le tsholofelo jang?

◻ A·gaʹpe ke eng, mme lorato lo lo ntseng jalo lo supiwa jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa lorato e le nonofo e kgolo go gaisa mo dinonofong tsotlhe tse nnè tse dikgolo tsa Modimo?

◻ Lorato lo feta maungo a mangwe a moya ka ditsela dife?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Modimo go bopa batho gore ba tshele mo lefatsheng la paradaise. A o na le tsholofelo ya go nna gone koo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela