Seo Se Kaiwang Ke Seane Seno
Ke Ka Ntlhayang Fa O Tshwanetse go Lopa Dikatlo Tsa Mmaba?
MONNA yo o botlhale yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo o ne a dira kakgelo eno: “Ditlhabō tse di ntshicweñ ke tsala di boikañō: me dikatlō tsa mmaba di [“tshwanetse go lopiwa,” NW].” (Diane 27:6) Mafoko ano a ka tlhaloganngwa jang?
Motho yo o go ratang o tla go ntsha ntho ka tsela ya tshwantshetso, mme a ikanyega. A ka go gakolola ka go bo a go rata mo pelong ka tsholofelo ya gore o go direla molemo. Ga o tlhoke go kopa tsala ya boammaaruri gore e go thuse jalo kana gore e go gakolole fa o tlhoka kgakololo. Mme abo o supa botlhale jang ne fa o amogela kgakololo e e ntseng jalo e e tlhokegang, go tshwaiwa diphoso ka tsela e e siameng, kana go newa kgakololo fa o e tlhoka!
Lefa go ntse jalo, fa o batla gore mmaba wa gago a go direle selo sa mofuta ono, o tshwanetse go mo lopa tota. Ka ntlhayang? Ka gonne letlhoo la gagwe ka tlholego fela ga le kake la mo dira gore a go atle. Go na le moo, o tla rata go go tshwara ka tsela e e makgwakgwa. Bopelonomi bope fela jo a ka bo go direlang bo ka bonwa ka bothata tota mme ebile fa o mo lopa thata.
Sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu Keresete se kgatlha tota mabapi le seno. O kile a bua ka motlholagadi mongwe yo a neng a direlwa tshiamo ke moatlhodi mongwe yo a neng a sa boife Modimo kana a sa tlotle motho ka gope. O ne a atlega jang? Moatlhodi o ne a tlhokomela gore motlholagadi yono o newa se a neng a tshwanetse go se newa fela ka gonne o ne a mo kopa a sa kgaotse. Jesu o ne a dirisa setshwantsho seno go gatelela mo barutweng ba gagwe gore ba tlhoka go “rapèla ka metlha eotlhe, ba sa ñosele.”—Luke 18:1-8.
Basiami Ba Ntsifala Jang Fa Baikepi Ba Nyelela?
Diane 28:28 e bua jaana: “Ea re ha baikepi ba coga, batho ba iphitlhe: me motlhañ ba shwañ, basiami ba ntsihale.” Seno se itshupa jang gore se boammaaruri?
Baikepi ba ka “coga” ka maatla, gongwe jaaka babusi ba ba senang kutlwelobotlhoko. Ka nako eo, mosiami o a iphitlha. A ka dira jalo ka go boifa go gatelelwa. Mme a ka tlhoka go dira jalo jang? Go boammaaruri gore ‘motho o ile a busa yo mongwe fela a mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.
Lefa go ntse jalo, fa baikepi ba nyelela, batho ba ba siameng ‘ba a ntsifala.’ Jang? Gongwe ka gore basiami ba tswa kwa ba neng ba iphitlhile gone mme ba tswele mo ponong ya batho. Ka gone ba a tswelela mme ba lebega ba oketsegile ka palo ka gonne ba sa tlhole ba tlhoka go iphitlha. Fa go ka diragala gore basiami ba buse, ba tla otlhaya baikepi mme ba dira gore go nne le boitsholo jo bo siameng. Seo le sone se ka fokotsa palo ya batho ba ba sa siamang, mme basiami ba oketsega.—Bapisa Diane 28:12; 29:2.
Batho ba ba siameng ba tla tloga ba bona baikepi ba nyelela mo lefatsheng ka “letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa” le le atamelang ka bonako. Ka gone, batla tshiamo le boikokobetso go ya ka ditekanyetso tsa bomodimo, mme o ka bolokiwa wa tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo, koo eleruri basiami ba tla bong ba le bantsi gone.—Sefania 2:2, 3; 2 Petere 3:11-13.