Go Fetola Botho jwa Motho jwa Tlholego
“BATHO ga ba tshele fela ka go lwa kgatlhanong le bosula,” go ne ga bolela jalo motlhalefi Sir Isaiah Berlin. “Ba tshela ka mekgele ya mmatota, e le motho ka bongwe le jaaka setlhopha.” Mme ke ba bakae ba ba kgonang go nna le “mekgele ya mmatota”? Gantsi botho jwa motho jwa tlholego bo mo gogela mo dilong tse di sa siamang le tse di senyang.
Ka sekai, bosheng jaana kwa Boritane, melato ya thubakanyo e ile ya oketsega ka 11 lekgolong. “Tiro ya rona” go bolela jalo tonakgolo ya Boritane, “ke go leka go bona ditsela tsa go tlhokomela maemo gore tlhabologo e nne e tswelele pele.” Mme a melao le kgatelelo ya dipolotiki, lefa maikaelelo a yone a le molemo, di ka kgona go fetola go rata ga batho go dira dilo tse di phoso? Lebaka la go bo boikepo bo le gone ebile bo ntsifala mme go ntse go na le melao e e tlhomilweng, le eleng lefa molao o gatelelwa ka tsela e e gagametseng, le re naya karabo. Go tlhokega sengwe se se fetang go kganela batho ka molao. Botho jwa batho jwa tlholego bo tshwanetse jwa fetoga.
Bibela, fa e bua ka botshelo tota kafa bo ntseng ka gone, e tlhalosa mekgwa e e bosula ya motho. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene ba kwa Galatia ka “boitsholo jo bo sa siamang, bomaswe, le ditiro tse di nyatsegang. . . . Batho ba a ilana ba bo ba lwa; ba nna lefufa, ba nna bogale, ebile . . . ba nna pelotshetlha, ba a tagwa, ba a itlhapedisa, ebile ba dira dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseno.” Go ya ka Today’s English Version, e e tsopotsweng fano, ditiro tsotlhe tse di maswe tseno, “di dirwa ka ntlha ya botho jwa motho jwa tlholego.”—Bagalatia 5:19-21.
Modi wa Bothata
Lefa go ntse jalo, Today’s English Version, ke thanolo e e sa ranoleng mafoko tota kafa a ntseng ka gone mme polelwana, “di dirwa ka ntlha ya botho jwa motho jwa tlholego,” ke tsela e nngwe ya go bua mafoko ao a ga Paulo. Lefoko la Segerika le le dirisitsweng ke Paulo, sarx, le raya “nama,” eseng “botho jwa motho.” Ke gone ka moo, dithanolelo tse di ranolang mafoko ka tlhamalalo fano di bua ka “ditiro tsa nama” go tlhalosa mafoko a ga Paulo ka tlhomamo ka puo ya rona ya segompieno.a
Pego ya Bibela ka tsela eo boleo bo tseneng ka yone mo bathong e phepafetse ebile e motlhofo—ebile tota, e motlhofo tota mo ebileng batho ba le bantsi ba tlhophang go se e dumele. Paulo o ile a e tlhalosa jaana: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Paulo fano o bua ka Genesise, buka ya ntlha ya Bibela, le ka go bopiwa ga motho wa ntlha, Adame, le mosadi wa gagwe, Efa. Rotlhe re itse kafa ba ileng ba tlhoka kutlo ka boomo fela ka gone. Ba ne ba atlholelwa loso ka ntlha ya gone. Ditlogolwana tsa bone di ile tsa rua bosaitekanelang jwa bone mme ka tsela e e tshwanang di a swa. Ka jalo he, “botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” Lebaka leno ke lone la konokono la go bo botho jwa motho jwa tlholego gompieno bo le mo sebopegong se se maswe tota fa bo bapisiwa le kafa bo neng bo le ka gone fa Modimo a ne a bopa motho a itekanetse kwa tshimologong.—Baroma 3:23; Genesise, kgaolo 2 le 3.
Botho jwa Motho jwa Tlholego Bo A Fetolwa!
Lefa go le jalo, go a kgonega, go fenya bontsi jwa mekgwa e e maswe tota ya kafa motho a ntseng ka gone ka tlholego. Eleruri, Bibela e bolela gore re ka fetola kafa re ntseng ka gone ka tlholego ka go fetola botho jwa rona. Jang? Ka thuso ya moya wa Modimo o o boitshepo.—Baroma 8:9.
Paulo o ne a kwala seno jaana fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa: ‘Apolang motho wa bogologolo ka ditiro tsa gagwe, mme lo apare motho yo mosha, yo a ntseng a shahalediwa mo kitsong kafa setshwanong sa yo o mo tlhodileng.’ Fa a kwala ditiro tsa botho jwa bogologolo, o kwadile dingwe tsa ditiro tseo di gogelang motho go dira dilo tse di senyang: keletso e e bosula, bogale, tšhakgalo, le bosula.—Bakolosa 3:5-10.
Ka tsela e e tshwanang fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Efeso, Paulo o umaka gape gore “motho eo mosha” o a tlhokega, mme o ba bolelela gore ‘o bopilwe mo tshiamong le mo boitshepong jwa boammaaruri.’ O tswelela a bua jaana ka seo: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe. Lo nnè pelonomi moñwe mo go eo moñwe, le pelonamagadi.”—Baefesia 4:24, 31, 32.
A mafoko a ga Paulo ke sengwe se motho a ka kgonang go se dira? A botho tota bo ka fetolwa? Ka boammaaruri, go na le bosupi jwa gore Bakeresete bao ba pele ba ile ba dira diphetogo tse dikgolo tota mo matshelong a bone. Ba ema jaaka setlhopha sa batho ba ba farologaneng le lefatshe le le ba dikologileng. Raditiragalo wa mo metlheng ya Bakeresete ba pele, Justin Martyr, o ile a kwala jaana: “Rona ba re neng re ilana ebile re bolaana, mme, ka ntlha ya go sa tshwaneng ga dingwao tsa rona, re ne re sa batle go tshela le batho ba merafe e sele, jaanong, fa Keresete a sale a tla, re tshela le bone ka go buisana le bone fela ka tlwaelo, mme re rapelela baba ba rona, le go leka go tlhotlheletsa bao ba re ilang kwantle ga mabaka gore ba tshele tumalanong le dithuto tse di itekanetseng tsa ga Keresete.”
Go tweng ka gompieno? A go santse go kgonega go dira diphetogo tse dikgolo tseo mo bothong jwa motho jwa tlholego? Ee! Dikai di le diketekete tse di masomesome di supa gore diphetogo tse dikgolo di ntse di dirwa. Nngwe ya tsone e a latela.
Stephen o ne a godisediwa kwa lefelong lengwe le legolo la madirelo kwa Engelane. Rraagwe e ne e le molatolamodimo. Stephen o ne a isiwa kwa sekolong sa diganana ka dingwaga di le tharo, fa a na le dingwaga di le 12. O ne a ipolela fa a dirile melato e le 64 ya go thuba matlo! Go ise go e kae o ne a se ka a tlhola a ikobela taolo epe, mme fa a ntse a gola, o ne a dira melato ya bonokwane e e masisi le go feta. E ne e akaretsa go tsietsa, botagwa le go sa itshole ka tsela e e siameng, le go tlhasela mapodisi, mme Stephen o ne a isiwa kwa kgolegelong ka ntlha ya molato ono wa bofelo. O ne a simolola go nna motho yo o ratang ntwa thata. “Motho yo o sa reng sepe ka Modimo ga go na tlolomolao epe eo a ka se kang a e dira fa dilo tse a di tlhokang di le dintsi ka mo go lekaneng,” o ne a bolela jalo.
Ke eng se se neng se ka fetola senokwane se se peloethata seo? Kgabagare Stephen o ne a thusiwa ke morwarraagwe yo o neng a fetogile mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Stephen o ne a simolola go apara “motho eo mosha,” fa a sena go ithuta Bibela ka nako e khutshwane fela. Diphetogo tse a neng a di dira eleruri di ne di le dikgolo. Jaanong, morago ga dingwaga tse tlhano, o nyetse o itumetse ebile ke leloko le le nang le boikarabelo mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa, eo a direlang jaaka motlhanka wa bodihedi mo go yone.
Jalo botho jwa motho jwa tlholego bo ka fetolwa. Mme a makoa a batho ke one lebaka le le losi fela la go bo ‘tlhabologo e koafala’?
“Diabolo Yo Dikwalo Di Buang Ka Ene”
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala boperofeti jo bo tlhomologileng thata kaga ‘metlha eno ya bofelo.’ Mafoko a gagwe a kwadilwe gape mo lebokosong le le tsamaisanang le seno. Tlhokomela gore go oketsega ga thubakanyo le boikepo go ne ga lere “dipaka tse di tlhokohatsañ.” A botho jwa motho jwa tlholego ke jone bo le josi bo bakang dilo tseno tsotlhe?—2 Timotheo 3:1.
Nnyaa, go na le sengwe se sele, maatla a a boferefere a go dira bosula ao a laolang makoa a motho. Fela jaaka batho ba go fitlhela go se motlhofo go dumela gore motho o ruile boleo, ka tsela e e tshwanang ba go fitlhela go se motlhofo go dumela gore motho o laolwa ke maatla mangwe a a mo fetang. Mme Bibela e bolela gore maatla ao a gone: Satane Diabolo.
Lefoko “Diabolo” (le le rayang, “mosebi”) le tlhaga ka makgetlo a le 33 mo Bibeleng, mme lefoko “Satane” (le le kayang, “moganetsi”) le tlhaga ka makgetlo a le 52. Bontsi jwa ditshupiso tseno bo lebisitse go motho a le mongwe wa semoya yo o bosula. Lefa go le jalo, bangwe ga ba dumele gore Satane ke motho, ba bona go le botoka go bua jaana: “Botho jwa motho ka ntlha ya go rata ga jone go dira bosula ke jone diabolo yo Dikwalo di buang ka ene.”b Lefa go le jalo, se se kgatlhisang ke gore mo kgannyeng ya motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa, ebong Jobe, temana ya Sehebera e dirisa lefoko has·Sa·tanʹ, “the” Satane, mme mo go Luke 4:2 re bala gore Jesu o ne a raelwa ke “the” Diabolo (Segerika, ho di·aʹbo·los). (Yobe 1:6) Mo mabakeng ano ka bobedi jwa one, go ya ka thutapuo go buiwa ka motho yo o rileng. Ga go umakiwe sepe ka botho jwa motho jwa tlholego.
Moaposetoloi Paulo o oketsa go tlhaloganya ga rona ka moo Satane a nonofileng ka gone fa a ne a kwalela Baefesia, a bua kaga “babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, . . . mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” (Baefesia 6:12) Go kopanyeletsa le Satane Diabolo, ‘babusi bao ba lefatshe’ ke badimona, dibopiwa tsa semoya tse di sa bonaleng, tse di bosula. Ba ‘tsietsa lefatshe lotlhe,’ ba dirisa boemo jo bo kwa tlase jwa motho kafa ba ka kgonang ka gone. (Tshenolō 12:9) Ke lebaka leo ka lone Paulo a kgothaletsang Mokeresete mongwe le mongwe go “ganèla le maanō a boherehere a diabolo.” Ke ene a bakileng go bola go go kanakana go re go bonang mo bathong ba ba re dikologileng.—Baefesia 6:11.
Tsosoloso
Petere, yo a neng a tshela mo metlheng ya ga Paulo, o re tlhomamisetsa gore Satane le badimona ba gagwe ga ba kitla ba tlhasela batho goyagoile. A re: “Re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Petere 3:13) Eleruri, mo nakong e khutshwane jaanong, bosula ka mefuta yotlhe ya jone ga bo kitla bo tlhola bo nna karolo ya motho. Satane le badimona ba gagwe ba tla nyelediwa. (Baroma 16:20; Tshenolō 20:1-3) Go tswa foo, eleruri, botho jwa motho jwa tlholego bo tla supa “kgalaleco ea Modimo,” mme lelapa lotlhe la motho le tla bo le lebeletse botshelo jo bosakhutleng le tlhomamisegile tota.—Baroma 3:23.
“Ke ne ke tlhola ke bua mme ke tla nna ke ntse ke bua,” go ne ga gatelela jalo tautona ya Amerika Thomas Jefferson, “gore batho ba ka nna baagi ba ba botoka fa ba ka ithuta Bolumo e e Boitshepo ka botlhaga le ka tlhoafalo . . . Bibela e dira gore batho e nne baagi ba ba gaisang mo lefatsheng.” Jaaka re setse re bone, botho jwa rona bo ka fetolwa fa re ka letla molaetsa o o nonofileng wa Bibela go tlhotlheletsa matshelo a rona. (Baroma 12:2) Re ka tlhopha go ganelela mo go fitlheleleng dilo tse di tlotlegang le tsa bomodimo. Mme seo se ka nonotshang maiteko a rona a go batla go itokafatsa ke fa re ka tlhopha go kopanela le bao ka bopeloephepa ba batlang go dira se se tshwanang. (Bahebera 10:24, 25) Basupi ba ga Jehofa ba iketleeditse go go thusa ka tsela epe fela e e kgonegang. Ke ka ntlha yang fa o sa ikopanye le bone jaanong!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bapisa: New World Translation of the Holy Scriptures; The Holy Bible, e e kwadilweng ke Robert Young; The Emphasised Bible, e e kwadilweng ke Joseph B. Rotherham; The Holy Bible in Modern English, e e kwadilweng ke Ferrar Fenton; The Modern Reader’s Bible, e e kwadilweng ke Richard G. Moulton.
b Polelo ya semolao ya tumelo ya Christadelphianism, ebong lekoko lengwe la Labodumedi.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
KAFA BIBELA E TLHALOSANG—‘Metlha ya Bofelo’ ka Gone
“Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshepañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō u kgaoganè nabō.”—2 Timotheo 3:1-5.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go ise go e kae, botho jwa motho jwa tlholego bo tla supa kgalalelo ya Modimo ka botlalo