A Ruriruri Bibela Ke Lefoko la Modimo?
Kana a Bibela ke buka e nngwe ya tseo di ikwaletsweng ke batho? A saense e ile ya supa fa Bibela e le phoso? A dikgakgamatso tse di begilweng mo Bibeleng di ne tsa diragala tota?
Lekwalo lengwe le le tswang kwa Buffalo, kwa New York, le ne la akgela jaana: “Ke sa tswa go fetsa go bala buka ya bosheng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Ga e bue fela kafa motho a ganetsang Bibela ka gone mme gape e tlhalosa ka phepafalo gore ke ka ntlha yang fa e tshwanetse go amogelwa jaaka Lefoko la Modimo.”
Sekaseka bosupi joo ka bowena. Amogela kgatiso e e molemo eno ka go tlatsa le go romela foromonyana e e fa tlase eno.
Ke rata go amogela buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 192 Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)