LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 6/15 ts. 3-4
  • Matsapa a go Batla Polokesego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matsapa a go Batla Polokesego
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lwela Go Khutlisa Bokebekwa
    Tsogang!—1996
  • A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Go Retelelwa ke go Fenya Bokebekwa
    Tsogang!—1998
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 6/15 ts. 3-4

Matsapa a go Batla Polokesego

POLOKESEGO. Baeteledipele ba lefatshe ba buisana ka yone. Baeteledipele ba bodumedi ba a e rapelela. Lefa go le jalo, mo mothong yo o tlwaelegileng polokesego e lebega jaaka toro e a sa itseng se e se kayang. Tsaya ka sekai, Ron, yoo a neng a ya kwa tirong ka dinao mo motsemogolong o mogolo go gaisa wa Afrika Borwa, Gauteng.

“Ke ne ke dikologilwe ke banna ba le batlhano, yo mongwe o ne a beile thipa mo mometsong wa me le yo mongwe kafa morago. Ba ne ba phuruphutsha dikgetsi tsa me ka metsotswana fela. Ke ne ka ikutlwa jaaka ekete ke koko e e tlhobilweng diphuka. Batho ba ba neng ba feta foo ba ne ba intlhokomolosa fela.” Ron ga a ka a lwa le bone ka gone o ne a falola fela a sa gobala.

Ba le bantsi ba a tshwenyega fa ba tsamaya mo mebileng ya motsemogolo ope fela. ‘Nka tila jang gore ke seka ka thukuthiwa?’ ke seo ba nnang ba ntse ba se akantse. Ba rekela ka bonako gore ba boele kwa matlong a bone a a bolokesegileng. Mme legae le bolokesegile go le kana kang? “Ditiragalo tsa gore mongwe a senye thetebalo ya legae la gago a tsaya karolo kana dilo tsotlhe tsa gago a bo a nyelela a sa tlogele motlhala ope di ntse di oketsega ka mo go gakgamatsang ngwaga le ngwaga,” go bua jalo buka Total Home Security.

Ke gone ka moo beng ba matlo ba bayang dikitsiso tse di tlhagisang ba ba ka nnang ba thuba gore go na le ntša e e bogale mo tikologolong ya ntlo kana e tlhokometswe ke bangwe ba ba tshotseng dibolao. Mo ditikologong tse dintsi beng ba matlo ba a kopana ba leka go thibela bonokwane. “Go na le dithulaganyo tseno di le 60 000, tseo di dirilweng mo magaeng a le 750 000 kwa Boritane fela,” go bua jalo lokwalopaka Security Focus. “Ka jaana bothubaki bo oketsega, baagelani jaanong ke ditsala,” go ne ga bua jalo morekisi mongwe wa diinshorense mo Afrika.

Maloko a dithulaganyo tsa go disa matlo a baagelani a tlhokomela gore mongwe le mongwe o bolokesegile mme a begela mapodisi sengwe le sengwe se se belaetsang.a Mme lokwalodikgang longwe lo ne lwa tlhalosetsa leloko lengwe la setlhopha seno leo go neng go thubilwe mo ntlong ya lone jaana: “Ka go tlhoka lesego thulaganyo eno ga se tlhomamiso ya gore ga o kitla o thubelwa gape. Ga go thulaganyo epe ya polokesego e e ka buang jalo. . . . O santse o tshwanetse go tlhomamisa gore o lotletse mabati a gago, gore o na le alamo e e tshosang dinokwane mme o nne o tlhatlhoba gore a o bolokesegile.”

Lemororo dithulaganyo tsa go disa matlo a baagelani di ile tsa atlega, go a belaetsa gore a tota di ile tsa fokotsa lobelo lo bokebekwa bo dirwang ka lone. “Boiphako jwa go fokotsega ga bokebekwa mo mafelong mangwe a mannye ke ‘katlego’ fa e le gore le mo mafelong a a gaufi bo fokotsegile kana ‘ga bo a fudugela’ teng,” go tlhalosa jalo Shapland le Vagg mo go Policing by the Public. Ka gone, mo metsemegolong mengwe e ditlhopha tsa go disa matlo a baagelani di ileng tsa bega fa di atlega tota, gone bokebekwa bo ile jwa oketsega mo mafelong a mangwe a yone metsemegolo eo koo go seng motlhofo go bopa ditlhopha tse di ntseng jalo.

“Go na le mafelo a mangwe koo go disa matlo a baagelani go sa thuseng thata,” go dumela jalo mokwaledi wa tsamaiso nngwe e e nang le maloko a le 20 000 mo nageng eo yotlhe. O ne a bua ka mafelo a magolo “a a kwantle ga ditoropo koo baagelani ba sa kgoneng go bonana le koo go disa go senang mosola gone.” Ka sekai, banyalani bangwe ba ne ba fuduga kwa motsemogolong mongwe wa Amerika ba ya kwa lefelong le le bogolo jwa diheketere di le 20 gaufi le motsana mongwe. Ntlo ya bone e ne ya thubiwa gabedi mo lobakeng lwa dikgwedi di le pedi. Mosadi yoo o ne a tlhalosa maikutlo a batho ba le bantsi ba ba nnang mo mafelong a a kwantle ga ditoropo jaana: “Ke leka go nna motho yo o tlwaelegileng fela, mme ke a boifa. . . . Ga nke ke ikutlwa ke bolokesegile.” Mo dinageng tseo di nang le dintwa tse dintsi tsa dipolotiki, baagi ba mafelo ano a magae ba lebana le bothubaki jo bo oketsegileng mme gantsi ba patelediwa go tsaya letlhakore lengwe.

Ga go gakgamatse go bo bontsi bo gopola ‘malatsi a bogologolo a a molemo.’ “Mo e ka nnang kwa tshimologong ya ngwagakgolo ono,” go bua jaana buka The Growth of Crime, “go ne go . . . tletsetletse tumelo ya gore [bokebekwa] bo tla fokotsega bogale.” Mme go na le moo go ne ga diragala eng? Bakwadi Sir Leon Radzinowicz le Joan King ba tlhalosa jaana: “Mo dingwageng tse someamabedi tsa ntlha tsa ngwagakgolo ono, le eleng mo ntweng ya ntlha ya lefatshe, go oketsega ga bokebekwa go ne go se kwa godimo thata, go lekana fela le go oketsega ga baagi. Koketsego e ne ya bonwa mo dingwageng tsa morago ga ntwa tsa go wela tlase ga itsholelo. [Bokebekwa] bo ne jwa nna jwa oketsega bo sa kgaotse mo dingwageng fa itsholelo e ntse e fetoga, fa ditiro di ntse di tlhokega le ka nako ya ntwa e nngwe gape . . . Sengwe se se bonalang fela sentle fa o leba bokebekwa mo selekanyong sa lefatshe lotlhe ke go oketsega ga bomaswe jwa bone le go gola ga jone go go ntseng go tswelela gongwe le gongwe.”

Lemororo bontsi bo sa lebelela go ‘oketsega gono ga boikepo,’ go ne go boleletswe pele. Masetlapelo a magolo a a ileng a tlhasela batho fa esale ntwa ya lefatshe ya ntlha e simolola ka 1914 a ne a bontshiwa go sa le pele ke Bibela. Jesu o ne a bolelela pele jaana kaga go khutla ga tsamaiso e e boikepo eno ya motho: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. Me e tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō loa bontsi bogolo lo tla tsidihala.”—Mathaio 24:3, 7, 12; bona gape Luke 21:10, 11.

“Me e tla re dilō tse, di simologa go dihala,” Jesu o ne a oketsa jaana, “hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” Ka gone o na le lebaka la go lebelela dilo tse di molemo. Go batla ga motho polokesego ya lefatshe ka bophara go tla tloga go kgotsofadiwa.—Luke 21:28-32.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa Bakeresete ba kgothalediwa go nna maloko a ditlhopha tsa badisa ba ba tsamayang go bona fa go na le tshireletsego, ba itumelela go bo ba na le melaometheo e e ba kaelang e e mo go Isaia 2:2-4 le Yohane 17:16—Bona Tora ya Tebelo, January 1, 1984, ditsebe 26-8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela