Baka Jehofa ka Dikhumo tsa Gago
‘GA KE a huma; ke moshanyana fela mme ke na le dilo di sekae fela.’ ‘Ga ke a rutega thata; nka neela Jehofa eng?’ ‘Ke golafetse tota; Jehofa o tla tshwanela go ntlogela fela.’ ‘Ke tsofetse; ga nkake ka kgona go bona dikhumo dipe.’
A o akanya dilo tseno fa o ntse o akanya ka setlhogo seno? Lefa go le jalo, o ka tswa o humile go gaisa jaaka o ka akanya. Gakologelwa mafoko ano a ga Morena Jesu fa a ne a bua le phuthego ya Semerena: “Kea e itse pitlaganō ea gago, le khumanègō ea gago—me u humile.” (Tshenolō 2:9) Jesu o ne a kile a bua jaana pelenyana mo Therong ya kwa Thabeng: “Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ, . . . Me, iphutheleñ dikhumō kwa legodimoñ . . . Gonne kwa khumō ea gago e gōna, pelo ea gago le eōna e tla nna hèla gōna.” (Mathaio 6:19-21) A mafoko ano a Mong wa rona a a go nametsa? Ee, o ka tswa o na le sengwe seo Rraarona wa selegodimo, Jehofa, le Morwawe, ba se lebang se le botlhokwa thata. A re batlisiseng.
Bontle jwa Bosha—Nonofo le Botlhaga
Mosha a ka neela Jehofa tirelo e e itshepileng jang? Diane 20:29 e re tlhomamisetsa gore basha ba na le nonofo nngwe e e molemo—maatla a mmele. Abo go itumedisa jang go bona mosha a dirisa maatla a gagwe le bosha mo tirelong ya Modimo wa rona!
A re boeleng kwa morago mo hisitoring kwa tshimologong ya bo 1930 fa basha bangwe ba ne ba utlwa boammaaruri jwa Bibela. Mosha mongwe wa dingwaga tse 16 o ne a adima buka ya go ithuta Bibela ya Creation, e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower mo tsaleng ya gagwe. Fa a tla go bala kgaolo e e buang ka “Popo e Ntšha” mme a bala ka boineelo, o ne a setse a itse gore o batla go dira eng ka botshelo jwa gagwe. O ne a ineela mo Mmoping wa gagwe o o maatla otlhe ka bonako. O ne a bala buka e nngwe gape e e bidiwang Vindication (Buka ya Ntlha), mo ngwageng o o latelang, mme a ithuta ka tebelelo ya go nna le seabe mo go tlotlomadiweng ga leina la Modimo le bolaodi jwa gagwe. Tshedimosetso eno e ne ya mo dira gore a kgatlhegele go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. O ne a dira kopo ya go nna le tshiamelo ya go dira jaaka mmulatsela, mme o ntse a le mo tirelong ya nako e e tletseng le go fitlha jaanong. Lemororo ba le mmalwa ba balekane ba gagwe ba setse ba weditse botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng, bontsi jwa ba ba setseng bo santse bo supa moya wa go ineela ka moya otlhe mo go Rraarona wa selegodimo.
A basha ba Bakeresete gompieno ba supa fa ba na le nonofo eno e e botlhokwa thata? Eleruri ba supa jalo! Dipego tsa Yearbook di bontsha gore boidiidi jo bo lekanang le marothodi a monyo bo ntse bo tsenela bobulatsela. (Pesalema 110:3) Go begwa gore 13 lekgolong ya babulatsela botlhe ba ka metlha kwa Philippines ke ba dingwaga tse di kafa tlase ga 20. A go ntse jalo le kwa mafelong a mangwe? Ee, go ntse jalo. Ka sekai, patlisiso e e neng ya dirwa kwa ditlhaketlhakeng tse dinnye tsa Trinidad le Tobago e senola gore go ne ga nna le babulatsela ba basha ba le 282 ba ba neng ba simolola fa gare ga September 1, 1986, le September 30, 1988. Mo go yone palo eo, ba le 48 e ne e le ba dingwaga tse di kafa tlase ga 20. A o ka rata go utlwa go tswa go mongwe wa bano?
Kopana le Charmaine Francis. O bua jaana: “Batsadi ba me ba ne ba simolola go bua le nna ka go direla Jehofa le go ikanyega mo go ene fa ke santse ke le losea thata. Fa batsadi ba me ba ne ba mpotsa gore ke ne ke tla dira eng fa ke ne nka tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go rera mafoko a a molemo, ke ne ke tlhola ke re, ‘Ke tla direla Jehofa.’ Ke ne ka ineela fa ke na le dingwaga di le 13, mme ka kolobediwa fa ke na le di le 14. Morago fela ga foo, ke ne ke tlhola ke nna mmulatsela yo o thusang ka malatsi mangwe le mangwe a sekolo a boikhutso. Ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha ka 1983. Ke ne ka itumelela go thusa mosadi mongwe yo o sa direng tiro ya boitshediso go nna motlhanka wa ga Jehofa mo ngwageng wa me wa ntlha wa go bulatsela. Jaanong ke na le dithuto di le robong tsa Bibela. Yo mongwe o ipaakanyetsa go ya go kolobediwa, mme ba bangwe ba bararo ba tla dipokanong.”
Basha, a jaanong lo a dumela gore le lona le na le sengwe sa botlhokwa se lo ka bakang Jehofa ka sone? Ee ruri lo na naso! Le eleng lefa jaanong lo ka tswa lo se mo tirelong ya nako e e tletseng, lo ka baka Jehofa lo ntse lo le mo maemong a lo leng mo go one. Lo ka tswa lo santse lo tshwanela go tsena sekolo gape ka dingwaga tse dintsi. Lefa go le jalo, lo na le tshiamelo e e molemo ya go baka Jehofa mo barutising ba lona le mo go ba lo tsenang sekolo nabo. Christian Kalloo, yo o dingwaga di lesome, o ne a ya kwa sekolong ka sekaelo sa buka Life—How Did It Get Here—By Evolution or by Creation? Ga felela jang? O ne a tsamaisa dikaelo di le supa le ba ba neng ba kgatlhegela kgang eo. O ne a tsamaisa e nngwe gape mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Le wena o ka dira fela jalo.—Bapisa Mathaio 21:15, 16.
Mokaedi wa Rona yo Mogolo o A re Ruta
Moperofeti Isaia o ne a bua jaana: “Morèna Modimo o nneile loleme loa ba ba rutegileñ.” O ne a tlotlomatsa Jehofa ka nonofo ya gagwe ya go bua. A bo a kwala tsholofetso eo ya ga Jehofa a re: “Mōea oa me o o mo go wèna, le mahoko a me a ke a tsentseñ mo molomuñ oa gago, ga di ketla di cwa mo molomuñ oa gago leha e le mo molomuñ oa bana ba gago, leha e le mo molomuñ oa bana ba bana ba gago.” (Isaia 50:4; 59:21) Fela jaaka banna ba ba sa rutegang le ba e neng e le batho fela ba ne ba fetoga barutwa ba ga Jesu mme Modimo o ne wa ba dira gore ba nne botlhale mo dilong tsa semoya, ka jalo Jehofa o dira batho fela gore ba nne botlhale le gompieno.
Yearbook ya 1986 e na le tshedimosetso e e kgothatsang go bao ba rutegileng go le gonnye kana ba ba sa rutegang gotlhelele. Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse dintsi ba ile ba rulaganyetsa gore go nne le ditlelase tsa thuto gore ba rute batho ba ba godileng go bala. Abo Jehofa a ne a ba segofatsa jang ne! Fa gare ga 1962 le 1984, ba ba ka nnang 19 238 ba ne ba dira botswelelo pele jo bo molemo tota mo go ithuteng go ipalela Bibela ka bobone le bao ba neng ba ba neela bosupi. Abo ba ile ba bona masego a mantsi jang ne! Mokaulengwe mongwe o ne a dira sentle mo a neng a nna mokaedi wa tlelase mo phuthegong ya bone.
Tlhokomela gape boitemogelo jwa ga Ezekiel Ovbiagele. O ne a sa kgone go bala fa a ne a kolobediwa ka 1940. Morago ga go ithuta go bala o ne a tswelela pele mo a bileng a nna mmulatsela, mme moragonyana gape o ne a tlhophiwa go nna molebedi yo o etang ka 1953.
Batho ba dingwaga tsotlhe ba ka kgona go ithuta. Bangwe ba ka tsopola seane seno sa bogologolo: “Ga o kake wa ruta ntša ya motsofe maano a masha!” Go ka tswa go le jalo ka dintša, mme batho ga se diphologolo. Batsofe le bone ba ka ithuta ebile ba a dira fa eleruri ba batla go itse Jehofa le go mo direla. O ka tswa o itse bangwe ba ba dirileng jalo. Ka sekai, Alice Okon wa kwa Nigeria o ne a kgothalediwa go bala Bibela le go ithuta ka tsholofelo eo e e nayang; o ne a dira jalo mme a itumelela tsholofetso eo e e tlang. O na le dingwaga di le 80 mme o ne a sa tsofala thata gore a ka ithuta. A o akanya gore o ne a itumedisa pelo ya ga Jehofa? O na le tumelo e e nonofileng. Diane 3:14 e re tlhomamisetsa gore go nna le botlhale go “gaisa tlhōtlhwa ea selefera, le papadi ea yōna e gaisa papadi ea gouda.” Fa mongwe a kgona go bua boammaaruri ka tlhomamo, mafoko a gagwe a nna jaaka “boapole ba gouda mo dirotuñ tsa selefera.”—Diane 25:11; Bakolose 3:16.
Go Huma mo Tumelong le Ditiro tse di Molemo Lemororo ba Golafetse
Motho yo o tshotsweng a le segole a ka ikutlwa a kgobega marapo tota fa a ntse a gola mme a itemoga kafa a leng ka gone. Ebile go utlwisa botlhoko thata fa motho a golafala a ntse a godile. A ga go sepe se ba ba ntseng jalo ba ka se dirang? Nnyaa, ebile go ka ba bulela tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.
Edward Stead o ne a na le dipitse tse di hiriwang mo toropong nngwe e nnye ya Arvada, kwa Wyoming, kwa U.S.A., mme mosadi wa gagwe o ne a na le hotele e nnye. O ne a tshwarwa ke Spanish flu eo e neng ya mo dira gore a se kgone go emelelana le malwetsi mme o ne a tshwarwa ke bolwetsi jwa manyelele jwa ditokololo, joo bo neng jwa dira gore ditokololo tsa gagwe di seka tsa dira mme tsa senya popego ya gagwe mme a nna fela mo kolotsaneng ya gagwe ya maotwana. Lemororo go ne go se sepe se a neng a kgona go se itirela o ne a santse a kgona go bua le go tsamaisa diatla tsa gagwe go le gonnye. O ne a akanya go ipolaya ka lobaka lo loleele. Mme o ne a bona boammaaruri jo a neng a bo amogela ka botlhaga.
Kwa tshimologong o ne a tlhola a nna fa mojakong wa hotele mme a bua le baeng ka tumelo ya gagwe e ntšha. O ne a kgona go tsamaisa matsogo a gagwe fela go bula kgatiso ya Bibela go bontsha bao ba neng ba ema foo go reetsa. Bangwe ba ba neng ba anaanela maiteko a gagwe ba ne ba mmitsa moruti wa segole. Morago o ne a swetsa ka gore a ka kgona go rera kwa ditoropong tse dingwe fa a ne a ka direlwa kolotsana e e kgethegileng mo loring e nnye. Seno se ne sa dirwa, mme o ne a bula tsela ka mokgwa ono o o sa tlwaelegang ka dingwaga tse dintsi, a tsamaya diketekete tsa dikilometara fa gare ga Wyoming le Texas, a na le babulatsela ba le babedi kana ba le bararo ba ba neng ba mo tlhokomela. O ne a kgothatsa botlhe ba ba neng ba mo itse ka lobaka lwa fa a ntse a tshela.
Fa o ikutlwa o kgobegile marapo ka gonne o golafetse ka tsela nngwe, tsweetswee bala pego e e mo ditsebeng 22-5 tsa Tora ya Tebelo ya November 15, 1986. Banna botlhe ba ba umakiwang foo ke bagolwane, bao ba tshwanelegelang go gomotsa bakaulengwe ba bone bao ba ka tswang ba itekanetse sentle mo mmeleng mme ba tlhoka go agiwa mo semoyeng. Abo ba humile thata jang ne mo matlhong a Modimo!—1 Timotheo 6:18.
Esterleta Dick yo o nang le dingwaga di le 63 o setse a na le dingwaga di le 16 e le Mosupi yo o kolobeditsweng. O ne a foufala ka 1978, mme o ntse a direla jaaka mmulatsela wa ka metlha mo dingwageng tse pedi tse fetileng. O ne a kgona jang? Mma a arabe.
“Letsatsi lengwe,” o a anela, “kgaitsadi mongwe yo mmotlana wa mmulatsela o ne a mpotsa jaana: ‘Kgaitsadi Dick, o fitlhelela mokgele wa gago ka metlha jaaka mmulatsela yo o thusang. Ke ka ntlhayang o sa leke go nna mmulatsela wa ka metlha?’”
Esterleta o ne a tshaba gore o tla kgoreletsa bakaulengwe, mme o ne a gakologelwa gore molebedi yo o etang o ne a kgothaletsa tirelo ya bobulatsela. O bua jaana: “Ke ne ka simolola, mme jaanong ke na le dingwaga di le pedi ke le mo tirelong ya bobulatsela. Ke rera mo mebileng ebile ke na le maeto a mantsi a go boela. Mo godimo ga moo, ke tsamaisa dithuto di le thataro tsa Bibela tsa magae. Jang? Pele ke etela mong wa ntlo, ke balelwa seo re tlileng go se ithuta kwa gae mmogo le ditemana tse di tsopotsweng, ka jalo ke kgona go akgela kwa thutong. Ba le bararo ba ke ithutang le bone Bibela ba tla dipokanong, ebile yo mongwe o kolobeditswe.”
Mongwe le Mongwe a ka ‘Itomolola’
A go naya go felela fela mo dilong tsa semoya? Nnyaa. Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a botsa jaana fa a ne a baakanyetsa go agiwa ga tempele: “Go na le mañ eo o ratañ go itomololèla Yehofa gompiyeno ka pelo?” (1 Ditihalō 29:5) Mongwe le mongwe a ka dira jalo. Ba bantsi gompieno, bannye le bagolo, ba itekanetse kana nnyaa, ba eletsa go neela ka dilo tse di bonalang gore dikgatlhego tsa Bogosi di tswelele pele. Di ka dirwa ka ofisi ya lekala ya naga ya gaeno kana ka phuthego ya mo lefelong la lona. Mongwe le mongwe ka tsela eno a ka thusa mo ditshenyegelong tse di nnang gone tsa go dira gore go rerwa ga mafoko a a molemo go dirwe mo lefatsheng lotlhe go ya kafa a kgonang ka gone. Ke tshiamelo.—2 Bakorintha 9:8-12.
Se se botlhokwa go feta ke gore o na le dikhumo tsa semoya tse o ka bakang Jehofa ka tsone. Ba babotlana ba na le nonofo le maatla a bosha. Ba ba sa rutegang ba ka ithuta go neela Jehofa loungo lwa melomo ya bone. Ba ba golafetseng ba a kgona mme ba dirile botswelelopele mo go nneng le kitso, botlhale, le tlhaloganyo, mo e leng gore bontsi jwa bone ga bo bake fela Jehofa ka nako e e tletseng mme gape ke bagakolodi le badisa mo phuthegong ya Bokeresete. A ga o a huma go na le ka fa o neng o ntse o akanya ka gone? Ka jalo, baka Jehofa ka dikhumo tsa gago.—Bahebera 13:15, 16.