Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Ke ka ntlha yang fa New World Translation e ranola lefoko la Sehebera ‛a·rumʹ le le mo go Genesise 3:1 jaaka “cautious” (“go itisa”) mme dithanolelo tse dingwe tsa Bibela tsone di re ke “boferefere” kana “botlhale”?
Temana eo e balega jaana: “Jaanong noga ya bo e itisa thata go gaisa diphologolo tsotlhe tsa naga tseo Jehofa Modimo a neng a di dirile. Ka jalo ya raya Mosadi ya re: ‘A ruri Modimo o rile lo se ka lwa ja setlhare sengwe le sengwe se se mo tshimong?’”
Mo go Diane 12:23 le mo dikarolong tse dingwe, New World Translation e ranotse lefoko la Sehebera ‛a·rumʹ jaaka “matsetseleko,” eleng nngwe ya bokao jwa konokono jwa lefoko leo fa le dirisediwa batho. Mme fela jaaka mafoko a mantsi, ‛a·rumʹ e ka kaya dilo tse dintsi. Ka sekai, Benjamin Davidson o tlhalosa ‛a·rumʹ mo go The Analytical Hebrew and Chaldee Lexicon ka tsela e e latelang: “I. bolalome, boferefere, maretshwa.—II. botswerere, go itisa.”
Ke ka ntlha yang he fa New World Translation e tlhopha go dirisa “go itisa” joo eleng bokao jwa bobedi mo go Genesise 3:1? Lefoko leo le le tlhophilweng le dumalana le dithanolo tse dingwe. Ka sekai, fa Genesise 3:1 e ne e ranolelwa mo Segerikeng mo thanolong ya Septuagint ya lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E., go ne ga dirisiwa lefoko phroʹni·mos—lone lefoko leo le neng la dirisiwa moragonyana mo go Mathaio 10:16: “Lo itise jaaka dinoga le bori jaaka maphoi.”—Today’s English Version.
Mokanoki wa Sehebera Ludwig Koehler o ne a akgela jaana bogologolo ka 1945: “Noga e ditlhong. Seno se ka tlhalosiwa sentle ka Segerika ka go dirisa phronimos, gonne ka ntlha ya ditlhong tseno kana go itisa gono noga e itshupa fa e na le phrenes ebile e kgona go e dirisa.” Phreʹnes fano e kaya tsela nngwe ya go nna botlhale ka ntlha ya tlwaelo eleng seo diphologolo tse dingwe le tsone di se supang.—Bapisa Diane 30:24.
Lefa go ntse jalo, go na le lebaka le le botlhokwa thata la go bo go dirisitswe “go itisa” go na le “matsetseleko” kana “botlhale” mo go Genesise 3:1. Go bitsa noga gore e botlhale fano, pele fela ga go tlhalosiwa gore e ne ya tsietsa Efa gore a leofe go ka nna ga dira gore babadi ba bantsi ba konele ka gore Bibela e bua ka noga e e kgonang go loga maano ka go bo e ne e le botlhale ka tsela e e sa tlwalelegang. Tlhaloso e e ntseng jalo e ne e tla dira gore pego eno e nne tlhamane fela—mme ebile e le tlhamane ya boeleele eletota.
Go farologana le seo, Bibela e ruta gore selo se se neng sa dirwa kwa tshimong ya Edena seno se ne se sa dirwe fela ke noga e e botlhale. Tshenolō 12:9 e supa Satane Diabolo ka phepafalo fela gore ke “nōga ea bogologolo.” Maatla a a sa bonaleng, a a fetang a motho ke one a a neng a dirisa noga e e tlwaelegileng fela ka tsela eo batho ba ba buisang dimpopi ba dirang ka yone. Noga e ne ya tlhophiwa go dira seno ka gonne ka tlholego fela e ne e itisa mo go seo e se dirang. E tshwanetse ya bo e ne ya gapa tlhokomelo ya ga Efa ka gonne ga e a ka ya tshaba ka go itisa ka ntlha ya go itisa ga yone jaaka ka tlwaelo mme e ne ya bula molomo wa yone ka bopelokgale mme ya simolola go bua le Efa.
Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo ga le na ditlhamane, mme New World Translation, e re thusa ka tsela e e tlhomameng e e buang dilo ka yone gore re lemoge ntlha eno.—2 Timotheo 3:16.
◼ Ereka Basupi ba ga Jehofa ba itse gore baswi ga ba ikutlwe, ke ka ntlha yang fa ba santse ba bona go le botlhokwa go ya kwa diphitlhong tsa badumedi ka bone?
Basupi ba ga Jehofa ba sirelediwa ke kitso e e tlhomameng e e tswang mo Bibeleng kaga boemo jwa baswi gore ba se ka ba nna le maikutlo a a phoso a a ka dirang gore ba itshware ka tsela e e seng botlhale kwa diphitlhong. Ebile e ba naya lebaka la go ya kwa diphitlhong tsa Bakeresete ba bangwe.
Lefoko la Modimo le supa ka phepafalo fela gore fa motho a swa ga a tswelele a tshela jaaka moya o o sa sweng. (Moreri 9:5) Morago ga loso, mmele o boela mo loroleng, e le ka go bola kana ka go fisiwa. Motho yo o suleng ga a tlhole a tshela; o tla tshela gape mo isagweng fa Modimo o ka mo tsosa mo baswing.—Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15.
Ka gone, Basupi ba ga Jehofa fa ba le kwa diphitlhong ga ba dire dilo tse di thailweng mo tumelong ya gore moya wa motho yo o suleng ga o swe, mme o tswelela o tshela felo gongwe. Ga ba nne le seabe mo ditebelelong, koo go opelelwang kwa godimo kana go lelwa go leka go tshosa “meya,” kana kwa ditebelelong tsa bosigo jotlhe kana ba lela fela mo go feteletseng ka boikaelelo jwa go itumedisa baswi.
Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore batho ba Modimo ga ba hutsafale. Go nna botlhoko tota fa mongwe wa losika kana tsala e o e ratang thata e swa, le eleng le mo baobameding ba boammaaruri bao ba nang le kitso e e tlhomameng ka baswi. Ka sekai, fa tlhogo ya lotso Jakobe a ne a akanya gore Josefa o bolailwe ke sebatana, o ne a “lelèla morwawè ka malatsi a le mantsi.” Fa re bala re utlwa gore: “Bomorwawè botlhe, le bomorwadiè botlhe ba nanoga, ba re ba mo gomotsa.” (Genesise 37:33-35) Fa Jakobe yo o ikanyegang a ne a swa, Josefa o ne a “laola batlhanka ba gagwè ba e leñ diñaka, gore ba omisè rragwè ka boñaka” mme “Baegepeto ba mo lelèla ka malatsi a le mashomè a shupa.” Lemororo lelapa la ga Jakobe le ne le sa dumalane le dikgopolo tse di phoso tsa Baegepeto kaga baswi, go phepafetse gore loso lwa ga Jakobe lo ne lo ba amile. “Botlhe ba ntlo ea ga Yosefe, le bomorwa rragwè” ba ne ba batla gore Jakobe a fitlhiwe sentle, mme le basele ba ne ba kgona go bona gore ba ne ba hutsafetse.—Genesise 50:1-11.
Go na le dikai tse dintsi tsa Bibela tse di ka tsopolwang tseo mo go tsone batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba amiwa thata ke loso lwa modumedi ka bone mme ka gone ba mo hutsafalela ka tshwanelo.a Fa Jesu a ne a na le balosika lwa ga Lasaro ba ba neng ba hutsafetse, Jesu o ne a se ka a nna fela a sa utlwe botlhoko kana a itumetse fela ka mo go sa tshwanelang. Lemororo a ne a ikanya maatla a tsogo, Jesu o ne a lela. (Yohane 11:33-35) Fa Jesu a sena go swa, barutwa ba gagwe ba ne ba mo hutsafalela lemororo a ne a ba boleletse gore o ne a tlile go bolawa a bo a tsosediwa gape mo botshelong.—Mathaio 16:21, 28; Yohane 16:17-20; 20:11.
Batlhanka ba Modimo gompieno ba ka hutsafala mme ebile ba utlwa botlhoko jo bo bakiwang ke loso. Lefa go le jalo, tsela eo ba tlhaloganyang Bibela ka yone e ba thusa go laola kana go se feteletse khutsafalo ya bone, ba dumalana le 1 Bathesalonia 4:13, 14 jaana: “Me ga re rate loa tlhōka go itse, ba ga echo, kaga ba ba robalañ; gore lo se hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō. Gonne ha re dumèla gore Yesu o na a shule me a ba a coga, hèla yalo ba ba shwetseñ mo go Yesu, Modimo o tla ba lere naè.”
Go tweng he, kaga go ya kwa phitlhong ya Mokeresete (kana kwa puong ya segopotso ya modumedi yo mongwe)? Go na le mabaka a Bibela a go bo Basupi ba bona go le mosola go nna le dilo tse di ntseng jalo le go ya kwa go tsone.
Gakologelwa gore fa Jakobe a ne a bona ekete ga a kitla a bona morwawe gape, “Bomorwawè botlhe, le bomorwadiè botlhe ba nanoga, ba re ba mo gomotsa.” (Genesise 37:35) Mo dinageng tse dintsi go tlwaelegile gore balosika ba phuthege go tla phitlhong. Seno se naya ba bangwe bao ba ka tswang ba ne ba sa atamalana thata le ene mme ka gone maikutlo a bone a sa amega, sebaka sa gore ba bue mafoko a kutlwelobotlhoko le a a gomotsang. Fa Lasaro a sena go swa ‘Bajuda ba le bantsi ba ne ba tsile matshedishong, mo go Maratha le Marie go ba gomotsa kaga kgaitsadia bone.’ (Yohane 11:19) Seno se kopanyeletsa le Bakeresete bao ba batlang go “gomotsa ba ba mo pitlaganoñ ñwe le ñwe.”—2 Bakorintha 1:4.
Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go leka go nna metswedi ya kgomotso mo letsomaneng le eleng lefa ba nna ba tshwaregile thata go feta ba bantsi mo phuthegong. Ba gakologelwa gore sekao sa bone, Jesu, Modisa yo o Molemo, o ne a romilwe go ‘hapa ba ba pelo di phatlogileng le go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.’ (Isaia 61:1, 2; Yohane 10:14) Jesu o ne a sa gomotse batho ka tsela eo fela fa a ne a na le nako ya go dira jalo. O ne a iketleeditse go tlogela sepe seo a neng a se dira mme o ne a ya kwa go balosika lwa ga Lasaro—go hutsafala le bone.—Yohane 11:11, 17, 33.
Le eleng Bakeresete bao ba ka se kang ba kgona go bua sepe se segolo mo go bao ba hutsafetseng kwa phitlhong, go ka nna molemo fa ba ka nna gone. Maloko a a hutsafetseng a lelapa a ka gomotsega thata fa go na le ba ba bantsi bao ba ba utlwelang botlhoko—ba bannye le ba bagolo—ba phuthego ya Bokeresete. Gakologelwa seo se neng sa buiwa ke Bajuda ba bangwe fa Jesu a ne a tla kwa go bokgaitsadia Lasaro ba ba neng ba utlwile botlhoko: “Bōnañ yaka a na a mo rata!” (Yohane 11:36) Balosika ba ba sa dumeleng, baagelani, kana batho ba motho a neng a dira le bone, bao ba tlang kwa phitlhong ya Mokeresete ba ile ba kgatlhiwa thata ke palo e kgolo ya Basupi ba ba neng ba le gone kwa phitlhong ka gone ba ne ba reetsa boammaaruri jwa Bibela jo bo neng bo buiwa koo.
Tsela eo Basupi ba itshwarang ka yone e tshwanetse go tshwanela boemo. Lemororo ba itse gore motho yo o suleng ga a bogisiwe ka gope, ba bile ba tlhomamisegileng gore botlhe ba ba ikanyegang ba tla tsosiwa mo baswing, ba amogela kgakololo eno: ‘Go na le motlha wa go lela, le motlha wa go tshega; motlha wa go hutsafala, le motlha oa go bina.’ (Moreri 3:4) Phitlho kana tirelo ya segopotso ga se nako ya go buela kwa godimo go dirwa metlae. Ke nako ya go supa kutlwelobotlhoko, eleng seo se dumalanang le kgakololo eno: “Itumeleñ le ba ba itumèlañ; lo lelè le ba ba lelañ.”—Baroma 12:15.
Go na le lebaka le lengwe gape la go bo Basupi ba ga Jehofa ba ya kwa diphitlhong. Lefoko la Modimo le bua jaana: “Go molemō go tsèna mo tluñ ea khutsahalèlō bogolo go go tsèna mo tluñ ea ditlhapèlō: gonne mouō ke gōna bokhutlō yoa batho botlhe; me motshedi o tla go baea mo peduñ. . . . Dipelo tsa ba ba botlhale di mo tluñ ea khutsahalèlō; me dipelo tsa dieleele di mo tluñ ea ditlhapèlō.”—Moreri 7:2-4.
Lemororo Basupi ba ga Jehofa ba na le lebaka la go nna le tsholofelo, mafoko ao a ne a tlhotlhelediwa a bo a kwalwa mo Bibeleng gore a re solegele molemo. Phitlho e ka tshwantshiwa le ‘ntlo ya khutsafalelo.’ Fa re le koo, dikakanyo tsa rona di ka amega thata kafa botshelo bo leng bokhutshwane ka gone ereka re sa gopola dilo tseo ka tlwaelo re nnang re di akantse kana ditiro tsa rona. Loso lo ka nna lwa tla, e le ka bolwetsi kana ka ntlha ya go bo re “dihalèlwa ke motlha le bowèlō,” mme ka bonako fela jwa re nyeletsa, ka go bo “motho ga a itse motlha oa gagwè.” (Moreri 9:11, 12) Batsadi bao ba ba yang le bana ba bone kwa diphitlhong tsa Bokeresete ba ka fitlhela seno se ba thusa gore ba bue le bone ka loso, gore re tlhoka thekololo, le gore go botlhale gore re direle “Modimo o o cosañ bashwi.”—2 Bakorintha 1:9; Moreri 12:1, 13.
Basupi ba ga Jehofa ga ba lebe diphitlho jaaka tsela ya go buisana le Modimo, mme ba lemoga gore ditiragalo tse di utlwisang botlhoko tseno di ba naya sebaka sa go gomotsa ba bangwe. Bakeresete ba ka naya bosupi jwa lorato le tlotlo tseo ba neng ba na natso mo Bakereseteng ka bone, ka go ya kwa go tsone. Mme ebile ba ka tlhotlheletsega go akanya ka bokao jwa botshelo ka bomasisi, le kafa ba tshwanetseng ba bo ba tshela ka gone fa pele ga Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Genesise 23:21, 19; Dipalō 20:29; Duteronome 34:7, 8; 2 Samuele 1:11, 12; 3:31-34; 13:32-37; 18:33; 2 Ditihalō 35:24, 25; Yobe 1:18-20; Pesalema 35:14; Yeremia 9:1; Luke 7:12, 13; 8:49-52; Ditihō 8:2; 9:39.