Rera Bogosi Jwa ga Jehofa ka Bopelokgale!
“Me a chola botlhe ba ba eañ kwa go èna, A rèra bogosi yoa Modimo.”—DITIHŌ 28:30, 31.
1, 2. Paulo o ne a na le bosupi bofe jwa gore o tshegediwa ke Modimo, mme o ne a tlhoma sekao sefe?
JEHOFA o tshegetsa baboledi ba Bogosi ka metlha. Abo seo se ne se le boammaaruri jang ne ka Paulo! O ne a ya fa pele ga babusi, a itshokela go tlhaselwa ke digopa, a bo a rera Bogosi jwa ga Jehofa ka bopelokgale, ka go bo a ne a engwe nokeng ke Modimo.
2 Le eleng lefa a ne a le mo kgolegelong kwa Roma, Paulo o ne “a chola botlhe ba ba eañ ka go èna, A rèra bogosi yoa Modimo.” (Ditihō 28:30, 31) Abo seo e le sekao se se molemo jang ne mo Basuping ba ga Jehofa gompieno! Re ka ithuta go le gontsi mo bodiheding jwa ga Paulo jaaka bo begiwa ke Luke mo dikgaolong tsa bofelo tsa buka ya Bibela ya Ditihō.—20:1–28:31.
Badumedi ba Bangwe ba A Nonotshiwa
3. Go ne ga diragala eng kwa Teroasa, mme re ka tshwantsha seo jang le metlha ya rona?
3 Paulo o ne a tswelela ka loeto lwa gagwe lwa boraro, morago ga gore khuduego ya kwa Efeso e khutle. (20:1-12) Lefa go ntse jalo, fela fa a ne a re o ya kwa Siria o ne a utlwela ka segwenegwene se Bajuda ba neng ba se mo logetse. O ne a ya kwa Makedonia, ereka ba ne ba ka tswa ba logile leano la go pagama sekepe se le sengwe le Paulo gore ba tle ba mmolaye. Jaaka balebedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa ba dira gompieno, o ne a fetsa beke a agelela badumedi ka ene kwa Teroasa. Paulo o ne a bua ka boleele go fitlha bosigogare mo bosigong jwa pele a tsamaya. Eutiko o ne a ntse fa fensetereng, gongwe a lapile ka ntlha ya tiro ya motshegare. O ne a wa a ntse a robetse go tswa kwa matlhatlaganyaneng a boraro mme a tlhokafala, mme Paulo o ne a mo tsosa. Abo seno se tshwanetse sa bo se ile sa baka boitumelo jo bo kanakang! Ka jalo, a o ke o akanye fela gore go tla nna boitumelo jo bo kanakang fa ba dimilionemilione tse dintsintsi ba tsosiwa mo lefatsheng le lesha le le tlang.—Yohane 5:28, 29.
4. Paulo o ne a ruta bagolwane ba Efeso eng kaga bodihedi?
4 Paulo o ne a kopana le bagolwane ba kwa Efeso kwa Mileto fa a ne a le mo tseleng e e yang kwa Jerusalema. (20:13-21) O ne a ba gakolola gore o ne a ba rutile “a tsamaea le matlo” le gore o ne a “shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.” Bao ba neng ba nna bagolwane ba ne ba setse ba ikwatlhaile ebile ba na le tumelo. Baaposetoloi le bone ba ne ba ntse ba ba katisa mo go boleleleng ba ba sa dumeleng ka Bogosi ka bopelokgale mo bodiheding jwa ntlo le ntlo jaaka jo bo dirwang ke Basupi ba ga Jehofa gompieno.
5. (a) Paulo o ne a tlhoma sekao jang malebana le go kaelwa ke moya o o boitshepo? (b) Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba ne ba tlhoka kgakololo ya gore ba “disè lecomane yeotlhe”?
5 Paulo o ne a tlhoma sekao mo go kaelweng ke moya wa Modimo o o boitshepo. (20:22-30) Moaposetoloi o ne a tla ya kwa Jerusalema, a “pitlaganye mo moeeñ,” kana a ikutlwa gore o tshwanetse go latela kaelo ya one, lemororo a ne a emetswe ke kgolegelo le pitlagano koo. O ne a tsaya botshelo bo le tlhotlhwakgolo, mme go boloka bothokgami mo Modimong e ne e le selo se se botlhokwa thata mo go ene fela jaaka go tshwanetse go nna jalo mo go rona. Paulo o ne a kgothaletsa bagolwane go ‘disa letsomane lotlhe le moya o o Boitshepo o ba dirileng baokami ba lone.’ Morago ga go “tsamaea” ga gagwe (gongwe fa a swa), “diphiri tse di setlhogo,” di ne di ‘se kitla di rekegela letsomane.’ Banna ba ba ntseng jalo ba ne ba tla tswa mo bagolwaneng ka bobone, mme barutwa ba ba senang temogo ba ne ba tla amogela dithuto tsa bone tse di sokameng.—2 Bathesalonia 2:6.
6. (a) Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a ka neela bagolwane mo Modimong a sa boife sepe? (b) Paulo o ne a latela molaomotheo o o mo go Ditihō 20:35 jang?
6 Bagolwane ba ne ba tshwanetse go nna ba tsogile mo semoyeng gore ba tle ba tlhokomele botenegi. (20:31-38) Moaposetoloi o ne a ba rutile Dikwalo tsa Sehebera le dithuto tsa ga Jesu, tseo di neng di na le maatla a go ba itshepisa le go ba thusa go amogela Bogosi jwa selegodimo, “boshwa mo go botlhe ba ba itshepisicweñ.” Paulo o ne a kgothaletsa bagolwane go dira ka natla, ka go bereka mme a itlamela le ba a neng a na nabo. (Ditihō 18:1-3; 1 Bathesalonia 2:9) Fa le rona re latela tsela e e tshwanang mme re thusa ba bangwe go bona botshelo jo bo sa khutleng, re tla anaanela mafoko ano a ga Jesu: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” Seo se kaiwang ke polelwana eno se fitlhelwa mo Diefangeleng mme e tsopolwa ke Paulo fela yo a ka tswang a ne a e boleletswe kana a e bone ka tlhotlheletso. Re ka bona boitumelo fa re ka nna ba ba ithontshang dilo jaaka Paulo. Kana, o ne a ba diretse go le gontsi mo e leng gore bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba utlwa botlhoko thata fa a tsamaya!
A go Rata ga ga Jehofa go Dirwe
7. Paulo o ne a tlhoma sekao sa go ineela go dira go rata ga Modimo jang?
7 Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go ineela mo go rateng ga Modimo fa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa lo ne lo setse lo le gaufi le go fela (c. 56 C.E.). (21:1-14) Fa ba le kwa Kaesarea ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba nna le Filipi, yoo bomorwadie ba makgarebane ba neng ba ‘perofesa,’ ba bolelela ditiragalo pele ka moya o o boitshepo. Ke gone koo moperofeti wa Mokeresete Agabo a neng a ipofa maoto le matsogo ka moitlamo wa ga Paulo gone mme moya o ne wa mo tlhotlheletsa go bolela gore Bajuda ba ne ba tla bofa mong wa one kwa Jerusalema mme ba mo neela Baditšhaba. Paulo o ne a re, “ke iketleeditse, e señ go golegwa go le gosi, me le gōna go shwèla leina ya Morèna Yesu.” Barutwa ba ne ba dumela fela ba ipatelela ba re: “A go rata ga Morèna go dihalè.”
8. Re ka gakologelwa eng fa ka dinako dingwe re fitlhela go le thata go amogela kgakololo e e molemo?
8 Paulo o ne a bolelela bagolwane ba ba kwa Jerusalema seo Modimo o neng o se dirile mo Baditšhabeng ka bodihedi jwa gagwe. (21:15-26) A re gakologelweng kafa Paulo a neng a amogela kgakololo e e molemo ka gone fa ka nako nngwe re fitlhela go le thata go e amogela. Go bontsha gore o ne a sa rute Bajuda ba ba neng ba le mo dinageng tsa Baditšhaba gore ba “tlhōbōgè Moshe,” o ne a reetsa kgakololo ya bagolwane ya gore a tsamaye le banna ba bangwe ba le banè ba e go itshekisiwa semolao mme a ituelele a bo a ba duelele. Lemororo loso lwa ga Jesu lo ne lo tlositse Molao, Paulo o ne a sa dire phoso ka go dira dikarolo tse dingwe tsa one tse di mabapi le ikano.—Baroma 7:12-14.
Ba Tlhaselwa ke Digopa mme Ga Ba Boife
9. Maitemogelo a ga Paulo a tshwana le Basupi ba ga Jehofa ba gompieno jang, malebana le tlhaselo ya digopa tsa batho?
9 Basupi ba ga Jehofa gantsi ba ile ba boloka bothokgami lefa ba lebane le go bediwa ke digopa tsa batho. (Ka sekai, bona 1975 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 180-90) Bajuda ba kwa Asia Minor le bone ka mo go tshwanang ba ne ba ipopa segopa mme ba tlhasela Paulo. (21:27-40) Fa ba bona Paulo a na le Terofimo wa Moefesia, ba ne ba mo latofatsa ka maaka a gore o itshekolola tempele ka go tsenya Bagerika mo go yone. Paulo o ne a setse a tla bolawa fa molaodi wa Moroma Kelaodio Lusia le banna ba gagwe ba ne ba khutlisa khuduego eo! Jaaka go ne go boleletswe pele (mme go bakilwe ke Bajuda) Lusia o ne a laela gore Paulo a golegiwe ka dikeetane. (Ditihō 21:11) Moaposetoloi o ne a setse a tla tsenngwa mo lefelong la masole fa thoko ga lolwapa lwa tempele fa Lusia a ne a lemoga gore Paulo o ne a sa tsuologele taolo epe mme e ne e le Mojuda yo o letleletsweng go tsena mo lefelong la tempele. Paulo o ne a bua le batho ka Sehebera fa a ne a letlwa go bua.
10. Bajuda ba kwa Jerusalema ba ne ba amogela puo ya ga Paulo jang, mme ke ka ntlhayang fa a ile a se ka a itewa?
10 Paulo o ne a naya bosupi ka bopelokgale. (22:1-30) O ne a ipolela gore ke Mojuda yo o rutilweng ke Gamaliele yo a neng a tlotlega thata. Moaposetoloi o ne a tlhalosa gore o ne a foufala fa a ne a bona Jesu Keresete yo o galaleditsweng, fa a ne a le mo tseleng e e yang kwa Damaseko go ya go bogisa balatedi ba Tsela, mme o ne a foufololwa ke Ananiase. Moragonyana Morena o ne a raya Paulo a re: “Tloga u tsamaeè: gonne ke tla gu romèla kgakala kwa go Badichaba.” Mafoko ao a ne a wela jaaka tlhase ya molelo mo sekgweng. Bontsi jwa batho bo ne jwa latlha dikobo tsa bone tsa kafa ntle jwa kubuetsa lorole mo phefong bo galefile, bo goa bo re Paulo ga aa tshwanela go tshela. Ka jalo Lusia o ne a laela gore Paulo a tseelwe kwa lefelong la masole mme a itewe gore go tle go bonwe gore ke ka ntlhayang fa Bajuda ba ne ba le kgatlhanong nae. Paulo o ne a tila seiteo (se se nang le matlalonyana a a funetsweng kana a tsentswe ditshitshwana kana marapo) fa a ne a botsa jaana: “A go lètlèlècwe go seola motho eo e leñ Moroma, ebie a e se a bone tshèkō?” Fa Lusia a lemoga gore Paulo e ne e le Moroma o ne a tshoga mme a mo isa fa pele ga Sanehederine go batlisisa gore ke ka ntlhayang fa Bajuda ba ne ba mo pega molato.
11. Paulo e ne e le Mofarasai ka lebaka lefe?
11 Fa Paulo a ne a simolola go iphemela fa pele ga Sanehederine a re “ke nntse ka nna ka tshela ka pelo e e molemō ha pele ga Modimo,” Moperesiti yo Mogolo Ananiase o ne a laela gore a itewe. (23:1-10) Paulo o ne a re, “Modimo o tla gu itaea, wèna eo u leñ lomōta lo lo takilweñ.” “A u kgala moperesiti eo mogolo?” bangwe ba ne ba botsa jalo. Paulo a ka tswa a ne a sa lemoge gore ke Ananiase ka ntlha ya go sa bone sentle. Paulo o ne a bua jaana fa a lemoga gore lekgotla leo le ne le dirilwe ke Bafarasai le Basadukai: ‘Ke Mofarasai yo o sekisediwang tsholofelo ya tsogo ya baswi.’ Seno se ne sa thuba Sanehederine ka bogare, ka go bo Bafarasai ba ne ba dumela tsogo ya baswi, fa Basadukai ba ne ba sa e dumele. Go ne ga tsoga khuduego e kgolo mo Lusia a neng a tshwanela go falotsa moaposetoloi.
12. Paulo o ne a falola leano la go mmolaya kwa Jerusalema jang?
12 Morago Paulo o ne a falola segwenegwene sa go mmolaya. (23:11-35) Bajuda ba le masome a manè ba ne ba ikanne gore ga ba kitla ba ja lefa e le go nwa ba ise ba mmolae. Mosimane wa setlogolo sa ga Paulo o ne a mmegela seno a bo a se begela Lusia. Moaposetoloi o ne a tseelwa kwa go Molaodi Antonio Felise kwa Kaesarea, kwa moshateng wa puso ya Roma, a disitswe ke masole. Morago ga go solofetsa Paulo gore o tla mo reetsa, Felise o ne a mo tlogela a disitswe mo Ntlong ya segosi ya molaodi ya ga Herode o Mogolo, kwa ntlokgolong ya molaodi.
Fa Pele ga Babusi ka Bopelokgale
13. Paulo o ne a neela Felise bosupi ka eng, mme go ne ga felela jang?
13 Go ise go e kae moaposetoloi o ne a iphemela kgatlhanong le ditatofatso tsa maaka mme a neela Felise bosupi ka bopelokgale. (24:1-27) Paulo o ne a bontsha fa pele ga Bajuda ba ba neng ba mo pega molato bao gore ga a ise a tlhotlheletse segopa sa batho. O ne a bolela gore o ne a dumela dilo tse di kwadilweng mo Molaong le ke Baperofeti mme a solofela gore go “tla nna le cogō ea basiami le basiamolodi.” Paulo o ne a ile kwa Jerusalema ka “dikacō le dinèō” (meneelo e e yang kwa balateding ba ga Jesu bao ba neng ba ka tswa ba humanegisitswe ke go bogisiwa) mme gape o ne a itshekisitswe. Lemororo a se kile a mo atlhola ka nako eo, Paulo o ne moragonyana a rerela Felise le mosadi wa gagwe Durusila (morwadia Herode Ageripa I) kaga Keresete, tshiamo, boikgapo, le katlholo e e tlang. Felise o ne a re Paulo a tsamaye ka a ne a tshosiwa ke se a neng a se bua. Lefa go ntse jalo, moragonyana, o ne a ntse a roma batho kwa go moaposetoloi a solofetse go bona pipamolomo mme a sa e bone. Felise o ne a itse gore Paulo o ne a sena molato mme o ne a mo lesa fela a ntse a golegilwe, a solofetse gore Bajuda ba tla mo rata ka ntlha ya moo. Felise o ne a tlhatlhangwa ke Porokio Feseto dingwaga tse pedi morago ga foo.
14. Paulo o ne a dirisa paakanyetso efe e e mo molaong fa a ne a ya fa pele ga ga Feseto, mme seno se ka tshwantshiwa le eng?
14 Paulo o ne a iphemela ka bopelokgale gape fa pele ga ga Feseto. (25:1-12) Fa e le gore moaposetoloi o ne a tshwanelwa ke loso, o ne a ka seka a tshaba, mme go ne go se motho ope yo a neng a ka mo neela Bajuda fela ka go bo a ba rata. Paulo o ne a re “ke ipiletsa Kaesare,” a dirisa tshwanelo ya gagwe ya go ya go sekisiwa kwa Roma ka e le moagi wa Roma (ka nako eo e le fa pele ga Nero). Ereka Paulo a ne a filwe tetla o ne a tla ‘neela bosupi kwa Roma’ jaaka go ne go boleletswe pele. (Ditihō 23:11) Basupi ba ga Jehofa gape ba dirisa dipaakanyetso tse di leng gone mo go “hemeleñ Mahoko a a Molemō, le mo go a tlhomamiseñ.”—Bafilipi 1:7.
15. (a) Ke boperofeti bofe jo bo neng jwa diragadiwa fa Paulo a ne a ya fa pele ga ga Kgosi Ageripa le Kaesare? (b) Paulo o ne a “raga setlhabi” jang?
15 Kgosi Herode Ageripa II wa kwa Judea bokone le kgaitsadie Bernice (yoo a neng a tlhakanela dikobo nae ntswa ba ne ba sa letlwe ke molao go nyalana) ba ne ba utlwa Paulo fa ba ne ba etetse Feseto kwa Kaesarea. (25:13–26:23) Paulo o ne a diragatsa boperofeti jwa gore o ne a tla rera leina la Morena mo dikgosing, ka go rerela Ageripa le Kaesare. (Ditihō 9:15) Fa a ne a bolelela Ageripa se se diragetseng mo tseleng e e yang kwa Damaseko, Paulo o ne a akgela ka gore Jesu o ne a bua jaana: “Go thata mo go wèna go raga setlhabi.” Ereka poo e e bogoma e ikutlwisa botlhoko ka go gana go tlhajwa ka setlhabi, Saule o ne a ikutlwisitse botlhoko ka go lwa kgatlhanong le balatedi ba ga Jesu, bao ba neng ba engwe nokeng ke Modimo.
16. Feseto le Ageripa ba ne ba arabela bosupi jwa ga Paulo jang?
16 Feseto le Ageripa ba ne ba itshwara jang? (26:24-32) Feseto o ne a bua jaana ka a ne a sa kgone go tlhaloganya tsogo ya baswi ebile a gakgamaditswe ke go tlhatswega pelo ga ga Paulo: “Go rutèga thata ga gago goa gu tsentsha.” Bangwe ka mo go tshwanang gompieno ba latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka gore ba a tsenwa, ntswa ba tshwana fela le Paulo ka go “bua mahoko a boamarure le a boitekanèlō.” Ageripa o ne a re, “ua bo u rata go nkgōna go nna Mokeresete ka go mpuisa go le gonnye hèla,” mme a emisa tsheko fela a itsise gore Paulo o ka bo a golotswe fa a ne a se kile a ikuela mo go Kaesare.
Kotsi kwa Lewatleng
17. O ka tlhalosa jang dikotsi tsa mo lewatleng tsa loeto lwa ga Paulo lwa go ya kwa Roma?
17 Paulo o ne a tsena mo “poitshegoñ mo lewatleñ” mo loetong lwa gagwe lwa go ya kwa Roma. (2 Bakorintha 11:24-27) Magolegwa a a neng a tswa kwa Kaesarea a ya kwa Roma a ne a disitswe ke mookamedi wa masole Julio. (27:1-26) Paulo o ne a letlwa go etela badumedi bao ba neng ba mo nonotsha mo semoyeng fa sekepe se ne se ema kwa Sidone. (Bapisa 3 Yohane 14.) Julio o ne a laela magolegwa go palama sekepe se se rweleng korong se se yang kwa Itale, fa ba le kwa Mira, kwa Asia Minor. Ba ne ba kgona go fitlha kwa boemelakepeng jwa Dinwane Dintle gaufi le motse wa Kereta o go tweng Lasea lemororo phefo e ne e ba tlhaga kwa pele. Fa ba tloga koo ba le mo tseleng ba ya kwa Fonekia, sekepe se ne sa tlhaselwa ke ledimo go tswa kafa bokonebotlhaba. Batsamaisasekepe ba ne ba “holosa bosaile” ka ba ne ba tshaba go nwela kwa Suritisa (mo motlhabananganelong) kwa bokone jwa Afrika. Ba ne ba bofile sekepe ka megala kwa tlase gore se se ka sa phatlolwa. Ba ne ba latlhela morwalo o mongwe mo lewatleng ka ba ne ba ntse ba tlhasetswe ke sefefo mo letsatsing le le latelang. Mo letsatsing la boraro ba ne ba latlha disaile. Moengele o ne a iponatsa mo go Paulo fela fa ba setse ba felelwa ke tsholofelo a mmolelela gore a se ka a boifa ka go bo o tla ema fa pele ga ga Kaesare. Abo batsamai ba ile ba imologa jang ne fa moaposetoloi a ne a bolela gore ba tla tlhatsediwa kwa lotshitshing lwa setlhaketlhake sengwe!
18. Ke eng seo kgabagare se neng sa diragala ka Paulo le batsamai ka ene?
18 Batsamai bao ba ne ba falola. (27:27-44) Batsamisasekepe ba ne ba lemoga gore ba gaufi le lefatshe mo gare ga bosigo jwa letsatsi la bo 14. Medumo e ne ya tlhomamisa seno, mme ba ne ba isa diemisasekepe kwa tlase go tila gore ba se bone kotsi mo majeng. Banna botlhe ba ba 276 ba ne ba ja dijo ka Paulo a ne a ba kopa jalo. Go tswa foo sekepe se ne sa tlhofofadiwa ka go latlhela korong mo lewatleng. Batsamaisasekepe ba ne ba kgaola diemisasekepe ba ntsha dishapisasekepe, mme ba emisa saile e e kwa pele go lebagana le phefo. Sekepe se ne sa pagama thabana ya mmu mme sa simolola go thubega kwa morago. Mme mongwe le mongwe o ne a fitlha kwa lefatsheng.
19. Paulo o ne a diragalelwa ke eng kwa Melita, mme o ne a direla ba bangwe eng koo?
19 Batho ba ba neng ba pagame sekepe se se thubegileng ba ne ba iphitlhela ba le kwa Melita ba kolobile ebile ba lapile, mme baagi ba setlhaketlhake seo ba ne ba ba direla “ka yo e señ botsalanōnyana hèla.” (28:1-16) Lefa go ntse jalo, fa Paulo a besa dikgong mo molelong, mogote o ne wa tsosa noga eo e neng ya itshopa ka letsogo la gagwe. (Go ne go sena dinoga tse di botlhole kwa Melita, mme eno e ne e le “sebopiwa se se bolayang.”) Batho ba Melita ba ne ba akanya gore Paulo ke mmolai yoo “tshiamishō” e neng e ka se ka ya mo letla go tshela, mme fa a ne a sa swe kana a ruruga, ba ne ba re ke modimo. Moragonyana Paulo o ne a fodisa ba bantsi go akaretsa le rraagwe Pubelio, molaodi yo mogolo wa Melita. Morago ga dikgwedi di le tharo, Paulo, Luke, le Arisetareko ba ne ba tsamaya ka sekepe seo se neng se eteletswe pele ke “Mahatlha a Basimane” (Castor le Pollux, medimo mengwe ya mawelana e go tweng e ne e tlhokomela ba ba tsamayang mo lewatleng). Julio le setlhopha sa gagwe ba ne ba pagama fa se ne se ema kwa Puteoli. Paulo o ne a leboga Modimo mme a kgothatsega tota fa a bona Bakeresete ba ba tswang kwa motsemoshateng wa Roma ba tla go ba kgatlhantsha kwa Borekelong jwa Apio le kwa Matlung a Mararo a Tapologelo mo tseleng e e yang kwa Apio. Kgabagare, Paulo o ne a letlwa go nna a le nosi mme a disitswe ke lesole fa ba goroga kwa Roma.
Nna o Ntse o Rera Bogosi jwa ga Jehofa!
20. Paulo o ne a dira tiro efe kwa bonnong jwa gagwe kwa Roma?
20 Paulo o ne a ntse a bolela Bogosi jwa ga Jehofa ka bopelokgale kwa bonnong jwa gagwe kwa Roma. (28:17-31) O ne a raya banna ba ba kwa godimo ba Bajuda a re: “Ke golegilwe ka ketane e ka ntlha ea cholohèlō ea Iseraela.” Tsholofelo eo e ne e akaretsa go amogela Mesia, sengwe seo le rona re tshwanetseng go iketleetsa go bogisiwa ka ntlha ya sone. (Bafilipi 1:29) Lemororo bontsi jwa Bajuda bao bo ne bo sa dumele, bontsi jwa Baditšhaba le masalela mangwe a Bajuda bo ne bo na le dipelo tse di siameng. (Isaia 6:9, 10) Paulo o ne a amogela botlhe ba ba neng ba tla kwa go ene ka dingwaga di le pedi (c. 59-61 C.E.), “a rèra bogosi yoa Modimo, a ba a ruta batho dilō tse di leñ kaga Morèna Yesu Keresete ka pelokgale eotlhe go sena opè eo o mo itsañ.”
21. Paulo o ne a tlhoma sekao sefe go ya fela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng?
21 Go lebega Nero a ne a bolela gore Paulo ga a na molato a bo a mo golola. Moaposetoloi o ne a simolola tiro ya gagwe sesha a na le Timotheo le Tito. Lefa go ntse jalo, o ne a tsenngwa gape mo kgolegelong kwa Roma (c. 65 C.E.) mme go lebega a ne a swela tumelo a bolawa ke Nero. (2 Timotheo 4:6-8) Mme Paulo o ne a tlhoma sekao sa mmoledi yo o pelokgale wa Bogosi go fitlha kwa bokhutlong. A botlhe ba ba ineetseng mo Modimong ba bolele Bogosi jwa ga Jehofa ka bopelokgale ka moya o o tshwanang mo malatsing ano a bofelo!
O ne O Ka Araba Jang?
◻ Paulo o ne a katisa bagolwane ba kwa Efeso mo bodiheding bofe?
◻ Paulo o ne a tlhoma sekao sa go ineela mo Modimong jang?
◻ Maitemogelo a ga Paulo a go tlhaselwa ke digopa tsa batho a tshwana jang le a Basupi ba ga Jehofa gompieno?
◻ Paulo o ne a dirisa paakanyetso efe e e mo molaong fa a le fa pele ga Molaodi Feseto, mme seno se na le setshwani sefe gompieno?
◻ Paulo o ne a ntse a dira tiro efe kwa bonnong jwa gagwe kwa Roma a re tlhomela sekao sefe?