LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 7/1 ts. 14-15
  • “Ntlo Eno ke ya Gago”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ntlo Eno ke ya Gago”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Go Okediwa ka Bonako Jaana?
  • Go Intsha Setlhabelo le go Aba ka Bopelotshweu
  • Letsatsi la go E Neela
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 7/1 ts. 14-15

“Ntlo Eno ke ya Gago”

“NTLO eno ke ya gago—e re e okeditseng.” Abo mafoko ano a ne a supa sentle jang ne maikutlo a bao ba neng ba sa tswa go wetsa tiro e e bokete ya dingwaga di le pedi kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Australia! Mafoko ano a ne a lebisitswe go Jehofa Modimo, mme e ne e le karolo ya pina e e neng e tlhametswe motlha oo o o kgethegileng. Motlha ofe? Go neelwa ga dikago tse di neng di oketsa legae la Bethele le feketeri.

Go Okediwa ka Bonako Jaana?

Se se gakgamatsang ke gore go ne go neetswe kago e ntšha e e leng gone ya Bethele ka mo go tshwanang dingwaga tse di kafa tlase ga tse supa tse di fetileng, kwa Ingleburn, kafa dikgaolong tse di kafa borwabophirima jwa Sydney kwa Australia. Ke ka ntlhayang fa ba ne ba tlhoka go oketsa ka bonako jaana?

Lebaka le lengwe ke gore palo ya Basupi mo Australia e ne e oketsegile go tloga go ba le 32 000 ka 1981 go ya kwa tlhoreng ya ba le 51 152 ka October 1989, me seo se ne se dira gore go tlhokege gore go okediwe badiri ba Bethele. Mo godimo ga moo, palo ya dibuka tseo Australia e di romelang kwa makaleng a mangwe e ne ya oketsega mo go gakgamatsang. Mo nakong ya jaanong, Australia e ntsha dikgatiso ka dipuo tse 37 tse di farologaneng tse di tlhokwang ke Fiji, Indonesia, Papua New Guinea, New Caledonia, New Zealand, Solomon Islands, Tahiti, Vanuatu, Niue, Western Samoa, Tonga, Tuvalu, le Wallis Islands, mmogo le Australia. Ka gone, lelapa la Bethele le ne la gola ka bonako go ya go maloko a le 164.

Maloko ano a lelapa le le golang a ne a agelwa ofisi e ntšha ya matlhatlaganyane a le mararo e e neng ya wediwa mo tshimologong ya 1987, gore ba nne le sebaka se se oketsegileng sa diofisi. Morago, Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go okediwe feketiri ka matlhatlaganyane a le mararo le kago ya bonno ya matlhatlaganyane a le matlhano. Tiro ya go oketsa feketiri e ne ya simolola ka January 1988, mme e ne e tla oketsa boalo jwa bone ka disekwere metara di le 3 600. Tiro ya go oketsa kago ya bonno e ne ya simolola dikgwedi di sekae moragonyana, mme e ne e tla nna le matlo a borobalo a le 51.

Go Intsha Setlhabelo le go Aba ka Bopelotshweu

Go ne ga romelwa ditaletso kwa diphuthegong go ralala naga yotlhe di bitsa baithaopi go tla go nna karolo ya “lelapa la kago” ka lobaka lwa dingwaga di le pedi. Ba ne ba arabela ka bontsi, mme baithaopi ba ditiro tse di farologaneng ba ne ba araba fela ka bonako. Go ne ga amogelwa diforomo tsa tiro tse di fetang 700, mme mo lobakeng lwa fa go agiwa, go ne ga tla baithaopi ba ba fetang 270 go tla go dira mo kagong ka dinako tse di tlogang go dibeke tse pedi go ya go mo e ka nnang dingwaga tse pedi.

Mosupi mongwe o ne a na le kgwebo ya metšhine e e gopang lefatshe kwa kgaolong e e kwa bokone ya Queensland. O ne a rekisa bontlhanngwe jwa kgwebo ya gagwe, mme ene le mosadi wa gagwe ba tla go nna karolo ya lelapa la kago go tloga fela fa go simololwa. O ne a reka motšhine o mogolo o o epang mme a direla Mokgatlho tiro e ntsi ya go epa mahala. Fa tiro e ntsi ya go epa e sena go wediwa o ne a rekisa motšhine oo mme ene a sala a ntse a dira mo dikarolong tse dingwe tsa kago. Seno ke sengwe sa dikai tsa moya o o molemo le wa go ineela ka botlalo o o neng wa supiwa ke botlhe fa kago eno yotlhe e ntse e agiwa.

Basupi ba ne ba ntsha dilori tse di nang le dipompo go tshela dikubita tsa dimetara di le 3 300 tsa konkoreite tseo di neng di tlhokega mo dikagong tse pedi tseo tsa matlhatlaganyane a le robedi. Bangwe ba ne ba ntsha didirisiwa tse di neng di tlhokega go dira ditanka tse tharo tsa dilitara di le 22 000 tsa metsi tsa konkoreite, mme Basupi ba ba dirang kwa feketiring ba ne ba ithaopela go dira ditanka tseo.

Gone mme, e ne e se baithaopi botlhe ba ba neng ba itse tiro ya diatla sentle. Eleruri makawana a mantsi a ne a ithuta ditiro tse disha gone mo kagong eno. Ba bantsi ba ne ba kgona go nna ditswerere mo go ageng ka setena jaaka ba ne ba thusa fa go ne go bewa ditena tse di halofo ya milione tse di neng di tlhokega mo kagong eno. Bangwe ba ne ba ithuta go tsenya dithaele tsa mo leboteng le tsa fa fatshe, mme mo dibekeng di le mmalwa fela kgaitsadi mongwe o ne a nna setswerere mo go kgomaretseng pampiri ya mo loboteng.

Letsatsi la go E Neela

Letsatsi le e neng e neelwa ka lone, Matlhatso, November 25, 1989, le ne la tlhaba le sena maru go le mogote—letsatsi le lentle la dikgakologo fa di ya kwa bofelong. Boalo jwa bobedi jwa karolo e go okeditsweng ka yone ya feketiri e ntšha bo ne bo phepafaditswe go nna holo e go neng go tlile go tshwarelwa thulaganyo ya go neela mo go yone. Dikarolo tse dingwe tsa difeketiri tse dingwe tse pedi, holo ya Bethele, le ntlo ya bojelo ya Bethele di ne di tshwaragantswe ka thelebishene. Seno se ne sa dira gore ba ba fetang 3 000 ba nne sentle fa fatshe ba le mo teng ga dikago.

Ka gonne go ne go sena sebaka se se lekaneng, go ne ga laleditswe fela ba ba neng ba na le dingwaga tse di fetang 40 ba kolobeditswe, mmogo le baeng ba maloko a malapa a Bethele le a kago. Go ne go na le dijo tse di botlhoshwana mo mosong mme ka sethoboloko ba ne ba fiwa lebokose la dijo tse di monate. Go ne ga tshwarwa pokano ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Watchtower wa Australia ka 9:00 a.m., mme maloko otlhe a a 21 a lekgotla leno la Australia a ne a le teng. Morago ga go dirwa ga ditiro dingwe tsa semolao tse di tlhokegang, botlhe ba ne ba lalediwa go tsena, mme ba ne ba itumelela go reetsa polelo ka Theodore Jaracz wa Setlhopha se se Laolang.

Go ne ga tshamekiwa dipina tsa Bogosi ka metsotso e le 15 ka 1:45 p.m. go simolola thulaganyo ya go neela. Bareetsi ba ne ba itumelela go utlwa dipego, dikgannyana tse dikhutshwane tse di kgatlhang, maitemogelo, le dikakgelo tsa maloko a mararo a a neng a le gone a Setlhopha se se Laolang. Mo go bano go ne go na le Carey Barber le Daniel Sydlik bao e neng e le lantlha ba etele naga eo. Mokaulengwe Barber o ne a bua ka setlhogo se se reng “Thobo ke Bokhutlo jwa Motlha,” fa Mokaulengwe Sydlik ene a ne a bua ka setlhogo se se reng “Go Itumela Batho bao Modimo wa Bone e Leng Jehofa.” Mokaulengwe Jaracz o ne a neela puo ya go neela ereka a ne a direla jaaka molebedi wa makala mo lekaleng la Australia.

Karolo e e kgatlhang thata ya thulaganyo e ne e le fa go ne go opelwa pina ya ditematheto di le nnè pele ga puo ya go neela. Setlhogo sa yone se se neng se thailwe mo go Isaia 60:22 se ne se re “Yo Monnye o Fetoga ba ba Sekete.” Mafoko a pina eno a ne a leboga Jehofa ka go bo baithaopi ba bantsi ba ba ratang ba ne ba kgona go nna le tshiamelo ya go oketsa ‘ntlo ya gagwe’ mo karolong eno ya tshimo ya lefatshe ka bophara.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Kago e go okeditsweng ka yone e ntšha ya go gatisetsa kwa Ingleburn, N.S.W., kwa Australia

C. Barber

T. Jaracz

D. Sydlik

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela