LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 3-4
  • A Batho Ba Ba Humanegileng Ba Ka Kgona go Ikanyega?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Batho Ba Ba Humanegileng Ba Ka Kgona go Ikanyega?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ke na Le Dingwaga di le Supa”
    Tsogang!—1999
  • Bagolegwa ba Khumanego
    Tsogang!—1998
  • Lehuma—Go Bona Tharabololo e e Nnelang Ruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Ise go ye Kae go Tla bo go Sena Mohumanegi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 3-4

A Batho Ba Ba Humanegileng Ba Ka Kgona go Ikanyega?

Amelia o ne a na le malatsi a le 29 fela fa mmaagwemogolo a ne a mo isa kwa ngakeng. Mmaagwe Amelia o ne a sa kgone go tla, ka gonne ene le bana ba bangwe ba banè ba ne ba lwala. Rraabone o ne a le felo gongwe a batla tiro. Ngaka e ne ya tlhatlhoba leseanyana leno.

Go ne go bonala le sa fepiwe sentle, eleng selo se se tlwaelegileng kwa Afrika Bophirima. Mme bothata jo bogolo e ne e le “cellulitis.” Mafatlhana a ga Amelia a ne a na le megare e mentsi.

Fa ngaka e naya mmaagwemogolo pampitshana e e kwadilweng melemo, o ne a mmotsa jaana: “Molemo ono o tlile go nna bokae?”

“Didolara di le nne go ya go di le tlhano,” o ne a araba jalo.

Mosadimogolo o ne a ngunanguna. O ne a sena lefa e le didolara di le pedi go duela madi a ngaka a go tlhatlhoba. “Tota re tlile go tsaya kae madi a a kanakana!” o ne a tlhaeletsa jalo.

“O tla tshwanela go a bona gongwe,” ngaka e ne ya gatelela jalo. “Kopa ditsala tsa gago le balosika. Fa o sa alafe bolwetsi jono bo tla fetela mo mading, mme ngwana o tla swa.”

Lelapa laabo Amelia le ne la bona madi ka tsela nngwe, mme leseanyana leo le ne la tshelela mo kgweding ya bobedi. Lefa go ntse jalo, dimilione tseo di nnang mo dinageng tse di tlhabologang go dikologa lefatshe ga di kgone go adima madi mo ditsaleng tsa bone le mo go balosika. Mme ebile ga go lebege ikonomi e tla tokafala.

The State of the World’s Children Report 1989 e e kwadilweng ke UNICEF (United Nations Children’s Fund) e bolela jaana: “Morago ga go tswelela pele ka dingwaga tse di masomesome, mafelo a magolo a lefatshe a boela gape mo lehumeng.” Mo Afrika le kwa Latin Amerika lotseno lo lo fa gare lo ne lwa wela kwa tlase ka 10 go ya go 25 lekgolong ka bo 1980. Mme mo dingwageng di sekae tse di fetileng, mo merafeng e 37 e e humanegileng thata mo lefatsheng, madi ao e a dirisetsang boitekanelo a ne a wela kwa tlase ka 50 lekgolong.

Seno se kaya eng mo dimilioneng tseo di humanegileng? Mo go ba le bantsi go raya gore ga ba kake ba kgona go reka dijo tse di tlhokegang kana melemo. Ka gone, bana ba bone, balekane ba bone ba lenyalo, kana batsadi ba bone ba ka nna ba swa fela go sa tlhokege, fa ba ka se ka ba bona madi ka tsela e le nngwe fela e e gone—ka go utswa! Ee, khumanego e ka batla gore o lwe le mathata a a utlwisang botlhoko thata a boitsholo: go utswa kana loso? go bua maaka kana go swa ke tlala? go tsietsa kana go se nne le sepe?

Kwa Afrika Bophirima go na le polelo e e reng: “Kwa o bofelang kgomo gone, ke gone kwa e tla fulang tlhaga gone.” Ka mafoko a mangwe, batho ba tla dirisa boemo bope fela gore ba ikhumise. Gantsi, bao ba laolang mo dinageng go ralala lefatshe lotlhe ba dirisa maemo a bone go tsietsa, go itirela madi ka bonokwane, kana ka go utswa. ‘Ithuse fa o santse o ka kgona,’ ba bua jalo. ‘O ka nna wa se ka wa kgona go dira jalo moragonyana.’ Fa itsholelo ya merafe e e tlhabologang e ntse e nnela maswe kwa pele jaana, bothata joo bo ka nna jwa tlisa kgopolo ya gore batho ba ba humanegileng ga ba kake ba ikanyega.

Bibela e bua jaana: “U se ka ua utswa.” (Ekesodo 20:15) Mme fa batho ba ba humanegileng tota ba sa kgone go ikanyega, a re ka belaela go tlhomama ga melao ya Bibela? A melao ya Modimo ke e e ka se kang ya kgonwa go ikobelwa, e e sa akanyetseng dilo tsa mmatota tse batho ba di tlhokang? Boitemogelo jwa diketekete tsa Bakeresete ba boammaaruri mo dinageng tse di tlhabologang bo araba dipotso tseno ka tsela e e gakgamatsang.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Batho ba ba humanegileng ke bangwe ba bao ba dirang ka natla tota mo dinageng tse di humanegileng

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

“Koo o bofelelang kgomo gone, ke gone koo e tla fulang tlhaga gone”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela