LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/15 ts. 30-31
  • Lebaka la go Bo Réunion E Na le Diholo Tse Dintsi Tsa Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka la go Bo Réunion E Na le Diholo Tse Dintsi Tsa Bogosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Ke Ka Ntlhayang Fa go Na le Diholo tse Dintsi Jaana Tsa Bogosi?
  • Dikgoreletsi Di A Fenngwa
  • Jehofa Ke Ene A Tshwanelang go Newa Tlotlo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/15 ts. 30-31

Lebaka la go Bo Réunion E Na le Diholo Tse Dintsi Tsa Bogosi

SETLHAKETLHAKE se sennye seno se bonala ka bonako fela mo Lewatleng le legolo la India, dikilometara tse di ka nnang 640 kafa botlhaba jwa Madagascar. Lemororo se le boleele jwa dikilometara di ka nna 60 le bophara jwa dikilometara di le 50, setlhaketlhake seno se itsege thata ka dirotobolo tsa lekgwamolelo le melelo e e bonwang ka dinako dingwe. Setlhoa se se kwa godimo go gaisa, se se bogodimo jwa dimetara di le 3 069 kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle, ke lekgwamolelo le le sa tlholeng le ka thunya e e bidiwang Piton des Neiges (Setlhoa sa Semathane). Kafa borwabotlhaba jwa setlhaketlhake seno go na le lekgwamolelo le le ka nnang dimetara di le 2 625 la lekgwamolelo le le kgwang molelo nako nngwe le ngwe le le bidiwang Piton de la Fournaise (Setlhoa sa Molelo). Abo go kgatlha jang go le leba fa le kgwa molelo bosigo! Ditsela tse dintsi di itsoketsa go ya kwa godimo le kwa tlase ga mekgokolosa e e mokong, re bona dikarolo tse di tshosang tsa seo go ileng ga bolelwa gore ke bontle jo bo boifisang jwa Réunion.

Ke Ka Ntlhayang Fa go Na le Diholo tse Dintsi Jaana Tsa Bogosi?

Lefa go ntse jalo, bontle jwa mmatota jwa Réunion bo bonala ka tsela eo batho ba setlhaketlhake seno ba arabelang ‘mafoko a a molemo a bogosi’ a a rerwang ke Basupi ba ga Jehofa ka gone. (Mathaio 24:14) Tiro ya bone ya go rera e ne ya simolola ka 1960, fa go ne go goroga badihedi ba babedi ba nako e e tletseng go tswa kwa Fora. Jaanong, dingwaga tse di ka nnang 30 morago ga foo, go na le Basupi ba le 1 665 ba ba phasalatsang molaetsa wa Bogosi mo baaging ba ba ka nnang 582 000—tekanyetso ya Mosupi a le mongwe go batho bangwe le bangwe ba le 350 mo setlhaketlhakeng.

Kgolo e e ntseng jalo e ne ya dira gore go agiwe mafelo a a tshwanelang a go kopanela gore Basupi ba kgone go tsweletsa kobamelo ya bone le thuto ya semoya. (Bahebera 10:24, 25) Diphuthego di le 13 tsa tse 19 tsa kwa Réunion di setse di agile Diholo tsa tsone tsa Bogosi. Dikago tseno di agilwe ka botswerere le ka didirisiwa tse di thata tseo di tlhokang nako e ntsi—le madi— go agiwa, ka gonne lefelo le itewa ke dikgwanyape nako le nako. Ka jalo ba ile ba kgona jalo go aga diholo tse di ntseng jang ereka Basupi ba bantsi ba mo lefelong leno ba sa bone madi a mantsi go le kalo ebile ba na le malapa a magolo a ba tshwanetseng go a tlhokomela? Mafoko a Bibela a re arabela ka gore ‘letsogo la ga Jehofa ga lea khutshwafala.’—Isaia 59:1.

Dikgoreletsi Di A Fenngwa

Ka sekai, tlhokomela kafa Jehofa a neng a tlhotlheletsa dipelo tsa batho go thusa fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi mo torotswaneng ya Saint-Louis, e e mo karolong e e kafa borwabophirima jwa Réunion. Fa dipolane di sena go dumelelwa, Mosupi mongwe yo mmotlana o ne a bolelela morutisi yo a ba rutang tiro ya diatla gore Holo eo ya Bogosi e ne e tlile go agiwa ke baithaopi. Morutisi ga a ka a ithaopa go ya go thusa a le esi fela mme o ne a tla le tlelase yotlhe go tla go epa motheo wa kago. Moragonyana o ne a neela ditshipi tsotlhe tse di tlhokegang go thaya motheo wa kago.

Fa baithaopi ba ba ka fetang lekgolo ba ne ba tla go tshela konkoreite mo lefelong le le disekwere metara di le 190 ka letsatsi lengwe la boikhutso, ba ne ba gakgamala fa ba fitlhela metsi a toropo a tswaletswe. Ba ne ba tla tlhakanya konkoreite jang go sena metsi? Mongwe wa badiri yo a neng a itse mookamedi wa laphata la ditimamolelo o ne a swetsa gore o tla ya go tlhalosetsa monna yo o pelonomi yono ka bothata jwa bone. Lobakanyana morago ga foo, llori ya ditimamolelo e ne ya goroga kwa lefelong leo. Koloi eo e ne e na le metsi a a lekaneng go dira tiro eo, mme lephata la ditimamolelo le ne la letla gore e eme koo letsatsi lotlhe! Go a utlwala gore badiri botlhe ba ne ba tla tlhotlheletsega go dira tiro ka pelo yotlhe.

Tsela eo ba neng ba fenya dikgoreletsi ka yone e ne e supa tota gore Jehofa o a ba thusa. Ka sekai, ka nako nngwe fa go ntse go agiwa, sileng e ne e emetse fela gore go tsenngwe mabone a a kgethegileng a a 22 a a neng a sa bolo go otoriwa dikgwedi di le robedi pele ga foo. Mme khampani eo e ne ya bolelela bakaulengwe gore mofuta o ba neng ba o batla o ne o sa tlhole o dirwa. Go ne go ka dirwa eng? A mokgabiso otlhe le sileng di ne di tla tshwanela go fetolwa? Nnyaa, ka go bo ka yone nako eo bakaulengwe ba ne ba utlwalela ka moagi mongwe wa mo lefelong leo yo a neng a na le mabone a a tshwanang a a neng a a reketse tiro nngwe e a neng a solofetse go e dira mme go se kile ga nna jalo.

“O na le a makae?” o ne a bodiwa jalo.

“A ka nna 25,” o ne a araba jalo.

Mabone ao a ne a rekwa ka bonako a bo a tsenngwa.

Fa tiro eno ya kago e ntse e tsweletse, motho mongwe yo e neng e se lobaka a simolotse go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa o ne a kgatlhiwa tota ke kago e ntle eno.

“A o ko o mpolelele,” o ne a botsa, “a go na le sengwe gape se lo se tlhokang?”

“Ee,” mokaulengwe mongwe o ne a araba jalo. “Re tlhoka didirisiwa tsa go godisa modumo.”

Fa a utlwa seo, motho yo o kgatlhegang yono o ne a ntsha buka ya gagwe ya ditšheke ka bonako mme a ntsha madi a a batlileng a lekana go reka didirisiwa tsotlhe tsa go godisa modumo. Meneelo e e ntseng jalo, le madi a a adimilweng go tswa kwa ntlokgolong ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa United States, e ne ya thusa phuthego eno go fetsa Holo e ntle eno ya Bogosi.

Mo godimo ga seno, Phuthego ya Saint-Louis e ne ya itumelela go nna le Mokaulengwe Carey W. Barber, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, go tla go kgakola Holo ya Bogosi ka December 1988. Mokaulengwe Barber o ne a tswa kwa ntlokgolong ya Mokgatlho kwa Brooklyn, New York, go tla go neela lekala le lesha mo setlhaketlhakeng se se gaufi le bone sa Mauritius. Fa bakulengwe ba kwa Saint-Louis ba utlwa ka seno, ba ne ba kgona go mo kgobokanyetsa madi a a ka lekanang go duelela thekete ya sefofane mo dibekeng di le tharo, ya gagwe mmogo le ya leloko la Komiti ya Lekala la Mauritius go tloga kwa Mauritius go ya kwa Réunion. Fa esale go tloga ka nako eo, Phuthego ya Saint-Louis e ne ya tshwanela go kgaoganngwa ka ntlha ya koketsego. Jaanong Holo eno e ntšha ya Bogosi e dirisiwa ke diphuthego tse pedi.

Jehofa Ke Ene A Tshwanelang go Newa Tlotlo

Go tweng ka diphuthego tse dingwe mo Réunion? Palo ya batho ba ba tlang dipokanong kwa Diholong tsa Bogosi e ile ya nna go tloga go 150 lekgolong go ya go 200 lekgolong ya palo ya Basupi ba ga Jehofa ba ba mo setlhaketlhakeng ka gonne batho ba arabela sentle mo tirong ya go rera ka Bogosi. Ka jalo go phepafetse gore ke ka ntlha yang go tlhokega Diholo tse dintsi jaana tsa Bogosi kwa Réunion. Ebile tota, go ile ga agiwa tse dingwe gape tse tharo morago ga ya kwa Saint-Louis, mme e ne ya tlatsa palo go nna di le 13 mo diphuthegong tse 19 tsa mo setlhaketlhakeng seno.

Jehofa o tshwanetse go tlotliwa ka seno sotlhe ka gonne o ne a bolelela pele jaana: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa mo setlhaketlhakeng se sentle seno jaaka mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela